Go Anaanela Ditshiamelo Tsa Tirelo e e Boitshepo
DIKABELO tsa tirelo e e boitshepo ga di a tshwanela go tsewa motlhofo. Fa baperesiti ba Juda wa bogologolo ba ne ba nna le boikutlo jwa go sa anaanele ditshiamelo tsa bone malebana le tempele ya ga Jehofa, o ne a ba kgalemela ka tsela e e masisi. (Malaki 1:6-14) Mme fa bangwe kwa Iseraele ba ne ba tlhotlheletsa Banasirite gore ba se ka ba anaanela maikarabelo a bone a ba a amogetseng malebana le tirelo ya bone e e boitshepo, Jehofa o ne a kgalemela Baiseraele ba ba neng ba leofa bao. (Amose 2:11-16) Bakeresete ba boammaaruri le bone ba nna le seabe mo tirelong e e boitshepo, mme ba e tsaya e le botlhokwa thata. (Baroma 12:1) Tirelo e e boitshepo eno e na le dikarolo tse dintsi, tsotlhe di botlhokwa.
Fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng le balatedi ba gagwe, o ne a ba thapisa gore e nne baboledi ba Bogosi jwa Modimo. Fa nako e ntse e ya, molaetsa wa bone o ne o tla fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8) Tiro eno ya go rera e potlakile le go feta mo malatsing ano a bofelo a tsamaiso eno ya dilo.
Basupi ba ga Jehofa botlhe ba na le seabe mo tirong eno. Dikete tse di makgolokgolo di itumelela go dira jalo e le babulatsela. Diketekete di ile tsa ithaopa ka go direla mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng kwa Bethele, mo tirong ya go eta e le balebedi ba potologo le ba kgaolo, kana mo tirelong ya borongwa go fitlhelela ditlhokego tse di botlhokwa mo tirong eno ya lefatshe lotlhe. Seno se ka akaretsa eng mo go ba ba batlang go tswelela ba le mo tirelong e e kgethegileng jalo?
Fa go Na le Dilo Tse di go Tlamang Tsa Lelapa
Pele ga motho a ka tsena mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng, gantsi o tshwanetse go dira diphetogo dingwe mo maemong a gagwe. Ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go dira seno. Maikarabelo a Dikwalo a motho a setseng a na le one a ka nna a dira gore seno se se ka sa kgonega. Go diragala eng he, fa ba ba setseng ba le mo tirelong e e kgethegileng ba lebana le dilo tse di ba tlamang thata tsa lelapa, gongwe e le tse di amang batsadi ba ba godileng? Melaometheo ya Baebele le kgakololo tse di jaaka tse di latelang di neela kaelo e e tlhokegang.
Botshelo jwa rona jotlhe bo tshwanetse jwa ikaega ka kamano ya rona le Jehofa. (Moreri 12:13; Mareko 12:28-30) Dilo tse di boitshepo tse re filweng boikarabelo jwa go di tlhokomela di tshwanetse tsa anaanelwa thata. (Luke 1:74, 75; Bahebera 12:16) Mo lekgetlhong lengwe, Jesu o ne a bolelela monna mongwe yo o neng a tlhoka go fetola dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gagwe gore o tshwanetse gore a tshwarege ka botlalo mo go boleleng ka Bogosi jwa Modimo. Ka mo go bonalang ka teng, monna yono o ne a batla go emisa go dira tiro eo go fitlha rraagwe a swa. (Luke 9:59, 60) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a supa kafa go sa siamang ka teng fa ope fela yo o neng a bolela gore o neetse Modimo sengwe le sengwe mme a bo a sa “direle rraagwe kgotsa mmaagwe lefa e le selo se le sengwe.” (Mareko 7:9-13) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a supa boikarabelo jo bo masisi jwa go tlamela ‘ba e leng ba gago,’ go akaretsa batsadi le batsadi ba batsadi ba gago.—1 Timotheo 5:3-8.
A seno se raya gore fa go tlhaga dilo dingwe tse di tlhokang go tlhokomelwa ka potlako ba ba leng mo tirelong e e kgethegileng ba tshwanetse go tlogela dikabelo tsa bone gore ba ye go nna batlhokomedi? Go araba potso eno go tshwanetse ga elwa tlhoko dilo di le dintsi. Tshwetso ke ya motho ka namana. (Bagalatia 6:5) Ba le bantsi ba ile ba ikutlwa gore, le mororo ba rata dikabelo tsa bone thata, go tla nna botlhale gore ba nne le batsadi ba bone gore ba ba neele thuso e ba e tlhokang. Ka ntlha yang? E ka tswa e ne e le gore e ne e le selo se se masisi, go ka tswa go ne go se na leloko lepe le lengwe la lelapa le le neng le ka thusa, kana phuthego e ne e sa kgone go dira se se neng se tlhokega. Ba bangwe ba ile ba kgona go bula tsela ba ntse ba thusa. Mme ba bangwe bone ba ne ba kgona go tsaya tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng fa ba sena go baakanya boemo joo jwa lelapa. Le fa go ntse jalo, mo makgetlhong a le mantsi, go ne ga kgonega go rarabolola bothata ka ditsela tse dingwe.
Go Rwala Maikarabelo a Bone
Ka nako ya fa go tlhaga maemo mangwe a a tlhokang go tlhokomelwa, bangwe ba ba leng mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng ba ne ba kgona go tlhokomela ditlhokego tseo kwantle ga gore ba tlogele dikabelo tsa bone. Akanya ka ba le mmalwa fela mo dikaing tse dintsi.
Banyalani bangwe ba ba neng ba direla kwa ntlongkgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola tirelo ya Bethele ka 1978, fa ba sena go direla mo tirong ya potologo le ya kgaolo. Kabelo ya mokaulengwe yono e akaretsa boikarabelo jo bo boima mo phuthegong ya puso ya Modimo. Mme le batsadi ba gagwe le bone ba ne ba tlhoka thuso. Banyalani bano ba kwa Bethele ba ne ba tsaya maeto a le mararo kana a le manè ngwaga le ngwaga—ba tsamaya dikilometara di ka nna 3500 go ya le go boa—go ya go tlhokomela batsadi ba bone. Ba ne ba aga ntlo ka bobone go tlhokomela batsadi ba bone ka dilo tse ba di tlhokang. Go nnile le maeto a ba neng ba tshwanetse go a tsaya go ya go tlhokomela boemo jwa tshoganyetso jwa kalafi. Ba ne ba dirisa malatsi a bone otlhe a boikhutso ka dingwaga tse di ka nnang 20 go tlhokomela boikarabelo jono. Ba rata le go tlotla batsadi ba bone, mme gape ba anaanela ditshiamelo tsa bone tsa tirelo e e boitshepo.
Mokaulengwe yo mongwe o ne a setse a na le dingwaga di le 36 a dira tiro ya go eta fa a ne a lebana le se a se tlhalosang e le maemo a a gwetlhang thata mo botshelong jwa gagwe. Mogwagadiagwe wa dingwaga di le 85, yo e neng e le motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa, o ne a tlhoka mongwe yo o neng a ka mo thusa. Ka nako eo, bontsi jwa bana ba ne ba akanya gore go ne go se kitla go tshwanela gore a nne le bone. Mongwe wa ba losika o ne a raya molebedi yo o etang yono a re ene le mosadi wa gagwe ba tshwanetse go tlogela tirelo, mme mo boemong jwa lelapa ba tlhokomele mmè. Mme banyalani bano ga ba a ka ba tlogela tirelo ya bone e e botlhokwa thata eno, e bile ga ba ka ba itlhokomolosa dilo tse mmè wa bone a neng a di tlhoka. Mo dingwageng tse robongwe tse di latelang, o ne a na le bone gantsi. Sa ntlha ba ne ba nna mo kharabaneng, morago ga foo ba nna mo difoleteng tse di farologaneng tse ba neng ba di fiwa ke dipotologo. Ka nako e telele, mokaulengwe yo e neng e le molebedi wa kgaolo ka nako eo, o ne a tsamaya go ya go dira dikabelo tsa gagwe fa mosadi wa gagwe ene a ne a sala le mmè wa gagwe gore a mo tlhokomele ka nako e e tletseng. Beke nngwe le nngwe morago ga dipokano ka Sontaga, monna o ne a tsaya maeto a matelele go ya go ba thusa. Ba le bantsi ba ba neng ba itse ka boemo jono ba ne ba anaanela thata se banyalani bano ba neng ba se dira. Fa nako e ntse e ya, maloko a mangwe a lelapa le one a ne a ikutlwa a tlhotlheletsega go thusa ka sengwe. Diketekete tsa batho ba ga Jehofa di ntse di tswelela di solegelwa molemo ke tirelo ya banyalani bao ba ba intshang setlhabelo ka gonne ba ne ba se ka ba tlogela tshiamelo ya bone ya tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng.
Ka Tirisanommogo ya Lelapa
Fa maloko a a farologaneng a lelapa a anaanela botlhokwa jwa tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng, ba ka nna ba dirisana mmogo gore bobotlana bangwe ba bone ba nne le seabe mo go yone.
Moya o o ntseng jalo wa tirisanommogo ya lelapa o ne wa thusa banyalani bangwe ba kwa Canada ba ba neng ba direla e le barongwa kwa Afrika Bophirima. Ga ba ka ba leta go fitlha go nna le maemo a a sa lebelelwang, ba solofela fela gore go ka se ka ga direga sepe. Pele ga ba ya kwa Sekolong sa Watchtower sa Baebele sa Gileade, go ipaakanyetsa tirelo ya bone ya naga e sele, monna o ne a buisana le monnawe gore a tlhokomele mmaabone fa a ka lwala kana fa a ka golofala. Ka ntlha ya go rata mmaabone le ka ntlha ya go anaanela botlhokwa jwa tiro ya borongwa, monnawe o ne a bolela jaana: “Ke setse ke na le lelapa le bana jaanong. Nka se kgone go ya kgakala le go dira dilo tse wena o ka kgonang go di dira. Ka jalo fa go ka diragala sengwe ka Mmè, ke tla mo tlhokomela.”
Banyalani bangwe ba ba direlang kwa Amerika Borwa ba ne ba bona tirisanommogo e kgolo mo go ba gagabo mosadi malebana le go tlhokomela mmaagwe yo o tsofetseng. Mongwe wa bomogoloe le monna wa ga mogoloe ba ne ba tlhokomela mmaagwe go fitlha mogoloe a nna le bolwetse jo bo maswe thata. Go ne ga diragala eng morago ga foo? Go tlosa tlhobaelo epe e e leng teng, mogatsa mogoloe o ne a kwala jaana: “Fa fela nna le bana re sa ntse re tshela, lo ka se tlhoke go tlogela tirelo ya lona ya borongwa.” Ba ne ba bona thuso e nngwe gape fa nnakaagwe le monna wa gagwe ba ne ba tlogela ntlo ya bone mme ba fuduga go ya go nna le mmaabone gore ba mo tlhokomele, mme ba ne ba dira jalo go fitlha a swa. A bo e le moya o montle jang ne wa tirisanommogo! Botlhe ba ne ba thusa go tshegetsa tirelo ya borongwa.
Batsadi ba ba Neelang Jehofa ka go Rata
Gantsi batsadi ba anaanela tirelo e e boitshepo ka tsela e e tlhomologileng. Gare ga dilo tse di tlhwatlhwakgolo thata tse ba nang natso tse ba ka tlotlang Jehofa ka tsone ke bana ba bone. (Diane 3:9) Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba kgothaletsa bana ba bone gore ba tsenelele tirelo ya nako e e tletseng. Mme bangwe ba bone ba ikutlwa jaaka Hana, yo o neng a neela Jehofa morwawe e bong Samuele gore a mo direle “ka bosakhutleng,” ke gore ka “lobaka lotlhe lwa go tshela ga gagwe.”—1 Samuele 1:22, 28.
Motsadi mongwe yo o ikutlwang jalo o ne a kwalela morwadiagwe kwa Afrika jaana: “Re leboga Jehofa ka ntlha ya tshiamelo e ntle e o nang nayo. Re ne re ka se ka ra lebelela sepe se se fetang seo.” Mme mo lekgetlhong le lengwe o ne a bolela jaana: “Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse gore re ithontshe go nna mmogo, mme re itumelela go bona kafa Jehofa a go tlhokomelang ka teng!”
Morongwa mongwe wa kwa Ecuador o ne a kwala jaana fa a sena go akanya ka maemo a a farologaneng a a neng a tlhaga a go neng go tlhokega gore a tlhokomele batsadi ba gagwe ba ba tsofetseng: “Ke akanya gore thuso e kgolo go di feta tsotlhe tse nna le mosadi wa me re ileng ra di amogela e ne e le dithapelo tsa ga rre. Fa a sena go swa, mmè o ne a re bolelela jaana: ‘Go ne go sa fete letsatsi lepe rraago a sa rapele Jehofa gore a letle bobedi jwa lona gore lo nne mo kabelong ya lona.’”
Banyalani bangwe ba ba tsofetseng kwa California, kwa U.S.A., ba ne ba itumela thata fa mongwe wa barwa ba bone a ne a le mo tirelong ya nako e e tletseng. Morwa yoo le mosadi wa gagwe ba ne ba le kwa Spain fa mmaagwe a swa. Maloko a mangwe a lelapa a ne a akanya gore go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore rraabone a tlhokomelwe. E re ka ba ne ba tshwaregile ka ditiro tsa boitshediso le ka go godisa bana, ba ne ba akanya gore bone ba ka se ka ba kgona go tsaya boikarabelo joo. Go na le moo, ba ne ba kgothaletsa banyalani bano ba ba neng ba le mo tirelong ya nako e e tletseng gore ba boele gae go tla go tlhokomela rraabone. Le fa go ntse jalo, rre, le fa a ne a le dingwaga di le 79, o ne a sa ntse a na le botsogo jo bo siameng e bile gape o ne a na le pono e e phepafetseng ya semoya. Mo kokoanong ya lelapa, fa ba ba farologaneng ba sena go tlhalosa gore ba ikutlwa jang, rre o ne a ema mme a bolela jaana ka tlhomamo: “Ke batla gore ba boele kwa Spain mme ba tswelele ka tiro.” Ba ne ba dira jalo, mme gape ba ne ba mo thusa ka ditsela tse di bonalang. Kabelo e ba leng mo go yone gone jaanong ke ya tiro ya potologo kwa Spain. Fa e sale ka nako ya kokoano eo ya lelapa, maloko a mangwe a lelapa a ne a anaanela tirelo e banyalani bano ba e dirang kwa nageng e sele. Morago ga dingwaga di le mmalwa, mongwe wa barwa ba bangwe o ne a tsaya rraagwe go nna le ene kwa lelapeng la gagwe gore a mo tlhokomele go fitlha a swa.
Kwa Pennsylvania, kwa U.S.A., mongwe wa bakaulengwe ba ba tloditsweng yo o neng a bula tsela ka dingwaga tse di ka nnang 40 o ne a na le dingwaga tse di fetang 90 fa mosadi wa gagwe a ne a lwala thata mme a tlhokafala. O ne a na le morwa le barwadi ba le bararo, kwantle ga bana ba bantsi ba semoya. Mongwe wa barwadi ba gagwe e ne e le yo a neng a le mo tirelong ya nako e e tletseng ka dingwaga tse di fetang 40, yo o ileng a dira le monna wa gagwe mo tirong ya borongwa, mo tirong ya go eta le kwa Bethele. Ke motlholagadi jaanong. O ne a thusa go dira dithulaganyo gore rraagwe a tle a tlhokomelwe sentle. Bakaulengwe ba gone koo le bone ba ne ba thusa ka go mo isa kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Moragonyana, fa monna wa gagwe a sena go swa, o ne a botsa rraagwe gore a o batla gore a tswe kwa Bethele gore a mo tlhokomele. O ne a tseela dilo tse di boitshepo kwa godimo thata, mme o ne a ikutlwa gore o tla tlhokomelwa ka dilo tse a di tlhokang ka ditsela tse dingwe. Ka jalo o ne a araba jaana: “Seo e tla nna sengwe sa dilo tse di maswe tse o ka di dirang, mme go tla nna maswe le go feta fa nna nka go letla o se dire.”
Diphuthego Tse di Tshegetsang
Diphuthego dingwe di ile tsa thusa thata go tlhokomela batsadi ba ba tsofetseng ba bao ba leng mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Ba anaanela segolobogolo ba ba ileng ba dirisa dingwaga tse dintsi ba le mo tirelong e e ntseng jalo. Le fa ba sa kgone go ba thusa mo maikarabelong a bone a Dikwalo, diphuthego tseno di ile tsa dira mo gontsi go tlhofofatsa morwalo ka mo go lekaneng gore go se ka ga tlhokega gore bana ba tlogele dikabelo tsa bone tse di kgethegileng.
Banyalani bangwe kwa Jeremane ba ne ba le kwa kabelong ya bone ya naga e sele ka dingwaga tse di ka nnang 17, bontsi jwa nako eo ba le mo tirong ya go eta, fa ditlhokego tsa mmè yo o tsofetseng wa monna di oketsega. Ba ne ba dirisa nako ya bone ya boikhutso ngwaga le ngwaga go mo thusa. Baagelani ba Basupi le bone ba ne ba thusa ka tsela e e lorato. Mme fa banyalani bano ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba ne ba na le mmè wa bone fa a ne a lwala thata, bagolwane ba phuthego ba ne ba rulaganya go kopana le bone. Ba ne ba itse sentle gore banyalani bano ba ne ba direla mmè wa bone eng ka metlha. Gape ba ne ba anaanela botlhokwa jwa tirelo e e kgethegileng e banyalani bano ba neng ba le mo go yone. Ka jalo bagolwane ba ne ba ba tlhalosetsa thulaganyo e e akantshitsweng ya go tlhokomela mmaabone mme ba bolela jaana: “Ga lo kgone go mo tlhokomela go feta kafa lo dirang ka gone; re tla lo thusa gore lo tle lo kgone go nna mo kabelong ya lona kwa Spain.” Mo dingwageng tse supa tse di fetileng, bagolwane bano ba ne ba tswelela ba dira jalo.
Ka mo go tshwanang, mokaulengwe mongwe yo o ntseng a direla kwa Senegal fa e sa le ka 1967 o ne a bona tshegetso e e lorato mo phuthegong e rraagwe a neng a le kwa go yone. Fa go ne go tlhaga mathata, monna ka tirisanommogo e e lorato ya mosadi wa gagwe, o ne a tsamaya a le nosi go ya kwa United States go ya go thusa batsadi ba gagwe. O ne a bona go le botlhokwa gore a nne dikgwedi di le mmalwa koo. Boemo bo ne bo le boima, mme fa a sena go dira se a neng a ka se kgona, phuthego e ne ya tsaya kgato mme ya thusa gore a tle a tswelele ka tirelo ya gagwe ya borongwa. Phuthego e ne ya thusa ka tsela e e lorato ka dingwaga tse di fetang 18 ka ditsela tse dintsi, ba ne ba tlhokomela rraagwe pele (tota le fa a ne a sa tlhole a itse ba le bantsi ba bone) mme morago ga foo ba tlhokomela mmaagwe. A seno se ne se rola morwa yono boikarabelo jwa gagwe? Nnyaa; gantsi o ne a tswa kwa Senegal a dirisa malatsi a gagwe a boikhutso gore a thuse ka ditsela tsotlhe tse a neng a ka kgona ka tsone. Mme ba le bantsi mo phuthegong ba ne ba itumelela go itse gore ba na le seabe mo go direng gore banyalani ba ba dirang ka natla bano ba nne mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng kwa Senegal.
Jesu o ne a bolela gore ba ba tlogelang sengwe le sengwe ka ntlha ya dikgang tse di molemo ba tla nna le bomorwarre, bokgaitsadi, bommè le bana ga lekgolo. (Mareko 10:29, 30) Go ntse jalo tota ka batlhanka ba ga Jehofa. Banyalani bangwe ba jaanong ba direlang kwa Benin, kwa Afrika Bophirima, ba ne ba diragalelwa ke seno ka tsela e e kgethegileng fa Basupi ba babedi kwa phuthegong e batsadi ba bone ba leng kwa go yone ba ne ba ba bolelela gore ba se ka ba tshwenyega ka batsadi ba bone. Ba ne ba oketsa jaana: “Batsadi ba lona ke batsadi ba rona.”
Ee, go na le ditsela tse dintsi tse re ka bontshang ka tsone gore re anaanela ditshiamelo tsa tirelo e e boitshepo thata. A go na le ditsela tse wena o ka dirang seno ka tsone ka tsela e e botoka le go feta?
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Ba ile ba ithaopela tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng