Arisetareko—Tsala e e Ikanyegang ka Nitamo
ARISETAREKO e ne e le mongwe wa badirimmogo ba bantsi ba ba ikanyegang ba ga moaposetoloi Paulo. O akanya ka eng fa o utlwa leina la gagwe? A go na le sengwe se se tlang mo tlhaloganyong ya gago? A o ka kgona go bolela gore o ne a na le seabe sefe mo go diragadiweng ga hisitori ya Bakeresete ba bogologolo? Le mororo Arisetareko e ka tswa e se mongwe wa batho ba re ba tlwaetseng ba Baebele, le fa go ntse jalo o ne a na le seabe mo ditiragalong tse dintsi tse di tlhalosiwang mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.
Ka jalo he, Arisetareko e ne e le mang? O ne a na le kamano efe le Paulo? Ke ka ntlha yang fa go ka twe Arisetareko e ne e le tsala e e ikanyegang ka nitamo? Mme ke dithuto dife tse re ka di ithutang mo sekaong sa gagwe?
Fa Arisetareko a tlhagelela mo pegong ya buka ya Ditiro ka tsela e e tlhotlheletsang e ne e le ka nako ya go goa le tlhakatlhakano ya segopa se se galefileng mo motseng wa Efeso. (Ditiro 19:23-41) Go dira ditempelana tsa selefera tsa modingwana Aretemise e ne e le kgwebo e e dirang madi a mantsi mo go Dimeterio le bathudi ba bangwe ba selefera ba kwa Efeso. Ka jalo, fa letsholo la ga Paulo mo motseng le ne le dira gore batho ba bantsi ba tlogele go tlhola ba obamela modimogadi yono, Dimeterio o ne a tlhotlheletsa badiri ba bangwe ba ba ditswerere. O ne a ba bolelela gore go rera ga ga Paulo ga go ba tshosetse fela mo go tsa madi mme gape go ka nna ga fedisa kobamelo ya ga Aretemise.
E re ka segopa se se galefileng seno se ne sa palelwa ke go bona Paulo, se ne sa tsaya ditsala tsa gagwe e bong Arisetareko le Gaio ka dikgoka sa ba isa kwa bobogelong. E re ka bobedi jwa bone ba ne ba le mo kotsing thata, ditsala tsa ga Paulo di ne tsa mo rapela gore “a se ka a ipaya mo kotsing mo bobogelong.”
Ipeye mo boemong joo. Mo e ka nnang diura di le pedi, segopa se nna se ntse se goa, “Go Mogolo Aretemise wa Baefeso!” Fa ba iphitlhela ba laolwa ke boidiidi jo bo tseegileng maikutlo ba sa kgone tota le go ipuelela e tshwanetse ya bo e ne e le selo se se tshosang tota mo go Arisetareko le Gaio. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba ipotsa gore a ba tla tswa ba tshela. Ka boitumelo ba ile ba kgona. Eleruri pego ya ga Luke e e tlhamaletseng e ne ya dira gore bakanoki bangwe ba akantshe gore o ne a bona tshedimosetso ya bosupi joo mo bathong ba ba boneng dilo ka matlho, gongwe bongwe jwa jone mo go Arisetareko le Gaio ka bobone.
Kgabagare molaodi wa motse o ne a didimatsa tlhakatlhakano eo. Arisetareko le Gaio ba tshwanetse ba bo ba ile ba wela dibete tota fa ba mo utlwa a dumela ka tsela e e tshwanetseng gore ga ba na molato mme morago ga foo ba bo ba bona pheretlhego e e neng e ba dikologile e fela.
Wena o ka bo o ile wa ikutlwa jang fa seno se sena go diragala? A o ka bo o ile wa swetsa gore go nna mopati wa ga Paulo wa morongwa ga se selo se se go tshwanetseng, gore go ne go le kotsi thata mme go ka nna botoka thata fa o ka ipatlela botshelo jo bo ritibetseng? Go ne go sa nna jalo ka Arisetareko! E re ka a ne a tswa kwa Thesalonika, gongwe o ne a setse a itse ka dikotsi tsa go bolela mafoko a a molemo. Fa Paulo a ne a rera mo motseng wa gagabo dingwaganyana pele ga moo, go ne ga tsoga pheretlhego le teng koo. (Ditiro 17:1-9; 20:4) Arisetareko o ne a ema le Paulo ka boikanyegi jo bo nitameng.
Go Tswa Kwa Gerika go ya Jerusalema
Dikgwedi dingwe morago ga pheretlhego ya bathudi ba selefera, Paulo o ne a le kwa Gerika mme o ne a tla tloga a bolola ka sekepe go ya Siria a le mo tseleng ya go ya Jerusalema fa “Bajuda ba ne ba mo direla togabolotsana.” (Ditiro 20:2, 3) Ke mang yo re mo fitlhelang a na le Paulo mo maemong a a kotsi ano? E ne e le Arisetareko!
Matshosetsi a masha ano a ne a dira gore Paulo, Arisetareko le ditsala tsa bone ba fetole dithulaganyo tsa bone, ba feta pele ka Makedonia mme morago ga foo ba ya go tswa mo lefelong lengwe go ya go le lengwe gaufi le lobopo lwa Asia Minor pele ga gore kgabagare ba tseye sekepe go ya kwa Fonikia kwa Patara. (Ditiro 20:4, 5, 13-15; 21:1-3) Go bonala sentle gore boikaelelo jwa loeto lono e ne e le go isa meneelo ya Bakeresete kwa Makedonia le Akaia kwa bakaulengweng ba bone ba ba tlhokang kwa Jerusalema. (Ditiro 24:17; Baroma 15:25, 26) Go ne go na le ba le bantsi ba ba tsamayang mmogo, gongwe e le ka gonne ba ne ba filwe boikarabelo jono ke diphuthego tse di farologaneng. Kwantle ga pelaelo, gape setlhopha se segolo jalo se ne se tla tlhomamisa pabalesego e kgolwane.
Arisetareko o ne a na le tshiamelo e kgolo ya go pata Paulo go tswa kwa Gerika go ya kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, loeto lwa bone lo lo latelang lo ne lo le go tswa kwa Judea go ya kwa Roma.
Loeto Lwa go ya Kwa Roma
Mo lekgetlhong leno maemo a ne a fetogile thata. Paulo o ne a tshwerwe kwa Kaesarea ka dingwaga di le pedi, a ikuetse kwa go Kaesara mme a rometswe kwa Roma a golegilwe ka dikeetane. (Ditiro 24:27; 25:11, 12) Leka go akanya gore ditsala tsa ga Paulo di ne di ikutlwa jang. Loeto lwa go tswa kwa Kaesarea go ya kwa Roma le ne le tla nna letelele e bile le leka maikutlo thata, go sa itsiwe gore matswela e tla nna eng. Ke mang yo o neng a tla tsamaya le ene go mo ema nokeng le go mo thusa? Go ne ga tlhophiwa banna ba babedi kana ba ithaopa. E ne e le Arisetareko le Luke, mokwadi wa Ditiro.—Ditiro 27:1, 2.
Luke le Arisetareko ba ne ba kgona jang go palama sekepe se sengwe mo karolong ya ntlha ya loeto lwa go ya kwa Roma? Mokwalahisitori e bong Giuseppe Ricciotti o akantsha jaana: “Ba babedi bano ba ile ba palama sekepe e le bapalami ba ba itsamaelang ba le nosi . . . kana gongwe, ba tsene ka ntlha ya bopelonomi jwa molaodi wa masole yo o neng a dira e kete o ba tsaya e le makgoba a ga Paulo, e re ka molao o ne o letla moagi wa Roma go thusiwa ke makgoba a sekae.” A bo Paulo a tshwanetse a bo a ile a kgothadiwa jang ne ke go nna gone ga bone le kgothatso ya bone!
Luke le Arisetareko ba ne ba supa fa ba rata Paulo ka go ipaya mo kotsing. Totatota, ba ne ba nna mo boemong jo bo tsenyang botshelo jwa bone mo kotsing fa bone mmogo le tsala ya bone e e tshwerweng ba ne ba thubegelwa ke sekepe mo setlhaketlhakeng sa Maleta.—Ditiro 27:13–28:1.
“Motshwarwammogo” wa ga Paulo
Fa Paulo a kwalela makwalo a gagwe kwa Bakoloseng le kwa go Filimone ka 60-61 C.E., Arisetareko le Luke ba ne ba sa ntse ba le fa thoko ga gagwe kwa Roma. Arisetareko le Epaforase ba bidiwa ‘batshwarwammogo’ ba ga Paulo. (Bakolosa 4:10, 14; Filimone 23, 24) Ka jalo, go bonala fa ka nakonyana Arisetareko a ne a golegilwe le Paulo.
Le mororo Paulo e ne e le mogolegwa kwa Roma bobotlana dingwaga di le pedi, o ne a letlwa go nna a ntse a disitswe mo ntlong ya gagwe e a e hirileng, koo a neng a ka kgona go rerela baeti dikgang tse di molemo. (Ditiro 28:16, 30) Arisetareko, Epaforase, Luke le ba bangwe ba ne ba direla Paulo, ba mo thusa le go mo tshegetsa.
“Thuso e e Nonotshang”
Morago ga go sekaseka ditiragalo tse di farologaneng tse Arisetareko a tlhagelelang mo go tsone mo pegong ya Baebele e e tlhotlheleditsweng, re bona e le motho yo o ntseng jang? Go ya ka mokwadi W. D. Thomas, Arisetareko “o tlhaolwa e le motho yo o neng a kgona go emelana le kganetso mme a e fenya, tumelo ya gagwe e sa ntse e tiile le tshwetso ya gagwe ya go dira e sa fokotsega. O tlhomologile e le motho yo o neng a rata Modimo e seng fela fa maemo a siame, ka dinako tse di monate mme gape le ka nako ya ditshotlo le dipheretlhego.”
Paulo o bolela gore Arisetareko le ba bangwe e ne e le “thuso e e nonotshang” (Segerika, pa·re·go·riʹa) mo go ene, se se rayang gore, motswedi wa kgomotso. (Bakolosa 4:10, 11) Ka jalo ka go gomotsa le go kgothatsa Paulo, Arisetareko e ne e le tsala ya mmatota ka dinako tse a neng a tlhokega ka tsone. Go pata le go nna tsala le moaposetoloi yono ka sebaka sa dingwaga di le mmalwa e tshwanetse ya bo e ile ya nna selo se se kgotsofatsang le go nonotsha thata mo semoyeng.
Re ka tswa re se mo maemong a a amang maikutlo tota jaaka a Arisetareko a neng a le mo go one. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete gompieno ba tlhoka go nna le boikanyegi jo bo nitameng jo bo tshwanang mo go bomonnawe Keresete ba semoya le mo phuthegong ya ga Jehofa. (Bapisa Mathaio 25:34-40.) Go ka nna ga direga gore baobamedimmogo ba re ba itseng go ise go ye kae ba tla ganediwa kana ba ngomoga pelo, gongwe e le ka ntlha ya go swelwa, bolwetse le diteko tse dingwe. Ka go ema le bone ka metlha le go ba thusa, go ba gomotsa le go ba kgothatsa, re ka itumela e bile re ka itshupa re le ditsala tse di ikanyegang ka nitamo.—Bapisa Diane 17:17; Ditiro 20:35.