Ke Eng Se o Se Tshelelang?
“Pelo ya me ya bo e ntse e nkgoga ka botlhale . . . go tsamaya ke tla ke bona se se leng molemo mo baneng ba batho . . . ka metlha yotlhe ya botshelo jwa bone.”—MORERI 2:3.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa go se phoso go ithata ka tsela e e lekalekaneng?
OA ITHATA, a ga go jalo? Ke selo se se tlwaelegileng. Ka gone, re a ja letsatsi le letsatsi, re a robala fa re lapile, e bile re rata go nna re le fa gare ga ditsala le baratiwa ba rona. Ka dinako tse dingwe re a tshameka, re a thuma, kana re dira dilo tse dingwe tse re di itumelelang, re bontsha gore re ithata ka tsela e e lekalekaneng.
2 Go ithata mo go ntseng jalo go dumalana le se Modimo a neng a tlhotlheletsa Solomone gore a se kwale: “Ga go na sepe se se molemo mo mothong bogolo go go ja, le go nwa, le go jesa mowa wa gagwe molemo mo letsapeng la gagwe.” Solomone o ne a oketsa jaana a ikaegile ka boitemogelo jwa gagwe: “Se le sone ka se bona fa se tswa mo seatleng sa Modimo. Gonne e mang yo o ka jang, kgotsa e mang yo o ka bonang go ja monate, bogolo go nna?”—Moreri 2:24, 25.
3. Ke dipotso dife tse di gakgamatsang tse bontsi jwa batho ba di fitlhelang di se na dikarabo?
3 Lefa go ntse jalo, o a itse gore botshelo ga bo reye go ja, go nwa, go robala le go dira sengwe se se molemo fela. Re nna le mahutsana, maswabi le matshwenyego. Mme go lebega re tshwaregile thata mo re sa kgoneng go tlhatlhoba se botshelo jwa rona bo se kayang. A ga go a nna jalo ka wena? Vermont Royster, yo pele e neng e le mokwadi wa The Wall Street Journal, fa a sena go lemoga kitso le ditiro tsa rona tse di oketsegileng, o ne a kwala jaana: “Go na le sengwe ke se, se se sa tlwaelegang. Fa re akanya ka motho ka boene, ka mathata a gagwe, ka lefelo la gagwe mo lobopong lono, ga re itse mo go kalo kalo go feta fa botshelo bo ne bo simologa. Re santse re sala ka dipotso tsa gore re bomang le gore ke ka ntlha yang re le fano le gore isagwe e re tshwaretse eng.”
4. Ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go batla go kgona go araba dipotso tse di re amang?
4 O ne o ka araba dipotso tseno jang: Re bomang? Ke ka ntlha yang fa re le fano? Mme isagwe e re tshwaretse eng? Ka July ya ngwaga o o fetileng, Mr. Royster o ne a tlhokafala. A o akanya gore ka nako eo o ne a setse a bone dikarabo tse di kgotsofatsang? Ka mo go utlwalang, A go na le tsela e o ka kgotsofalang ka yone? Mme seo se ka go thusa jang gore o nne le botshelo jo bo itumedisang le jo bo botlhokwa thata? A re boneng.
Motswedi o Mogolo wa Temogo
5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba kwa Modimong fa re batla temogo ya dipotso tse di malebana le bokao jwa botshelo?
5 Fa mongwe le mongwe wa rona a ne a batla go itse se re se tshelelang, re ne re tla atlega go sekae kana re sa atlege gotlhelele, jaaka go ne ga diragalela banna le basadi ba le bantsi, tota le batho ba ba rutegileng thata e bile ba na le boitemogelo. Mme ga re a tlogelwa re le nosi. Mmopi wa rona o re thusitse. Fa o akanya ka gone, a ga se ene Motswedi yo mogolo thata wa temogo le wa botlhale, a “tswa kwa bosasimogologeng go ya kwa bosakhutleng” e bile a na le kitso e e feletseng ya lobopo le ya hisitori? (Pesalema 90:1, 2) O bopile batho mme o bone sotlhe se se diragaletseng motho, ka jalo ke Ene yo re tshwanetseng go leba kwa go ene fa re batla temogo, e seng go leba kwa bathong ba ba sa itekanelang, ba ba se nang kitso le temogo e e lekaneng.—Pesalema 14:1-3; Baroma 3:10-12.
6. (a) Mmopi o re neile temogo e e tlhokegang jang? (b) Solomone o amega jang?
6 Lefa gone re ka se ka ra lebelela gore Mmopi a re sebele mo ditsebeng go re senolela bokao jwa botshelo, o re neetse sengwe se se nang le temogo—Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng. (Pesalema 32:8; 111:10) Buka ya Moreri e botlhokwa thatathata mo ntlheng eno. Modimo o ne a tlhotlheletsa mokwadi wa yone, e le gore “botlhale jwa ga Solomone bo ne bo gaisa botlhale jwa bana botlhe ba botlhabatsatsi.” (1 Dikgosi 3:6-12; 4:30-34) “Botlhale jwa ga Solomone” bo ne jwa kgatlha thata kgosigadi nngwe e e neng e etile mo e neng ya bolela gore sephatlo sa batho ga se ise se bolelelwe le gore ba ba reeditseng botlhale jwa gagwe ba tla itumela eleruri.a (1 Dikgosi 10:4-8) Le rona re ka nna le temogo le boitumelo tse di tswang mo botlhaleng jwa Modimo jo Mmopi wa rona a neng a re bo neela ka Solomone.
7. (a) Solomone o ne a swetsa jang malebana le bontsi jwa ditiro tse di dirwang kafa tlase ga legodimo? (b) Ke eng se se tshwantshang ditshekatsheko tsa ga Solomone tse di boammaaruri?
7 Moreri o senola botlhale jo bo tswang kwa Modimong, jo bo neng jwa ama pelo ya ga Solomone le boboko jwa gagwe. E re ka a ne a na le nako, madi, le temogo ya go dira jalo, Solomone o ne a tlhatlhoba “ka ga tsotlhe tse di dirwang tlase ga legodimo.” O ne a bona gore bontsi jwa tsone e ne e le “boithamako le go belebetlela phefo fela,” e leng tshekatsheko e e tlhotlheleditsweng e re tshwanetseng go e gakologelwa fa re akanya ka se re se tshelelang. (Moreri 1:13, 14, 16) Solomone o ne a tlhamalala, a bona dilo ka tsela ya boammaaruri. Ka sekai, akanya ka mafoko a gagwe a a fitlhelwang mo go Moreri 1:15, 18. O itse gore mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng batho ba ile ba leka ditsela tse di farologaneng tsa puso, ka dinako tse dingwe tota ba leka go rarabolola mathata le go tokafatsa matshelo a batho. Lefa go ntse jalo, a tota go na le epe fela e e neng ya baakanya dilo tsotlhe tse di “sokameng” tsa tsamaiso eno e e bosula? Mme o ka tswa o bone gore fa motho a na le kitso e kgolwane, o lemoga tota gore go ka se kgonege gore motho a baakanye dilo ka botlalo fa a tshela botshelo jo bokhutshwane. Batho ba le bantsi ba kgobega marapo fa ba lemoga seo, mme e seng rona.
8. Ke dikgato dife tsa botshelo tse di saleng di le teng?
8 Ntlha e nngwe e e tshwanetseng go sekasekiwa ke medikologo e e ipoapoeletsang e e re amang, jaaka go tlhaba le go phirima ga letsatsi kana metsamao ya phefo le ya metsi. E ne e le teng mo metlheng ya ga Moshe, ya ga Solomone, ya ga Napoléon le ya borremogologolwane ba rona. Mme e santse e tsweletse pele. Ka mo go tshwanang, “kokomana nngwe e fetela koo, mme go tle e nngwe.” (Moreri 1:4-7) Go ya ka pono ya batho, dilo ga di a fetoga go le kalo. Batho ba bogologolo le ba gompieno ba nnile le ditiro tse di tshwanang, ditsholofelo, dikeletso le dilo tse ba di fitlheletseng. Tota le mo gare ga batho, motho mongwe yo o neng a itiretse leina kana a tlhomologile ka bontle jwa gagwe kana ka bokgoni bongwe, o kae motho yoo jaanong? O setse a sule mme gongwe o lebetswe. Kgopolo e e ntseng jalo ga e lolea fela. Bontsi jwa batho ga ba itse le maina a bagologolwane ba bone tota kana go bolela fela gore ba tsholetswe kae le gore ba fitlhetswe kae. O ka bona tota lebaka la go bo Solomone a ne a bona ditiro le maiteko a motho e le boithamako fela.—Moreri 1:9-11.
9. Re ka thusega jang ka go bona temogo ya boammaaruri mo boemong jwa batho?
9 Mo boemong jwa gore temogo eno ya bomodimo e re kgobe marapo, mo seemong se se botlhokwa sa batho e ka re solegela molemo, e re tlhotlheletsa gore re tile go amanya mekgwa e e phoso le mekgele kana ditiro tse di tla tlogang di feta le go lebalwa. E tshwanetse go re thusa gore re sekaseke se re se bonang mo botshelong le se re lekang go se fitlhelela. Fa re tshwantsha, mo boemong jwa gore re itshedise bokete, re ka kgona go itumelela go ja le go nwa ka tekatekanyo. (Moreri 2:24) Mme, fela jaaka re tla bona, Solomone o fitlhelela tshwetso e e siameng thata le e e nang le tsholofelo. Ka bokhutshwane, e bontsha gore re tshwanetse go anaanela thata kamano ya rona le Mmopi wa rona, yo o ka re thusang gore re itumele ka bosakhutleng, re nna le isagwe e e molemo. Solomone o ne a gatelela jaana: “Bokhutlo jwa mafoko ke jo; go utlwilwe gotlhe: Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.
Se re Se Tshelelang Morago ga go Sekaseka Dikgato Tsa Botshelo
10. Solomone o ne a tshwantsha diphologolo le batho ka tsela efe?
10 Botlhale jwa Modimo jo bo bonalang mo go Moreri bo ka tswelela pele bo re thusa fa re sekaseka se re se tshelelang. Jang? Solomone o ne a tlhoma mogopolo tota mo boammaaruring jo bongwe jo re sa nkeng re akanya thata ka jone. Jo bongwe bo amana le go tshwana ga batho le diphologolo. Jesu o ne a tshwantsha balatedi ba gagwe le dinku, lefa go ntse jalo batho ka kakaretso ga ba itumele fa ba tshwantshiwa le diphologolo. (Johane 10:11-16) Lefa go ntse jalo Solomone o ne a bolela mabaka a a rileng a a sa ka keng a ganediwa: “Modimo o tle o ba leke [bana ba batho], le gore ba tle ba bone fa le bone ka bosi ba ntse jaaka diphologolo fela. Gonne se se dirafalelang bana ba batho se dirafalela diphologolo; ke go re, selo se le sengwe fela se a di dirafalela; jaaka sengwe se swa, se sengwe le sone se a swa; . . . mme motho ga a na tlotlomalo epe go feta diphologolo; gonne gotlhe ke boithamako fela. . . . Tsotlhe fela di ya felong go le gongwe fela; tsotlhe di tswa mo mmung, mme tsotlhe di fetoge mmu gape.”—Moreri 3:18-20.
11. (a) Kgato e e tlwaelegileng ya botshelo jwa phologolo e ka tlhalosiwa jang? (b) O ikutlwa jang ka tshekatsheko e e ntseng jalo?
11 Akanya ka phologolo e o ratang go e lebelela thata, a re re gongwe ke pela kana mmutla. (Duteronome 14:7; Pesalema 104:18; Diane 30:26) Kana o ka nna wa akanya ka setlhora; go na le mefuta e e fetang 300 ya tsone mo lefatsheng lotlhe. Dikgato tsa sone tsa botshelo ke dife? Fa se sena go tsalwa, mmaasone o a se amusa ka dibeke di sekae. Go ise go ye kae se simolola go tswa boboa mme se ka kgona go tswela kwa ntle. O ka nna wa se bona se tlolatlola se ithuta go batla dijo. Mme gantsi se bonala se tshameka fela, se ipelela bosha jwa sone. Fa se setse se na le ngwaga kana go feta, se batla molekane. Go tswa foo se tshwanetse go aga sentlhaga kana serubi le go tlhokomela bana ba sone. Fa losika lono lwa setlhora lo ja moretlwa o o lekaneng, manoko le dipeo, lo ka nna lwa ntsifala mme lwa nna le nako ya go atolosa legae la lone. Mme mo dingwageng di sekae fela, phologolo eno e a tsofala mme e bo e ka nna ya tlhagelwa ke dikotsi le go tshwarwa ke malwetse. Fa se setse se le dingwaga di ka nna lesome se a swa. Go na le pharologanyonyana mo mefuteng e mengwe ya ditlhora, mme se ke dikgato tsa botshelo jwa sone.
12. (a) Totatota, ke ka ntlha yang fa dikgato tsa botshelo jwa batho ba le bantsi di tshwana le tsa phologolo e e tlwaelegileng? (b) Ke eng se re ka se akanyang mo nakong e e tlang fa re bona phologolo e re neng re e akantse?
12 Bontsi jwa batho bo ka se ganetse dikgato tse di ntseng jalo tsa phologolo, mme ga bo a lebelela gore setlhora se nne le se se se tshelelang se se utlwalang. Lefa go ntse jalo, botshelo jwa batho ba le bantsi ga bo farologane thata le jone, a ga go jalo? Ba a tsholwa ba bo ba tlhokomelwa e le masea. Ba a ja, ba a gola, e bile ba a tshameka fa ba le basha. Go ise go ye kae ba setse ba godile, ba batla molekane, le go batla lefelo la go nna le ditsela tsa go tlamela lelapa ka dijo. Fa ba atlega, ba ka nna ba ntsifala mme ba oketsa legae la bone (sentlhaga) gore ba godisetse bana mo go lone. Mme masome a dingwaga a feta ka bonako, mme ba bo ba tsofala. Fa ba ka se ka ba swa pele ga dingwaga tse 70 kana tse 80, ba ka nna ba swa morago ga tsone ba tletse “tapiso le bohutsana fela.” (Pesalema 90:9, 10, 12) O ka nna wa akanya ka mabaka ano a a utlwalang fa o bona setlhora mo nakong e e tlang (kana phologolo nngwe e o neng o e akantse).
13. Ke phelelo efe e e itshupang e le boammaaruri ka diphologolo le ka batho?
13 O ka bona lebaka la go bo Solomone a ne a tshwantsha matshelo a batho le a diphologolo. O ne a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, . . . go na le motlha wa go tsalwa, le motlha wa go swa.” Kgabagare loso, lo a tshwana mo mothong le mo phologolong, “jaaka sengwe se swa, se sengwe le sone se a swa.” O ne a oketsa jaana: “Tsotlhe di tswa mo mmung, mme tsotlhe di fetoge mmu gape.”—Moreri 3:1, 2, 19, 20.
14. Batho ba bangwe ba leka go fetola kgato e e tlwaelegileng ya botshelo jang, mme go felele ka eng?
14 Ga re a tshwanela go tsaya tshekatsheko eno e e boammaaruri e le e e kgobang marapo. Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba leka go fetola seemo, jaaka go bereka diura tse di oketsegileng gore ba tokafatse boemo jwa bone jwa go nna le dithoto go feta tse batsadi ba bone ba neng ba na le tsone. Ba ka nna ba dirisa dingwaga di le dintsi ba ithuta gore ba tle ba nne le dilo tsa manobonobo, fa ba ntse ba leka go tlhaloganya botshelo ka mo go oketsegileng. Kana ba ka nna ba tlhoma mogopolo mo go itshidileng mmele kana mo dijong tsa kalafi e e rulagantsweng gore ba nne le botsogo jo bo botoka le botshelo jo boteletsana. Mme maiteko ano a ka lere melemo e e rileng. Mme ke mang yo o ka tlhomamisegang gore maiteko a a ntseng jalo a tla itshupa a atlega? Tota lefa a ka atlega, a tla atlega go ya bokgakaleng bofe?
15. Ke tshekatsheko efe e e tlhamaletseng ya matshelo a batho ba le bantsi e e leng teng?
15 Solomone o ne a botsa jaana: “E re ka go na le dilo di le dintsi tse di totisang boithamako, go na le thuso [ya eng] mo mothong? Gonne e mang yo o itseng se se molemo mo mothong mo botshelong jwa gagwe, mo metlheng yotlhe ya botshelo jwa gagwe jwa boithamako, jo o bo fetisang jaaka moriti fela? Gonne e mang yo o ka bolelelang motho se se tlaa nnang morago ga gagwe!” (Moreri 6:11, 12) E re ka loso lo nyeletsa maiteko a motho ka bonako, a tota go mosola fa re gagamalela go batla dithoto tse di oketsegileng kana re dirisa dingwaga tse dintsi re tsena sekolo ka boikaelelo jwa gore re nne le dithoto tse di oketsegileng? Mme e re ka botshelo bo le bokhutshwane jaana, bo feta jaaka moriti, batho ba le bantsi ba tlhaloganya gore ga go na nako e e setseng ya gore ba fetole maiteko a go dira mokgele o mongwe wa batho fa a lemoga gore a ka se atlege; kana gore motho a ka se tlhomamisege ka se se tla diragalelang bana ba gagwe “morago ga gagwe.”
Ke Nako ya go Batla Leina le le Molemo
16. (a) Ke eng se re tshwanetseng go se dira se diphologolo di ka se kang tsa se dira? (b) Ke boammaaruri bofe jo bo tshwanetseng jwa ama tsela e re akanyang ka yone?
16 Go farologana le diphologolo, rona batho re na le bokgoni jwa go tlhatlhanya ka gore, ‘Ke tshelela eng? A ke dikgato tsa botshelo fela tse di sa fetogeng, tse di nang le nako ya go tsholwa le ya go swa?’ Mo ntlheng eo, gakologelwa boammaaruri jo bo mo mafokong a ga Solomone jo bo malebana le motho le phologolo: “Tsotlhe di fetoge mmu gape.” A seo se raya gore loso le nyeletsa botshelo jwa motho gotlhelele? Ebu, Baebele e bontsha gore batho ga ba na moya o o sa sweng o o tswang mo mmeleng. Batho ke meya, mme moya o o leofang o a swa. (Esekiele 18:4, 20) Solomone o ne a oketsa jaana: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo; gonne kgakologelo ya bone e lebetswe. Se seatla sa gago se se bonang go se dira o se dire fela ka nonofo ya gago; gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.”—Moreri 9:5, 10.
17. Moreri 7:1, 2 e tshwanetse ya dira gore re tlhatlhanye ka eng?
17 Ka ntlha ya lebaka leo le re sa kgoneng go le itlhokomolosa, akanyetsa mafoko ano: “Leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone. Go molemo go tsena mo ntlong ya khutsafalelo bogolo go go tsena mo ntlong ya ditlhapelo; gonne moo ke gone bokhutlo jwa batho botlhe; mme motshedi o tlaa go baya mo pelong.” (Moreri 7:1, 2) Re tshwanetse go dumela gore loso e ntse e le “bokhutlo jwa batho botlhe.” Ga go na motho ope yo o ntseng a nwa molemo wa makgonatsotlhe, a nwa dibithamine dipe fela tse di farologaneng, a ja fela dijo tse di rileng, kana a itshidila mmele a ka tshelelang ruri ka bosakhutleng. Mme gantsi ‘kgakologelo ya bone e a lebalwa’ go ise go fete nako e telele ba sule. Ka jalo ke ka ntlha yang fa leina “le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone”?
18. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Solomone o ne a dumela mo tsogong?
18 Jaaka go setse go lemogilwe, Solomone o ne a bona dilo ka tsela ya boammaaruri. O ne a itse ka bagologolwane ba gagwe e bong Aberahame, Isake le Jakobe, ba tota ba neng ba itirela leina le le molemo le Mmopi wa rona. Jehofa Modimo o ne a solofetsa go segofatsa Aberahame le losika lwa gagwe, e re ka a ne a tlwaelane thata le ene. (Genesise 18:18, 19; 22:17) Ee, Aberahame o ne a itiretse leina le le molemo le Modimo, a nna tsala ya gagwe. (2 Ditirafalo 20:7; Isaia 41:8; Jakobe 2:23) Aberahame o ne a itse gore botshelo jwa gagwe le botshelo jwa morwawe bo ne bo se karolo ya dikgato tse di sa feleng tsa go tsholwa le go swa. Eleruri ba ne ba itse gore ba tshelela eng. Ba ne ba na le tebelelo e e tlhomameng ya go tshela gape, e seng ka go bo ba ne ba na le moya o o sa sweng, mme ka go bo ba ne ba tla tsosiwa. Aberahame o ne a tlhatswegile pelo gore “Modimo o [ne a] nonofile go ka mo tsosa [Isake], le fa e le mo baswing.”—Bahebere 11:17-19.
19. Re ka bona temogo efe mo go Jobe malebana le tlhaloso ya Moreri 7:1?
19 Seo ke sone se se dirang gore motho a tlhaloganye gore “leina le le molemo le gaisa setlolo se se tlhokegang; le letsatsi la loso, le gaisa letsatsi le motho o tsetsweng ka lone.” Jaaka Jobe yo o neng a tshela pele ga gagwe, Solomone o ne a tlhatswegile pelo gore Ene yo o tlhodileng botshelo jwa motho a ka bo tsosolosa. O ka lere batho ba ba suleng mo botshelong gape. (Jobe 14:7-14) Jobe yo o neng a ikanyega o ne a bolela jaana: “[Jehofa] o ne o ka bitsa, ke ne ke tlaa go araba; o ne o tlaa eletsa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:15) A o ko o akanye ka gone! Mmopi wa rona o “eletsa” batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba suleng. (“O ne o tla batla go bona tiro ya diatla tsa gago gape.”—The Jerusalem Bible.) Mmopi a ka tsosa batho ka go dirisa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (Johane 3:16; Ditiro 24:15) Go phepafetse gore batho ba ka farologana le diphologolo fela tse di swang.
20. (a) Ke leng letsatsi la go swa le leng botoka mo letsatsing la go tsholwa? (b) Tsogo ya ga Lasaro e tshwanetse ya bo e amile batho ba le bantsi jang?
20 Seno se raya gore letsatsi la go swa le ka nna botoka mo letsatsing la go tsholwa, fa e le gore ka nako eo motho o ne a setse a itiretse leina le le molemo le Jehofa, yo o ka kgonang go tsosa batho ba ba ikanyegang ba ba swang. Solomone yo Mogolwane, Jesu Keresete, o ne a supa seo. Ka sekai, o ne a tsosetsa Lasaro gape mo botshelong e bong monna yo o neng a ikanyega. (Luke 11:31; Johane 11:1-44) Fela jaaka o ka akanya, bontsi jwa bao ba neng ba bona Lasaro a tsosediwa mo botshelong gape ba ne ba amega thata, ba dumela mo go Morwa Modimo. (Johane 11:45) A o akanya gore ba ile ba ikutlwa ba se na se ba se tshelelang, ba sa itse gore ke bomang le gore isagwe e ne e ba tshwaretse eng? Se se farologaneng le seo, ba ne ba ka bona gore ga ba tlhoke go nna diphologolo fela tse di tsholwang, di bo di tshela ka nakonyana, mme go tswa foo di bo di swa. Se ba neng ba se tshelela se ne se amana ka tlhamalalo le tsela e e gaufi ya go itse Rraagwe Jesu le go dira thato ya Gagwe. Go tweng ka wena? A puisano eno e go thusitse gore o bone, kana gore o bone sentlentle, gore o ka nna le se o se tshelelang tota le gore o tshwanetse go nna le sone?
21. Ke karolo efe ya go batla bokao mo botshelong jwa rona e re santseng re batla go e tlhatlhoba?
21 Lefa go ntse jalo, go nna le se o se tshelelang ka tsela ya mmatota le e e nang le bokao mo botshelong go raya se se fetang fela go akanya ka loso le go tshela gape kwa moragonyana. Go akaretsa se re se dirang ka matshelo a rona letsatsi le letsatsi. Gape Solomone o ne a phepafatsa seo mo go Moreri, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Polelo ya ga Mohumagadi wa Sheba e otlelela ka botlhale jwa ga Solomone, mme polelo eno gantsi go ne go twe ke tlhamane fela (1 Dik. 10:1-13). Mme mafoko a a dikologileng seo a bontsha gore go etela ga gagwe Solomone tota go ne go amana le kgwebo mme ka jalo go a utlwala gore; ga re a tshwanela go belaela hisitori ya gone.”—The International Standard Bible Encyclopedia (1988), Bolumo IV, tsebe 567.
A o A Gakologelwa?
◻ Diphologolo di tshwana le batho ka ditsela dife?
◻ Ke ka ntlha yang fa loso le otlelela gore bontsi jwa boiteko le tiro ya batho ke boithamako fela?
◻ Letsatsi la go swa le ka nna botoka jang mo letsatsing la go tsholwa?
◻ Gore re nne le sengwe se se mosola se re se tshelelang go ikaegile ka kamano efe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Botshelo jwa gago bo farologana ka tsela e e tlhomologileng jang le jwa diphologolo?