LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 11/15 ts. 8-13
  • Ngaparela Tumelo ya Gago go sa Kgathalesege Diteko!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ngaparela Tumelo ya Gago go sa Kgathalesege Diteko!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa re Le mo Ditekong
  • Go Batla Botlhale
  • Bahumi le Bahumanegi ba ka Kgana
  • Go Itumela ba ba Itshokelang Teko
  • Modimo—Motswedi wa Dilo Tse di Molemo
  • Nna ‘Modiri wa Lefoko’
  • Se se Fetang go Nna Baobamedi Fela ba Kafa Mokgweng
  • O ka Tswelela Jang o Itumetse Le fa O Lebana le Mathata?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • “Badiri ba Lefoko” ba ba Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Lebaka la go bo Re Tlhoka go Nna le Tumelo le go Nna Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Re Tshwanetse go Leba Diteko Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 11/15 ts. 8-13

Ngaparela Tumelo ya Gago go sa Kgathalesege Diteko!

“Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tsa methalethale.”—JAKOBE 1:2.

1. Batho ba ga Jehofa ba mo direla ka tumelo le ka “boipelo jwa pelo” go sa kgathalesege eng?

BATHO ba ga Jehofa ba direla e le Basupi ba gagwe ba na le tumelo mo go ene le ka “boipelo jwa pelo.” (Duteronome 28:47; Isaia 43:10) Ba dira jalo le mororo ba tlhasetswe ke diteko di le dintsi. Go sa kgathalesege mathata a bone, ba gomodiwa ke mafoko ano: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tsa methalethale, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo baka boitshoko.”—Jakobe 1:2, 3.

2. Ke eng se se itsiweng ka mokwadi wa lekwalo la Jakobe?

2 Mafoko ao a ne a kwalwa mo e ka nnang ka 62 C.E. ke morutwa Jakobe, e bong monnawe Jesu Keresete ka mmaagwe. (Mareko 6:3) Jakobe e ne e le mogolwane mo phuthegong ya Jerusalema. Tota e bile, ene, Kefase (Petere), le Johane ‘ba ne ba bonala e le dipilara’—batshegetsi ba ba nonofileng, ba ba tlhomameng ba phuthego. (Bagalatia 2:9) Fa go ne go tlisiwa kgang ya go rupa fa pele ga “baaposetoloi le banna ba bagolwane” mo e ka nnang ka 49 C.E., Jakobe o ne a ntsha kakantsho e e utlwalang ya Dikwalo e e neng ya amogelwa ke setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga.—Ditiro 15:6-29.

3. Ke mathata afe a Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba lebane le one, mme re ka solegelwa molemo thata jang mo lekwalong la ga Jakobe?

3 Jaaka modisa wa semoya yo o amegileng, Jakobe ‘o ne a itse matsomane ka fa a ntseng ka gone.’ (Diane 27:23) O ne a lemoga gore ka nako eo Bakeresete ba ne ba lebane le diteko tse di botlhoko. Tsela e bangwe ba neng ba akanya ka yone e ne e tlhoka go lolamisiwa, ka gonne ba ne ba bontsha go rata bahumi thata. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba tsaya kobamelo e le seomodiro fela. Ba bangwe ba ne ba utlwisa ba bangwe botlhoko ka diteme tsa bone tse di sa laolesegeng. Moya wa lefatshe o ne o nna le diphelelo tse di senyang, mme bontsi jwa bone bo ne bo se pelotelele le gone bo sa rapele ka metlha. Tota e bile, Bakeresete bangwe ba ne ba setse ba koafetse mo semoyeng. Lekwalo la ga Jakobe le bua ka dikgang tse di ntseng jalo ka tsela e e agang, mme kgakololo ya gagwe e mosola gompieno fela jaaka e ne e le mosola mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Re tla solegelwa molemo thata fa re ka sekaseka lekwalo leno jaaka e kete le kwaletswe rona ka namana.a

Fa re Le mo Ditekong

4. Re tshwanetse go leba diteko jang?

4 Jakobe o re bontsha gore re lebe jang diteko. (Jakobe 1:1-4) Go na le gore a umake gore o amana gaufi thata jang le Morwa Modimo, ka boikokobetso o ipitsa “motlhanka wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete.” Jakobe o kwalela “ditso tse di lesome le bobedi” tsa Iseraele wa semoya “tse di faletseng,” thatathata e le ka lebaka la pogiso. (Ditiro 8:1; 11:19; Bagalatia 6:16; 1 Petere 1:1) Jaaka Bakeresete, le rona re a bogisiwa, e bile re “kopana le diteko tsa methalethale.” Mme fa re gakologelwa gore fa re itshokela diteko re a bo re nonotsha tumelo ya rona, re tla ‘go tsaya e le boipelo fela’ fa di re tlhasela. Fa re boloka bothokgami mo Modimong ka nako ya diteko, seno se tla dira gore re itumele ka bosakhutleng.

5. Diteko tsa rona di ka akaretsa eng, mme ke eng se se diragalang fa re di itshokela ka katlego?

5 Diteko tsa rona di akaretsa dipitlagano tse batho ba nnang le tsone. Ka sekai, re ka nna ra tlhaselwa ke bolwetse. Gone jaanong Modimo ga a fodise ka dikgakgamatso, mme o araba dithapelo tsa rona fa re mo kopa botlhale le maatla tse di tlhokegang gore re itshokele bolwetse. (Pesalema 41:1-3) Gape re boga ka ntlha ya tshiamo jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ba bogisiwang. (2 Timotheo 3:12; 1 Petere 3:14) Fa re itshokela diteko tse di ntseng jalo ka katlego, tumelo ya rona e a nitamisiwa, e nna ya ‘boleng jo bo lekilweng.’ Mme fa tumelo ya rona e fenya, seno se “baka boitshoko.” Tumelo e e nonotshitsweng ke diteko e tla re thusa gore re itshokele diteko tse di tlang.

6. ‘Boitshoko bo feleletsa tiro ya jone’ jang, mme ke dikgato dife tse di mosola tse di ka tsewang fa re le mo tekong?

6 Jakobe o bolela jaana: “Mme letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone.” Fa re tlogela teko e tswelela pele re sa leke go e kgaosetsa ka bonako ka tsela e e seng ya Dikwalo, boitshoko bo tla dira “tiro” ya gore re felele jaaka Bakeresete, re sa tlhaele mo tumelong. Ke boammaaruri gore fa teko e senola bokoa bongwe, re tshwanetse go batla gore Jehofa a re thuse re bo fenye. Go tweng fa teko e le e e raelang gore o kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo? A re rapele ka bothata joo mme re bo re dira go dumalana le dithapelo tsa rona. Go ka nna ga tlhokega gore re fetole lefelo le re berekang mo go lone kana re tseye dikgato tse dingwe gore re boloke bothokgami mo Modimong.—Genesise 39:7-9; 1 Bakorintha 10:13.

Go Batla Botlhale

7. Re ka thusiwa jang gore re itshokele diteko?

7 Jakobe o re bontsha se re tshwanetseng go se dira fa re sa itse kafa re ka berekanang le teko ka gone. (Jakobe 1:5-8) Jehofa ga a na go re kgoba ka go bo re se na botlhale mme re bo rapelela ka tumelo. O tla re thusa go leba teko sentle le go e itshokela. Badumedikarona ba ka nna ba re gakolola Dikwalo dingwe kana ra di bona fa re ithuta Baebele. Ditiragalo tse di kaelwang ke Modimo di ka nna tsa re thusa gore re bone se re tshwanetseng go se dira. Re ka nna ra bo re kaelwa ke moya wa Modimo. (Luke 11:13) Gore re itumelele melemo eo, ka tlholego fela re tshwanetse go nna gaufi thata le Modimo le batho ba gagwe.—Diane 18:1.

8. Ke ka ntlha yang fa mmelaedi a ka se amogele sepe mo go Jehofa?

8 Jehofa o re neela botlhale gore re itshokele diteko fa re ‘nna re kopa ka tumelo, re sa belaele ka gope.’ Mmelaedi “o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo e bile le phailakwa” go sa lebelelwa. Fa re sa tlhomama ka tsela e e ntseng jalo mo semoyeng, ‘re ka se tseye gore re tla amogela sengwe mo go Jehofa.’ A re se nne jaaka batho ba ba “sa kgoneng go dira tshwetso” le ba ba “sa nitamang” mo thapelong kana mo dilong tse dingwe. Go na le moo, a re nneng le tumelo mo go Jehofa, yo e leng Motswedi wa botlhale.—Diane 3:5, 6.

Bahumi le Bahumanegi ba ka Kgana

9. Ke ka ntlha yang fa re na le lebaka le le utlwalang la go kgana jaaka baobamedi ba ga Jehofa?

9 Tota le fa lehuma e le lengwe la diteko tsa rona, a re gakologelweng gore Bakeresete ba ba humileng le ba ba humanegileng ba ka kgana. (Jakobe 1:9-11) Pele bontsi jwa batlodiwa bo nna balatedi ba ga Jesu, bo ne bo se na dilo tse di bonalang di le kalo kalo mme lefatshe le ne le ba tseela kwa tlase. (1 Bakorintha 1:26) Mme ba ne ba ka kgana ka ntlha ya “go godisiwa” ga bone gore e nne baruaboswa ba Bogosi. (Baroma 8:16, 17) Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba humileng ba ba kileng ba tlotliwa ba a “kokobediwa” jaaka balatedi ba ga Keresete ka go bo lefatshe le ba nyatsa. (Johane 7:47-52; 12:42, 43) Le fa go ntse jalo, jaaka batlhanka ba ga Jehofa, rotlhe re ka kgana ka gonne khumo ya lefatshe le maemo a a kwa godimo ga se sepe fa di bapisiwa le dikhumo tsa semoya tse re nang le tsone. Mme a bo re leboga jang ne gore mo go rona go bo go se na selo seo sa go ikgogomosa e le go supa maemo mo setšhabeng!—Diane 10:22; Ditiro 10:34, 35.

10. Mokeresete o tshwanetse go leba dikhumo jang?

10 Jakobe o re thusa gore re bone gore botshelo jwa rona ga bo a ikaega ka khumo le ka dilo tse re di fitlhelelang mo lefatsheng. Fela jaaka bontle jwa sethunya bo sa se se sireletse mo ‘mogoteng o o fisang’ wa letsatsi, go ntse jalo ka khumo ya motho yo o humileng e ka se lelefatse botshelo jwa gagwe. (Pesalema 49:6-9; Mathaio 6:27) O ka nna a swa fa a ntse a latela ‘ditsela tsa gagwe tsa botshelo,’ gongwe a le mo kgwebong. Ka gone, selo se se botlhokwa ke go “huma malebang le Modimo” le go dira sotlhe se re ka se kgonang go rotloetsa gore go dirwe dilo tse di direlwang Bogosi.—Luke 12:13-21; Mathaio 6:33; 1 Timotheo 6:17-19.

Go Itumela ba ba Itshokelang Teko

11. Ke eng se ba ba ngaparelang tumelo ya bone fa ba lebane le diteko ba se lebeletseng?

11 Re le bahumi kana bahumanegi, re ka itumela fa fela re itshokela diteko tsa rona. (Jakobe 1:12-15) Fa re itshokela diteko re na le tumelo e e nonofileng, go ka bolelwa gore re itumetse, ka gonne go dira se se molemo mo matlhong a Modimo go a itumedisa. Ka go ngaparela tumelo ya bone go fitlha losong, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba amogela “serwalo sa botshelo,” e leng bosasweng kwa legodimong. (Tshenolo 2:10; 1 Bakorintha 15:50) Fa re solofetse go tshela mo lefatsheng e bile re na le tumelo mo Modimong, re ka lebelela go tshela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43; Baroma 6:23) A bo Jehofa a le molemo jang ne mo go botlhe ba ba nang le tumelo mo go ene!

12. Fa re tlhokofadiwa, ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go re: “Ke lekwa ke Modimo”?

12 A go ka kgonega gore Jehofa ka boene a re leke ka tlhokofatso? Nnyaa, re ka se re: “Ke lekwa ke Modimo.” Jehofa ga a leke go re tlhotlheletsa gore re dire boleo mme ruri o tla re thusa le go re neela maatla a a tlhokegang gore re itshokele diteko fa re nna re nitame mo tumelong. (Bafilipi 4:13) Modimo o boitshepo, ka jalo ga a re beye mo maemong a a tla dirang gore re palelwe ke go ithiba mo go direng phoso. Fa re iphitlhela re le mo boemong jo e seng jwa bomodimo e bile re dirile boleo bongwe, ga re a tshwanela go mo tshwaya phoso, “gonne Modimo ga o ka ke wa lekwa ka dilo tse di bosula le gone one ka boone ga o leke ope.” Le mororo Jehofa a ka dumelela gore teko e re tlhamalatse gore re solegelwe molemo, ga a re leke ka bosula. (Bahebera 12:7-11) Satane a ka nna a re leka gore re dire phoso, mme Modimo o ka re golola mo go yo o boikepo.—Mathaio 6:13.

13. Ke eng se se ka diragalang fa re sa tlose keletso e e sa siamang?

13 Re tlhoka go rapela ka metlha ka gonne boemo bongwe bo ka nna jwa dira gore motho a eletse go dira se se sa siamang se se ka re tlhotlheletsang go dira boleo. Jakobe o bolela jaana: “Mongwe le mongwe o lekwa fa a gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.” Re ka se bone Modimo molato ka boleo jwa rona fa re tlogetse pelo ya rona e nnela go eletsa go dira boleo. Fa re sa tlose keletso e e sa siamang, ‘e a emera,’ e gola mo pelong, mme e bo e “tshola boleo.” Fa go dirilwe boleo, e “tsala loso.” Kwantle ga pelaelo, re tlhoka gore re dise dipelo tsa rona re bo re emelane le tshekamelo ya go dira boleo. (Diane 4:23) Kaine o ne a tlhagisiwa gore boleo bo ne bo tla tloga bo mo fenya, mme ga a ka a bo thibela. (Genesise 4:4-8) Ka gone he, go tweng fa e le gore re simolola go latela tsela e e seng ya Dikwalo? Eleruri re tshwanetse go itumela fa bagolwane ba Bakeresete ba leka go re lolamisa e le gore re se ka ra leofela Modimo.—Bagalatia 6:1.

Modimo—Motswedi wa Dilo Tse di Molemo

14. Ke ka kgopolo efe go ka tweng dimpho tsa Modimo di “itekanetse”?

14 Re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa ke Motswedi, e seng wa diteko, mme wa dilo tse di molemo. (Jakobe 1:16-18) Jakobe o bua ka badumedikaene a re ‘bakaulengwe ba ba rategang’ a bo a bontsha gore Modimo ke Monei wa ‘mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo e e itekanetseng.’ Dimpho tsa ga Jehofa tsa semoya le tsa dilo tse di bonalang di ‘itekanetse,’ kana di feletse, ga di tlhaele sepe. Di tswa “kwa godimo,” kwa lefelong le Modimo a nnang mo go lone kwa magodimong. (1 Dikgosi 8:39) Jehofa ke “Rara wa masedi a selegodimo”—letsatsi, kgwedi le dinaledi. Gape o re neela lesedi la semoya le boammaaruri. (Pesalema 43:3; Jeremia 31:35; 2 Bakorintha 4:6) Go farologana le letsatsi le le sutisang meriti fa le ntse le tsamaya mme le le mo tlhogong fela ka motshegare wa sethoboloko, Modimo ka metlha ga a kgaotse go re tlamela ka se se molemo. Ruri o tla re tlhomelela gore re lebane le diteko fa re dirisa dimpho tsa gagwe tsa semoya ka Lefoko la gagwe le ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.”—Mathaio 24:45.

15. Nngwe ya dimpho tse di molemo thata tsa ga Jehofa ke efe?

15 Nngwe ya dimpho tse di molemo thata tsa Modimo e nnile efe? Go tsholwa ga barwa ba semoya ka moya o o boitshepo, go dira go dumalana le dikgang tse di molemo, kana “lefoko la boammaaruri.” Batho ba ba tsalwang mo semoyeng ke “mabutswapele mangwe,” ba ba tlhophilweng mo bathong gore ba nne “bogosi le baperesiti” ba selegodimo. (Tshenolo 5:10; Baefeso 1:13, 14) Jakobe o ka tswa a ne a akantse ka mabutswapele a barele a a neng a dirisiwa ka Nisane 16, e leng letlha le Jesu a neng a tsosiwa ka lone, le la tshupelo ya dilofo tse pedi tsa korong mo letsatsing la Pentekosete, le go neng ga tshololelwa moya o o boitshepo ka lone. (Lefitiko 23:4-11, 15-17) Mo ntlheng eo, Jesu o ne a tla nna lebutswapele mme baruaboswammogo le ene ba ne ba tla nna “mabutswapele mangwe.” Go tweng fa e le gore re solofetse go tshela mo lefatsheng? Ebu, go nna re gakologetswe ka gone go tla re thusa gore re ngaparele tumelo ya rona mo Moneing wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo,” yo o dirileng gore botshelo jo bo sa khutleng bo nne teng mo pusong ya Bogosi.

Nna ‘Modiri wa Lefoko’

16. Ke ka ntlha yang re tshwanetse go nna ‘bofefo go utlwa mme re bo re nna bonya go bua le go shakgala’?

16 Go sa kgathalesege gore a tumelo ya rona e a lekwa gone jaanong kana nnyaa, re tshwanetse go nna “badiri ba lefoko.” (Jakobe 1:19-25) Re tshwanetse go nna “bofefo kaga go utlwa” lefoko la Modimo, re nne badiri ba lone ba ba utlwang. (Johane 8:47) Mo letlhakoreng le lengwe, a re nneng “bonya kaga go bua,” re ntse re etse tlhoko se re se buang. (Diane 15:28; 16:23) Jakobe a ka tswa a ne a re rotloetsa gore re se ke ra potlakela go bolela gore diteko tsa rona di bakwa ke Modimo. Gape re gakololwa go nna “bonya kaga go shakgala; gonne tšhakgalo ya motho ga e bake tshiamo ya Modimo.” Fa re galefisitswe ke se mongwe a se buileng, a re ‘nneng bonya’ e le gore re tile go araba ka tsela e e bogale. (Baefeso 4:26, 27) Moya wa bogale o o ka re bakelang mathata mme wa leka le bangwe o ka se dire se tumelo mo Modimong wa rona yo o tshiamo e se tlhokang mo go rona. Mo godimo ga moo, fa e le gore re na le “tlhaloganyo e kgolo,” re tla nna “bonya go galefa,” mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tla re atamela.—Diane 14:29.

17. Ke eng se se fitlhelelwang fa re tlosa bosula mo pelong le mo mogopolong?

17 Eleruri re batla go latlha “leswe lotlhe”—sengwe le sengwe se se makgapha mo Modimong le se se bakang tšhakgalo. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go ‘latlha selo seo se se totileng go feta selekanyo, bosula.’ Rotlhe re tshwanetse go tlosa leswe lengwe le lengwe la nama kana la moya mo botshelong jwa rona. (2 Bakorintha 7:1; 1 Petere 1:14-16; 1 Johane 1:9) Go tlosa bosula mo pelong le mo mogopolong go re thusitse gore re “amogele ka bori go jalelwa ga lefoko” la boammaaruri. (Ditiro 17:11, 12) Go sa kgathalesege gore re nnile Bakeresete ka nako e kana kang, re tshwanetse go tswelela pele re jala boammaaruri jwa Dikwalo mo go rona. Ka ntlha yang? Ka gonne ka moya wa Modimo, lefoko le le jadilweng le tlhagisa “botho jo bosha” jo bo isang polokong.—Baefeso 4:20-24.

18. Motho yo o leng moutlwi fela wa lefoko o farologana jang le yo o leng modiri fela wa lone?

18 Re ka bontsha jang gore lefoko ke lone le le re kaelang? Ka go nna “badiri ba lefoko [ba ba utlwang], mme e seng bautlwi fela.” (Luke 11:28) “Badiri” ba na le tumelo e e bontshang ditiro tse di ntseng jaaka go dira ka tlhoafalo mo bodireding jwa Bokeresete le go nna le seabe ka metlha kwa dipokanong tsa batho ba Modimo. (Baroma 10:14, 15; Bahebera 10:24, 25) Moutlwi fela wa lefoko “o tshwana le monna yo o lebileng sefatlhego sa gagwe sa tlholego mo seiponeng.” O a iteba, a bo a tsamaya mme a lebala se se ka tlhokang go baakanngwa mo tebegong ya gagwe. Jaaka “badiri ba lefoko,” re ithuta ka kelotlhoko le go utlwa ‘molao o o itekanetseng’ wa Modimo, o o akaretsang sengwe le sengwe se a se tlhokang mo go rona. Ka gone kgololesego e re nang le yone e farologane thata le bokgoba jwa boleo le loso ka gonne e isa botshelong. Ka jalo a re ‘nneleng ruri mo molaong o o itekanetseng,’ re o sekaseka ka metlha le go o utlwa. Mme akanya fela! Jaaka ‘badiri ba tiro, e seng bautlwi ba ba lebalang bobe,’ re itumedisiwa ke go bo re amogelwa ke Modimo.—Pesalema 19:7-11.

Se se Fetang go Nna Baobamedi Fela ba Kafa Mokgweng

19, 20. (a) Jakobe 1:26, 27 e bolela gore re tlhoka gore re dire eng gore kobamelo ya rona e nne phepa? (b) Ke dikai dife tsa kobamelo e e sa leswefadiwang?

19 Gore re amogelwe ke Modimo, re tshwanetse go gakologelwa gore kobamelo ya boammaaruri ga se seomodiro fela. (Jakobe 1:26, 27) Re ka nna ra akanya gore re ‘baobamedi ba kafa mokgweng’ ba ba amogelwang ba ga Jehofa, mme tsela e ene a lebang mongwe le mongwe wa rona ka yone tota ke yone e e leng botlhokwa. (1 Bakorintha 4:4) Phoso nngwe e e masisi e ka nna go palelwa ke go ‘laola loleme.’ Re tla bo re itsietsa fa re akanya gore Modimo o itumedisiwa ke kobamelo ya rona fa re senya ba bangwe maina ka go ba seba, re bua maaka, kana re sa dirise loleme sentle ka ditsela tse dingwe. (Lefitiko 19:16; Baefeso 4:25) Eleruri, ga re batle “mofuta wa kobamelo” ya rona o ‘tlhoke go nna mosola’ e bile o sa amogelwe ke Modimo ka lebaka lepe.

20 Le mororo Jakobe a sa nopole karolo nngwe le nngwe ya kobamelo e e phepa, o bolela gore e akaretsa “go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.” (Bagalatia 2:10; 6:10; 1 Johane 3:18) Phuthego ya Bokeresete e kgatlhegela thata go tlamela batlholagadi. (Ditiro 6:1-6; 1 Timotheo 5:8-10) E re ka Modimo e le Mosireletsi wa batlholagadi le masiela, a re dirisaneng mmogo le Ene ka go dira se re ka se kgonang go ba thusa mo semoyeng le mo dilong tse di bonalang. (Duteronome 10:17, 18) Gape kobamelo e e phepa a kaya “motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng,” mo bathong ba ba sa siamang ba ba laolwang ke Satane. (Johane 17:16; 1 Johane 5:19) Ka gone a re nneng re ithibile mo boitshwarong jwa boikepo jwa lefatshe e le gore re galaletse Jehofa le go nna mosola mo tirelong ya gagwe.—2 Timotheo 2:20-22.

21. Malebana le lekwalo la ga Jakobe, ke dipotso dife tse dingwe tse di tlhokang gore re di sekaseke?

21 Kgakololo ya ga Jakobe e re setseng re e sekasekile go fitlha jaanong e tshwanetse go re thusa gore re itshokele diteko le go ngaparela tumelo ya rona. E tshwanetse go dira gore re rate Monei yo o lorato wa dimpho tse di molemo thata. Mme mafoko a ga Jakobe a re thusa gore kobamelo ya rona e nne phepa. Ke eng se sengwe gape se a re tlhokomedisang sone? Ke dikgato dife tse dingwe tse re ka di tsayang go supa gore re na le tumelo ya boammaaruri mo go Jehofa?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa lo ithuta setlhogo seno le tse pedi tse di latelang lo le nosi kana lo le lelapa, lo tla fitlhela go le mosola thata go bala temana nngwe le nngwe e e umakilweng fela ya lekwalo leno la ga Jakobe le le nonotshang tumelo.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke eng se se tla re thusang gore re itshokele diteko?

◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ka itumela go sa kgathalesege diteko?

◻ Re ka nna badiri ba lefoko jang?

◻ Kobamelo e e phepa e akaretsa eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Fa o le mo tekong, nna le tumelo mo maatleng a ga Jehofa a go arabela dithapelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

“Badiri ba lefoko” ba bolela ka Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela