LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 2/15 ts. 9-12
  • Malapa a Magolo a Direla Modimo ka Kutlwano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Malapa a Magolo a Direla Modimo ka Kutlwano
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Malapa a Magolo Gompieno
  • Batsadi e Tshwanetse go Nna Batho ba Semoya
  • Go Dira Dilo Mmogo
  • Puisano e e Molemo, go Nna le Mekgele e e Tshwanang
  • Go Ikaega ka Jehofa
  • Le ka Motlha O se Ka wa Lapa!
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Sikara Boikarabelo Jwa go Tlhokomela Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Rutang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Batsadi, Tlamelang ba Malapa a Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 2/15 ts. 9-12

Malapa a Magolo a Direla Modimo ka Kutlwano

Mopesalema O Ne A Kwala Jaana: “Bana Ke Boswa Jwa Jehofa; Le Loungo Lwa Sebopelo Ke Tuelo Ya Gagwe. Jaaka Metswi Mo Seatleng Sa Monna Yo O Senatla, [Bana] Ba Bokau Ba Ntse Jalo. Go Sego Monna Yo Mokotlopo Wa Gagwe O Ba Tletseng.”—Pesalema 127:3-5.

EE, BANA e ka nna tshegofatso e e tswang go Jehofa. Mme fela jaaka mohulametswi a itumela fa a kgona go korola metswi e e mo mokotlopong wa gagwe, batsadi le bone ba a itumela fa ba kgona go kaela bana ba bone mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 7:14.

Bogologolo, malapa a ‘mekotlopo ya one e tletseng’ ka bana ba bantsi a ne a tlwaelegile mo bathong ba Modimo. Ka sekai, akanya ka dingwaga tse ba neng ba le kwa botshwarwa ka tsone kwa Egepeto: “Bana ba Iseraele ba ungwa thata, ba ata mo gogolo, ba ntsifala, ba nonofa ka thata e e feteletseng, ba tlala ka lefatshe.” (Ekesodo 1:7) Fa palo ya Baiseraele ba ba neng ba ya kwa Egepeto e bapisiwa le palo ya ba ba neng ba tswa gone, go bonala fa bontsi jwa malapa a teng a ne a na le bana ba le lesome!

Moragonyana, Jesu o ne a golela mo lelapeng le batho ba le bantsi gompieno ba tla reng ke lelapa le legolo. Jesu e ne e le leitibolo, mme Josefa le Marea ba ne ba na le barwa ba bangwe ba banè le barwadi bangwe. (Mathaio 13:54-56) Go bo ba ne ba na le bana ba bantsi go ka tlhalosa lebaka la go bo Marea le Josefa ba ile ba boela morago kwa Jerusalema ba sa lemoge gore Jesu ga a yo mo gare ga setlhopha sa bone.—Luke 2:42-46.

Malapa a Magolo Gompieno

Gompieno, Bakeresete ba le bantsi ba dira tshwetso ya go boloka malapa a bone a le potlana ka ntlha ya mabaka a semoya, a itsholelo, a leago le a mangwe. Le fa go ntse jalo, malapa a magolo e sa ntse e le tlwaelo mo ditšhabeng tse dintsi. Go ya ka The State of the World’s Children 1997, kgaolo e e nang le palo e kgolo go gaisa tsotlhe ya tsalo ke kgaolo ya borwa jwa Sahara ya Afrika. Gantsi basadi ba teng ba tshola bana ba le barataro.

Ga go motlhofo mo batsading ba Bakeresete ba ba nang le malapa a magolo go godisa bana ba bone gore ba rate Jehofa, mme gone, ba le bantsi ba a atlega. Go atlega go ikaegile ka gore lelapa le nne mmogo mo kobamelong e e itshekileng. Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a neng a a kwalela phuthego ya Korintha a dira ka tsela e e tshwanang mo malapeng a Bakeresete gompieno. O ne a kwala jaana: “Jaanong ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, . . . gore lotlhe lo bue ka tumalano, le gore go se nne le dikgaogano mo go lona, fa e se gore lo tshwaragane ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.” (1 Bakorintha 1:10) Kutlwano e e ntseng jalo e ka fitlhelelwa jang?

Batsadi e Tshwanetse go Nna Batho ba Semoya

Selo se se botlhokwa thata ke gore batsadi ba tshwanetse ba bo ba ineetse ka botlalo mo Modimong. Akanya ka se Moshe a ileng a se bolelela Baiseraele: “A ko o utlwe, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela. O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela. Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.”—Duteronome 6:4-7.

Ela tlhoko gore Moshe o ne a tlhalosa gore ditaolo tsa Modimo di ne di tshwanetse go nna ‘mo dipelong’ tsa batsadi. Ke fela fa batsadi ba sena go dira jalo ba neng ba ka kgona go ruta bana ba bone dilo tsa semoya ka metlha. Tota e bile, fa batsadi ba nonofile mo semoyeng, ba tlhoafalela go ruta bana ba bone dilo tsa semoya.

Go nna motho wa semoya le go rata Jehofa ka pelo yotlhe, go botlhokwa gore motho a bale, a tlhatlhanye le go dirisa Lefoko la Modimo ka metlha. Mopesalema o ne a kwala a bolela gore motho yo o ratang molao wa ga Jehofa e bile a o bala “motshegare le bosigo” o tla “nna jaaka setlhare se se tlhomilweng mo dinokaneng tsa metsi, se se ungwang loungo lwa sone mo motlheng wa sone, se lekakaba la sone le lone le se keng le swaba, mme le fa e le eng se o se dirang se tla segofala.”—Pesalema 1:2, 3.

Fela jaaka setlhare se se nosetswang ka metlha se nna le maungo a mantle, malapa a a otliwang sentle mo semoyeng a nna le maungo a a molemo go baka Jehofa. Lelapa la ga Uwadiegwu le le nnang kwa Afrika Bophirima ke sekao se se tshwanelang. Le mororo Uwadiegwu le mosadi wa gagwe ba na le bana ba le robedi, ka bobedi jwa bone ke babulatsela ba ka metlha, kana badiredi ba nako e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa. O bolela jaana: “Lelapa la rona le na le dingwaga tse di fetang 20 le na le thuto ya lelapa ya Baebele ya ka metlha. Re rutile bana Lefoko la Modimo go tswa nakong ya fa ba sa ntse ba le masea, e seng fela ka nako ya thuto ya rona ya lelapa mme le ka nako ya bodiredi le ka dinako tse dingwe. Bana ba rona botlhe ke baboledi ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi mme ke fela yo mmotlana, yo o nang le dingwaga di le thataro yo a iseng a kolobediwe.”

Go Dira Dilo Mmogo

Baebele e bolela jaana: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale.” (Diane 24:3) Mo lelapeng, botlhale joo bo dira gore lo dire dilo mmogo. “Kapotene” wa lelapa ke rre; ke tlhogo ya lelapa e e tlhomilweng ke Modimo. (1 Bakorintha 11:3) Moaposetoloi Paulo yo o tlhotlheleditsweng o ne a gatelela bomasisi jwa boikarabelo jwa botlhogo fa a ne a kwala jaana: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe [ka dilo tsa nama le tsa semoya], mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.”—1 Timotheo 5:8.

Tumalanong le kgakololo eno e e tswang mo Lefokong la Modimo, banna ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhokomela bomoya jwa basadi ba bone. Fa basadi ba imetswa ka ditiro tsa legae, bomoya jwa bone bo tla nna mo kotsing. Mo nageng nngwe ya mo Afrika, Mokeresete mongwe yo o neng a sa tswa go kolobediwa o ne a ngongorega mo bagolwaneng ba phuthego ya gagwe gore go bonala mosadi wa gagwe a sa kgatlhegele dilo tsa semoya. Bagolwane ba ne ba akantsha gore o tlhoka go thusa mosadi wa gagwe. Ka jalo monna o ne a simolola go mo thusa ka ditiro tsa legae. O ne gape a ipha nako ya go mo thusa go tokafatsa tsela e a balang ka yone le kitso ya gagwe ya Baebele. O ne a tsibogela seno sentle, mme jaanong lelapa lotlhe le dira mmogo mo tirelong ya Modimo.

Gape borre ba tlhoka go amega ka bomoya jwa bana ba bone. Paulo o ne a kwala jaana: “Borrabana, lo se ka lwa bo lo sera bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Fa batsadi ba tsaya tsia tlhagiso ya gore ba se ka ba sera bana ba bone, le gore ba ba thapise, bana ba tla ikutlwa e le karolo ya setlhopha sa lelapa. Ka ntlha ya seo, bana ba ka thusana le go kgothatsana gore ba fitlhelele mekgele ya semoya.

Go dira mmogo lo le setlhopha go akaretsa go naya bana maikarabelo a semoya fa ba setse ba a siametse. Rre mongwe yo e leng mogolwane wa Mokeresete wa bana ba le 11, o tsoga phakela mo mosong a bo a tshwara thuto le ba le mmalwa ba bone pele ga a ya tirong. Ba bagolwanyane, fa ba sena go kolobediwa ba refosana go thusa bomonnaabone, se se akaretsang gore ba thuse go ba ruta Baebele. Rre o okamela tiro eno ya bone, a ba akgolela maiteko a bone. Bana ba le thataro ba kolobeditswe mme ba bangwe ba berekela go fitlhelela mokgele oo.

Puisano e e Molemo, go Nna le Mekgele e e Tshwanang

Gore malapa a nne le kutlwano go botlhokwa gore a nne le puisano e e lorato le go nna le mekgele e e tshwanang ya semoya. Gordon, yo e leng mogolwane wa Mokeresete yo o nnang kwa Nigeria, ke rre wa bana ba le supa ba ba nang le dingwaga tse di tlogang go 11 go ya go 27. Ba le barataro ba bone ke babulatsela jaaka batsadi ba bone. Yo mmotlana, yo o sa tswang go kolobediwa bosheng jaana, o nna le seabe ka metlha mo tirong ya go dira barutwa le lelapa lotlhe. Barwa ba babedi ba ba setseng ba godile ke batlhanka ba bodiredi mo phuthegong.

Gordon o ne a tshwarela mongwe le mongwe wa bana ba gagwe thuto ya Baebele ka boene. Mo godimo ga moo, lelapa le na le thulaganyo e e tseneletseng ya thuto ya Baebele. Moso mongwe le mongwe ba kopana go sekaseka temana ya Baebele mme ba bo ba baakanyetsa dipokano tsa phuthego.

Mongwe wa mekgele e e beetsweng mongwe le mongwe mo lelapeng ke go bala ditlhogo tsotlhe tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Bosheng jaana ba ile ba tsenya le mmalo wa Baebele wa letsatsi le letsatsi mo thulaganyong ya bone. Ka go bua ka se ba se badileng, maloko a lelapa a kgothatsana go tswelela ka mokgwa oo.

Thuto ya lelapa ya Baebele e tlhomame sentle mo e leng gore ga go tlhokege gore ope a gakololwe—mongwe le mongwe o a e tlhoafalela. Mo dingwageng tse di fetileng, se se ithutiwang, tsela e thuto ya lelapa e tshwarwang ka yone le boleele jwa yone di ne di farologana go ya ka dingwaga tsa bana le se ba se tlhokang. Lelapa le ile la tsalana thata le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo mme seno se ile sa solegelwa bana molemo thata.

Lelapa le dira dilo mmogo mme le ipha nako ya go itlosa bodutu. Gangwe ka beke ba nna le “maitiso a lelapa” a mo go one ba botsanang dipotso, ba dira metlae e e tshwanelang, ba tshameka piano, ba tlhaba ditlhamane le go itapolosa go gongwe. Ka dinako tse dingwe ba tle ba ye kwa lewatleng le kwa mafelong a mangwe a a kgatlhang.

Go Ikaega ka Jehofa

Ga go ope wa ba ba umakilweng fa godimo yo o nyenyefatsang mathata a go godisa lelapa le legolo. Mokeresete mongwe o bolela jaana: “Ke kgwetlho e kgolo go nna rre yo o molemo wa bana ba le robedi. Go tlhoka dilo tse dintsi tsa nama le dijo tsa semoya go le tlamela; ke tshwanetse gore ke dire ka natla gore ke bone madi a a lekaneng gore ke ba tlamele. Bana ba bagolwanyane ba mo dingwageng tsa bone tsa bolesome, mme botlhe ba le robedi ba tsena sekolo. Ke a itse gore go ba thapisa ka dilo tsa semoya go botlhokwa, le fa go ntse jalo, bangwe ba bana ba me ba tlhogoethata e bile ga ba utlwe. Ba nkutlwisa botlhoko, mme ke a itse gore ka dinako tse dingwe le nna ke dira dilo tse di utlwisang Jehofa botlhoko mme o a intshwarela. Ka jalo, ke tshwanetse go tswelela pele ke tlhamalatsa bana ba me ka bopelotelele go fitlha ba itharabologelwa.

“Ke leka go etsa sekao sa ga Jehofa sa go nna pelotelele le rona ka go bo a batla gore batho botlhe ba ikwatlhaye. Ke ithuta le lelapa la me, mme bangwe ba banake ba berekela mo mokgeleng wa go kolobediwa. Ga ke ikaege ka nonofo ya me go bona matswela; maatla a me ga a kgone go fitlhelela sepe. Ke leka go atamela gautshwane le Jehofa ka thapelo le go dira se seane seno se se bolelang: ‘O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.’ Jehofa o tla nthusa gore ke atlege mo go thapiseng bana ba me.”—Diane 3:5, 6.

Le ka Motlha O se Ka wa Lapa!

Ka dinako tse dingwe bana ba ka nna ba lebega ba sa anaanele tiro e o e dirang ya go thapisa, mme gone, le ka motlha o se ka wa lapa! Itshoke! Fa bana ba gago ba sa tsibogele maiteko a gago ka tsela e e molemo gone jaanong kana ba sa a anaanele, ba ka nna ba dira jalo moragonyana. Go tsaya nako gore ngwana a gole go nna Mokeresete yo o nang le maungo a moya.—Bagalatia 5:22, 23.

Monica, yo o nnang kwa Kenya, ke mongwe wa bana ba le lesome. O bolela jaana: “Batsadi ba me ba ile ba re ruta boammaaruri jwa Baebele go tswa boseeng. Ntate o ne a tle a ithute dikgatiso tsa Bokeresete le rona beke nngwe le nngwe. Ka ntlha ya tiro ya gagwe, thuto e ne e sa tshwarwe ka letsatsi le le tshwanang ka metlha. Ka dinako tse dingwe, fa a tswa tirong, o ne a tle a re fitlhele re tshameka kwa ntle mme a bo a re raya a re mo metsotsong e le metlhano rotlhe re tsene mo ntlong go tshwara thuto ya rona ya Baebele. Morago ga thuto ya rona ya Baebele, re ne re kgothalediwa go botsa dipotso kana go tlotla ka mathata ape a re nang nao.

“O ne a tlhomamisa gore re tsalana le bana ba ba boifang Modimo. Ntate o ne a etela sekolo ka metlha go ya go botsa barutabana gore re itshwere jang. Ka nako nngwe fa a ne a ile o ne a bolelelwa gore bokgaitsadiake ba bararo ba ile ba lwa le basimane ba bangwe le gore ka dinako tse dingwe ga ba na maitseo. Ntate o ne a ba otlhaela go se itshware sentle, mme gape o ne a ipha nako go ba tlhalosetsa go tswa mo Dikwalong gore ke eng fa ba ne ba tshwanetse go itshwara ka tsela e e molemo.

“Batsadi ba rona ba ne ba re bontsha melemo ya go nna gone kwa dipokanong ka go baakanyetsa dikarolo tsa dipokano le rona. Re ne ra thapisiwa gore re nne badiredi ka go nna le thulaganyo ya go ikatisa kwa gae. Go tloga boseeng re ne re tsamaya le batsadi ba rona mo tirelong ya tshimo.

“Gompieno bokgaitsadiake ba babedi ke babulatsela ba ba kgethegileng, mongwe wa bonkgonne ke mmulatsela wa ka metlha, mme nnake yo mongwe yo o nyetsweng e bile a na le lelapa, ke Mosupi yo o tlhoafetseng. Bonnake ba babedi, ba ba nang le dingwaga tse 18 le tse 16, ke baboledi ba ba kolobeditsweng. Basimane ba babedi ba babotlana ba a thapisiwa. Nna ke na le dingwaga tse tharo ke direla mo ofising ya lekala la Kenya la Basupi ba ga Jehofa. Ke rata le go anaanela batsadi ba me ka gonne ke batho ba semoya; ba re tlhomela sekao se se molemo.”

Le fa o ka tswa o na le bana ba le kae, le ka motlha o se ka wa lapa mo go ba thuseng go tsena mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Fa Jehofa a segofatsa maiteko a gago, o tla bua jaana jaaka moaposetoloi Johane malebana le bana ba gagwe ba semoya: “Ga go na lebaka le legolo la go bontsha ditebogo le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Johane 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela