LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/1 ts. 6
  • ‘Re Tlhoka Batho ba ba Tshepegang’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Re Tlhoka Batho ba ba Tshepegang’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “O Se Ka Wa Nyema Mooko”
    Tsogang!—1991
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Ikanyega go Raya Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/1 ts. 6

‘Re Tlhoka Batho ba ba Tshepegang’

GO TSHEPEGA ga go bonwe thata mo lefatsheng gompieno. Le fa go ntse jalo, ke selo se se tlhokegang thata mo Bakereseteng. Paulo o ne a kwala jaana: “Re eletsa go itshwara ka mo go se nang matsoketsane mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Se ke sone se Wilma e bong mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Faenza, kwa Italy, a neng a batla go se dira.

Lokwalodikgang lwa Il Resto del Carlino lo bolela gore fa a sena go sela sepatšhe se na le madi a mantsi ka fa ntle ga lebenkele lengwe mo toropokgolong ya gagabo, o ne a se neela mapodise “a sa okaoke” e le gore se busediwe mong wa sone.

Fa ratoropo a ne a utlwa seno, ka bonako fela o ne a romela Wilma mafoko a sekae fela a go leboga. O ne a kwala jaana: “Mo leineng la Toropokgolo eno, ke go leboga go tswa mo pelong ka se o se dirileng. Toropokgolo ya rona e ntle ya Faenza e tlhoka batho ba ba molemo le ba ba tshepegang.”

Go sa kgathalesege gore ditiro tse di molemo di a itsiwe kana ga di itsiwe, ka metlha re tshwanetse go gagamalela go tshepega. Fela jaaka Dikwalo Tse di Boitshepo di kgothatsa gore, “re leka go dira se se molemo e seng fela fa pele ga Modimo gape le fa pele ga batho.”—2 Bakorintha 8:21, The Jerusalem Bible.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela