LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 3/15 ts. 12-17
  • Boineelo le go Itlhophela ka kgololesego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boineelo le go Itlhophela ka kgololesego
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ineela mo ‘Modimong wa Iseraele’
  • Boineelo Jwa “Iseraele Jwa Modimo”
  • Go Dirisa Kgololesego E re E Neilweng ke Modimo ka Botlhale
  • O Tlhopha go Nna Lekgoba la ga Mang?
  • Go Ithuta Gore re Solegelwe Molemo
  • Ba ne Ba Tsholwa e le Maloko a Setšhaba se Modimo a se Itlhophetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A o Tshelela Boineelo Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Diragatsa Boineelo Jwa Rona “Ka Malatsi Otlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ineela mo go Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 3/15 ts. 12-17

Boineelo le go Itlhophela ka kgololesego

“Keresete o re gololetse kgololesego e e ntseng jalo.”—BAGALATIA 5:1.

1. Mafoko a Sehebera le a Segerika a a ranotsweng ka gore “boineelo,” “go tlhomamisa,” kana “go tlhaolwa jaaka yo o boitshepo” a dirisiwa kae thatathata?

BAKWADI ba Baebele ba dirisitse mafoko a Sehebera le a Segerika a le mmalwa go tlhalosa kgopolo ya go tlhaolelwa, kana go lomololelwa, go dira tiro nngwe e e boitshepo. Mo Dibaebeleng tsa Seesemane mafoko ano a ranolwa ka mafoko a a jaaka “dedication [boineelo],” “inauguration [go tlhomamisa],” kana “consecration [go tlhaolwa jaaka yo o boitshepo].” Ka dinako tse dingwe mafoko ano a dirisiwa malebana le dikago—gantsi a dirisiwa malebana le tempele ya Modimo ya kwa Jerusalema wa bogologolo le kobamelo e e neng e dirwa koo. Ke ka sewelo o ka fitlhelang mafoko ano a dirisitswe mo dilong tse e seng tsa bodumedi.

Go Ineela mo ‘Modimong wa Iseraele’

2. Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore Jehofa a bidiwe “Modimo wa Iseraele”?

2 Ka 1513 B.C.E., Modimo o ne a golola Baiseraele mo bokgobeng jwa Egepeto. Ka bonako fela morago ga moo, o ne a ba lomolola go nna batho ba gagwe ba ba kgethegileng, a dira gore ba nne le kgolagano le ene. Ba ne ba bolelelwa jaana: “Ke gone, fa ruri lo ka reetsa lentswe la me, lwa tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tlaa nna boswabotshwerwe jwa me go feta ditšhaba tsotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me.” (Ekesodo 19:5; Pesalema 135:4) Fa Jehofa a sena go dira Baiseraele boswabotshwerwe jwa gagwe, o ne a tshwanela go bidiwa “Modimo wa Iseraele.”—Jošua 24:23.

3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a sa bontshe tlhaolele fa a ne a tlhopha Baiseraele go nna batho ba gagwe?

3 Ka go dira Baiseraele batho ba gagwe ba ba ineetseng, ga se gore Jehofa o ne a na le tlhaolele, ka gonne gape o ne a amegile ka tsela e e lorato ka batho ba e seng Baiseraele. O ne a laela batho ba gagwe jaana: “Fa moeng a jakile mo go lona mo lefatsheng, lo se ka lwa mo siamololela. Moeng yo o jakileng mo go lona, a a nne go lona jaaka yo o tsaletsweng mo go lona, o mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto; ke nna Jehofa Modimo wa lona.” (Lefitiko 19:33, 34) Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Petere o ne a kgona go bona boemo jwa Modimo sentle mo ntlheng eno, mme a bolela jaana: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.”—Ditiro 10:34, 35.

4. Ke mabaka afe a a neng a dira gore go nne le kamano fa gare ga Modimo le Baiseraele, mme a Baiseraele ba ne ba tshela go dumalana le one?

4 Ela tlhoko gape gore go nna batho ba ba ineetseng ba Modimo go ne go ikaegile ka mabaka. Ba ne ba tla nna “boswabotshwerwe” jwa gagwe fa fela ba ne ba utlwa lentswe la Modimo ka tlhoafalo le go boloka kgolagano ya gagwe. Ka maswabi, Baiseraele ba ne ba palelwa ke go latela dilo tseno tse di tlhokegang. Fa ba sena go gana Mesia yo o neng a romilwe ke Modimo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., ba ne ba latlhegelwa ke boemo jwa bone jo bo nang le tshiamelo. Jehofa o ne a sa tlhole e le “Modimo wa Iseraele.” E bile Baiseraele ba tlholego e ne e sa tlhole e le batho ba ba ineetseng ba Modimo.—Bapisa Mathaio 23:23.

Boineelo Jwa “Iseraele Jwa Modimo”

5, 6. (a) Ke eng se Jesu a neng a se bolela ka mafoko a gagwe a boporofeti a a kwadilweng mo go Mathaio 21:42, 43? (b) “Iseraele wa Modimo” o simologile leng le gone jang?

5 A seno se ne se raya gore Jehofa jaanong o ne a sa tlhole a na le batho ba ba ineetseng mo go ene? Nnyaa. Jesu Keresete o ne a bolelela pele jaana, fa a ne a nopola mopesalema: “A lo ne lo ise lo ke lo bale mo Dikwalong, ‘Leje le baagi ba neng ba le gana ke lone le jaanong e leng leje la sekhutlo le legolo. Seno se nnile gone se tswa kwa go Jehofa, mme se molemo thatathata mo matlhong a rona’? Ke gone ka moo ke lo rayang ke re, Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa morafe o o ungwang maungo a jone.”—Mathaio 21:42, 43.

6 “Morafe o o ungwang maungo a jone” o itshupile e le phuthego ya Bokeresete. Fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a tlhopha ba e neng e tla nna maloko a ntlha a yone. Mme mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., e ne e le Jehofa Modimo ka boene yo o neng a tlhoma phuthego ya Bokeresete ka go tshololela moya wa gagwe o o boitshepo mo malokong a yone a ntlha, a a neng a ka nna 120. (Ditiro 1:15; 2:1-4) Jaaka moaposetoloi Petere a ne a kwala moragonyana, phuthego eno e e neng e sa tswa go tlhomiwa jaanong e ne e le “lotso lo lo kgethilweng, boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, setlhopha sa batho ba thuo e e kgethegileng.” Ba ne ba tlhophelwa eng? Gore ba tle ba “bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe tsa yo o neng a [ba] bitsa mo lefifing a [ba] isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Petere 2:9) Balatedi ba ga Keresete, ba ba tloditsweng ka moya wa Modimo, jaanong e ne e le setšhaba se se ineetseng, “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 6:16.

7. Ke eng se maloko a Iseraele wa Modimo a neng a tshwanetse go nna le sone, mme ka gone ba ne ba bolelelwa gore ba tile eng?

7 Le mororo maloko a morafe o o boitshepo e ne e le “batho ba thuo e e kgethegileng,” ba ne ba sa tshwanela go dirwa makgoba. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go nna le kgololesego e kgolwane go feta e morafe o o ineetseng wa Iseraele wa tlholego o neng o na le yone. Jesu o ne a solofetsa bano ba e neng e tla nna maloko a morafe ono o mosha jaana: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Bakeresete ba ne ba gololwa mo dilong tse di neng di tlhokwa ke kgolagano ya Molao. Malebana le seno o ne a tlhagisa badumedikaene jaana kwa Galatia: “Keresete o re gololetse kgololesego e e ntseng jalo. Jalo itsetsepeleng, mme lo se ka lwa itetla go bofelelwa gape mo jokweng ya botlhanka.”—Bagalatia 5:1.

8. Thulaganyo ya Bokeresete e neela batho kgololesego e kgolwanyane ka tsela efe go feta e e neng e le teng mo kgolaganong ya Molao?

8 Go farologana le Iseraele wa tlholego wa bogologolo, go fitlha mo motlheng ono Iseraele wa Modimo o utlwa ka kelotlhoko dilo tse di tlhokwang ke boineelo jwa gagwe. Seno ga se gakgamatse ka gonne maloko a jone a itlhophela go utlwa ka go rata. Le fa maloko a Iseraele wa tlholego a ne a ineetse go tloga fa a ne a tsalwa, maloko a Iseraele wa Modimo one a ineetse ka go itlhophela. Ka gone thulaganyo ya Bokeresete e ne e farologane le kgolagano ya Molao wa Sejuda, e mo go yone batho ba neng ba patelesega go ineela mme ba sa newe gore ba ka itlhophela ka kgololesego.

9, 10. (a) Jeremia o ne a supa jang gore go tla nna le phetogo e e malebana le boineelo? (b) Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore ga se Bakeresete botlhe ba ba ineetseng gompieno ba e leng maloko a Iseraele wa Modimo?

9 Moporofeti Jeremia o ne a bolelela pele gore malebana le boineelo dilo di ne di tla fetolwa fa a ne a kwala jaana: “‘Bonang, metlha e e tla,’ go bua Jehofa, ‘e ke tlaa dirang kgolagano e ntšha ka yone le ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta. E seng ka fa kgolaganong e nkileng ka e dira le borraabo jale mo motlheng o ke ba tshwereng ka letsogo ka one, ka ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; mme kgolagano eo ya me ba ne ba e senya, le fa ke ne ke le monna wa bone,’ go bua Jehofa. ‘Kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo ke e,’ go bua Jehofa. ‘Ke tlaa tsenya molao wa me mo teng ga bone, ke o kwala mo pelong tsa bone. Ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.’”—Jeremia 31:31-33.

10 E re ka molao wa Modimo o le “mo teng ga [bone],” o kwadilwe, jaaka go ka tualo, “mo pelong tsa bone,” maloko a Iseraele wa Modimo a tlhotlheletsega go tshela go dumalana le boineelo jwa bone. Se se ba tlhotlheletsang se nonofile go feta se se neng se tlhotlheletsa Baiseraele ba tlholego, ba ba neng ba ineetse go tloga fa ba tsalwa, e seng ka go itlhophela. Gompieno, ba bangwe ba ba nang le tlhotlheletso e e tshwanang e e nonofileng ya go dira thato ya Modimo, jaaka e bontshitswe ke Iseraele wa Modimo, ke baobamedikabone ba ba fetang dimilione tse tlhano mo lefatsheng lotlhe. Le bone ba neetse matshelo a bone mo go Jehofa Modimo gore ba dire thato ya gagwe. Le mororo batho bano ba sa solofela go tshela kwa legodimong jaaka ba ba bopang Iseraele wa Modimo, ba itumelela tebelelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng mo pusong ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Ba bontsha go anaanela Iseraele wa semoya ka go tshegetsa maloko a yone a sekae a a setseng gore ba dire kabelo ya bone ya gore ba “bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe tsa yo o neng a [ba] bitsa mo lefifing a [ba] isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.”

Go Dirisa Kgololesego E re E Neilweng ke Modimo ka Botlhale

11. Motho o bopilwe a na le nonofo efe, mme e tshwanetse ya dirisiwa jang?

11 Modimo o ne a bopa batho gore ba nne le kgololesego. O ne a ba neela nonofo ya go itlhophela se ba se batlang. Banyalani ba ntlha ba batho ba ne ba dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itlhophela ka tsela e e seng botlhale le e e seng lorato e e neng ya bakela bone mmogo le bana ba bone masetlapelo. Le fa go ntse jalo, seno se bontsha sentle gore Jehofa ga a ke a pateletsa dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale go tsaya tsela e e farologaneng le ya maikutlo le dikeletso tsa bone tsa mo teng. Mme e re ka “Modimo o rata monei yo o thamileng,” boineelo fela jo a ka bo amogelang ke jo bo theilweng mo loratong, jo bo dirwang ka go rata le ka boitumelo, jo bo itlhophetsweng ka kgololesego. (2 Bakorintha 9:7) Ga a amogele jo bongwe gape.

12, 13. Timotheo ke sekao jang malebana le thapiso e e tshwanetseng ya ngwana, mme sekao sa gagwe se thusitse basha ba le bantsi go dirang?

12 Ka go tlhaloganya se se tlhokwang mo go bone ka botlalo, Basupi ba ga Jehofa ba buelela gore motho a ineele mo Modimong, mme ga ba ke ba pateletsa ope gore a dire boineelo joo, tota le e leng bana ba bone. Go farologana le dikereke di le dintsi, Basupi ga ba kolobetse bana ba bone e sa ntse e le masea, jaaka e kete ba ne ba ka ba pateletsa gore ba ineele ba sa itlhophela. Sekao sa Dikwalo se se ka latelwang ke se se neng sa latelwa ke lekawana Timotheo. Fa a setse a godile, moaposetoloi Paulo o ne a mmolelela jaana: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela, ka o itse gore ke batho bafe ba o di ithutileng mo go bone le gore o itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e malebang le Keresete Jesu.”—2 Timotheo 3:14, 15.

13 Re a tlhokomela gore Timotheo o ne a itse dikwalo tse di boitshepo ka gonne o ne a di rutilwe a sa le losea. O ne a tlhotlhelediwa—e seng go patelediwa—ke mmaagwe le nkokoagwe go dumela dithuto tsa Bokeresete. (2 Timotheo 1:5) Ka ntlha ya seo, Timotheo o ne a bona botlhale jwa go nna molatedi wa ga Keresete mme ka gone a itlhophela ka boene go nna Mokeresete yo o ineetseng. Mo metlheng ya segompieno, masome a a diketekete a makawana le basadi ba basha ba batsadi ba bone e leng Basupi ba ga Jehofa ba ile ba latela sekao seno. (Pesalema 110:3) Ba bangwe ga ba a dira jalo. Ke kgang fela e motho a itlhophelang yone.

O Tlhopha go Nna Lekgoba la ga Mang?

14. Ke eng se Baroma 6:16 e re bolelelang sone malebana le kgololesego e e feletseng?

14 Ga go na motho ope yo o gololesegileng ka mo go feletseng. Kgololesego e mongwe le mongwe a nang le yone e laolwa ke melao ya tlholego, e e jaaka molao wa kgogedi, o o ka se kang wa itlhokomolosa kwa ntle ga gore o utlwe botlhoko. Gape ka tsela ya semoya, ga go na motho ope yo o gololesegileng ka mo go feletseng. Paulo o ne a akanya jaana: “A ga lo itse gore fa lo nna lo ikisa mo go ofe fela jaaka batlhanka gore lo mo utlwe, lo batlhanka ba gagwe ka gonne lo a mo utlwa, e ka tswa lo le ba boleo ka tebelelo ya loso kgotsa ba kutlo ka tebelelo ya tshiamo?”—Baroma 6:16.

15. (a) Batho ba ikutlwa jang ka go nna makgoba, mme bontsi jwa bone bo feleletsa bo dira eng? (b) Ke dipotso dife tse di tshwanelang tse re ka nnang ra di ipotsa?

15 Kgopolo ya go nna lekgoba la mongwe ga e ratiwe ke batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng la gompieno boammaaruri ke gore gantsi batho ba iteseletsa go laolwa le go tlhotlhelediwa ka ditsela di le dintsi tse di bofitlha mo e leng gore go felela go itlela fela go dira se ba bangwe ba batlang o se dira. Ka sekai, kgwebo e e phasalatsang le boitlosobodutu di leka go gatelela batho gore ba akanye le go dira dilo ka tsela e e tshwanang, di ba tlhomela ditekanyetso gore ba di latele. Mekgatlho ya bopolotiki le ya bodumedi e dira gore batho ba tshegetse dikgopolo le mekgele ya bone, mme ga se ka metlha ba dirang jalo ba ntsha mabaka a a tlhatswang pelo, mme gantsi ba dirisa boikutlo jwa batho jwa gore ba tshwanetse go ya le mogoso kana gore ba tshwanetse go ikanyega. E re ka Paulo a ne a bolela gore ‘re makgoba a ba re ba utlwang,’ mongwe le mongwe wa rona o dira sentle go ipotsa jaana, ‘Ke lekgoba la ga mang? Ke mang yo o ntlhotlheletsang thata mo ditshwetsong tsa me le mo tseleng ya me ya go tshela? A ke baruti ba bodumedi, baeteledipele ba bopolotiki, borakgwebo, kana batho bangwe ba ba itsegeng ka boitlosobodutu? Ke mang yo ke mo utlwang—Modimo kana batho?’

16. Bakeresete ke makgoba a Modimo ka tsela efe, mme pono e e tshwanetseng ka bokgoba jo bo ntseng jalo ke efe?

16 Bakeresete ga ba tseye go utlwa Modimo e le selo se se kgoreletsang kgololesego ya bone ka tsela e e sa utlwaleng. Ba dirisa kgololesego ya bone ka go rata ka tsela e e tshwanang le ya Motlhomasekao wa bone, Jesu Keresete, ka go dira gore dikeletso tsa bone le dilo tse ba di bayang kwa pele di dumalane le thato ya Modimo. (Johane 5:30; 6:38) Ba nna le “mogopolo wa ga Keresete,” ba mo ikobela e le Tlhogo ya phuthego. (1 Bakorintha 2:14-16; Bakolosa 1:15-18) Seno se tshwana thata le mosadi yo o nyalwang a bo, ka go rata, a dirisana mmogo le monna wa gagwe yo a mo ratang. Tota e bile, go buiwa ka setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng e le kgarebane e e itshekileng e e beeleditsweng ke Keresete go mo nyala.—2 Bakorintha 11:2; Baefeso 5:23, 24; Tshenolo 19:7, 8.

17. Basupi ba ga Jehofa botlhe ba itlhophetse go nna eng?

17 Mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a ka tswa a solofetse go ya go tshela kwa legodimong kana mo lefatsheng, o ineetse ene ka namana mo Modimong gore a dire thato ya gagwe le go mo utlwa e le Mmusi. Mosupi mongwe le mongwe o tsaya boineelo e le selo se a itlhophelang ka boene go nna lekgoba la Modimo go na le go nna lekgoba la batho. Seno se dumalana le kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo ne lwa rekwa ka tlhotlhwa; tlogelang go nna batlhanka ba batho.”—1 Bakorintha 7:23.

Go Ithuta Gore re Solegelwe Molemo

18. Motho yo o tla tlogang a nna Mosupi o tshwanelega leng gore a kolobediwe?

18 Pele motho a ka tshwanelega go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o tshwanetse go fitlhelela ditshwanelego tsa Dikwalo. Bagolwane ba ka nna kelotlhoko thata ba tlhomamisa gore motho yo o batlang go nna Mosupi o tshwanetse a tlhaloganya sentle se se bolelwang ke boineelo jwa Bokeresete. A ruri o batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? A o rata go tshela go dumalana le seno? Fa go se jalo, a ka se tshwanele go kolobediwa.

19. Ke ka ntlha yang fa go se na lebaka la go tshwaya motho mongwe phoso yo o swetsang ka gore a nne motlhanka wa Modimo yo o ineetseng?

19 Le fa go ntse jalo, fa motho a fitlhelela dilo tsotlhe tse di tlhokegang, ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go tshwaiwa phoso fa a itiretse tshwetso ka go rata ya gore a kaelwe ke Modimo le ke Lefoko la Gagwe le le tlhotlheleditsweng? A go molato go itetla go tlhotlhelediwa ke Modimo go na le batho? Kana a seno ga se mosola? Basupi ba ga Jehofa ga ba akanye jalo. Ba dumalana le mafoko a Modimo ka pelo yotlhe a a kwadilweng ke Isaia jaana: “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.”—Isaia 48:17.

20. Batho ba gololwa ke boammaaruri jwa Baebele ka ditsela dife?

20 Boammaaruri jwa Baebele bo golola batho mo go dumeleng dithuto tsa bodumedi tsa maaka, tse di jaaka go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. (Moreri 9:5, 10) Go na le moo, bo dira gore ba lebogele thata tsholofelo e e boammaaruri ka baswi—tsogo e e tla nnang teng ka setlhabelo sa ga Jesu Keresete sa thekololo. (Mathaio 20:28; Ditiro 24:15; Baroma 6:23) Boammaaruri jwa Baebele bo golola batho mo matshwenyegong a go ikanya ditsholofetso tsa bopolotiki tse gantsi di sa keng di diragadiwa. Go na le moo, bo dira gore dipelo tsa bone di ipele e re ka ba itse gore Bogosi jwa ga Jehofa bo setse bo busa kwa magodimong mme go ise go ye kae bo tla bo bo busa mo lefatsheng lotlhe. Boammaaruri jwa Baebele bo golola batho mo mekgweng e, le mororo e gogela mo nameng, e sa tlotleng Modimo e bile e nna le ditlamorago tse di sa itumediseng tse di jaaka dikamano tse di sa atlegeng, bolwetse le dintsho tsa tshoganyetso. Ka bokhutshwane fela, go nna lekgoba la Modimo go molemo thata go gaisa go nna lekgoba la batho. Tota e bile, go ineela mo Modimong go tlisa melemo “mo lobakeng lono lwa nako . . . mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.”—Mareko 10:29, 30.

21. Basupi ba ga Jehofa ba leba jang boineelo mo Modimong, mme ke eng se ba se eletsang?

21 Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ne ba se ka ba nna karolo ya setšhaba se se ineetseng go tloga fa ba tsalwa jaaka go ne go ntse ka Baiseraele ba bogologolo. Basupi ke karolo ya phuthego ya Bakeresete ba ba ineetseng. Mosupi mongwe le mongwe yo o ineetseng o ile a ineela ka go itlhophela ka kgololesego. Ee tota, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya boineelo bo dirwa ke botsalano jo bo lorato jo motho a nang le jone le Modimo jo bo supiwang ka go mo direla ka go rata. Botsalano jono jo bo itumedisang ba eletsa go bo boloka ka pelo yotlhe, ba tshwareletse ka bosakhutleng mo kgololesegong e Jesu Keresete a neng a ba gololela yone.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a sa tlhaole fa a tlhopha Iseraele go nna “boswabotshwerwe” jwa gagwe?

◻ Ke ka ntlha yang fa o ka re boineelo jwa Bokeresete ga bo dire gore o latlhegelwe ke kgololesego?

◻ Melemo ya go ineela mo go Jehofa Modimo ke efe?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le botoka go nna motlhanka wa ga Jehofa go na le go nna lekgoba la batho?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kwa Iseraeleng wa bogologolo, motho o ne a tsalwa a setse a ineetse mo Modimong

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Boineelo jwa Bakeresete ke jwa go itlhophela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela