Go sa Tsene mo Lenyalong—Sebaka sa go Dira o sa Akgaakgege
“[Ke] gore lo direle Morena ka mo go sa akgaakgegeng.”—1 BAKORINTHE 7:35.
1. Ke dikgang dife tse di tshosang tse di neng tsa fitlha kwa go Paulo malebana le Bakeresete ba kwa Korintha?
MOAPOSETOLOI PAULO o ne a tshwenyegile ka bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete kwa Korintha, e e kwa Gerika. Mo e ka nnang dingwaga di le tlhano pele ga moo, o ne a tlhomile phuthego mo motseng oo o o humileng o o neng o itsege ka boitsholo jwa one jo bo sa siamang. Gone jaanong, mo e ka nnang 55 C.E., fa a ne a le kwa Efeso, kwa Asia Minor, o ne a amogela dipego tse di tshosang tse di neng di tswa kwa Korintha malebana le dikgaogano tsa go latela batho bangwe le go letlelela boitsholo jo bo ferosang sebete. Mo godimo ga moo, Paulo o ne a amogetse lekwalo le le tswang kwa Bakereseteng ba Korintha ba kopa go kaelwa malebana le dikamano tsa tlhakanelodikobo, go sa tsene mo lenyalong, lenyalo, go kgaogana le go nyala gape.
2. Boitsholo jo bo sa siamang bo ne bo aname ka tsela efe kwa Korintha mo kwantle ga pelaelo bo neng jwa ama Bakeresete ba motse oo?
2 Boitsholo jo bo maswemaswe jo bo neng bo aname kwa Korintha bo bonala bo ne jwa ama phuthego e e neng e le mo lefelong leo ka ditsela tse pedi. Bakeresete ba bangwe ba ne ba ineela mo seemong seo sa boitsholo jo bo repileng e bile ba letlelela boitsholo jo bo sa siamang. (1 Bakorinthe 5:1; 6:15-17) Go bonala batho ba bangwe, ka boikaelelo jwa go tsaya kgato kgatlhanong le go ijesa monate ka tlhakanelodikobo e e neng e aname mo motseng oo, ba ne ba feteletsa dilo ka go bolela gore go thibelwe tlhakanelodikobo yotlhe, tota le mo banyalaning.—1 Bakorinthe 7:5.
3. Ke dikgang dife tse Paulo a neng a di rarabolola kwa tshimologong mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwalela Bakorintha?
3 Mo lekwalong le letelele le Paulo a neng a le kwalela Bakorintha, la ntlha o ne a bua ka bothata jwa go kgaogana. (1 Bakorinthe, dikgaolo 1-4) O ne a ba kgothaletsa gore ba tile go latela batho, mo go ka ba dirang gore ba nne le dikgaogano tse di kotsi. Ba ne ba tshwanetse go utlwana e le “badiri mmogo” le Modimo. Morago ga moo o ne a ba neela ditaelo tse di rileng tse di malebana le go boloka phuthego e le phepa mo boitsholong. (Dikgaolo 5, 6) Morago ga moo moaposetoloi o ne a araba lekwalo la bone.
Go sa Tsene mo Lenyalong go a Kgothalediwa
4. Ke eng se Paulo a neng a se kaya fa a ne a bolela gore “go molemo mo monneng gore a se ka a ama mosadi”?
4 O ne a simolola jaana: “Jaana ka ga dilo tse lo kwadileng ka ga tsone; go molemo mo monneng gore a se ka a ama mosadi.” (1 Bakorinthe 7:1) Mafoko a a reng “a se ka a ama mosadi” fano a raya go tila go ama mmele wa mosadi ka boikaelelo jwa go ijesa monate ka tlhakanelodikobo. E re ka Paulo a ne a setse a kgadile kgokafalo, jaanong o ne a setse a bolela ka dikamano tsa tlhakanelodikobo mo thulaganyong ya lenyalo. Ka gone, jaanong Paulo o ne a setse a ba kgothaletsa go sa tsene mo lenyalong. (1 Bakorinthe 6:9, 16, 18; bapisa Genesise 20:6; Diane 6:29.) Moragonyana ga moo, o ne a kwala jaana: “Ke raya ba ba iseng ba nyale, le basadi ba batlholagadi, ka re, go ka nna molemo mo go bone fa ba nna fela jaaka nna.” (1 Bakorinthe 7:8) Paulo o ne a sa nyala, gongwe e ne e le moswagadi.—1 Bakorinthe 9:5.
5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa go phepafetse gore Paulo o ne a sa kgothaletse batho gore ba tshele botshelo jwa baitlami? (b) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kgothaletsa go sa tsene mo lenyalong?
5 Go bonala Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba simolola go itse sengwe ka filosofi ya Segerika, e dikolo dingwe di neng di rotloetsa go itima dilo ka tsela e e feteletseng ka yone. A gongwe e ka tswa e le lone lebaka le le dirileng gore Bakorintha ba botse Paulo gore a go ne go tla nna “molemo” gore Bakeresete ba tile tlhakanelodikobo yotlhe? Karabo ya ga Paulo ga e a ka ya tshwana le filosofi ya Segerika. (Bakolosa 2:8) Go farologana le baithutabomodimo ba Katoliki, ga a ise a kgothaletse batho gore ba se tsene mo lenyalong ba le kwa mafelong a baitlami, jaaka e kete batho ba ba seng mo lenyalong ke bone ba ba boitshepo thata le gore mokgwa o ba tshelang ka one le dithapelo tsa bone di tla ba thusa gore ba bolokwe.
6 Paulo o ne a kgothaletsa go sa tsene mo lenyalong “ka ntlha ya pitlagano ya gompieno.” (1 Bakorinthe 7:26) O ka tswa a ne a bolela ka mathata a Bakeresete ba neng ba lebane le one, a a neng a ka okediwa ke lenyalo. (1 Bakorinthe 7:28) O ne a gakolola Bakeresete ba ba neng ba se mo lenyalong jaana: “Go ka nna molemo mo go bone fa ba nna fela jaaka nna.” O ne a bolelela baswagadi jaana: “A o golotswe mo mosading? Se batle mosadi.” O ne a kwala jaana ka motlholagadi wa Mokeresete: “Ka fa tshekatshekong ya me, o tlaa bona boitumelo bogolo fa a nna jaaka a ntse; mme ke a gopola gore Mowa wa Modimo le one o na le nna.”—1 Bakorinthe 7:8, 27, 40.
Ga o Patelediwe go Nna O se Mo Lenyalong
7, 8. Ke eng se se supang gore Paulo o ne a sa pateletse Mokeresete ope gore a nne a sa tsene mo lenyalong?
7 Kwantle ga pelaelo Paulo o ne a kaelwa ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa fa a ne a neela kgakololo eno. Kgang yotlhe ya gagwe ya go sa tsene mo lenyalong le ya lenyalo e bontsha tekatekanyo le boithibo. Ga a e dire kgang ya go ikanyega kana ya go sa ikanyege. Go na le moo, ke kgang ya go itlhophela o phuthologile, a kgothaletsa go nna tekatekanyo gore batho ba ba kgonang go itshoka fa ba le mo boemong joo, ba nne ba se mo lenyalong.
8 Ka bonako fela fa Paulo a sena go umaka gore “go molemo mo monneng gore a se ka a ama mosadi,” o ne a oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya maakafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.” (1 Bakorinthe 7:1, 2) Fa a sena go gakolola batho ba ba seng mo lenyalong le batlholagadi gore ba “[nne] fela jaaka nna,” o ne a itlhaganela go oketsa jaana: “Mme fa ba retelelwa ke go itshoka, a ba nyale; gonne go molemo go nyala bogolo go go babalelwa.” (1 Bakorinthe 7:8, 9) Gape o ne a gakolola baswagadi jaana: “Se batle mosadi. Le fa o ka nyala, o tlaa bo o sa leofa.” (1 Bakorinthe 7:27, 28) Kgakololo eno e e lekalekaneng e bontsha gore o ka itlhophela o gololesegile.
9. Jesu le Paulo ba ne ba bolela jang gore lenyalo le go sa tsene mo lenyalong ke dineo tse di tswang kwa Modimong?
9 Paulo o ne bontsha gore lenyalo mmogo le go sa tsene mo lenyalong ke neo e e tswang kwa Modimong. “Ke rata batho botlhe ba ka bo ba ntse fela jaaka nna. Motho mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang Modimong, mongwe ka mokgwa o, yo mongwe ka o sele.” (1 Bakorinthe 7:7) Kwantle ga pelaelo o ne a akantse se Jesu a neng a se bolela. Fa Jesu a sena go tlhomamisa gore lenyalo le simolotswe ke Modimo, o ne a bontsha jaana gore go rata go nna o se mo lenyalong ka ntlha ya dilo tse di direlwang Bogosi ke neo e e kgethegileng: “Batho botlhe ga ba ka ke ba tshola lefoko le, fa e se ba ba go neetsweng. Gonne go na le banna ba baopa, ba ba sa leng ba tsalwa jalo, ba sa tswa sebopelong sa bommaabo; go bile go na le baopa ba ba opafaditsweng ke batho; mme go na le baopa ba ba ikopafaditseng, ka ntlha ya bogosi jwa legodimo. Yo o nonofileng go go tshola, a a go tshole.”—Mathaio 19:4-6, 11, 12.
Go Tsaya Neo Ya go Sa Tsene mo Lenyalong
10. Motho a ka dira jang gore a “tshole” neo ya go sa tsene mo lenyalong?
10 Fa Jesu mmogo le Paulo ba ne ba bua gore go nna o se mo lenyalong ke “neo,” ba ne ba sa reye gore ke neo ya kgakgamatso e e neelwang ba bangwe fela. Jesu o ne a bolela gore “batho botlhe ga ba ka ke ba tshola” neo eo, mme o ne a kgothatsa ba ba ka dirang jalo gore ba “go tshole,” e leng se Jesu le Paulo ba neng ba se dira. Ke boammaaruri gore Paulo o ne a kwala jaana: “Go molemo go nyala bogolo go go babalelwa,” mme o ne a bua ka ba ba “retelelwa[ng] ke go itshoka.” (1 Bakorinthe 7:9) Mo mekwalong ya ga Paulo e e kwadilweng pele ga moo, o ne a bontsha gore Bakeresete ba ka tila gore ba se ka ba babalelwa. (Bagalatia 5:16, 22-24) Go tsamaya ka moya go raya go tlogela moya wa ga Jehofa o re kaela mo kgatong nngwe le nngwe e re e tsayang. A Bakeresete ba basha ba ka dira seno? Ee, fa ba latela Lefoko la ga Jehofa thata. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Ana motho wa lekau [kana mosadi yo mmotlana] o tlaa ntlafatsa tsela ya gagwe ka eng? Ka go e tlhokomela ka fa lefokong la gago.”—Pesalema 119:9.
11. Ke eng se se bolelwang ke go ‘tsamaya ka fa Moweng’?
11 Seno se raya go ithiba kgatlhanong le megopolo e e letlelelwang e e anamisiwang ka dithulaganyo di le dintsi tsa thelebishene, dibaesekopo, ditlhogo tsa dimakasine, dibuka le ka mafoko a dipina. Megopolo e e ntseng jalo ke ya nama. Mokeresete yo mosha e ka tswa e le mosimane kana mosetsana yo o batlang go nna a se mo lenyalong o tshwanetse ‘a se ka a tsamaya ka fa nameng, mme e le ka fa Moweng. Gonne yo o leng ka fa nameng o tlhokometse dilo tsa nama; mme yo o ka fa Moweng o tlhokometse dilo tsa Mowa.’ (Baroma 8:4, 5, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Dilo tsa semoya di siame, di na le boitshoko, di a ratega, di bolelwa ka molemo. Bakeresete, basha le bagolo, ba dira sentle gore ba “gopole dilo tse.”—Bafilipi 4:8, 9.
12. Ke eng se se akarediwang thata fa motho a tshola neo ya go sa tsene mo lenyalong?
12 Go tsaya neo ya go sa tsene mo lenyalong totatota ke kgang ya go tlhoma mogopolo wa gago mo mokgeleng oo le go rapela Jehofa gore a go thuse go o latela. (Bafilipi 4:6, 7) Paulo o ne a kwala jaana: “Fa Mongwe a ema a tlhomame mo pelong ya gagwe, a se na patelesego, mme a na le taolo mo thatong ya gagwe e bile a dirile tshwetso eno mo pelong ya gagwe, gore a boloke bokgarebane jwa gagwe, o tla dira sentle. Ka gone le yo o neelang bokgarebane jwa gagwe mo lenyalong o dira sentle, mme yo o sa bo neeleng mo lenyalong o tla dira botoka.”—1 Bakorinthe 7:37, 38, NW.
Go Nna O se Mo Lenyalong ka Boikaelelo Bongwe
13, 14. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a supa jang gore Bakeresete ba ba seng mo lenyalong le ba ba leng mo go lone ga ba tshwane? (b) Mokeresete yo o seng mo lenyalong o ka “dira botoka” ka tsela efe go feta yo o mo lenyalong?
13 Go nna o se mo lenyalong ga se go itlotlomatsa. Ke ka tsela efe he, go tweng ke go dira “botoka”? Tota go ikaegile ka tsela e motho a dirisang kgololesego e e tlang ka gone. Paulo o ne a kwala jaana: “Ke rata lwa bo lo se na ditlhodiego. Yo o sa nyalang o tlhokometse dilo tsa Morena, ka fa o ka kgatlhang Morena ka teng. Mme yo o nyetseng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang mosadi wa gagwe ka teng [mme o kgaogane, NW]. Go bile go na le tshwanologo mo mosading yo o nyetsweng le kgarebane. Yo o sa nyalwang o tlhokometse dilo tsa Morena, gore a nne boitshepo mo mmeleng le mo moweng; mme yo o nyetsweng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang monna wa gagwe ka teng. Ke bua jalo go lo thusa; e seng gore ke lo thaise ka kgole, mme e le gore ke lo gopodise se se tshwanetseng, le gore lo direle Morena ka mo go sa akgaakgegeng.”—1 Bakorinthe 7:32-35.
14 Mokeresete yo o seng mo lenyalong yo o dirisang go se tsene ga gagwe mo lenyalong gore a latele mekgele e e pelotshetlha ga a dire ka tsela e e “botoka” go feta Bakeresete ba ba nyetseng. Ga a mo lenyalong, e seng “ka ntlha ya bogosi,” mme ka ntlha ya mabaka a gagwe a botho. (Mathaio 19:12) Monna yo o sa nyalang kana mosadi yo o sa nyalwang o tshwanetse a bo a “tlhokometse dilo tsa Morena,” a tlhokometse ka fa a ka “kgatlhang Morena ka teng,” le gore a “direle Morena ka mo go sa akgaakgegeng.” Seno se raya go tlhoma mogopolo thata mo go direleng Jehofa le Keresete Jesu. Ke gone fela ka go dira jalo go ka tweng banna ba Bakeresete ba ba sa nyalang le basadi ba ba sa nyalwang ba dira “botoka” go feta Bakeresete ba ba leng mo lenyalong.
Go Dira o sa Akgaakgege
15. Ntlha ya kgangkgolo ya ga Paulo ke efe e e mo go 1 Bakorinthe kgaolo 7?
15 Kgangkgolo ya ga Paulo e e mo kgaolong eno ke e: Lefa lenyalo le amogelwa mme, mo maemong a a rileng, le tshwanela batho bangwe, kwantle ga pelaelo go sa tsene mo lenyalong go solegela molemo monna kana mosadi wa Mokeresete yo o batlang go direla Jehofa a sa akgaakgege thata. Fa gone motho yo o leng mo lenyalong a “kgaogane,” Mokeresete yo o seng mo lenyalong o gololesegile go tlhoma mogopolo mo ‘dilong tsa Morena.’
16, 17. Mokeresete yo o seng mo lenyalong o ka kgona jang go tlhoma mogopolo botoka mo ‘dilong tsa Morena’?
16 Ke dilo dife tsa Morena tse Mokeresete yo o seng mo lenyalong a ka tlhomang mogopolo mo go tsone a gololesegile thata go feta batho ba ba mo lenyalong? Mo kgannyeng e nngwe, Jesu o ne a bua ka “dilo . . . tse e leng tsa Modimo”—dilo tse Mokeresete a ka se kang a di neela Kaesare. (Mathaio 22:21) Totatota dilo tseno di ama le botshelo jwa Mokeresete, kobamelo, le bodiredi jwa gagwe.—Mathaio 4:10; Baroma 14:8; 2 Bakorinthe 2:17; 3:5, 6; 4:1.
17 Ka kakaretso batho ba ba seng mo lenyalong ba gololesegile go dirisa nako mo tirelong ya ga Jehofa, e e ka ba solegelang molemo mo semoyeng le mo go oketseng bodiredi jwa bone. Ba ka dirisa nako e e oketsegileng mo thutong ya motho ka namana le go tlhatlhanya. Bakeresete ba ba seng mo lenyalong gantsi ba kgona gore ba tsenye mmalo wa bone mo thulaganyong ya bone motlhofo fela go feta jaaka ba ba mo lenyalong ba ka dira. Ba ka nna ba baakanyetsa dipokano le tirelo ya tshimo botoka. Seno sotlhe e le “se se tshwanetseng” mo go bone.—1 Bakorinthe 7:35.
18. Bakaulengwe ba le bantsi ba ba sa nyalang ba ka bontsha jang gore ba batla go direla Jehofa ka “mo go sa akgaakgegeng”?
18 Bakaulengwe ba le bantsi ba ba sa nyalang ba ba setseng ba direla e le batlhanka ba bodiredi ba gololesegile go bolelela Jehofa jaana: “Ke fano, roma nna.” (Isaia 6:8) Ba ka kopa gore ba nne gone kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi, se e leng sa batlhanka ba bodiredi le bagolwane ba ba sa nyalang, ba gololesegile go ya go direla kwa mafelong a go tlhokegang thuso kwa go one. Tota le bakaulengwe ba ba sa gololesegang gore ba tlogele phuthego ya bone ba ka kgona go direla bakaulengwe ba bone e le batlhanka ba bodiredi kana bagolwane.—Bafilipi 2:20-23.
19. Bokgaitsadi ba le bantsi ba ba sa nyalwang ba segofadiwa ka ditsela dife, mme ke ka tsela efe e nngwe e ba ka thusang ka yone mo diphuthegong?
19 Bokgaitsadi ba ba sa nyalwang, ba ba senang tlhogo ya lelapa e ba ka buisanang le yone le go e ntshetsa mafatlha a bone, ba ka ganelela thata mo go reng ba ‘latlhele merwalo ya bone mo go Jehofa.’ (Pesalema 55:22; 1 Bakorinthe 11:3) Seno se botlhokwa thata ka bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ka ntlha ya go rata Jehofa. Fa nako e ntse e ya ba bo ba nyalwa, e tla bo e le “mo Moreneng fela,” ke gore, a nyalwa ke motho yo o ineetseng mo go Jehofa. (1 Bakorinthe 7:39) Bagolwane ba lebogela go nna le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang mo diphuthegong tsa bone; gantsi bano ba etela batho ba ba lwalang le ba ba godileng le go ba thusa. Seno se itumedisa batho botlhe ba ba amegang.—Ditiro 20:35.
20. Bakeresete ba le bantsi ba bontsha jang gore ba “direl[a] Morena ka mo go sa akgaakgegeng”?
20 Bakeresete ba le bantsi ba basha ba ile ba rulaganya ditiro tsa bone e le gore ba “direle Morena ka mo go sa akgaakgegeng.” (1 Bakorinthe 7:35) Ba direla Jehofa e le badiredi ba babulatsela ba nako e e tletseng, barongwa, kana ba direla kwa go e nngwe ya diofisi tsa lekala tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Mme a bo e le setlhopha se se itumetseng jang ne! A bo ba lapolosa jang ne fa ba na le rona! Ee ruri, mo matlhong a ga Jehofa le a ga Jesu, ke ‘sebopelo sa moso.’—Pesalema 110:3.
Ga go Na Ikano Ya go Sa Tsene mo Lenyalong Goyagoile
21. (a) Ke ka ntlha yang fa go phepafetse gore Paulo ga a ka a kgothaletsa batho gore ba ikane gore ba ka se tsene mo lenyalong? (b) Ke eng se a neng a se bolela fa a ne a bolela gore “a fetile go thunya ga bosha”?
21 Ntlha ya konokono mo kgakololong eno ya ga Paulo ke gore Bakeresete ba dira “molemo” gore ba tshole go sa tsene mo lenyalong mo matshelong a bone. (1 Bakorinthe 7:1, 8, 26, 37) Lefa go ntse jalo, tota ga a ba laletse go ikana gore ba nne ba se mo lenyalong. Go na le moo, o ne a kwala jaana: “Fa mongwe a akanya gore o itshwara ka tsela e e sa tshwanelang malebang le bokgarebane jwa gagwe, fa a fetile go thunya ga bosha, mme eno e le tsela e go tshwanetseng ga diragala ka yone, a a dire se a se batlang; ga a leofe, A ba tsene mo lenyalong.” (1 Bakorinthe 7:36, NW) Lefoko lengwe la Segerika (hy·peʹra·kmos) le le ranotsweng ka gore “a fetile go thunya ga bosha” totatota go raya “kwa godimo ga tsotlhe” mme go bolela go feta mo boemong jwa go tseega maikutlo ka go eletsa tlhakanelodikobo. Ka jalo batho ba ba neng ba dirisa dingwaga di le mmalwa ba se mo lenyalong mme kgabagare ba ikutlwa gore ba tshwanetse go tsena mo lenyalong ba gololesegile tota gore ba nyale modumedikabone.—2 Bakorinthe 6:14.
22. Ke ka ntlha yang fa go le molemo mo mabakeng otlhe gore Mokeresete a se ka a tsena mo lenyalong a le mosha thata?
22 Dingwaga tse Mokeresete yo mosha a di dirisang a direla Jehofa a sa akgaakgiwe ke sepe ke poelo e e tshwanetseng. Di mo letla gore a nne botlhale, a nne le boitemogelo le temogo. (Diane 1:3, 4) Motho yo o neng a nna a se mo lenyalong ka ntlha ya Bogosi o tla bo a le botoka thata moragonyana, fa a ka swetsa, go akanya ka maikarabelo a botshelo jwa lenyalo mme gongwe le a botsadi.
23. Ke eng se batho ba ba akanyetsang go tsena mo lenyalong ba ka nnang ba se gakologetswe, mme ke potso efe e e tla sekasekiwang mo ditlhogong tse di latelang?
23 Bakeresete ba bangwe ba ba neng ba dirisa dingwaga di le mmalwa ba direla Jehofa ka nako e e tletseng ba se mo lenyalong, ba tlhopha ka kelotlhoko motho yo o tla nyalanang le ene ka boikaelelo jwa go tswelela mo mofuteng mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng. Tota seno se a akgolwa thata. Batho ba bangwe tota ba ka nna ba akanya go tsena mo lenyalong ka boikaelelo jwa gore ba se ka ba lesa lenyalo la bone le kgoreletsa tirelo ya bone ka tsela nngwe. A mme Mokeresete yo o mo lenyalong o tshwanetse go ikutlwa a gololesegile go tlhoma mogopolo mo tirelong ya ga Jehofa fela jaaka ka nako ya fa a ne a se mo lenyalong? Potso eno e tla sekasekiwa mo ditlhogong tse di latelang.
Ka Tsela ya Poeletso
◻ Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi Paulo a ne a bona go tlhokega gore a kwalele phuthego ya Korintha?
◻ Ke ka ntlha yang fa re itse gore Paulo o ne a sa kgothaletse gore re tshele botshelo jwa baitlami?
◻ Motho a ka “tshola” go sa tsene mo lenyalong jang?
◻ Bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ka boelwa jang fa ba le mo boemong jwa bone jwa go nna ba sa nyalwa?
◻ Ke ka ditsela dife tse bakaulengwe ba ba sa nyalang ba ka dirisang kgololesego ya bone ka tsone, ka tsela e e mosola gore ba direle Jehofa “ka mo go sa akgaakgegeng”?