Re Tshwanetse go Lora
AO A tle o lore? Go a utlwala go akanya gore o a lora, ka gonne rotlhe re a lora fa re robetse, lefa gone re ka nna ra bolela gore ga re lore. Go fopholediwa gore diperesente tse di fetang 95 tsa ditoro tsotlhe ga di gakologelwe. Ke dife tse o di gakologelwang? Tota, gantsi tse re di gakologelwang ke tse re neng re sa tswa go di lora pele fela re tsoga.
Babatlisisi ka ditoro ba fitlhetse gore boroko ke thulaganyo e e latelanang e e akaretsang boroko jo bo boteng thata mo diureng di sekae tsa ntlha mme morago ga moo bo bo bo ka nna motlhofo. Go lora go diragala thatathata ka nako ya fa leitlho le bonya kgapetsakgapetsa, mo go bidiwang boroko jwa REM (rapid eye movement). Seno se refosana le boroko jo e seng jwa REM. Modikologo mongwe le mongwe wa boroko jo e seng jwa REM mmogo le jwa REM o tsaya metsotso e ka nna 90, mme medikologo eno e ipoeletsa ka makgetlho a a ka nnang matlhano kana marataro mo bosigong, mme wa bofelo o diragala pele fela re tsoga.
Go phoso go akanya gore boboko jwa gago ga bo bereke ka matlhagatlhaga fa o robetse. Go fitlhetswe gore boboko bo bereka thata fa motho a lora go gaisa fa a sa robala, kwantle fela ga dinyurone tse di rileng tse di fa kutung ya boboko, tse di amanang le go nna kelotlhoko le go gakologelwa. Go bonala tsone di ikhutsa fa motho a robetse boroko jwa REM. Mme ka kakaretso fela dinyurone tse di mo bobokong di dirisana ka metlha le disele.
Boboko jwa rona ke karolo ya mmele e e raraaneng ka tsela e e gakgamatsang e e nang le dikarolwana di le dimilione di le dikete tse di ntshang ditemosi mo e ka nnang ka makgetlho a le lekgolo go ya go a makgolo a le mabedi kana a mararo ka motsotswana. Go na le dikarolwana tse di oketsegileng mo bobokong bo le bongwe fela jwa motho tse di fetang batho ba ba mo lefatsheng. Babatlisisi ba bangwe ba fopholetsa gore bo na le dikarolwana di le dimilione di le dikete di le 20 go ya go tse di fetang dimilione di le dikete di le 50. Tsela e bo raraaneng ka yone e tlhomamisa se mokwadi wa Baebele e bong Dafite a neng a se bolela ka mmele wa motho: “Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang.”—Pesalema 139:14.
Lefatshe la Ditoro
Fa re setse re tsogile, ditemosi tsa rona tse tlhano di nna di ntse di isa tshedimosetso le ditshwantsho ka metlha kwa bobokong, mme ga di dire jalo fa re robetse. Boboko bo itirela ditshwantsho ka bojone bo sa thusiwe ke temosi epe. Ka gone, se re se bonang fa re lora le se se diragalang mo ditorong ka dinako tse dingwe se tshwana le diponatshegelo. Seno se lebega jaaka e kete re ka kgona go dira dilo tse di thulanang le melao ya tlholego, jaaka go fofa jaaka Peter Pan kana go wa o le kwa godimo ga logaga o sa gobale. Nako e ka nna ya fetoga e le gore nako e e fetileng e lebege jaaka e kete ke ya gone jaanong. Kana fa re leka go sia, re sa kgone go tsamaya—maoto a rona a gana go tsamaya. Ke boammaaruri gore dikakanyo tse di boteng le dilo tse di re diragalelang fa re setse re tsogile di ka nna tsa ama ditoro tsa rona. Batho ba le bantsi ba ba ileng ba bona bosetlhogo jo bo masisi jwa ntwa ba ka se bo lebale motlhofo fela, le gone ba bangwe ba ka se lebale boikutlo jwa go tlhaselwa ke senokwane. Ditiragalo tse di ntseng jalo tse di re tshwenyang fa re sa robala di ka tlhaga mo ditorong tsa rona, di dira gore re lore toro e e maswe. Dilo tse di tlwaelegileng tse di mo megopolong ya rona fa re ya go robala di ka bonala mo ditorong tsa rona.
Ka dinako tse dingwe fa re batla go rarabolola bothata bongwe, tharabololo ya jone e tla fa re robetse. Seno se ka nna sa bontsha gore ga se boroko bongwe le bongwe jo bo nang le ditoro. Karolo e nngwe ya jone ke ya go akanya.
Buka nngwe e e bolelang ka ditoro le boboko jwa rona e bolela jaana: “Tiro e e dirwang thata ke tlhaloganyo fa motho a robetse ga se go lora mme ke go akanya. Go akanya o robetse ga go thusiwe ke ditemosi tsa rona e bile ga go gakgamatse. Go diragala ka tsela e e tlwaelegileng, gantsi go amana le dilo tse tota di go diragaletseng maabane kana tse di tla diragalang ka moso, mme gantsi ga di na tshimologo, ga di a tlwaelega, e bile o ka di boaboeletsa.”
Batho ba bangwe ba akanya gore ditlhogo tsa ditoro tsa bone di ba tsholetse melaetsa mengwe e e kgethegileng. E le gore ditoro di tlhalosiwe, ba baya buka ya go kwalela dintlha gaufi le bolao jwa bone e le gore ba di kwale fa ba tsoga. Malebana le mosola wa dibuka tse di lekang go tlhalosa matshwao a ditoro, buka ya The Dream Game, e e kwadilweng ke Ann Faraday, e bolela jaana: “Dibuka tsa ditoro tse o lebang ditlhaloso tsa ditlhogo dingwe tsa ditoro le matshwao a tsone le tsone ga di na mosola, e ka tswa e le tsa setso kana di ikaegile ka kgopolo nngwe ya segompieno ya thutotlhaloganyo.”
E re ka go bonala e kete ditoro di simologa thatathata mo bobokong, ga go utlwale go akanya gore di re tsholetse melaetsa mengwe e e kgethegileng. Re tshwanetse go di tsaya e le tiro e e tshwanetseng ya dirwa ke boboko e e bo thusang gore bo nne mo boemong jo bo itekanetseng.
Mme go tweng ka batho ba ba bolelang gore ba lorile mongwe wa losika kana tsala nngwe e tlhokafetse mme ba bo ba utlwa mo letsatsing le le latelang go twe motho yoo o tlhokafetse? A seo ga se reye gore ditoro di ka bolelela pele ka isagwe? Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka se se neng se tlhotlheletsa ditoro tsa boporofeti.