Go Tshaba ga Ba-huguenot Gore ba Bone Kgololesego
“Ka Kgosi le ka Mohumagadi, . . . Re Bolela jaana, Gore Baporotesetanta botlhe ba Bafora ba ba tla Tshabelang mono, le go Itlisa mo Bogosing jono jwa Rona, re ka se ba neye Tshireletso ya Rona ya Segosi fela . . . Mme gape Re tla dira Bojotlhe jwa Rona ka Ditsela tsotlhe tse di tshwanetseng gore re ba Eme Nokeng, re ba Tshegetse le go ba Thusa . . . e le gore go tshela ga bone le go nna ga bone mo Bogosing jono go ba neye boiketlo le go ba tlhofofaletsa dilo.”
MAIPHAKO a 1689 a ga William le Mary, kgosi le mohumagadi wa Engelane, a ne a balega jalo. Mme ke ka ntlha yang fa Baporotesetanta ba kwa Fora, kana Ba-Huguenot, jaaka ba ne ba itsiwe jalo, ba ne ba tlhoka go tshaba le go batla tshireletsego kwa ntle ga Fora? Ke ka ntlha yang fa go tshaba ga bone kwa Fora mo e ka nnang dingwaga tse 300 tse di fetileng re ka go kgatlhegela gompieno?
Mo lekgolong la bo16 la dingwaga Yuropa e ne e tlhasetswe ke ntwa le dikgotlhang tse e neng e le tsa bodumedi. Fora, ka Dintwa Tsa yone Tsa Bodumedi (1562-1598) fa gare ba Bakatoliki le Baporotesetanta, le yone e ne ya amiwa ke kgaruru eno. Le fa go ntse jalo, ka 1598, Kgosi ya Fora Henry IV o ne a saena molawana wa go itshokelana, e leng Molao wa Nantes, o o neng o neela Ba-Huguenot ba Porotesetanta kgololesego e e rileng ya bodumedi. Go letlelelwa semolao ga madumedi a mabedi go ne go sa tlwaelega kwa Yuropa. Go ne ga emisa dikhuduego tsa bodumedi tsa dingwaga di le 30 ka nakwana tse di neng di tlogetse Fora ka lebadi mo lekgolong la bo16 la dingwaga.
Le mororo go ne go ikaeletswe gore Molao wa Nantes “o tla nnela ruri e bile e le one fela,” ka 1685 o ne wa emisediwa ka Molao wa Fontainebleau. Mofilosofi wa Mofora e bong Voltaire moragonyana o ne a tlhalosa fa go fetolwa gono ga molao e le “mangwe a masetlapelo a magolo thata a Fora.” Mo nakong e khutshwane fela, go ne ga dira gore Ba-Huguenot ba ka nna 200 000 ba tshabele kwa dinageng di sele. Le fa go ntse jalo, diphelelo tsa gone di ne tsa tlogela lebadi ka nako e telele. Mme ke ka ntlha yang fa molao oo wa pele o o neng o letlelela madumedi a a farologaneng o ile wa fetolwa?
Go Ganediwa go Tloga Kwa Tshimologong
Le mororo Molao wa Nantes o ile wa dirisiwa semolao ka dingwaga di ka nna 90, mokwalahisitori mongwe o bolela gore o ne o setse o “sa tlhole o dira fa o ne o tla tlosiwa ka 1685.” Eleruri, molao ono o ne o sa thewa mo metheong e e nonofileng. Go tloga fela kwa tshimologong, o ne wa tlhotlheletsa gore go nne le se se neng sa tlhalosiwa e le “ntwa ya molomo” fa gare ga baruti ba Katoliki le se se neng se bidiwa “R.P.R.” (Se go neng go twe ke Reformed Religion [Bodumedi jo bo Tlhabolotsweng]) Go tloga fa o ne o dirwa ka 1598 go fitlha mo e ka nnang ka 1630, go nna kgatlhanong le Molao ono wa Nantes go ne go akaretsa go ngangisana phatlalatsa ga Baporotesetanta le Bakatoliki le mo dibukeng tsa madumedi ano. Le fa go ntse jalo, go ilana go ne go le ka ditsela tse dintsi.
Fa puso ya Fora e sena go lwa le Baporotesetanta go tloga ka 1621 go ya go 1629, e ne ya leka go ba pateletsa go tsena mo lesakeng la Katoliki e dirisa mekgwa e le mentsi ya go gatelela. Go tlhorontshiwa gono go ne ga gakala mo motlheng wa Louis XIV, “Kgosi ya Letsatsi.” Tsela ya gagwe ya go busa ka kgatelelo e ne ya felela ka gore Molao wa Nantes o tlosiwe.
Go Gagamatsa Melao
Mokgwa mongwe wa go gagamatsa melao, e ne ya nna wa go amoga Baporotesetanta ditshwanelo tsa botho kgato ka kgato. Fa gare ga 1657 le 1685 melawana e ka nna 300, gantsi e le e e neng e akantshitswe ke baruti, e ne ya dirwa kgatlhanong le Ba-Huguenot. Melawana eo e ne e tlhasela karolo nngwe le nngwe ya matshelo a bone. Ka sekai, Ba-Huguenot ba ne ba ilediwa go dira bontsi jwa ditiro, tse di jaaka tsa kalafi, molao, tota le e leng go belegisa. Malebana le tiro ya go belegisa, mokwalahisitori mongwe o ne a re: “Go ne go ka kgonega jang go tshepa gore motho a ka tshela a belegesiwa ke moikeodi yo mokgele wa gagwe e neng e le go senya thulaganyo ya puso e e neng e le teng?”
Kgatelelo eno e ne ya oketsega thata ka 1677. Mo-Huguenot ope fela yo o neng a ka fitlhelwa a leka go sokolola Mokatoliki o ne a tshwanetse go duedisiwa diponto di le sekete tsa madi a Sefora. Madi a naga a a neng a tswa mo makgethong a a boima a ne a dirisiwa go tlhotlheletsa Ba-Huguenot gore ba sokologe. Ka 1675 baruti ba Katoliki ba ne ba neela Kgosi Louis XIV diponto tsa Sefora di le dimilione di le 4,5 ba re: “Jaanong o tshwanetse go tswelela pele o bontsha go leboga ka go dirisa maatla a gago ka go nyeletsa boikeodi gotlhelele.” Leano leno la go “reka” basokologi le ne la felela ka gore batho ba ka nna 10 000 ba sokologele mo Bokatoliking mo dingwageng di le tharo fela.
Go ne ga tlhongwa molao o o kgatlhanong le go sokologela mo Boporotesetanteng ka 1663. Gape go ne go na le dithibelo tsa gore Ba-Huguenot ba ne ba patelediwa go nna kae. Sekai sa dikgatelelo tseno tse di setlhogo ke sa gore bana ba ba neng ba na le dingwaga di le supa ba ne ba ka nna Bakatoliki le fa batsadi ba bone ba sa batle. Batsadi ba Baporotesetanta ba ne ba tshwanetse go duelela thuto ya bana ba bone e e neng e rutwa ke Ba-Jesuit kana bakaedi ba Bakatoliki.
Sebetsa se sengwe se se neng se gatelela Ba-Huguenot e ne e le Compagnie du Saint-Sacrement ya sephiri (Lekoko la Sakaramente e e Boitshepo). E ne e le mokgatlho wa Katoliki o Janine Garrisson, yo e leng mokwalahisitori a bolelang gore o ne o tshwana le “mafaratlhatlha a magolo” a a aparetseng Fora yotlhe. E re ka o ne o kgona go sutlhelela mo metseng yotlhe o ne o sa tlhoke madi tota le yone tshedimosetso e e malebana le baba. Garrisson o tlhalosa gore maano a one a ne a le mantsi: “Go tloga ka go gatelela batho, go ba thibela le go ba tsietsa go fitlha ka go ba pateletsa, Compagnie e ne e dirisa mekgwa yotlhe fela go koafatsa Baporotesetanta.” Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Ba-Huguenot ba ne ba tswelela pele ba le gone kwa Fora mo nakong eno ya pogiso. Mokwalahisitori e bong Garrisson o bolela jaana: “Ga ke kgone go tlhaloganya gore ke eng fa Baporotesetanta ba ne ba sa tswe mo Nageng eno ka bontsi ka gonne letlhoo le ne le ntse le oketsega.” Le fa go ntse jalo, kgabagare go tshabela kwa kgololesegong go ne ga tlhokega.
Dilo di Boela Gape Kwa Tshimologong
Kagiso ya Nymegen (1678) le Peomarumofatshe ya Ratisbon (1684) di ne tsa thusa Kgosi Louis XIV go ikhutsa go tlhola a lole le dinaga di sele. Ka kwa ga Channel kwa Engelane, Mokatoliki mongwe o ne a nna kgosi ka February 1685. Louis XIV o ne a dirisa tshono eno e ntšha gore e mo solegele molemo. Dingwaga di sekae pele ga moo, baruti ba Katoliki kwa Fora ba ne ba gatisitse Ditlhogo Tse Nnè tsa Gallican, tse di neng di kganela maatla a mopapa. Go tswa foo Mopapa Innocent XI “o ne a leba Kereke ya Fora e le e e itomolotseng.” Ka gone, ka go tlosa Molao wa Nantes, Louis XIV o ne a ka dira gore mopapa a boe a mo tseye sentle.
Boikutlo jwa kgosi ka Baporotesetanta bo ne jwa bonala sentle. Go bonala mokgwa wa go nna bonolo mo go bone (go ba tlhotlheletsa le go ba tlhomela molao) o ne o sa bereke. Mo letlhakoreng le lengwe, go dirisa mokgwa o mosha wa ba-dragoona go ne ga atlega. Ka jalo ka 1685, Louis XIV o ne a saena Molao wa Fontainebleau, a tlosa Molao wa Nantes. Pogiso e e setlhogo e e neng e amana le go tlosiwa ga molao ono e ne ya sia Ba-Huguenot ba le mo maemong a a maswe go feta mo nakong ya pele ga Molao wa Nantes. Ke eng se ba neng ba tla se dira jaanong?
A ba Ne ba Ka Iphitlha, ba Lwa, Kana ba Tshaba?
Ba-Huguenot ba bangwe ba ne ba tlhopha go obamela mo sephiring. E re ka mafelo a bone a go obamela a ne a sentswe e bile go obamela ga bone phatlalatsa go ne go thibetswe, ba ne ba fetogela mo ‘Kerekeng ya Sekaka,’ kana go obamela mo sephiring. Ba ne ba dira jalo le mororo batho ba ba neng ba tshwara dipokano tseo ba ne ba ka atlholelwa loso, go ya ka molao o o neng wa tlhongwa ka July 1686. Ba-Huguenot ba bangwe ba ne ba latola tumelo ya bone, ba akanya gore ba ne ba tla kgona go e boela gape moragonyana. Basokologi bao ba ne ba nna Bakatoliki fela ka leina e leng se le dikokomana tsa moragonyana di neng di tla se dira.
Puso e ne ya leka gore go sokololwa ga batho go oketsege. Gore basokologi ba basha ba bone ditiro, ba ne ba tshwanetse go ntsha setlankana sa bone sa Bokatoliki se se saennweng ke moruti wa kereke ya lefelo la gagwe, a kwadile gore motho yono o tla kerekeng ga kae. Fa bana ba ne ba sa kolobediwa le go godisiwa e le Bakatoliki, ba ne ba ka tsewa mo batsading ba bone. Dikolo di ne di tshwanetse go rotloetsa thuto ya Bokatoliki. Go ne ga dirwa maiteko a go kwalela “batho ba Buka [Baebele],” jaaka Baporotesetanta ba ne ba bidiwa, dibuka tsa bodumedi jwa Katoliki. Puso e ne ya gatisa dibuka tse di fetang milione a le mongwe mme ya di romela kwa dikarolong tse go neng go na le palo e kgolo ya ba ba neng ba sokolotswe. Melao e ne e gagametse thata mo e leng gore fa mongwe yo o neng a lwala a gana go direlwa moletlo wa Katoliki pele a swa mme morago ga moo a bo a fola, o ne a atlholelwa go tsena mo kgolegelong kana go tsenngwa mo sekepeng sa bokgoba botshelo jwa gagwe jotlhe. Mme fa moragonyana a ne a ka swa, mmele wa gagwe o ne o latlhiwa jaaka matlakala, mme dithoto tsa gagwe di ne di gapiwa.
Ba-Huguenot ba bangwe ba ne ba itshireletsa ka dibetsa. Kwa kgaolong ya Cévennes, e e neng e itsiwe ka go tlhoafala mo bodumeding, Ba-Huguenot ba masole ba ba neng ba bidiwa Ba-Camisard ba ne ba tsogologa ka 1702. E re ka Ba-Camisard ba ne ba lalela batho e bile ba ba tlhasela bosigo, masole a puso a ne a tsibogela seo ka go tshuba metsana. Le mororo ditlhaselo tsa Ba-Huguenot tse di neng di dirwa ka sewelo di ne tsa tswelela pele ka nakwana, ka 1710 maatla a masole a ga Kgosi Louis a ne a fentse Ba-Camisard.
Ba-Huguenot ba ne ba bona gore bogolo ba tshabe kwa Fora. Go fuduga gono go ne go bidiwa khuduga ya mmatota. Bontsi jwa Ba-Huguenot bo ne bo humanegile fa bo ne bo tloga ka gonne puso e ne e gapile dithoto tsa bone, mme Kereke ya Katoliki e ne e amogela karolo e nngwe ya dikhumo tseo. Ka jalo go ne go se motlhofo go tshaba. Puso ya Fora e ne ya tsaya kgato ka bonako ka se se neng se diragala, e tlhomile ditsela tse di tswang matlho e bile e ba batla le mo dikepeng. Magodu a lewatle a ne a thopa dikepe tse di neng di tswa mo Fora, ka gonne a ne a amogela dimpho tsa ditebogo fa a ne a tshwere batshabi. Ba-Huguenot ba ba neng ba bonwa ba tshaba ba ne ba lebana le kotlhao e e setlhogo. Go dira dilo gore di nne thata le go feta, ditlhola tse di neng di dira mo gare ga batho di ne di leka go batla maina a batho ba ba neng ba loga maano a go tshaba le ditsela tse ba neng ba tlile go di dirisa. Makwalo a a rometsweng go sele, boferefere le maano mangwe di ne di setse di tlwaelegile.
Botshabelo Jo bo Ba Amogelang
Go tshaba ga Ba-Huguenot go tswa kwa Fora le go amogelwa ga bone kwa dinageng tseo go ne go itsiwe e le Botshabelo. Ba-Huguenot ba ne ba tshabetse kwa Holland, Switzerland, Jeremane le kwa Engelane. Moragonyana ba bangwe ba ne ba ya kwa Scandinavia, Amerika, Ireland, West Indies, Afrika Borwa le Russia.
Dinaga di le mmalwa tsa Yuropa di ne tsa dira melao e e neng e kgothaletsa Ba-Huguenot gore ba fuduge. Dingwe tsa dilo tse di neng di rotloetsa seo e ne e le go nna monni ka kgololesego, go sa duele makgetho le go nna leloko la kgwebo mahala. Go ya ka mokwalahisitori Elisabeth Labrousse, gantsi Ba-Huguenot e ne e le “makawana . . . batho ba ba neng ba dira ka natla, ba le matlhagatlhaga ba na le boitsholo jo bontle.” Ka gone Fora, ka nako ya fa e ne e busa, e ne ya latlhegelwa ke badiri ba ba neng ba le ditswerere mo ditirong di le dintsi. Ee, “dithoto, matlotlo le botswerere” di ne tsa ya kwa dinageng di sele. Gape mabaka a bodumedi le a bopolotiki a nnile le seabe mo go neeleng Ba-Huguenot botshabelo. Mme diphelelo tse di neng di tla tsaya nako e telele ka baka la go fuduga gono e ne e le dife?
Go tlosiwa ga Molao wa Nantes go akaretsa le pogiso di ne tsa tlhotlheletsa dinaga tse dingwe gore di nne kgatlhanong le seno. William wa kwa Orange o ne a kgona go dirisa boikutlo jwa go nna kgatlhanong le Fora gore a nne mmusi wa Netherlands. E re ka a ne a thusiwa ke badiredi ba Ba-Huguenot, gape o ne a nna kgosi ya Great Britain, a tsaya maemo a ga James II wa Mokatoliki. Mokwalahisitori e bong Philippe Joutard o tlhalosa gore “maikutlo a ga Louis XIV ka Boporotesetanta e ne e le sengwe sa dilo tse dikgolo tse di neng tsa baka go menolwa ga ga James II [le] go simololwa ga kgolagano ya Augsburg. . . . Ditiragalo [tseno] di ne tsa baka phetogo e kgolo mo hisitoring ya Yuropa, e e neng ya dira gore pusokgolo ya Fora e tseelwe maemo ke pusokgolo ya Engelane.”
Ba-Huguenot ba ne ba nna le seabe se segolo mo setsong sa Yuropa. Ba ne ba dirisa kgololesego ya bone e ntšha go gatisa dibuka tse di neng tsa nna le tlhotlheletso mo filosofing ya Tshedifalelo le dikgopolo tsa go itshokelana. Ka sekai, Moporotesetanta mongwe wa Mofora o ne a ranola dibuka tsa mofilosofi wa Moesemane e bong John Locke, a godisa kgopolo ya ditshwanelo tsa batho. Bakwadi ba bangwe ba Baporotesetanta ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go nna le kgololesego ya segakolodi. Kgopolo eno e ne e bontsha gore go utlwa babusi go lekanyeditswe mme go ka tlhokomologiwa fa ba sa boloka tumalano e ba neng ba e dirile le batho. Ka gone, jaaka mokwalahisitori Charles Read a tlhalosa, go tlosiwa ga Molao wa Nantes e ne e le “lengwe la mabaka a a mo pepeneneng a a bakileng Phetogo e Kgolo ya kwa Fora.”
A go Na le Dilo Tse di Ithutilweng?
Fa Marquis de Vauban, mogakolodi wa sesole wa ga Kgosi Louis XIV a sena go lemoga kafa pogiso eno e paletsweng ke go fitlhelela maikaelelo a yone ka teng, le go bo naga e latlhegetswe ke batho ba le bantsi ba ba mosola thata, o ne a rotloetsa kgosi gore go busediwe Molao wa Nantes, a bolela jaana: “Ke Modimo fela yo o ka sokololang dipelo tsa batho.” Ka jalo ke ka ntlha yang fa Naga ya Fora e ile ya se ka ya ithuta mo go seo mme ya fetola tshwetso ya yone? Tota lebaka le lengwe le le neng le tlhotlheletsa seno e ne e le gore kgosi e ne e boifa gore e tla koafatsa naga. Mo godimo ga moo, go ne go le molemo mo go tsosoloseng tlhotlheletso ya Bokatoliki jwa bodumedi le letlhoo la lekgolo la bo17 la dingwaga la kwa Fora.
Ditiragalo tse di neng di amana le go tlosiwa ga molao ono di ne tsa dira gore bangwe ba ipotse gore, “Batho ba ka letlelela le go itshokela go farologana le batho ba bangwe go ya bokgakaleng bofe?” Eleruri, jaaka bakwalahisitori ba boletse, ga go kgonege go sekaseka polelo eno ya Ba-Huguenot motho a sa tle a akanya ka “kafa maatla a dirisiwang ka gone le ka fa a sokamisiwang ka gone.” Ditšhaba tse gantsi gompieno di nang le ditso tse dintsi e bile di na le madumedi a a farologaneng, di tsaya go tshaba ga Ba-Huguenot gore ba bone kgololesego e le selo se se di gakololang ka se se ka diragalang fa dipolotiki tse di tlhotlhelediwang ke kereke di tsewa tsia thata go feta dilo tse batho ba di tlhokang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona lebokose le le mo tsebeng ya 28.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Ba-Dragoon
Go ba Dirisa go Sokolola Batho Ka go Ba Tshosetsa
Bangwe ba ne ba leba ba-dragoon bano e le “barongwa ba ba molemolemo.” Le fa go ntse jalo, ba ne ba boifisa Ba-Huguenot, mme mo mabakeng a mangwe metsana yotlhe e ne e sokologela mo Bokatoliking fa e ne e ka utlwa gore ba a goroga. Mme ba-dragoon bano e ne e le bomang?
Ba-dragoon e ne e le masole a a neng a itlhometse thata ka dibetsa ba ba neng ba nna mo matlong a Ba-Huguenot ka boikaelelo jwa go tshosetsa batho ba ba nnang mo go one. Go dirisiwa ga ba-dragoon ka tsela eno go ne go bidiwa go tshosetsa ga ba-dragoon. E le go oketsa mokgweleo o o neng o rwesitswe malapa ano, palo ya masole a a neng a romelwa kwa ntlong nngwe le nngwe e ne e sa lekanyediwe gore lelapa leo le kgone go e tlamela ka madi. Ba-dragoon bano ba ne ba laetswe gore ba tshware malapa ano makgwakgwa, ba ba tlhokise boroko, le go ba senyetsa dithoto. Fa beng ba matlo ba ne ba ka itatola tumelo ya Boporotesetanta, ba-dragoon bano ba ne ba tsamaya.
Ba-dragoon bano ba ne ba tle ba kgone go sokolola batho ka 1681 kwa Poitou, kwa Fora Bophirima, mo karolong e e neng e tletse thata ka Ba-Huguenot. Mo dikgweding di sekae fela, batho ba le 30 000 go ya go 35 000 ba ne ba sokologa. Mekgwa eo e ne ya dirisiwa gape ka 1685 kwa dikgaolong tse dingwe tsa Ba-Huguenot. Mo dikgweding di sekae fela, batho ba le 300 000 go ya go 400 000 ba ile ba itatola. Go ya ka mokwalahisitori e bong Jean Quéniart, go atlega ga ba-dragoon bano “go ne ga dira gore go Tlosiwa [ga Molao wa Nantes o o neng o letlelela madumedi a a farologaneng] go nne go ntse go le gone, ka gonne jaanong go ne go lebega go bereka.”
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Cliché Bibliothèque Nationale de France, Paris
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Maiphako ano a 1689 a ne a neela Baporotesetanta ba kwa Fora botshabelo ba ba neng ba batla go namolwa mo kgatelelong ya bodumedi
[Motswedi wa Setshwantsho]
By permission of The Huguenot Library, Huguenot Society of Great Britain and Ireland, London
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go Tlosiwa ga Molao wa Nantes, 1685 (Eno ke tsebe ya ntlha ya molao o o tlositsweng)
[Motswedi wa Setshwantsho]
Documents conservés au Centre Historique des Archives nationales à Paris
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ditempele di le dintsi tsa Baporotesetanta di ne tsa senngwa
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Cliché Bibliothèque Nationale de France, Paris