Go Tswa Lehumeng le Legolo go ya Letlotlong le Legolo
JAAKA GO BOLETSE MANUEL DE JESUS ALMEIDA
Ke tshotswe ka October 1916, ke le gofejane mo baneng ba le 17. Bomorwarre le bokgaitsadiake ba le robongwe ba ne ba bolawa ke bolwetse le tlhaelo ya dikotla, ka jalo ga ke ba itse. Rona re le robedi ba re setseng re ne re nna le batsadi ba rona mo motsaneng o o gaufi le Porto, kwa Portugal.
NTLO ya gaetsho ya maemo a a kwa tlase e ne e na le phaposi e nnye ya bonno le kamore e le nngwe fela. Re ne re ga metsi kwa sedibeng se se neng se ka nna sekgala sa sephatlo sa kilometara, mme re ne re dirisa mekgwa ya bogologolo ya go apaya.
Fa barwarre ba sena go gola, ba ne ba simolola go bereka mo masimong a mmidi. Dituelo tsa bone di ne di thusa go tlamela lelapa ka dijo. Ke ka thuso ya bone go bo e ile ya nna nna fela mo lapeng yo o kgonneng go tsena sekolo go sekae. Le mororo re ne re tshela boima, re ne re ya kwa Kerekeng ya Katoliki ka metlha, re solofetse gore ka tsela nngwe seno se tla tokafatsa tsela ya rona ya go tshela.
Ka kgwedi ya May, kereke e ile ya tshwara novena. Ka malatsi a le robongwe a a latelanang, re ne re ya kwa kerekeng ka maoto ka makuku go sa ntse go le lefitshwana. Re ne re fitlha re rapela, re dumela gore seno se tla re leretse masego a a tswang kwa Modimong. Gape re ne re akanya gore moruti e ne e le motho yo o boitshepo, moemedi wa Modimo. Mme fa nako e ntse e ya, re ne ra bona dilo ka tsela e sele.
Go Batla Sengwe se se Botoka
Fa re ne re palelwa ke go duela lekgetho la kereke, moruti o ne a sa re utlwele botlhoko ka gonne re ne re le dikobo dikhutshwane. Seno se ne sa re kgoba marapo. Tsela e ke neng ke leba kereke ka yone e ne ya fetoga fela thata, ka jalo fa ke ne ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele ba lelapa ke ye go bona gore a ga go na sengwe se se botoka mo botshelong go na le go bereka mo masimong le go ngangisana le kereke. Ka 1936, ke ne ka goroga kwa Lisbon, motsemogolo wa Portugal.
Ke koo ke neng ka kopana le Edminia gone. Le mororo ke ne ke akanya gore ke tsieditswe ke bodumedi, re ne ra latela tlwaelo mme ra nyalana mo Kerekeng ya Katoliki. Go tswa foo ka 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simologa. Mo ntweng eno, ke ne ke tlhokometse mabolokelo a le 18, mme re ne re romela diforaga di le 125 tsa didirisiwa tsa ntwa ka dilori ka letsatsi.
Ke ne ka amiwa thata ke tsela e ntwa e neng e tshosa ka yone le gore Kereke ya Katoliki e itshunye nko mo ntweng. Ke ne ke ipotsa go re, ‘A ruri Modimo o amega ka batho? Re tshwanetse go mo obamela jang?’ Dingwaga moragonyana ka 1954, rre mongwe yo o neng a setse a godile, yo o neng a le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a nkarabela dipotso tse ke neng ke na le tsone. Motlotlo ono o ne wa fetola botshelo jwa me jotlhe.
Go Kgatlhiwa ke Tsholofelo ya Baebele
Monna yono yo o pelonomi, Joshua, o ne a ntlhalosetsa gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo ka rarabololang mathata a lefatshe le gore kagiso le polokesego di ka lerwe fela ke puso ya Bogosi. (Mathaio 6:9, 10; 24:14) Ke ne ka kgatlhiwa ke se a neng a se bua, mme ke ne ke etsaetsega go dumela dilo tse a neng a ntlhalosetsa tsone ka ntlha ya se se neng se ntiragaletse mo bodumeding. Fa a ne a kopa gore a nthute Baebele, ke ne ka dumela, fa fela a ne a ka se mpatle madi le go bua ka dipolotiki. O ne a dumela, a tlhomamisa gore o nthuta mahala.—Tshenolo 22:17.
Ga go a ntsaya nako gore ke simolole go tshepa Joshua. Ka jalo ke ne ka mo kopa selo se ke neng ke sa bolo go eletsa go nna le sone ke sa le mosha. “A go a kgonega gore ke nne le khopi ya me ya Baebele?” Fa ke sena go nna le yone, a bo ke ne ka itumela jang ne go simolola go bala mo Lefokong la Mmopi wa rona ditsholofetso tse di jaaka: “Modimo ka boone o tla nna le [batho]. Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile”!—Tshenolo 21:3, 4.
Totatota, ke ne ka gomodiwa ke ditsholofetso tsa Baebele tse di reng lehuma le bolwetse di tla nyelediwa. Monna yo o ikanyegang Elihu o ne a bolela jaana ka Modimo: “O naya batho dijo ka botlalo.” (Jobe 36:31) Mo pusong ya tshiamo ya Bogosi jwa Modimo, Baebele e bolela go re, “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) A bo Jehofa Modimo a rata batho jang ne! A bo kgatlhego ya me ka ditsholofetso tsa gagwe e ne ya gola thata jang ne!
Ke ne ka simolola go nna gone kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa ka April 17, 1954. E ne e le pokano e e kgethegileng—go ketekiwa ga Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Fa e sa le ka nako eo, ke ntse ke nna gone ka metlha kwa dipokanong. Go ise go ye kae ke ne ka simolola go abela ba bangwe dikgang tse di molemo tse ke neng ke di ithuta. Ka nako eo kwa Portugal, re ne re aga re nna le pikiniki kgwedi nngwe le nngwe gaufi le lotshitshi lwa lewatle, mme go tswa foo go ne go nna le kolobetso. Dikgwedi di le supa morago ga gore Joshua a simolole go bua le nna, ke ne ka ineela mo go Jehofa Modimo mme ka tshwantshetsa seo ka go kolobediwa mo metsing mo lewatleng.
Mo masimologong a 1954 go ne go na le Basupi ba ka nna lekgolo fela mo Portugal yotlhe. Ka gone, go ne go tlhokega thata banna ba ba neng ba ka etelela pele tiro ya go rera. Ke ne ka gatela pele semoyeng ka bonako, mme go ise go ye kae ke ne ka neelwa boikarabelo mo phuthegong. Ka 1956, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa phuthego, jaaka molebedi yo o okamelang a ne a bidiwa ka nako eo, mo phuthegong ya bobedi ya Basupi ba ga Jehofa mo Lisbon. Gompieno go na le diphuthego tse di fetang lekgolo mo motseng ono le mo tikologong ya one.
Melemo ya go Amogela Baeng
Le mororo nna le Edminia re ne re se na madi a a kalo, ka metlha re ne re amogela bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Ka 1955 mmulatsela mongwe, jaaka bareri ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa, o ne a nna go sekae mo Portugal fa a ne a tswa gae kwa Brazil a le mo loetong lwa go ya kwa Kopanong ya ditšhabatšhaba ya “Bogosi jo bo Fenyang” kwa Jeremane. E re ka go ne go na le mathata a dipalangwa, o ne a nna kgwedi yotlhe mo legaeng la rona, mme a bo ketelo ya gagwe e ile ya re solegela molemo jang ne semoyeng!
Bangwe ba batho ba ba neng ba etela legae la rona ka nako eo e ne e le maloko a lelapa la ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York, ba ba jaaka Hugo Riemer le Charles Eicher yo o neng a nna le ene. Ba ne ba ja dijo tsa motshegare le rona mme ba neela bakaulengwe ba ba buang Sepotokisi dipuo. Fela jaaka dikokwana tse di sa tswang go thuthuga tse di atlhamisitseng melomo ya tsone, re ne re nna re letetse dijo tse di monate tsa semoya tse batho bano ba neng ba re neela tsone.
Balebedi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa le bone ba ne ba gorogela mo legaeng la rona fa ba etile. Moeng yo ke sa mo lebaleng ke Álvaro Berecochea yo o neng a eta ka 1957, e le molebedi wa lekala la Morocco yo o neng a abetswe go etela Portugal gore a kgothatse bakaulengwe. O ne a nna gone mo thutong ya buka mo legaeng la rona, mme ra batla gore a nne le rona nako yotlhe e a neng a le mo Portugal ka yone. Re ne ra segofadiwa thata le go nonotshiwa semoyeng ke ketelo ya gagwe e e tsereng kgwedi, fa Álvaro a ntse a nontshiwa ke dijo tse di monate tse mosadi wa me Edminia yo o rategang a neng a di apaya.
Lehuma le legolo, le le jaaka le re neng re le mo go lone fa ke sa ntse ke le ngwana, le ka ama motho fela thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore fa re nna re abela Jehofa le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, o re segofatsa ka dilo tse dintsi. Gangwe le gape ke ne ke lemoga seno fa re amogetse botlhe ba re neng re ka kgona go ba amogela.
Kwa kopanong ya rona e kgolo kwa Porto ka 1955, go ne ga itsisiwe ka kopano ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tla tshwarelwa kwa Setadiamong sa Yankee kwa New York City ka 1958. Go ne ga bewa lebokoso la moneelo mo Holong nngwe le nngwe ya Bogosi mo nageng eno—tse ka nako eo di neng di sekae fela ka palo—gore go thusiwe bayakopanong ba Bapotokisi ka madi. A bo re ne ra itumela jang ne fa nna le mosadi wa me re ne re tlhophiwa go nna bangwe ba batho ba ba yang kwa kopanong eno? A bo re ne re itumeletse jang ne go etela kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn fa re ne re le kwa United States kwa kopanong!
Go Itshokela Pogiso
Ka 1962 tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Portugal, mme barongwa—ba ba jaaka Eric Britten, Domenick Piccone, Eric Beveridge, le basadi ba bone—ba ne ba kobiwa mo nageng. Morago ga moo, re ne re sa letlelelwe go tshwarela dipokano tsa rona mo Diholong Tsa Bogosi, ka jalo re ne re di tshwarela mo magaeng a rona re sa bonwe ke ope; e bile go ne go sa tlhole go kgonega gore re tshware dikopano tse dikgolo mo Portugal. Ka jalo e ne e le boikarabelo jwa me gore ke rulaganyetse bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete dipalangwa gore ba nne gone kwa dikopanong tse dikgolo kwa dinageng tse dingwe.
E ne e se kgetsi e potlana go rulaganyetsa palo e kgolo ya Basupi gore ba ye kwa dinageng tse dingwe. Le fa go ntse jalo, maiteko a a neng a dirwa a ne a nna le matswela, fa re akanya ka melemo e megolo ya semoya e bakaulengwe ba Bapotokisi ba neng ba e amogela. A bo e ne e le boitemogelo jo bo agang jang ne go nna gone kwa dikopanong tsa Switzerland, Engelane, Italy le Fora! Gape dikopano tseo di ne di ba thusa gore ba tle le dibuka mo nageng eno. Mo dingwageng tseo, re ile ra kopa gantsintsi gore re kwadisiwe jaaka mokgatlho wa bodumedi mo Portugal, mme dikopo tseno di ne tsa ganwa tsotlhe.
Fa barongwa ba sena go kobiwa mo masimologong a 1962, mapodise a sephiri a ne a simolola go gagamatsa letsholo la one la go emisa tiro ya rona ya go rera. Bontsintsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona bo ne jwa tshwarwa le go isiwa kwa kgotlatshekelong. Dipego tse di malebana le ditiragalo tseno di ne tsa kwalwa mo lokwalopakeng lono le mopati wa lone, Tsogang!a
Mongwe wa batho ba ba neng ba le mo kgolegelong e ne e le mmulatsela mongwe yo o neng a utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka nna. E re ka mapodise a ile a fitlhela aterese ya me mo dilong tsa gagwe, ke ne ka bidiwa le go thamathamisiwa ka dipotso.
Morago ga moo, mapodise a mabedi a ne a tla kwa legaeng la me. Ba ne ba nkamoga dibuka tse ke neng ke ithuta Baebele ka tsone mmogo le dikhopi di le 13 tsa Baebele. Ba ne ba tswelela pele ba mpogisa, ba boa makgetlho a le supa go tla go phuruphutsha dikago tsa rona. Nako le nako ba ne ba re thamathamisa ka dipotso.
Ka makgetlho a le mmalwa ke ne ka bidiwa gore ke tle go ntsha bosupi bo boemong jwa Basupikarona mo dikgetsing tsa kgotlatshekelo. Le mororo ke ne ke sa rutega, Jehofa o ne a nneela ‘botlhale jo baganetsi botlhe ba le mmogo ba neng ba sa kgone go emelana le jone kgotsa go bo ganetsa.’ (Luke 21:15) Ka nako nngwe moatlhodi o ne a gakgamadiwa ke bosupi jo ke neng ka bo neela mo a neng a botsa gore ke rutegile go le kana kang. Botlhe mo phaposing ya kgotlatshekelo ba ne ba thubega ka ditshego fa ke ne ke re ke feletse ka mophato wa bonè fela.
Fa pogiso e ntse e gola, palo ya batho ba ba neng ba amogela molaetsa wa Bogosi le yone e ne ya gola. Ka gone, Basupi ba ba kwa tlase ga 1 300 kwa Portugal ka 1962 ba ne ba oketsega go nna 13 000 ka 1974! Go ntse go le jalo, ka May 1967, ke ne ka lalediwa go nna molebedi yo o etang. Mo tirong eno ke ne ke etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa gore ke di nonotshe semoyeng.
Go Itumelela Letlotlo le Legolo
Ka December 1974, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo go kwadiseng tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Portugal ka fa molaong. Mo ngwageng o o latelang nna le mosadi wa me re ne ra nna maloko a lelapa la Bethele la Basupi ba ga Jehofa kwa Estoril. Gape ke ne ka tlhomiwa go nna leloko la Komiti ya Lekala la Portugal.
A bo go ne go itumedisa jang ne go bona tiro ya go rera e anama mo Portugal le mo ditshimong tse di neng di tlhokometswe ke lekala la rona! Di ne di akaretsa Angola, ditlhaketlhake tsa Azores, Cape Verde, Madeira, le São Tomé le Príncipe. Ka dingwagangwaga go ne go itumedisa go bona barongwa ba tswa mo Portugal ba romelwa kwa dinageng tseno, koo go ileng ga bonala go na le batho ba bantsi ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi teng. Akanya fela kafa gone jaanong re itumelang ka teng go nna le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 88 000 mo mafelong ano, go akaretsa ba ba fetang 47 000 mo Portugal! Mo dinageng tseno ba ba neng ba le gone mo Segopotsong ka 1998 ba ne ba feta 245 000, fa go bapisiwa le ba ba kwa tlase ga 200 fa ke ne ke simolola go nna Mosupi ka 1954.
Nna le Edminia re dumalana ka peloyotlhe le mopesalema wa Baebele yo o neng a re “letsatsi le le lengwe fela mo malwapeng a [ga Jehofa], le gaisa malatsi a a makgolo a le some [go sele].” (Pesalema 84:10) Fa ke akanya ka lehuma le ke simologileng ke le mo go lone mme ke le bapisa le letlotlo la semoya le ke sa leng ke le mo go lone, ke ikutlwa jaaka moporofeti Isaia: “Jehofa, o Modimo wa me; ke tlaa go godisa, ke tlaa baka leina la gago, gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang . . . Gonne o ne o ntse o le felo fa go thata ga bahumanegi, felo fa go thata ga motlhoki.”—Isaia 25:1, 4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Tsogang! ya May 22, 1964, (ka Seesemane) ditsebe 8-16, le Tora ya Tebelo ya October 1, 1966, (ka Seesemane) ditsebe 581-92.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Fa godimo: Mokaulengwe Almeida kwa Lisbon a itsise thulaganyo ya go romela bayakopanong kwa kopanong ya New York ka 1958
Fa gare: Ke tshwere pokano ya batlhanka kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya “Kagiso mo Lefatsheng” kwa Paris
Kwa tlase: Dibese tse di hirilweng di ipaa- kanyetsa go ya kopanong ya kgaolo kwa Fora
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ke tshwere kobamelo ya mo mosong mo lekaleng la Portugal
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Lekala la Portugal, le le neng la neelwa ka 1988
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke na le mosadi wa me
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Dipuo tsa ga Mokaulengwe Hugo Riemer di ne di re kgothatsa fa a ne a re etetse a tswa kwa Bethele ya Brooklyn