LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 4/1 ts. 14-19
  • Botshelo Morago ga Loso—Baebele ya Reng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo Morago ga Loso—Baebele ya Reng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moya Go ya Ka Baebele
  • Baswi ga ba Ikutlwe
  • Go Tweng ka Moya (Spirit)?
  • “O Tla Tsoga”
  • Tsholofelo E e Sa Tshwaneng le Epe!
  • Botshelo Kwantle ga Loso
  • Moya Go ya Ka Baebele
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Go Direga Eng ka Moya fa re Swa?
    Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • A o Na le Moya O o Sa Sweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 4/1 ts. 14-19

Botshelo Morago ga Loso—Baebele ya Reng?

“O lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.”—GENESISE 3:19.

1, 2. (a) Go na le megopolo efe e e farologaneng ka Botshelo Morago ga Loso? (b) Re tlhoka go tlhatlhoba eng gore re tle re itse gore Baebele e ruta eng malebana le moya?

“KGOPOLO ya gore go na le tlhokofatso ya bosakhutleng ga e dumalane le tumelo ya gore Modimo o rata dilo tse a di bopileng. . . . Go dumela gore moya o tlhokofadiwa ka bosakhutleng ka ntlha ya diphoso tse motho a di dirileng mo dingwageng di sekaenyana fela, a sa newe tshono ya go di baakanya, ga go na tlhaloganyo,” go ne ga bolela jalo mofilosofi wa Mohindu e bong Nikhilananda.

2 Jaaka Nikhilananda, batho ba le bantsi gompieno ga ba rate thuto ya gore go na le tlhokofatso ya bosakhutleng. Ka mabaka a a tshwanang, batho ba bangwe ba fitlhela go le thata go tlhaloganya dikgopolo tse di jaaka go ya Nirvana le go lomagangwa le tlholego. Tota le batho ba ba bolelang gore ba theile ditumelo tsa bone mo Baebeleng, ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng malebana le gore moya ke eng le gore go diragala eng ka one fa re swa. Mme gone, ke eng se Baebele e se rutang ka moya? Go bona gore e ruta eng, re tlhoka go tlhatlhoba se mafoko a Sehebera le a Segerika a a ranotsweng e le “moya” mo Baebeleng a se kayang.

Moya Go ya Ka Baebele

3. (a) Ke lefoko lefe le le ranotsweng e le “moya” mo Dikwalong Tsa Sehebera mme le kaya eng totatota? (b) Genesise 2:7 e tlhomamisa jang gore lefoko “moya” le ka raya motho yo o feletseng?

3 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “moya” ke neʹphesh, mme le tlhaga ka makgetlo a le 754 mo Dikwalong Tsa Sehebera. Neʹphesh e kaya eng? Go ya ka The Dictionary of Bible and Religion “gantsi e kaya setshedi ka bosone sotlhe fela, motho ka boene.” Se se tlhomamisiwa ke tsela e Baebele e tlhalosang moya ka yone mo go Genesise 2:7: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng.” Ela tlhoko gore motho wa ntlha o ne “a direga” moya. Go raya gore Adame o ne a se na moya; e ne e le moya—fela jaaka motho yo o nnang ngaka e le ngaka. Ka jalo, lefoko “moya” fano le tlhalosa motho yo o feletseng.

4. Ke lefoko lefe le le ranotsweng e le “moya” mo Dikwalong Tsa Segerika Tsa Bokeresete, mme lefoko leno le kaya eng totatota?

4 Lefoko le le ranotsweng e le “moya” (psy·kheʹ) le tlhaga ka makgetlo a a fetang a a lekgolo mo Dikwalong Tsa Segerika Tsa Bokeresete. Fela jaaka neʹphesh gantsi lefoko leno le kaya motho ka boene a feletse. Ka sekai, akanya ka polelo e e latelang: “Moya wa me o tshwenyegile.” (Johane 12:27) “Poifo e ne ya simolola go wela moya mongwe le mongwe.” (Ditiro 2:43) “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1) “Buang ka tsela e e nametsang le meya e e sulafetseng megopolo.” (1 Bathesalonika 5:14) “Batho ba le mmalwa, e leng, meya e robabobedi, ba [ne] ba rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.” (1 Petere 3:20) Ga go na pelaelo, psy·kheʹ, fela jaaka neʹphesh, e kaya motho a feletse. Go ya ka mokanoki Nigel Turner, lefoko leno le “kaya se tota e leng motho, sebele sa gagwe, mmele o na le rûaḥ [moya] o Modimo a neng a o budulela mo go one. . . . Go gatelelwa thata gore le kaya motho ka bogotlhe ga gagwe.”

5. A diphologolo ke meya? Tlhalosa.

5 Se se kgatlhang ke gore, mo Baebeleng lefoko “moya” ga le dirisiwe fela mo bathong mme gape le dirisiwa le mo diphologolong. Ka sekai, fa Genesise 1:20 e bua ka popo ya dibopiwa tsa lewatle, e bolela gore Modimo o ile a laela jaana: “A metsi a nyeule bontsintsi jwa meya e e tshelang.” Mme mo letsatsing le le latelang la popo, Modimo o ne a re: “A lefatshe le ntshe meya e e tshelang kafa mefuteng ya yone, seruiwa le phologolo e e tsamayang le phologolo ya naga ya lefatshe kafa mefuteng ya yone.”—Genesise 1:24, NW; bapisa Dipalo 31:28, NW.

6. Go ka tweng ka tsela e Baebele e dirisang lefoko “moya” ka yone?

6 Ka jalo, lefoko “moya” jaaka le dirisitswe mo Baebeleng le kaya motho kana phologolo kana botshelo jo motho kana phologolo e bo tshelang. (Bona lebokoso le le fa godimo.) Tsela e Baebele e tlhalosang moya ka yone e tlhamaletse, e tlhomame e bile ga e kgorelediwe ke difilosofi le botlhodi jwa batho. Ka ntlha ya seo, potso e e botlhokwa e e tshwanetseng go bodiwa ke gore, Go ya ka Baebele, go diragalang fa moya o swa?

Baswi ga ba Ikutlwe

7, 8. (a) Dikwalo di senola eng malebana le boemo jwa baswi? (b) Neela dikai tse di tswang mo Baebeleng tse di supang gore moya o a swa.

7 Boemo jwa baswi bo tlhalosiwa sentle mo go Moreri 9:5, 10 mo re balang jaana gone: “Baswi ga ba itse sepe . . . Ga go na tiro, maikaelelo, kitso kana botlhale, mo lebitleng.” (Moffatt) Ka jalo, loso ke boemo jwa go sa nneng gone. Mopesalema o ne a kwala a bolela gore fa motho a swa, “[o boela] mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.” (Pesalema 146:4) Baswi ga ba utlwe sepe, ga ba dire sepe.

8 Fa Modimo a ne a atlhola Adame, o ne a bolela jaana: “O lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Pele ga Modimo a bopa Adame go tswa mo loroleng lwa mmu mme a mo naya botshelo, o ne a seyo. Fa a ne a swa, o ne a boela mo boemong joo. Katlholo ya gagwe e ne e le loso—e seng go fetisediwa mo lefelong le lengwe. Ka jalo he, go diragetseng ka moya wa gagwe? E re ka gantsi mo Baebeleng lefoko “moya” le raya motho, fa re re Adame o ne a swa, re raya gore moya o o bidiwang Adame o ne wa swa. Seno se ka nna sa utlwala se sa tlwaelega mo mothong yo o dumelang gore moya ga o swe. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela jaana: “Mowa o o leofang go tlaa swa one.” (Esekiele 18:4) Lefitiko 21:1, e bua ka “moya o o suleng” (NW) (“setopo,” The Jerusalem Bible). Mme Banasirite ba ne ba bolelelwa gore ba se ka ba atamela “moya ope o o suleng” (“setopo,” Lamsa).—Dipalo 6:6, NW.

9. Baebele e kaya eng fa e re ‘moya wa ga [Ragele] o ne wa tswa’?

9 Le fa go ntse jalo, go tweng ka polelo e e mo go Genesise 35:18 e e buang ka loso lo lo botlhoko lwa ga Ragele, fa a ne a belega morwa wa gagwe wa bobedi? Re bala jaana moo: “Ya re mowa wa gagwe o tswa, ka a ne a swa, a raya leina la ngwana a re Benoni; rraagwe a mmitsa Benjamine.” A temana eno e raya gore Ragele o ne a na le sengwe mo teng ga gagwe se se neng sa tswa fa a swa? Le e seng. Gakologelwa, lefoko “moya” le ka raya gape botshelo jwa motho. Ka jalo, mo kgannyeng eno ya ga Ragele, “moya” o raya fela “botshelo” jwa gagwe. Ke ka lebaka leo dithanolo tse dingwe tsa Baebele di ranolang polelo eno e e reng “mowa wa gagwe o tswa” ka gore “botshelo jwa gagwe bo ne jwa fela” (Knox), “o ne a hema la bofelo” (JB), le gore “botshelo jwa gagwe bo ne jwa tswa mo go ene” (Bible in Basic English). Ga go na sepe se se supang gore karolo nngwe e e sa itsiweng mo go Ragele e ne ya sala e tshela fa a sena go swa.

10. Moya wa morwa yo o tsositsweng wa motlholagadi o ne wa ‘boela mo go ene’ ka tsela efe?

10 Go ntse fela jalo ka tsogo ya morwa wa motlholagadi, e go kwadilweng ka yone mo go 1 Dikgosi kgaolo 17. Mo temaneng ya 22, re bolelelwa gore fa Elija a ntse a rapelela mosimane, “Jehofa a reetsa lentswe la ga Elija; mme mowa wa ngwana wa boela mo go ene, mme a rulwa.” Fano gape lefoko “moya” le raya “botshelo.” Ka jalo, New American Standard Bible e balega jaana: “Botshelo jwa ngwana jwa boela mo go ene mme a tsoga.” Ee, e ne e le botshelo, e seng sengwe se se sa bonaleng se se neng sa boela mo mosimaneng. Seno se dumalana le se Elija a ileng a se bolelela mmaagwe mosimane: “Bona, morwao [motho yo o feletseng] o tshedile.”—1 Dikgosi 17:23.

Go Tweng ka Moya (Spirit)?

11. Ke eng fa lefoko “moya [spirit]” le ka se kaye karolo nngwe ya motho e e kgaoganang le mmele e e salang e tshela fa a sena go swa?

11 Baebele ya re fa motho a swa “moya [spirit] wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe.” (Pesalema 146:4) A seno se kaya gore moya (spirit) o kgaogana le mmele ka tsela ya mmatota o bo o tswelela pele o tshela fa motho a sena go swa? Go ka se ka ga nna jalo, ka gonne morago ga foo mopesalema a re: “Ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele” (“go akanya gotlhe ga gagwe go a fela,” The New English Bible). Ka jalo he, moya (spirit) ke eng mme ‘o tswa’ jang mo mothong ka nako ya fa a swa?

12. Mafoko a Sehebera le Segerika a a ranotsweng e le “moya [spirit]” mo Baebeleng a kaya eng?

12 Mo Baebeleng mafoko a a ranotsweng ka gore “moya [spirit]” (ka Sehebera, ruʹach; ka Segerika, pneuʹma) totatota a kaya “mohemo.” Ka jalo, thanolo ya ga R. A. Knox e dirisa polelwana e e reng “mohemo o tswa mo mmeleng wa gagwe,” go na le gore e re “mowa [spirit] wa gagwe o a tswa.” (Pesalema 145:4) Mme lefoko “moya [spirit]” ga le kaye go hema fela. Ka sekai, fa Genesise 7:22, (NW) e tlhalosa go fedisiwa ga botshelo jwa batho le jwa diphologolo ka nako ya Morwalela wa lefatshe, ya re: “Sengwe le sengwe se mohemo wa maatla a botshelo [kana spirit; ka Sehebera ruʹach] o neng o dira mo marobeng a dinko tsa sone, e leng, tsotlhe tse di neng di le mo mmung o o omileng, di ne tsa swa.” Ka jalo, “moya [spirit]” o ka kaya maatla a botshelo a a leng teng mo dilong tsotlhe tse di tshelang, mo bathong le mo diphologolong, a re ipolokang re na le one ka go hema.

13. Moya (spirit) o boela jang kwa Modimong fa motho a swa?

13 Ka jalo he, Moreri 12:7 e kaya eng fa e bolela gore fa motho a swa “mowa o boela Modimong o o o abileng”? A go kaya gore moya (spirit) o tswa ka tsela ya mmatota o sutlha lefaufaung o ya kwa Modimong? Ga go a nna jalo le e seng. E re ka moya e le maatla a botshelo, o “boela kwa Modimong” ka tsela ya gore tsholofelo epe fela e motho yoo a nang le yone ka botshelo jwa mo isagweng e ikaegile gotlhelele ka Modimo. Ke Modimo fela yo o ka busetsang moya kana maatla a botshelo, a dira gore motho a boe a tshele gape. (Pesalema 104:30) A mme Modimo o ikaeletse go dira jalo?

“O Tla Tsoga”

14. Jesu o ne a reng e bile o ne a dira eng go gomotsa bokgaitsadia Lasaro fa ba sena go latlhegelwa ke kgaitsadiabone?

14 Mo torotswaneng ya Bethani, mo e ka nnang dikilometara di le tharo go ya kafa ntlheng ya botlhaba jwa Jerusalema, Marea le Maratha ba ne ba hutsafalela loso lo ba neng ba sa lo lebelela lwa kgaitsadiabone Lasaro. Jesu o ne a hutsafala le bone, ka gonne o ne a rata Lasaro le bokgaitsadie thata. Jesu o ne a ka gomotsa bokgaitsadi bano jang? E seng ka go ba bolelela kgang nngwe e e raraaneng, go na le moo, ka go ba bolelela boammaaruri. Jesu o ne a bua fela a re: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Morago ga foo Jesu o ne a ya kwa phupung, mme a tsosa Lasaro—a busetsa monna yo o neng a setse a sule malatsi a le manè gape mo botshelong!—Johane 11:18-23, 38-44.

15. Maratha o ne a tsibogela jang se Jesu a neng a se bolela le go se dira?

15 A Maratha o ne a gakgamala fa Jesu a re Lasaro o tla “tsoga”? Ga go bonale jalo, ka gonne o ne a araba jaana: “Ke itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” O ne a setse a dumela mo tsholofetsong ya tsogo. Jesu o ne a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.” (Johane 11:23-25) Kgakgamatso ya go tsosiwa ga ga Lasaro e ne e nonotsha tumelo ya gagwe mme ya dira gore le batho ba bangwe ba nne le tumelo. (Johane 11:45) Mme lefoko “tsogo” le kaya eng tota?

16. Lefoko “tsogo” le kaya eng?

16 Lefoko “tsogo” le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika e leng a·naʹsta·sis, le fa le tsewa fela jaaka le ntse le kayang “go ema gape.” Baranodi ba Bahebera ba ba neng ba ranola Segerika ba ne ba ranola lefoko a·naʹsta·sis ka lefoko le le kayang “go thanya ga baswi” (Sehebera techi·yathʹ ham·me·thimʹ).a Ka jalo, tsogo e akaretsa go tsosa motho yo o neng a sa tshele mo losong—a tsosolosiwa le go busediwa gape mo botshelong.

17. (a) Ke eng fa Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba se kitla ba palelwa ke go tsosa batho? (b) Jesu o ne a solofetsa eng malebana le ba ba mo mabitleng a kgakologelo?

17 E re ka Jehofa Modimo a na le botlhale jo bogolo le kgopolo e e sa lebaleng, a ka kgona go tsosa motho motlhofo fela. Ga a kitla a nna le bothata jwa go gakologelwa tsela ya botshelo ya batho ba ba suleng—botho jwa bone, hisitori ya bone le dintlha tsotlhe tse di amanang le tebego ya bone. (Jobe 12:13; bapisa Isaia 40:26.) Mo godimo ga moo, jaaka tiragalo ya ga Lasaro e bontsha, Jesu Keresete o rata go tsosa baswi e bile o na le bokgoni jwa go dira jalo. (Bapisa Luke 7:11-17; 8:40-56.) Tota e bile, Jesu Keresete o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [Jesu] mme ba tswe.” (Johane 5:28, 29) Ee, Jesu Keresete o ne a solofetsa gore botlhe ba Jehofa a ba gakologelwang ba tla tsosiwa. Go ya ka Baebele, go phepafetse gore moya o a swa, mme tharabololo ya loso ke tsogo. Mme gone, go na le dimilione di le diketekete tsa batho ba ba ileng ba tshela mme ba swa. Ke bomang mo go bone ba Modimo a ba gakologelwang, ba ba emetseng tsogo?

18. Ke bomang ba ba tla tsosiwang?

18 Batho ba ba ileng ba latela tsela ya tshiamo e le batlhanka ba ga Jehofa ke bone ba ba tla tsosiwang. Le fa go ntse jalo, go na le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba ileng ba swa ba sa itshupa gore a ba tla latela melao ya Modimo e e siameng. Ba ka tswa ba ne ba sa itse gore Jehofa o batla eng kana ba ne ba se na nako e e lekaneng go dira diphetogo tse di tlhokegang. Ba bangwe bano le bone Modimo o a ba gakologelwa mme ka gone ba tla tsosiwa, ka gonne Baebele e solofetsa jaana: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

19. (a) Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo efe malebana le tsogo? (b) Ke eng se se ‘latlhelwang mo bodibeng jwa molelo,’ mme polelo eo e kaya eng?

19 Moaposetoloi Johane o ne a nna le ponatshegelo e ntle ka batho ba ba tsositsweng ba ba emeng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo. Fa a e tlhalosa, o ne a kwala jaana: “Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone, mme ba ne ba atlholwa mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa bone. Mme loso le Hadese tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. Seno se kaya loso lwa bobedi, bodiba jwa molelo.” (Tshenolo 20:12-14) Akanya fela gore seo se kaya eng! Baswi botlhe ba Modimo a ba gakologelwang ba tla tswa mo Hadese, kana Sheole, lebitla le le tlwaelegileng. (Pesalema 16:10; Ditiro 2:31) Morago ga foo, “loso le Hadese” di tla latlhelwa mo go se se bidiwang “bodiba jwa molelo,” jo bo tshwantshetsang go fedisiwa gotlhelele. Lebitla le le tlwaelegileng le ka se tlhole le le gone.

Tsholofelo E e Sa Tshwaneng le Epe!

20. Dimilione tse di suleng gone jaanong di tla tsosediwa mo tikologong e e ntseng jang?

20 Fa dimilione tsa batho di tsosiwa, ba ka se ka ba tsosediwa go tla go tshela mo lefatsheng le le se nang sepe. (Isaia 45:18) Ba tla tsogela mo tikologong e e tokafaditsweng mme ba tla fitlhela ba baakanyeditswe mafelo a ba tla nnang mo go one, diaparo le dijo tse dintsi. (Pesalema 67:6; 72:16; Isaia 65:21, 22) Ke bomang ba ba tla ba baakanyetsang dilo tseno tsotlhe? Ga go na pelaelo gore, go tla bo go na le batho ba ba tshelang mo lefatsheng le lesha pele tsogo ya lefatshe e simologa. Mme ke bomang?

21, 22. Batho ba ba tshelang mo “malatsing a bofelo” ba na le tsholofelo efe e e sa tshwaneng le epe?

21 Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go supa gore re tshela mo “malatsing a bofelo” a tsamaiso eno ya dilo.b (2 Timotheo 3:1) Go ise go ye kae Jehofa Modimo o tla tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa batho mme a tlosa boikepo jotlhe mo lefatsheng. (Pesalema 37:10, 11; Diane 2:21, 22) Ka nako eo, go tla direga eng ka batho ba ba direlang Modimo ka boikanyegi?

22 Jehofa a ka se ka a fedisa basiami mmogo le baikepi. (Pesalema 145:20) Ga a ise a ko a dire selo se se ntseng jalo, mme a ka se ka a se dira fa a tlosa bosula jotlhe mo lefatsheng. (Bapisa Genesise 18:22, 23, 26.) Tota e bile, buka ya bofelo ya Baebele e bua ka “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme,” ba tswa mo “pitlaganong e kgolo.” (Tshenolo 7:9-14) Ee, boidiidi jo bogolo bo tla falola pitlagano e kgolo e ka yone go tla fedisiwang lefatshe leno le le boikepo, mme bo tla tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo. Mo go lone, batho ba ba kutlo ba ka kgona go solegelwa molemo ka botlalo ke dilo tse dintle tse Modimo a di fileng batho go ba golola mo boleong le mo losong. (Tshenolo 22:1, 2) Ka jalo, go ka nna ga direga gore “boidiidi jo bogolo” bo se ka jwa swa ka gope. A bo e le tsholofelo e e sa tshwaneng le epe jang ne!

Botshelo Kwantle ga Loso

23, 24. O tshwanetse go dira eng gore o nne le botshelo kwantle ga loso mo lefatsheng la Paradaise?

23 A re ka tshepa tsholofelo eno e e gakgamatsang? Ee ruri! Jesu Keresete ka boene o ne a bontsha gore go tla nna le nako e mo go yone batho ba tla bong ba tshela kwantle ga go swa. Pele ga Jesu a tsosa tsala ya gagwe Lasaro, o ne a raya Maratha a re: “Mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope.”—Johane 11:26.

24 A o batla go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng? A o eletsa go bona baratiwa ba gago gape? Moaposetoloi Johane a re: “Lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Eno ke nako ya go ithuta gore go rata ga Modimo ke eng le go ititaya sehuba go tshela tumalanong le gone. Fa o dira jalo, wena le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba setseng ba dira go rata ga Modimo, lo ka kgona go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Le fa lefoko “tsogo” le sa tlhage mo Dikwalong Tsa Sehebera, tsholofelo ya tsogo e tlhalosiwa sentle mo go Jobe 14:13, Daniele 12:13, le Hosea 13:14.

b Bona Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 98-107.

A o A Gakologelwa?

◻ Bokao jwa konokono jwa puo ya ntlhantlha ya mafoko a a ranotsweng e le “moya” ke eng?

◻ Go diragala eng ka moya fa motho a swa?

◻ Go ya ka Baebele, tharabololo ya loso ke eng?

◻ Batho ba ba ikanyegang ba na le tsholofelo efe e e sa tshwaneng le epe gompieno?

[Lebokoso mo go tsebe 15]

“Moya” e le Botshelo Jwa Setshedi

Ka dinako tse dingwe lefoko “moya” le kaya botshelo jwa motho kana jwa phologolo. Seno ga se fetole tlhaloso ya Baebele ya gore moya ke motho kana phologolo ka boyone. Go tshwantsha: Re a tle re re motho o a tshela, re raya gore ke motho yo o tshelang. Gape re ka nna ra re o na le botshelo. Ka tsela e e tshwanang, motho yo o tshelang ke moya. Le fa go ntse jalo, fa a sa ntse a tshela, go ka nna ga twe o na le “moya.”

Ka sekai, Modimo o ne a raya Moshe a re: “Batho botlhe ba ba neng ba tsoma moya wa gago ba sule.” Kwantle ga pelaelo, baba ba ga Moshe ba ne ba batla go mmolaya. (Ekesoso 4:19, NW; bapisa Jošua 9:24, NW; Diane 12:10, NW.) Jesu o ne a dirisa lefoko leno ka tsela e e tshwanang fa a ne a re: “Morwa motho o ne a tla . . . go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28; bapisa 10:28.) Mo makgetlong ano otlhe, lefoko “moya” le kaya “botshelo jwa setshedi.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Tsotlhe ke meya

[Motswedi wa Setshwantsho]

Hummingbird: U.S. Fish and Wildlife Service, Washington, D.C./Dean Biggins

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jesu o ne a supa gore tharabololo ya loso ke tsogo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

“Mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope.”—Johane 11:26

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela