Tsamaiso ya Puso ya Modimo mo Motlheng wa Bokeresete
“[Go ka fa natefelelong] e e molemo ya gagwe . . . go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.”—BAEFESO 1:9, 10.
1, 2. (a) Go phuthiwa ga “dilo tse di mo magodimong” go ne go tsamaisiwa jang, go simolola ka 33 C.E.? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba bontsha moya wa ga Moshe le Elija jang fa e sale ka 1914?
GO PHUTHIWA gono ga “dilo tse di kwa magodimong” go simologile ka 33 C.E., fa “Iseraele wa Modimo” a ne a tsalwa. (Bagalatia 6:16; Isaia 43:10; 1 Petere 2:9, 10) Morago ga lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., go phuthiwa moo go ne ga tsamaya ka iketlo fa Bakeresete ba mmatota (ba ba neng ba bidiwa “korong” ke Jesu) ba ne ba hupediwa ke “mefero” ya botenegi e e neng e jadilwe ke Satane. Mme fa ‘motlha wa bokhutlo’ o ntse o atamela, Iseraele wa Modimo wa boammaaruri o ne a bonala gape mo bathong mme ka 1919 o ne a tlhomiwa gore a tlhokomele dilo tsotlhe tsa ga Jesu.a—Mathaio 13:24-30, 36-43; 24:45-47; Daniele 12:4.
2 Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba dira ditiro tse di nonofileng, fela jaaka Moshe le Elija ba ne ba dira.b (Tshenolo 11:5, 6) Fa e sale ka 1919 ba ntse ba rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng le le ganetsang, ba dira jalo ka bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Elija. (Mathaio 24:9-14) Mme fa e sale ka 1922 ba ntse ba bolela dikatlholo tsa ga Jehofa mo bathong, fela jaaka Moshe a ne a tlisa dipetso tsa Modimo kwa Egepeto wa bogologolo. (Tshenolo 15:1; 16:2-17) Gompieno masalela a Bakeresete bano ba ba tloditsweng ke setlhopha sa konokono mo mokgatlhong wa lefatshe le lesha wa Basupi ba ga Jehofa.
Tiro ya Setlhopha se se Laolang
3. Ke ditiragalo dife tse di bontshang gore phuthego ya bogologolo ya Bokeresete e ne e rulagantswe sentle?
3 Fa e sale kwa tshimologong, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba ne ba na le thulaganyo. Fa palo ya barutwa e ntse e oketsega, diphuthego tse di moo di ne tsa tlhongwa mmogo le bagolwane. (Tito 1:5) Morago ga 33 C.E., baaposetoloi ba ba 12 ba ne ba direla e le setlhopha se segolo se se laolang. Ka gone, ba ne ba etelela pele ka bopelokgale mo tirong ya go neela bosupi. (Ditiro 4:33, 35, 37; 5:18, 29) Ba ne ba rulaganya gore go abelwe batlhoki dijo, mme ba ne ba roma Petere le Johane kwa Samaria fa ba sena go utlwa dipego tsa gore go na le bakgatlhegi koo. (Ditiro 6:1-6; 8:6-8, 14-17) Barenabase o ne a isa Paulo kwa go bone e le go ba tlhomamisetsa gore motho yono yo pele e neng e le mmogisi jaanong e ne e le molatedi wa ga Jesu. (Ditiro 9:27; Bagalatia 1:18, 19) Mme fa Petere a sena go rerela Korenelio le ba lelapa la gagwe, o ne a boela kwa Jerusalema mme a tlhalosetsa baaposetoloi le bakaulengwe ba bangwe ba Judea ka fa moya o o boitshepo o neng wa mmontsha go rata ga Modimo ka teng mo kgannyeng eno.—Ditiro 11:1-18.
4. Ke boiteko bofe jo bo neng jwa dirwa gore go bolawe Petere, mme botshelo jwa gagwe bo ne jwa bolokiwa jang?
4 Morago ga moo setlhopha se se laolang se ne sa tlhaselwa ka tsela e e setlhogo. Petere o ne a tsenngwa mo kgolegelong, mme botshelo jwa gagwe bo ne jwa bolokiwa fela ke go bo moengele a ne a tsereganya. (Ditiro 12:3-11) Jaanong e le la ntlha, mongwe yo e neng e se mongwe wa baaposetoloi ba ba 12 o ne a bonala a le mo maemong a a kwa godimo kwa Jerusalema. Fa Petere a ne a gololwa kwa kgolegelong, o ne a bolelela setlhopha sengwe se se neng se kgobokane kwa ntlong ya ga mmaagwe Johane Mareko jaana: “Begelang Jakobe [monnawe Jesu ka motsadi a le mongwe] le bakaulengwe dilo tseno.”—Ditiro 12:17.
5. Boemo jwa setlhopha se se laolang bo ne jwa fetoga jang morago ga gore Jakobe a swele tumelo?
5 E ne ya re pele ga moo, morago ga gore Judase Isekariota, moaposetoloi wa mooki, a sena go ipolaya, go ne ga lemogiwa gore go tlhokega gore go neelwe motho yo mongwe “tiro ya gagwe ya bolebedi” mme e nne moaposetoloi yo o neng a ntse a na le Jesu mo bodireding jwa gagwe le yo o neng a bona go swa le go tsosiwa ga gagwe. Le fa go ntse jalo, fa Jakobe, mogolowe Johane a ne a bolawa, ga go na ope yo o neng a tsena mo boemong jwa gagwe go nna mongwe wa ba ba 12. (Ditiro 1:20-26; 12:1, 2) Go na le moo, lekgetlho le le latelang fa Dikwalo di buang ka setlhopha se se laolang gone, di bontsha gore se ne se okeditswe. Fa go ne go tsoga kganetsano nngwe malebana le gore Baditšhaba ba ba neng ba latela Jesu a ba ne ba tshwanetse go ikobela Molao wa ga Moshe, kgang eno e ne ya isiwa kwa “baaposetoloing le banna ba bagolwane kwa Jerusalema” gore e direlwe tshwetso. (Ditiro 15:2, 6, 20, 22, 23; 16:4) Ke ka ntlha yang jaanong go lebega go ne go na le “banna ba bagolwane” mo setlhopheng se se laolang? Baebele ga e bolele sepe mabapi le seo, mme tota go na le molemo mo go seo. Go bolawa ga ga Jakobe le go tsenngwa ga ga Petere mo kgolegelong go ile ga supa gore ka letsatsi lengwe baaposetoloi ba ne ba ka tsenngwa mo dikgolegelong kana ba bolawa. Fa go ne go ka tlhaga maemo a a ntseng jalo a tshoganetso, go nna gone ga bagolwane ba bangwe ba ba tshwanelegang, ba ba neng ba na le maitemogelo mo dithulaganyong tsa setlhopha se se laolang, go ne go tla tlhomamisa gore go nne le bolebedi jo bo tswelelang pele ka thulaganyo.
6. Setlhopha se se laolang se ne sa tswelela pele se dira ka tsela efe kwa Jerusalema, le fa gone maloko a sone a kwa tshimologong a ne a sa tlhole a le mo motseng oo?
6 Fa Paulo a ne a tla kwa Jerusalema mo e ka nnang ka ngwaga wa 56 C.E., o ne a begela Jakobe mme, Baebele e bolela gore, “banna ba bagolwane botlhe ba ne ba le gone.” (Ditiro 21:18) Ke ka ntlha yang fa go ne go sa umakiwe baaposetoloi mo kokoanong eno? Le teng, Baebele ga e bue sepe ka gone. Mme moragonyana mokwalahisitori e bong Eusebius o ne a bega gore nako nngwe pele ga 66 C.E., “baaposetoloi ba ba neng ba setse, ba ba neng ba rerelwa go bolawa nako le nako, ba ne ba ntshiwa mo Judea. Mme le fa go ntse jalo gore ba rere molaetsa wa bone ba ne ba tsamaya ba tsena mo nageng nngwe le nngwe ba dirisa maatla a ga Keresete.” (Eusebius, Buka III, V, tem. 2) Ke boammaaruri gore mafoko a ga Eusebius ga se karolo ya pego e e tlhotlheleditsweng, mme a dumalana le se pego eo e se bolelang. Ka sekai, mo e ka nnang ka 62 C.E., Petere o ne a le kwa Babilone—kgakala le Jerusalema. (1 Petere 5:13) Le fa go ntse jalo, ka 56 C.E., gongwe go fitlha ka 66 C.E., setlhopha se se laolang se ne se dira ka tlhamalalo kwa Jerusalema.
Tsamaiso ya mo Metlheng ya Gompieno
7. Go na le pharologanyo efe e e tlhomologileng malebana le boemo jwa Setlhopha se se Laolang sa gompieno, fa se bapisiwa le setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga?
7 Go tloga ka 33 C.E. go fitlha ka nako ya pitlagano ya Jerusalema, go bonala setlhopha se se laolang se ne se na le Bakeresete ba Bajuta. Ka nako e Paulo a neng a etile ka yone ka 56 C.E., o ne a lemoga gore Bakeresete ba le bantsi ba Bajuta kwa Jerusalema, go sa kgathalesege go bo ba ne ba “tshwara tumelo ya Morena wa rona Jesu Keresete,” ba ne ba sa ntse ba “tlhoafetse mo Molaong [wa ga Moshe].”c (Jakobe 2:1; Ditiro 21:20-25) Bajuta bao ba ka tswa ba ne ba sa dumele tota gore Moditšhaba o ne a ka nna mo setlhopheng se se laolang. Le fa go le jalo, mo metlheng ya gompieno, go ile ga nna le phetogo nngwe e e bopang setlhopha seno. Gompieno, e akaretsa Bakeresete botlhe ba Baditšhaba ba ba tloditsweng, mme Jehofa o ile a segofatsa bolebedi jwa bone fela thata.—Baefeso 2:11-15.
8, 9. Ke ditiragalo dife tse di diragaletseng Setlhopha se se Laolang mo metlheng ya bosheng jaana?
8 Fa e sale Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e kopanyelediwa go tloga ka 1884 go ya go 1972, poresidente ya Mokgatlho e ne e ntse e laola thata phuthego ya ga Jehofa, fa Setlhopha se se Laolang se ne se amana thata le setlhopha sa bakaedi sa Mokgatlho. Masego a ba neng ba na le one mo dingwageng tseo a supa fela gore Jehofa o ne a amogela thulaganyo eo. Go tloga ka 1972 go ya go 1975, Setlhopha se se Laolang se ne sa oketsega sa nna le maloko a le 18. Dilo di ne di batlile di tshwana le thulaganyo ya lekgolo la ntlha la dingwaga fa setlhopha seno se se oketsegileng se ne se laola ka tsela e kgolwane, bangwe ba sone ke bakaedi ba Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
9 Fa e sale ka 1975 ba le mmalwa ba batho bano ba ba 18 ba setse ba weditse botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng. Ba ne ba fentse lefatshe e bile ‘ba ntse le Jesu mo setulong sa gagwe sa selegodimo.’ (Tshenolo 3:21) Ka mabaka ano le a mangwe, Setlhopha se se Laolang jaanong se na le maloko a le lesome, go akaretsa le yo o neng a tsenngwa mo go sone ka 1994. Bontsi jwa ba ba leng mo go sone ba godile fela thata. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe bano ba ba tloditsweng ba neelwa thuso e e molemo fa ba ntse ba diragatsa ditiro tsa bone tse di boima. Thuso eo e tswa kae? Go sekaseka ditiragalo tsa bosheng jaana mo bathong ba Modimo ke gone go ka arabang potso eo.
Go Thusa Iseraele wa Modimo
10. Ke bomang ba ba neng ba kopanela le batlodiwa mo tirelong ya ga Jehofa mo metlheng eno ya bofelo, mme seno se ne sa porofetiwa jang?
10 Bogologolo ka 1884 mo e ka nnang botlhe ba ba kopanelang le Iseraele wa Modimo e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng. Le fa go ntse jalo, ka iketlo setlhopha se sengwe se ne sa simolola go nna teng, mme ka 1935 setlhopha seno se ne sa itsiwe e le “boidiidi jo bogolo” jwa Tshenolo kgaolo 7. E re ka se solofetse go tshela mo lefatsheng, se emela “dilo tse di mo lefatsheng” tse Jehofa a ikaelelang go di phutha mmogo mo go Keresete. (Baefeso 1:10) Ba emela “dinku tse dingwe” tsa setshwantsho sa ga Jesu sa masaka a dinku. (Johane 10:16) Fa e sale ka 1935, dinku tse dingwe di ntse di ologela mo phuthegong ya ga Jehofa. Di tlile di “[fofa] jaaka leru, le jaaka maeba a ya marobeng a one.” (Isaia 60:8) Ka ntlha ya go oketsega ga boidiidi jo bogolo le go fokotsega ga setlhopha se se tloditsweng jaaka bontsi jwa sone bo wetsa botshelo jwa sone jwa mo lefatsheng ka go swa, ba dinku tse dingwe ba ba tshwanelegang ba nna le seabe se se oketsegileng mo ditirong tsa Bokeresete. Ka ditsela dife?
11. Ke ditshiamelo dife tse di neetsweng dinku tse dingwe, tse kwa tshimologong e neng e le tsa Bakeresete ba ba tloditsweng fela?
11 Go bolela gongwe le gongwe ka dinonofo tsa ga Jehofa ka metlha e ntse e le tlamego e e kgethegileng ya “morafe o o boitshepo” wa Modimo. Paulo o ne a bolela ka one a re ke setlhabelo sa tempele, mme Jesu o ne a ntshetsa bao e neng e tla nna “boperesiti jwa segosi” taolo ya go rera le ya go ruta. (Ekesodo 19:5, 6; 1 Petere 2:4, 9; Mathaio 24:14; 28:19, 20; Bahebera 13:15, 16) Le fa go ntse jalo, makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa August 1, 1932, o ne wa kgothatsa ka tsela e e kgethegileng bao ba tshwantshediwang ke Jonadabe gore ba nne le seabe mo tirong eno. Ee ruri, bontsi jwa dinku tseo tse dingwe bo ne bo setse bo dira jalo. Gompieno, mo e batlileng e nna tiro yotlhe ya go rera e dirwa ke dinku tse dingwe e le karolo e e tlhomologileng ya bone ya go “direla [Modimo] tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya one.” (Tshenolo 7:15) Ka mo go tshwanang, mo karolong ya bogologolo ya hisitori ya gompieno ya batho ba ga Jehofa, bagolwane ba phuthego e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng, e le “dinaledi” tse di neng di le mo seatleng sa moja sa ga Jesu Keresete. (Tshenolo 1:16, 20) Mme makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa May 1, 1937, o ne wa itsise gore dinku tse dingwe tse di tshwanelegang di ne di ka nna batlhanka ba phuthego (balebedi ba ba okamelang). Le fa go ne go na le banna ba ba tloditsweng, dinku tse dingwe di ne di ka dirisiwa fa e le gore banna ba ba tloditsweng ba ne ba sa kgone go sikara boikarabelo jono. Gompieno, mo e batlileng e nna bagolwane botlhe ba phuthego ke ba dinku tse dingwe.
12. Ke dikai dife tsa Dikwalo tse di bontshang gore dinku tse dingwe tse di tshwanelegang di ka amogela maikarabelo a phuthego a magolwane?
12 A go phoso go neela dinku tse dingwe maikarabelo ao a a botlhokwa? Nnyaa, go latelwa sekai sa hisitori. Basokologi bangwe ba seeng (batswagosele) ba ne ba le mo maemong a a botlhokwa kwa Iseraele wa bogologolo. (2 Samuele 23:37, 39; Jeremia 38:7-9) Morago ga gore Bababilone ba isiwe botshwarong, Banethinime ba ba neng ba tshwanelega (batlhanka ba tempele ba e neng e se Baiseraele) ba ne ba neelwa ditshiamelo tsa tirelo tse pele e neng e le tsa Balefi fela. (Esere 8:15-20; Nehemia 7:60) Mo godimo ga moo, Moshe, yo o neng a bonwa mo ponatshegelong ya go fetolwa ponalo a na le Jesu, o ne a amogela kgakololo e e molemo e a neng a e neelwa ke Jethero wa Momidiane. Morago ga moo, o ne a kopa morwa Jethero e bong Hobabe gore a ba kaele mo nageng.—Ekesodo 18:5, 17-24; Dipalo 10:29.
13. Ka gore batlodiwa ba neele dinku tse dingwe tse di tshwanelegang boikarabelo ka boikokobetso, ba ne ba ntse ba etsa moya o o molemo o o tshwanang le wa bomang?
13 Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse 40 Moshe a le mo nageng, o ne a rapela gore Jehofa a mo neele motlhatlhami, e re ka a ne a itse gore o ne a ka se tsene mo Nageng e e Solofeditsweng. (Dipalo 27:15-17) Jehofa o ne a mmolelela gore a tlhome Joshua fa pele ga batho botlhe, mme Moshe o ne a dira fela jalo, le mororo a ne a sa ntse a nonofile mo mmeleng e bile o ne a se ka a tlogela ka bonako go direla Iseraele. (Duteronome 3:28; 34:5-7, 9) Ka moya o o tshwanang wa boikokobetso, batlodiwa ba setse ba neetse banna ba ba tshwanelegang ba e leng bangwe ba dinku tse dingwe ditshiamelo tse di oketsegileng.
14. Ke boporofeti bofe jo bo supelang gore go na le boikarabelo jwa phuthego jo bo ntseng bo oketsega jwa dinku tse dingwe?
14 Boikarabelo jo bo oketsegang jwa dinku tse dingwe mo phuthegong gape ke kgang ya boporofeti. Sekaria o ne a bolelela pele gore Bafilisitia ba e neng e se Baiseraele ba ne ba tla nna jaaka “kgosana mo Juta.” (Sekaria 9:6, 7) Ka jalo Sekaria o ne a bolela gore mmaba wa pele wa Iseraele o ne a tla amogela kobamelo ya boammaaruri gore a tle a tshwane le kgosana ya morafe kwa Nageng e e Solofeditsweng. Mo godimo ga moo, fa Jehofa a ne a bua le Iseraele wa Modimo, o ne a re: “Baeng ba tlaa ema ba fudisa matsomane a lona, ba ditšhaba ba tlaa nna balemedi ba lona le babaakanyetsi ba lona ba mafine. Lona lo tlaa bidiwa baperesiti ba ga Jehofa; batho ba tlaa lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona.” (Isaia 61:5, 6) “Baeng” le ba “ditšhaba” ke dinku tse dingwe. Bone ba neetswe maikarabelo e le gore ba sikare tiro eno e kgolo fa masalela a a tloditsweng a a godileng a wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng mme a ya go direla ka botlalo e le “baperesiti ba ga Jehofa” ba selegodimo, ba dikologile setulo sa ga Jehofa se se galalelang e le “badiredi ba Modimo wa rona.”—1 Bakorintha 15:50-57; Tshenolo 4:4, 9-11; 5:9, 10.
“Kokomana e e Tlang”
15. Mo motlheng ono wa bofelo, ke setlhopha sefe sa Bakeresete se se setseng se “tsofetse,” mme ke setlhopha sefe se se emelang “kokomana e e tlang”?
15 Masalela a a tloditsweng a ntse a tlhagafaletse go thapisa dinku tse dingwe gore di dire maikarabelo a a oketsegileng. Pesalema 71:18 e bolela jaana: “Le gone, e tlaa re ke tsofetse ke thuntse tlhogo, Modimo, o se ka wa ntlogela; go bo go tle go tsamaye ke bolelele kokomana e e tlang thata ya gago, le nonofo ya gago ke e bolelele mongwe le mongwe yo o tlaa tlang.” Fa makasine wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa December 15, 1948, o ne o akgela ka temana eno o ne wa tlhalosa gore phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng eleruri e setse e tsofetse. O tswelela pele o bolela gore batlodiwa ba “lebile pele go bona lesedi la Baebele le go bona kokomana e ntšha” ka boitumelo. Seno totatota se lebisitse mo go bomang? Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bolela jaana: “Jesu o ne a bua ka bone e le ‘dinku tse dingwe’ tsa gagwe.” “Kokomana e e tlang” go buiwa ka batho ba ba tla tshelang ka fa tlase ga tsamaiso e ntšha ya lefatshe e e laolwang ke Bogosi jwa magodimo.
16. Batho ba “kokomana e e tlang” ba lebeletse masego afe kwa pele ka tlhoafalo?
16 Baebele ga e bolele ka tlhamalalo gore Bakeresete botlhe ba batlodiwa ba tla tlogela bakaulengwe ba bone ba ‘kokomana eno e e tlang’ leng le go tswelela pele ba galalediwa mmogo le Jesu Keresete. Mme batlodiwa bano ba tshepa gore nako ya gore seno se diragale e atametse. Ditiragalo tse di neng tsa bolelelwa pele mo boporofeting jo bogolo jwa ga Jesu malebana le ‘motlha wa bokhutlo’ di sale di diragala go tloga ka 1914, di bontsha gore tshenyego ya lefatshe leno e gaufi. (Daniele 12:4; Mathaio 24:3-14; Mareko 13:4-20; Luke 21:7-24) Go ise go ye kae, Jehofa o tla itsise ka lefatshe le lesha le mo go lone “kokomana e e tlang” e tla ‘ruang bogosi [mo lefatsheng] jo ba bo baakanyeditsweng go tloga kwa go thaiweng ga lefatshe.’ (Mathaio 25:34) Ba itumelela go tla go bona go tsosolosiwa ga Paradaise le go tsosiwa ga dimilione tsa batho ba ba suleng mo Hades. (Tshenolo 20:13) A batlodiwa ba tla bo ba le gone gore ba amogele batho bano ba ba tsositsweng? Bogologolo ka 1925, makasine wa Tora ya Tebelo (wa Seesemane) wa May 1 o ne wa bolela jaana: “Ga re a tshwanela go bua re fopholetsa ka se Modimo o tla se dirang le se a ka se keng a se dira. . . . [Mme] re fitlhelela tshwetso ya gore maloko a Kereke [Bakeresete ba ba tloditsweng] a tla galalediwa pele ga tsogo ya batho ba bogologolo [basupi ba ba ikanyegang ba pele ga Bokeresete].” Fa o ne o tlhalosa ka tsela e e tshwanang malebana le gore a bangwe ba batlodiwa ba tla bo ba le gone gore ba amogele batho ba ba tsosiwang, makasine wa Tora ya Tebelo wa September 1, 1989, o ne wa bolela jaana: “Seno ga se ne se tlhokega.”d
17. Ke ditshiamelo dife tse di molemolemo tse batlodiwa, jaaka setlhopha, ba tla nnang le seabe mo go tsone le Kgosi e e tlhomilweng mo setulong e bong Jesu Keresete?
17 Gone mme, ga re itse gore go tla diragala eng malebana le Mokeresete mongwe le mongwe yo o tloditsweng. Mme go nna gone ga ga Moshe le Elija ba na le Jesu mo ponatshegelong ya go fetolwa ponalo go supa gore Bakeresete ba ba tsositsweng ba ba tloditsweng ba lebeletswe gore ba nne le Jesu fa a tla ka kgalalelo go tla go “[duela] mongwe le mongwe go ya ka boitshwaro jwa gagwe” fa katlholo ya gagwe e dirwa le go diragadiwa. Mo godimo ga moo, re gakologelwa tsholofetso ya ga Jesu ya gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba “fenyang” ba tla dira le ene fa ba “disa batho ka thobane ya tshipi” ka Haramagedona. Fa Jesu a tla ka kgalalelo, ba tla dula le ene ba “atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” Ba tla ‘tapeta Satane kafa tlase ga dinao tsa bone’ ba na le Jesu.—Mathaio 16:27–17:9; 19:28; Tshenolo 2:26, 27; 16:14, 16; Baroma 16:20; Genesise 3:15; Pesalema 2:9; 2 Bathesalonika 1:9, 10.
18. (a) Boemo ke bofe malebana le go ‘phuthela dilo mmogo gape mo go Keresete kwa magodimong’? (b) Re ka reng ka ‘go phuthela dilo mmogo gape le Keresete mo lefatsheng’?
18 Go dumalana le tsamaiso ya gagwe ya dilo, Jehofa o tswelela pele a “phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete.” Malebana le “dilo tse di kwa magodimong,” boikaelelo jwa gagwe bo tla tloga bo wediwa. Go kopana ga ga Jesu le botlhe ba ba 144 000 kwa legodimong ka ntlha ya “lenyalo la Kwana” go gaufi. Ka gone, bakaulengwe ba ba oketsegileng, ba ba nang le nako e telele, ba ba godileng ba dinku tse dingwe, ba ba emelang “dilo tse di mo lefatsheng,” ba neetswe maikarabelo a magolwane gore ba thuse bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng. A bo re tshela mo dinakong tse di itumedisang jang ne! A bo go itumedisa jang ne go bona gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla tloga bo diragadiwa! (Baefeso 1:9, 10; 3:10-12; Tshenolo 14:1; 19:7, 9) Mme a bo ba dinku tse dingwe ba itumela jang ne go thusa bakaulengwe ba bone ba ba tloditsweng jaaka ditlhopha tseno ka bobedi di direla mmogo jaaka “letsomane le le lengwe” ka fa tlase ga “modisa a le mongwe” di ikobela Kgosi, Jesu Keresete, le go galaletsa Molaodi yo mogolo wa Lobopo, Jehofa Modimo!—Johane 10:16; Bafilipi 2:9-11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa May 1, 1982, ditsebe 19-24.
b Ka sekai, go simolola ka 1914, “The Photo-Drama of Creation”—e leng setshwantsho se se neng se bontshiwa babogedi le se se neng se rekotilwe se kgaogantswe ka dikarolo di le nnè—se ne sa bontshiwa kwa mafelong a a tlalang thata a dibaesekopo kwa dinageng tsotlhe tsa Bophirima.
c Go bona mabaka a a ka tswang a le teng a go bo Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba tlhagafaletse Molao, bona Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Bolumo 2, ditsebe 1163-4.
A o Ka Tlhalosa?
◻ Phuthego ya Modimo e ne ya gatela pele jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
◻ Setlhopha se se Laolang se ntse se dira jang mo hisitoring ya gompieno ya Basupi ba ga Jehofa?
◻ Ke Dikwalo dife tse di laelang gore dinku tse dingwe di okamele mo phuthegong ya ga Jehofa?
◻ “Dilo tse di mo magodimong” le “dilo tse di mo lefatsheng” di ntse di phuthelwa mmogo mo go Keresete jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Le fa maloko a setlhopha se se laolang a kwa tshimologong a ne a sa tlhole a le kwa Jerusalema, se ne sa tswelela pele se direla koo
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Bakeresete ba ba godileng ba ba tloditsweng ba ntse ba le mosola mo bathong ba ga Jehofa
C. T. Russell 1884-1916
J. F. Rutherford 1916-42
N. H. Knorr 1942-77
F. W. Franz 1977-92
M. G. Henschel 1992-