LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 5/1 ts. 4-7
  • Batho Botlhe ba Tla Gololesega

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho Botlhe ba Tla Gololesega
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Dipogo Tsa Paka ya Jaanong”
  • “Go Bewa mo Taolong ya Bosenangmosola”
  • “Go Senolwa ga Barwa ba Modimo”
  • Kgololesego ya Mmatota Kgabagare
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • O ka Bona Jang Kgololesego ya Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 5/1 ts. 4-7

Batho Botlhe ba Tla Gololesega

“Ke tsaya gore dipogo tsa paka ya jaanong ga se sepe fa di bapisiwa le kgalalelo e e tlileng go senolwa mo go rona. Gonne go lebelela ka phisego ga tlhōlō go letetse go senolwa ga barwa ba Modimo. Gonne tlhōlō e ne ya bewa mo taolong ya bosenangmosola, e seng ka go rata ga yone mme ka ene yo o neng a e baya mo taolong, mo motheong wa tsholofelo ya gore tlhōlō ka boyone le yone e tla gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo. Gonne re itse gore tlhōlō yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.”—BAROMA 8:18-22.

MO KAROLONG eno ya lekwalo le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Bakeresete kwa Roma, o sobokanya bontle lebaka la go bo go se na kgololesego ya mmatota mo botshelong le lebaka la go bo botshelo bo le lolea e bile bo utlwisa botlhoko jaana. Mme gape o tlhalosa gore re ka bona jang kgololesego ya mmatota.

“Dipogo Tsa Paka ya Jaanong”

Paulo ga a reye gore “dipogo tsa paka ya jaanong” ga di botlhoko fa a re “ga se sepe fa di bapisiwa le kgalalelo e e tlileng go senolwa mo go rona.” Mo motlheng wa ga Paulo le moragonyana ga moo, Bakeresete ba ne ba boga thata kafa tlase ga puso e e setlhogo ya bobusaesi jwa babusi ba Baroma, ba ba neng ba sa kgathalele ditshwanelo tsa batho. E ne ya re fela fa Baroma ba simolola go dumela gore Bakeresete ke baba ba Puso, ba ne ba ba gatelela ka tsela e e setlhogo. Rahisitori J. M. Roberts o bolela jaana: “Bakeresete ba le bantsi ba ba neng ba le kwa motsemoshate kwa [Roma] ba ne ba swa setlhogo mo lefelong la bobogelo kana ba ne ba fisiwa ba ntse ba tshela.” (Shorter History of the World) Pego e nngwe e bolela jaana ka batho bano ba ba neng ba bogisiwa ke Nero: “Bangwe ba ne ba tlhokofadiwa, bangwe ba ne ba rokelelwa matlalo a diphologolo mme ba bo ba tsomiwa ke dintša, ba bangwe ba ne ba tshasiwa boka ba bo ba tshubiwa gore ba bonese jaaka ditotšhe tse di tshelang fa go nna lefifi.”—New Testament History, ka F. F. Bruce.

Ga go na pelaelo gore Bakeresete bao ba bogologolo ba ne ba ka rata go gololwa mo kgatelelong e e ntseng jalo, mme ba ne ba sa ikaelela go itlhokomolosa dithuto tsa ga Jesu Keresete gore ba gololesege. Ka sekai, ba ne ba nna ba itlhaotse gotlhelele ka nako ya fa go ne go na le ntwa fa gare ga balaodi ba ba busang ba Roma le balwelakgololesego ba Bajuda ba ba jaaka Batlhagafalelasejuta. (Johane 17:16; 18:36) Go Batlhagafalelasejuta, “go bua ka go letela nako e e siameng ya Modimo e ne e se se se neng se tlhokega go lebana le bothata jo bo neng bo le teng.” Ba ne ba bolela gore, se se neng se tlhokega, e ne e le “go dirisa dikgoka kgatlhanong le mmaba,” e leng Roma. (New Testament History) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba akanya ka tsela e e farologaneng. Mo go bone selo sosi se ba neng ba ka se dira e ne e le “go letela nako e e siameng ya Modimo.” Ba ne ba tlhatswegile pelo gore ga go na sepe se se tla fedisang “dipogo tsa paka ya jaanong” ka bosakhutleng mme sa tlisa kgololesego e e tla nnelang ruri fa e se gore Modimo a tsenye letsogo. (Mika 7:7; Habakuke 2:3) Gone mme, pele ga re sekaseka gore seo se tlile go diragala jang, a re tlhatlhobeng gore ke ka ntlha yang fa “tlhōlō e ne ya bewa mo taolong ya bosenangmosola.”

“Go Bewa mo Taolong ya Bosenangmosola”

Benjamin Wilson mo go The Emphatic Diaglott, o bolela gore lefoko “tlhōlō,” fano ga le reye “tlhōlō e e setlhogo le e e sa tsheleng” jaaka ba le bantsi ba akantsha, go na le moo, le raya “batho botlhe.” (Bapisa Bakolosa 1:23.) Le raya batho botlhe—rona rotlhe ba re eletsang go nna le kgololesego. Re ne ra “bewa mo taolong ya bosenangmolao” ka ntlha ya se se dirilweng ke batsadi ba rona ba ntlha. Seno ga se a direga ‘ka go rata ga [rona]’ kana ka go bo re se itlhophetse. Re ruile seemo se re leng mo go sone. Go ya ka Dikwalo, Rousseau o ne a le phoso fa a ne a re, “motho o tshotswe a gololesegile.” Mongwe le mongwe wa rona o ile a tsholwa a le mo kgolegelong ya boleo le bosaitekanelang, a le lekgoba la tsamaiso e e tletseng mathata le bosenangmosola.—Baroma 3:23.

Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Ka gonne batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba batla go “nna jaaka Modimo,” ba itaola ka mo go feletseng, ba itirela ditshwetso malebana le se se siameng le se se sa siamang. (Genesise 3:5) Ba ne ba itlhokomolosa ntlha e le nngwe malebana le kgololesego. Ke Mmopi fela yo o nang le kgololesego e e feletseng. Ke Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe. (Isaia 33:22; Tshenolo 4:11) Kgololesego ya batho e tshwanetse ya bo e le kgololesego e e nang le melelwane. Ke ka lebaka leo morutwa Jakobe a ileng a kgothaletsa Bakeresete ba motlha wa gagwe gore ba laolwe ke “[molao] o o itekanetseng.”—Jakobe 1:25.

Jehofa o ne a dira ka mo go tshwanetseng fa a koba Adame le Efa mo lelapeng la gagwe la lobopo lotlhe, mme ka ntlha ya seo ba ne ba swa. (Genesise 3:19) Mme go tweng ka ditlogolwana tsa bone? Ka bopelotlhomogi, Jehofa o ne a ba letla gore ba nne le bana, le mororo ba ne ba tla fetisetsa bosaitekanelang, boleo le loso fela mo go bone. Ka jalo “loso lwa anamela kwa bathong botlhe.” (Baroma 5:12) Ka tsela eo Modimo wa ‘baya [tlhōlō] mo bosenangmosoleng.’

“Go Senolwa ga Barwa ba Modimo”

Jehofa o ne a baya tlhōlō mo bosenangmosoleng “mo motheong wa tsholofelo” ya gore ka letsatsi lengwe batho ba tla boa ba fiwa kgololesego ka ditiro tsa “barwa ba Modimo.” “Barwa [bano] ba Modimo” ke bomang? Ke barutwa ba ga Jesu Keresete ba, jaaka ‘tlhōlō yotlhe ya [batho]’ ba tshotsweng e le batlhanka ba boleo le bosaitekanelang. Ba tshotswe ba se na bonno jo bo ba tshwanelang mo lelapeng le le phepa le le itekanetseng la Modimo la lefatshe lotlhe. Mme Jehofa o ba direla sengwe se se itumedisang. Ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete, O ba golola mo dikgoleng tsa boleo jo ba bo ruileng mme o bolela fa e le ba ba “siameng,” kana ba le phepa semoyeng. (1 Bakorintha 6:11) Go tswa foo o ba amogela jaaka “barwa ba Modimo,” a ba busetsa gape mo lelapeng la gagwe la lefatshe lotlhe.—Baroma 8:14-17.

Jaaka barwa ba ga Jehofa ba a ba amogetseng, ba tla nna le tshiamelo e e galalelang. Ba tla nna “baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa e le dikgosi godimo ga lefatshe” mmogo le Jesu Keresete e le karolo ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo kana puso ya gagwe. (Tshenolo 5:9, 10; 14:1-4) Puso eno ke puso e e tlhomamisitsweng mo melaometheong ya kgololesego le tshiamiso—e seng mo kgatelelong le mo bokgokgontshing. (Isaia 9:6, 7; 61:1-4) Moaposetoloi Paulo a re barwa bano ba Modimo ke ditsala tsa ga Jesu, ‘peo ya ga Aborahame,’ e e sa bolong go solofediwa. (Bagalatia 3:16, 26, 29) Ka jalo, ba na le seabe se se botlhokwa mo go diragatseng tsholofetso ya Modimo e a e solofeditseng tsala ya gagwe e bong Aborahame. Bontlhanngwe jwa tsholofetso eo ke gore ka peo ya ga Aborahame (kana, setlogolwana sa gagwe), “merafe yotlhe ya lefatshe e tla itshegofatsa”—Genesise 22:18, NW.

Ba tlisetsa batho masego afe? Barwa ba Modimo ba thusa go golola batho botlhe mo diphelelong tse di botlhoko tsa boleo jwa ga Adame le go busetsa batho mo boitekanelong. Batho go “tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho” ba ka itshegofatsa ka go nna le tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete le ka go ineela mo Bogosing jwa gagwe jwa molemo. (Tshenolo 7:9, 14-17; 21:1-4; 22:1, 2; Mathaio 20:28; Johane 3:16) Ka tsela eno “tlhōlō yotlhe” e tla boa e nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” E tla bo e se kgololesego e nnye ya nakwana ya bopolotiki, mme go na le moo, e tla bo e le go gololesega mo go sengwe le sengwe se se ileng sa utlwisa batho botlhoko le go ba tshwenya mo maikutlong fa e sa le Adame le Efa ba gana bolaodi jwa Modimo. Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo a ne a ka re “dipogo tsa paka ya jaanong ga se sepe” fa di bapisiwa le tiro e e galalelang e baitshepi ba tla e dirang!

Go “senolwa ga barwa ba Modimo” go tla simologa leng? Mo sebakeng se se sa fediseng pelo fa Jehofa a senolela botlhe gore barwa ba Modimo ke bomang. Se se tla diragala fa “barwa” bano, ba ba tsoseditsweng kwa lefelong la moya, ba thusa Jesu Keresete go phepafatsa bosula le kgatelelo mo lefatsheng ka ntwa ya Modimo ya Haramagedona. (Daniele 2:44; 7:13, 14, 27; Tshenolo 2:26, 27; 16:16; 17:14; 19:11-21) Go na le bosupi jo bontsi jo bo re dikologileng jwa gore re fitlhile kwa tengteng mo ‘malatsing a bofelo,’ mo nakong ya fa Modimo a se kitla a tlhola a letlelela botsuolodi le boikepo jo bo bakwang ke jone.—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-31.

Ee, go ntse fela jaaka moaposetoloi Paulo a bolela gore “tlhōlō yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong”—mme go ka se tlhole go tsaya nako e telele. Dimilione tse di ntseng di tshela gone jaanong di tla bona “go tsosolosiwa ga dilo tsotlhe tse Modimo o neng wa bua ka tsone ka molomo wa baporofeti ba one ba ba boitshepo ba nako ya bogologolo,” go akaretsa le gore batho botlhe ba boe ba nne le kagiso, kgololesego le tshiamiso.—Ditiro 3:21.

Kgololesego ya Mmatota Kgabagare

O tshwanetse go dira eng gore o ipelele “kgololesego [eno] e e galalelang ya bana ba Modimo”? Jesu Keresete o ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:31, 32) Seo ke sone selotlolo sa kgololesego—go ithuta ditaelo le dithuto tsa ga Keresete re bo re di ikobela. Seno se re naya selekanyo se se rileng sa kgololesego tota le gone jaanong. Mo sebakeng se se sa fediseng pelo, se tla lere kgololesego e e feletseng kafa tlase ga puso ya ga Keresete Jesu. Tsela e e tshwanetseng ke go itse “lefoko” la ga Jesu ka go ithuta Baebele. (Johane 17:3) Jaaka Bakeresete ba bogologolo, kopanela ka tlhagafalo le phuthego ya barutwa ba ga Keresete ba boammaaruri. Ka go dira jalo, o ka solegelwa molemo ke boammaaruri jo Jehofa a bo gololang jo a bo neelang ka phuthego ya gagwe gompieno.—Bahebera 10:24, 25.

Fa o ntse o “letetse go senolwa ga barwa ba Modimo,” o ka lwela go nna le tshepo e moaposetoloi Paulo a neng a na le yone ya gore Keresete o tla mo sireletsa le go mo tshegetsa, tota le fa go ne go bonala fa a se kitla a kgona go itshokela pogo le tshiamololo. Fa Paulo a sena go tlotla ka go senolwa ga barwa ba Modimo, o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o tla re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke pitlagano kgotsa tshwenyego kgotsa pogiso kgotsa tlala kgotsa bosaikategang kgotsa kotsi kgotsa tšhaka?” (Baroma 8:35) Gone mme, fa re dirisa mafoko a ga Rousseau, Bakeresete ba motlha wa ga Paulo ba ne ba sa ntse ba le “mo diketaneng” tsa dilo tse di neng di ba gatelela ka ditsela tse di farologaneng. Ba ne ba “bolawa letsatsi lotlhe” jaaka “dinku tsa go tlhabiwa.” (Baroma 8:36) A ba ne ba letla seo go ba fekeetsa?

Paulo o kwala jaana: “Phapaanong le seo, mo dilong tseno tsotlhe re tswa re fentse ka mo go feletseng ka ene yo o neng a re rata.” (Baroma 8:37) A Bakeresete ba bogologolo ba ne ba fenya mo godimo ga dilo tsotlhe tse ba neng ba tshwanetse go di itshokela? Jang? O araba jaana: “Ke tlhatswegile pelo gore lefa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tla tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa setlhodiwa lefa e le sefe se sengwe ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 8:38, 39) Le wena o ka ‘fenya’ “pitlagano kgotsa tshwenyego kgotsa pogiso” e o ka tswang o tshwanelwa ke go e itshokela. Lorato lwa Modimo lo re tlhomamisetsa gore go ise go ye kae—mo sebakeng se se sa fediseng pelo—re “tla gololwa mo go dirweng motlhanka ke go bola [gotlhe] . . . mme [re] nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

“Tlhōlō yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

‘Tlhōlō e tla gololwa mo go dirweng motlhanka mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela