Batsadi, Sekao sa Lona se Ruta Eng?
“Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong.”—BAEFESO 5:1, 2.
1. Jehofa o ne a neela banyalani ba ntlha ba batho ditaelo tsa mofuta ofe?
JEHOFA ke Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa. Malapa otlhe a nnile gone ka ene ka gonne ke ene yo o ileng a tlhoma lelapa la ntlha a ba a dira gore banyalani ba ntlha ba nne le kgono ya go tshola bana. (Baefeso 3:14, 15) O ile a neela Adame le Efa ditaelo tsa motheo malebana le maikarabelo a bone le go ba neela tshono e e lekaneng go tsaya dikgato ka bobone go a diragatsa. (Genesise 1:28-30; 2:15-22) Morago ga gore Adame le Efa ba leofe, maemo a malapa a neng a tshwanelwa ke go lebana le one a ne a raraana. Le fa go ntse jalo, ka lorato Jehofa o ile a neela batlhanka ba gagwe ditaelo tse di neng di ka ba thusa go lepalepana le maemo ao.
2. (a) Jehofa o ile a dirisa eng go nonotsha kgakololo ya gagwe e e kwadilweng le ditaelo tsa gagwe tse di sa kwalwang? (b) Ke potso efe e batsadi ba tshwanetseng go ipotsa yone?
2 E re ka Jehofa e le Mokaedi wa rona yo Mogolo, ga a re neela fela ditaelo tse di malebana le se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira. Mo metlheng ya bogologolo o ile a kopanya ditaelo tse di kwadilweng le tse di neetsweng ka molomo a dirisa baperesiti le baporofeti le ditlhogo tsa malapa. O dirisa bomang gompieno go re ruta ditaelo tseo tse di neelwang ka molomo? Bagolwane ba Bakeresete le batsadi. Fa o le motsadi, a o dira seabe sa gago go ruta lelapa la gago ditsela tsa ga Jehofa?—Diane 6:20-23.
3. Ditlhogo tsa malapa di ka ithuta eng mo go Jehofa malebana le go ruta ka tsela e e molemo?
3 Thuto e e ntseng jalo e tshwanetse ya neelwa jang mo lelapeng? Jehofa o re tlhomela sekao. O re tlhalosetsa sentle gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe, mme o pelotshweu go boaboeletsa seno. (Ekesodo 20:4, 5; Duteronome 4:23, 24; 5:8, 9; 6:14, 15; Jošua 24:19, 20) O dirisa dipotso tse di dirang gore motho a akanye. (Jobe 38:4, 8, 31) O dirisa dipapiso le dikao tsa batho ba mmatota go re ama maikutlo le go bopa dipelo tsa rona. (Genesise 15:5; Daniele 3:1-29) Batsadi, a fa lo ruta bana ba lona lo leka go etsa sekao seno?
4. Re ithuta eng mo go Jehofa malebana le go otlhaya, mme ke eng fa go otlhaya go le botlhokwa?
4 Jehofa o tlhomame mo go se se siameng, mme gone, o tlhaloganya matswela a go se itekanele. Ka jalo, pele ga a otlhaya batho ba ba sa itekanelang, o a ba ruta e bile o boaboeletsa ditlhagiso le dikgakololo tsa gagwe. (Genesise 19:15, 16; Jeremia 7:23-26) Fa a otlhaya, o dira jalo sentle, ga a feteletse. (Pesalema 103:10, 11; Isaia 28:26-29) Fa e le gore re dira jalo ka bana ba rona, seo ke bosupi jwa gore re itse Jehofa, mme go tla nna motlhofo gore le bone ba mo itse.—Jeremia 22:16; 1 Johane 4:8.
5. Batsadi ba ka ithuta eng mo go Jehofa malebana le go reetsa?
5 Selo se se molemo ke gore, Jehofa o a reetsa e re ka e le Rre yo o lorato wa selegodimo. Ga a nnele go ntsha ditaelo fela. O re kgothaletsa gore re mo tshololele dipelo tsa rona. (Pesalema 62:8) Mme fa re mo tlhalosetsa maikutlo a rona ka tsela e e sa tlhamalalang sentle, ga a re galefele ka go re garuma go tswa legodimong. O re ruta ka bopelotelele. Ka gone, a bo kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo e tshwanela jang ne: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang”! (Baefeso 4:31–5:1) A bo Jehofa a tlhomela batsadi sekao se se molemo jang ne fa ba ntse ba leka go laya bana ba bone! Ke sekao se se re amang pelo se se re dirang gore re batle go tsamaya mo tseleng ya gagwe ya botshelo.
Kafa Sekao se Tlhotlheletsang ka Teng
6. Boikutlo le sekao sa batsadi di ka tlhotlheletsa bana ba bone jang?
6 Mo godimo ga go laya bana ka molomo, sekao se na le tlhotlheletso e kgolo thata. E ka ne batsadi ba a rata kana nnyaa, bana ba bone ba ile go ba etsa. Go ka itumedisa batsadi—ka dinako tse dingwe ga ba garola pelo—fa ba utlwa bana ba bone ba bua dilo tse bone ka bobone ba ileng ba di bua. Fa boitshwaro le maikutlo a batsadi a supa gore ba na le kanaanelo e kgolo ka dilo tsa semoya, seo se nna le tlhotlheletso e e molemo mo baneng.—Diane 20:7.
7. Jefetha o ile a tlhomela morwadie sekao se se ntseng jang, mme ka matswela afe?
7 Tsela e sekao sa batsadi se nang le tlhotlheletso ka yone e tlhalosiwa sentle mo Baebeleng. Jefetha, yo Jehofa a ileng a mo dirisa go etelela Baiseraele pele mo go fenyeng Baamone, le ene e ne e le rre. Pego ya tsela e Jefetha a ileng a araba kgosi ya Amone ka yone e supa gore o tshwanetse a bo a ne a aga a bala hisitori ya tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Baiseraele ka yone. O ne a ka nopola hisitori eo a se na bothata, e bile o ne a bontsha tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. Ga go pelaelo gore sekao sa gagwe se ile sa thusa morwadie go nna le tumelo le moya wa go intsha setlhabelo o a ileng a o bontsha fa a ne a tsenela tirelo ya botshelo jotlhe ya go ineela go Jehofa e le mosadi yo o sa nyalwang.—Baatlhodi 11:14-27, 34-40; bapisa Jošua 1:8.
8. (a) Batsadi ba ga Samuele ba ile ba bontsha boikutlo bofe jo bo molemo? (b) Seo se ile sa solegela Samuele molemo jang?
8 Samuele o ne a nna sekao se se molemo fa e sa le ngwana a ba a ikanyega go Modimo mo botshelong jotlhe jwa gagwe jwa go nna moporofeti. A o ka rata gore bana ba gago ba nne jaaka ene? Sekaseka sekao se batsadi ba ga Samuele e bong, Elekana le Hana ba ileng ba mo tlhomela sone. Le mororo lelapa la bone le ne le tle le nne le mathata, ka metlha ba ne ba ya kwa Shilo go ya go obamela teng, kwa motlaagana o o boitshepo o neng o tlhomilwe teng. (1 Samuele 1:3-8, 21) Ela tlhoko maikutlo a a tswang pelong a Hana a ileng a rapela ka one. (1 Samuele 1:9-13) Ela tlhoko kafa boobabedi ba ileng ba ikutlwa ka teng ka botlhokwa jwa go diragatsa selo sepe fela se ba neng ba se solofeditse Modimo. (1 Samuele 1:22-28) Ga go pelaelo gore sekao sa bone se se molemo se ile sa thusa Samuele go nna le dinonofo tse di neng tsa mo thusa go latela tsela e e siameng—le fa batho ba a neng a tshela le bone ba ba neng ba ipolela gore ba direla Jehofa ba ne ba sa bontshe go tlotla ditsela tsa Modimo. Moragonyana, Jehofa o ne a neela Samuele maikarabelo a go nna moporofeti wa Gagwe.—1 Samuele 2:11, 12; 3:1-21.
9. (a) Ke tlhotlheletso efe ya mo gae e e ileng ya ama Timotheo ka tsela e e molemo? (b) Timotheo o ile a nna motho yo o ntseng jang?
9 A o ka rata gore morwao a tshwane le Timotheo, yo o ileng a nna mopati wa ga moaposetoloi Paulo e sa le lekawana? Rraagwe Timotheo e ne e se modumedi, mme gone mmaagwe le nkokoagwe ba ile ba mo tlhomela sekao se se molemo mo go anaaneleng dilo tsa semoya. Ga go pelaelo gore seno se ile sa thaela Timotheo motheo o o molemo mo botshelong jwa gagwe jwa Bokeresete. Re bolelelwa gore mmaagwe e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise ba ne ba na le “tumelo . . . e e se nang boitimokanyo bope.” Mo botshelong jwa bone jwa Bokeresete, ba ne ba sa itire se ba seng sone; ba ne ba tshela tumalanong le se ba neng ba ipolela gore ba a se dumela mme ba ruta Timotheo yo mmotlana go dira fela jalo. Timotheo o ile a itshupa e le motho yo o ka tshepiwang le gore tota o ne a amega ka boitekanelo jwa batho ba bangwe.—2 Timotheo 1:5; Bafilipi 2:20-22.
10. (a) Ke dikao dife tse e seng tsa mo lelapeng tse di ka amang bana ba rona? (b) Re tshwanetse go itshwara jang fa tlhotlheletso e e ntseng jalo e bonala mo puong kana mo mokgweng wa bana ba rona?
10 Bana ba rona ga ba amiwe fela ke dikao tsa mo gae. Go na le bana ba ba tsenang sekolo le bone, barutabana ba tiro ya bone e leng go bopa megopolonyana ya bone, batho ba ba dumelang thata gore batho botlhe ba tshwanetse go tshela go ya ka ditlwaelo tse di nweleletseng tsa setso kana tsa setšhaba, bagaka ba metshameko ba ba tlotlomadiwang thata ka katlego ya bone le balaodi ba setšhaba ba go buiwang thata ka boitsholo jwa bone mo dikgannyeng. Gape dimilionemilione tsa bana di ile tsa bona bosetlhogo jo bo bakwang ke dintwa. A re tshwanetse go gakgamala fa re bona dilo tseno di tlhotlheletsa puo kana mokgwa wa bana ba rona? Re itshwara jang fa go direga jalo? A go ba garuma ka tšhakgalo kana go ba laya re menne phatla go rarabolola bothata? Go na le gore re tseele bana ba rona dikgato ka mafega, a go ne go ka se nne botoka go ipotsa jaana, ‘A go na le sengwe se nka ithutang sone go tswa mo tseleng e Jehofa a dirisanang le rona ka yone se se ka nthusang go bona gore ke lebane jang le seemo seno?’—Bapisa Baroma 2:4.
11. Fa batsadi ba dira diphoso, seno se ka ama boikutlo jwa bana jang?
11 Ke boammaaruri gore, ga se ka metlha batsadi ba ba sa itekanelang ba ka dirisanang le maemo ka tsela e e molemo. Ba tla dira diphoso. Fa bana ba lemoga seo, a seo se tla dira gore ba se ka ba tlhola ba tlotla batsadi ba bone? Go ka nna jalo, segolobogolo fa batsadi ba leka go bipa diphoso tseo tsa bone ka go ba gatelela ka tsela e e makgwakgwa. Mme gone, dilo di ka nna ka tsela e sele fa batsadi ba ka nna boikokobetso mme ba dumela diphoso tsa bone. Ka tsela eno, ba ka tlhomela bana ba bone sekao se se molemo, ba le bone ba tlhokang go ithuta go dira se se tshwanang.—Jakobe 4:6.
Se Sekao sa Rona Se ka Se Rutang
12, 13. (a) Bana ba tshwanetse go ithuta eng malebana le lorato, mme ba ka rutiwa seno jang ka tsela e e molemo? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore bana ba ithute kaga lorato?
12 Go na le dithuto tse di botlhokwa tse di ka rutwang bana ka tsela e e molemo fa tao ya molomo e ka pataganngwa le sekao se se molemo. Akanya ka di sekae.
13 Go bontsha lorato lo e seng lwa bogagapa: Nngwe ya dithuto tse di botlhokwa tse di ka nonotshiwang ka sekao ke bokao jwa lorato. “Re a rata, ka gonne [Modimo] o ne wa re rata pele.” (1 Johane 4:19) Ke Motswedi wa lorato e bile ke sekao se segolo sa lone. Lorato lono lo lo laolwang ke melaometheo, e bong a·gaʹpe, lo umakwa mo Baebeleng ka makgetlo a a fetang 100. Ke nonofo e e tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. (Johane 13:35) Batho ba tshwanetse go rata Modimo le Jesu Keresete ka lorato lo lo ntseng jalo e bile bone ka bobone ba tshwanetse go ratana jalo—le e leng go rata batho ba re ka tswang re ikutlwa re sa ba beye sebete go le kalo. (Mathaio 5:44, 45; 1 Johane 5:3) Lorato lo lo ntseng jalo lo tshwanetse lwa nna mo dipelong tsa rona mme lwa bonala mo botshelong jwa rona pele ga re ka lo ruta bana ba rona. Ditiro di bua go feta mafoko. Mo lelapeng bana ba tshwanetse go bona le go utlwa lorato le dinonofo tse di amanang le lone tse di jaaka, go kgatlhegelwa. Fa go sa dirwe jalo, ngwana ga a ne a gola sentle mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Gape bana ba tshwanetse go bona tsela e Bakeresetekabone ba e seng ba lelapa ba ka bontshiwang lorato le go kgatlhegelwa ka yone.—Baroma 12:10; 1 Petere 3:8.
14. (a) Bana ba ka rutiwa jang go dira tiro e e duleng diatla e e kgotsofatsang? (b) Seno se ka dirwa jang go ya ka maemo a lelapa la lona?
14 Go ithuta go bereka: Tiro ke selo sa botlhokwa mo botshelong. Gore motho a ikutlwe a le botlhokwa, o tshwanetse go ithuta go dira tiro e e duleng diatla. (Moreri 2:24; 2 Bathesalonika 3:10) Fa ngwana a newa ditiro tse a sa di tlhalosediwang sentle mme a bo a omanngwa fa a sa di dira sentle, go ka nna ga direga gore a se ka a itse go dira tiro e e duleng diatla. Mme fa bana ba ithuta ditiro ka go di bereka le batsadi ba bone e bile ba akgolwa ka tsela e e tshwanetseng, ba ka itse go dira tiro e e kgotsofatsang. Fa batsadi ba tlhoma sekao e bile ba tlhalosa dilo sentle, bana ga ba ne ba ithuta fela tsela e tiro e ka dirwang ka yone, mme gape ba ka ithuta le tsela ya go fenya mathata, go itshokela tiro go fitlha e wediwa le go ntsha mabaka le go dira ditshwetso. Ka tsela eno ba ka thusiwa go lemoga gore Jehofa le ene o a bereka, gore o dira tiro e e duleng diatla le gore Jesu o etsa Rraagwe. (Genesise 1:31; Diane 8:27-31; Johane 5:17) Fa lelapa le itshedisa ka temothuo kana le na le kgwebo, bangwe mo lelapeng ba ka bereka mmogo. Kana mmè a ka ruta morwawe kana morwadie go apaya le go phepafatsa dilo morago ga dijo. Rre yo o sa berekeleng mo gae a ka nna a rulaganya gore a dire ditiro dingwe tsa legae le bana ba gagwe. A bo go le molemo jang ne gore batsadi ba se lebelele fela gore tiro e dirwe ka nako eo, go na le moo, ba rutele bana botshelo jwa kamoso!
15. Dithuto tse di malebana le tumelo di ka rutiwa ka ditsela dife? Tshwantsha.
15 Go boloka tumelo mo pitlaganong: Tumelo le yone ke selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. Fa lelapa le ithuta ka tumelo mo thutong ya lone ya lelapa bana ba ka ithuta tsela ya go e tlhalosa. Ba ka nna ba simolola go lemoga le dilo tse di ka dirang gore tumelo e gole mo dipelong tsa bone. Mme fa ba bona batsadi ba bone ba bontsha tumelo e e sa reketleng fa ba lebane le diteko, seo se ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo botshelong jotlhe jwa bone. Moithuti mongwe wa Baebele wa kwa Panama o ile a tshosediwa ke monna wa gagwe ka gore o tla mo leleka mo gae fa a sa tlogele go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a ya Holong ya Bogosi e e fa gaufi a tsamaya sekgala sa dikilometara di le 16 ka maoto mme go tswa foo a bo a tsamaya dikilometara tse dingwe tse 30 ka bese. Ba lelapa la gagwe ba le 20 ba ile ba amogela tsela ya boammaaruri ka ntlha ya go kgothadiwa ke sekao seo sa gagwe.
Go Tlhoma Sekao mo Mmalong wa Baebele wa Letsatsi le Letsatsi
16. Ke eng fa go buelelwa gore lelapa le nne le mmalo wa Baebele wa letsatsi le letsatsi?
16 Nngwe ya ditlwaelo tse lelapa lepe fela le ka itlhomelang yone—tlwaelo e e ka solegelang batsadi molemo le go ba thusa go nna sekao se bana ba ka se etsang—ke ya go nna le thulaganyo ya go bala Baebele ka metlha. Fa go kgonega, balang Baebele letsatsi le letsatsi. Selo sa botlhokwa ga se gore lo badile go le kana kang. Sa botlhokwa thata ke gore lo e bala ka metlha go le kana kang le mokgwa o lo e balang ka one. Mo baneng, mmalo wa Baebele o ka okediwa ka go reetsa dikhasete tsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela fa di le teng ka segalona. Go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi go re thusa go nna re akantse ka megopolo ya Modimo. Mme fa malapa a nna le mmalo o o ntseng jalo wa Baebele, e seng fela motho a le nosi, seo se ka thusa lelapa lotlhe go tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa. Tlwaelo e e ntseng jalo ke yone e re ileng ra e kgothalediwa kwa Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Tsela ya Modimo ya Botshelo” mo terameng ya Malapa—A go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi e Nne Tsela ya Lona ya Botshelo!—Pesalema 1:1-3.
17. Mmalo wa Baebele wa lelapa le go tshwara dikwalo dingwe tsa konokono ka tlhogo go ka thusa jang mo go lateleng kgakololo e e mo go Baefeso 6:4?
17 Go bala Baebele lo le lelapa go dumalana le se moaposetoloi Paulo a ileng a se bua mo lekwalong lwa gagwe le le tlhotlheleditsweng le le neng le ya kwa Bakereseteng ba Baefeso, le le reng: “Borrabana, lo se ka lwa bo lo sera bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Seo se kaya eng? ‘Taolo ya mogopolo’ totatota e kaya “go tsenya mogopolo mo”; ka jalo borre ba Bakeresete ba kgothalediwa gore ba tsenye mogopolo wa ga Jehofa Modimo mo baneng ba bone—go thusa bana go itse megopolo ya Modimo. Go kgothaletsa bana go tshwara dikwalo tsa konokono ka tlhogo go ka ba thusa go atlega mo go seno. Maikaelelo ke go dira gore megopolo ya ga Jehofa e kaele bana mo tseleng ya bone ya go akanya e le gore dikeletso le boitshwaro jwa bone di bontshe gore ba latela melao ya bomodimo e ka ne batsadi ba na le bone kana nnyaa. Baebele ke yone e e ka thayang motheo o o ntseng jalo wa go akanya.—Duteronome 6:6, 7.
18. Fa go balwa Baebele, go ka tlhokega eng gore (a) lo e tlhaloganye sentle? (b) lo solegelwe molemo ke kgakololo ya yone? (c) lo tsibogele se e se buang malebana le maikaelelo a ga Jehofa? (d) lo solegelwe molemo ke se e se buang malebana le maikutlo le ditiro tsa batho?
18 Ke boammaaruri gore, re tshwanetse go tlhaloganya se Baebele e se bolelang fa e le gore re batla gore e ame botshelo jwa rona. Mo go ba le bantsi, seno se ka tlhoka gore ba bale dikarolo dingwe tsa yone makgetlo a le mmalwa. Re ka nna ra tlhoka go leba bokao jwa mafoko mangwe a yone mo dikishinaring kana mo Insight on the Scriptures gore re a tlhaloganye sentle. Fa lokwalo longwe lo na le kgakololo kana taelo, ipheng nako ya go tlotla kaga maemo a motlha wa rona a a ka dirang gore e tshwanele. Go tswa foo o ka nna wa botsa, ‘Go dirisa kgakololo eno go ka re solegela molemo jang?’ (Isaia 48:17, 18) Fa lokwalo lo bua ka karolo nngwe ya boikaelelo jwa ga Jehofa, botsa, ‘Kgang eno e ama botshelo jwa rona jang?’ Gongwe lo bala pego e e buang ka boikutlo le ditiro tsa batho bangwe. Ba ne ba lebana le dikgwetlho dife mo botshelong? Ba ne ba lebana jang le tsone? Sekao sa bone se ka re solegela molemo jang? Ka metlha ipheng nako ya go tlotla kaga gore pego eo e na le bokao bofe mo botshelong jwa rona gompieno.—Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11.
19. Ka go nna baetsi ba Modimo re tla bo re neela bana ba rona eng?
19 A bo eo e le tsela e e molemo jang ne ya go dira gore megopolo ya Modimo e nwelele mo ditlhaloganyong le mo dipelong tsa rona! Ka gone, ruri re tla thusiwa go nna “baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) Mme re tla nna sekao se ruri se ka tshwanelwang ke go etsiwa ke bana ba rona.
A o A Gakologelwa?
◻ Batsadi ba ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Jehofa?
◻ Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go pataganya go laya bana ka molomo le go ba tlhomela sekao se se molemo?
◻ Ke dithuto dife tse go leng molemo thata gore batsadi ba di rute ka go tlhoma sekao?
◻ Mmalo wa Baebele wa lelapa o ka re solegela molemo jang ka botlalo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Malapa a le mantsi a itumelela go bala Baebele mmogo letsatsi le letsatsi