LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 7/15 ts. 9-14
  • Go Thusa Batho go Atamelana le Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Batho go Atamelana le Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo re Rera
  • Seabe sa Rona mo Tirong ya ga Jehofa
  • Jehofa o Ngoka Bomang?
  • Badirimmogo le Modimo
  • Tiro ya go Aga e e Tla Salang
  • Go ba Thusa go Rata Jehofa le Keresete
  • Molaetsa o re Tshwanetseng go o Bolelela ba Bangwe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • A Tiro ya Gago e Tla Emelana le Molelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Nna o le Gaufi le Jehofa
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Go Dira Mmogo le Modimo—Go Dira Gore re Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 7/15 ts. 9-14

Go Thusa Batho go Atamelana le Jehofa

“Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.”—JOHANE 14:6.

1. Ke taelo efe e Jesu yo o tsositsweng a ileng a e neela barutwa ba gagwe, mme go ile ga direga eng ka go bo Basupi ba ga Jehofa ba ile ba e ikobela?

JESU KERESETE o ile a laela balatedi ba gagwe go ‘dira batho ba merafe yotlhe barutwa, ba ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.’ (Mathaio 28:19) Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thusa batho ba ba fetang dimilione tse tharo go tla go Modimo, mme morago ba bo ba ba kolobetsa e le sesupo sa gore ba ineela mo go ene go dira thato ya gagwe. A bo re itumela jang ne go ba thusa go atamelana le Modimo!—Jakobe 4:8.

2. Le fa batho ba bantsi ba basha ba kolobediwa, go ile ga direga eng?

2 Le fa go ntse jalo, mo dinageng dingwe tse barutwa ba basha ba bantsi ba ileng ba kolobediwa kwa go tsone, palo ya baboledi ba Bogosi ga ya oketsega go le kalo. Ke boammaaruri gore, ga re a tshwanela go lebala gore bangwe ba ile ba tlhokafala, e re ka palo ya ngwaga le ngwaga ya batho ba ba tlhokafalang e le mo e ka nnang peresente e le 1. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di sekae tse di fetileng, batho ba le bantsi ba ile ba wa ka ntlha ya mabaka mangwe. Ka ntlha yang? Setlhogo seno le se se latelang di tla sekaseka kafa batho ba ngokelwang mo go Jehofa ka teng le mabaka a a ka tswang a baka gore bangwe ba we.

Lebaka La go Bo re Rera

3. (a) Tiro e e neilweng barutwa ba ga Jesu e amana jang le ya moengele yo o umakiwang mo go Tshenolo 14:6? (b) Ke tsela efe e go bonalang e le molemo mo go direng gore batho ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi, mme gone ke mathata afe a a nnang gone?

3 Mo ‘motlheng ono wa bokhutlo,’ barutwa ba ga Jesu ba neilwe tiro ya go anamisa “kitso ya boammaaruri” malebana le “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.” (Daniele 12:4, NW; Mathaio 24:14) Tiro eno ya bone e tsamaisana le ya moengele yo o “tshotse[ng] dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo morafeng mongwe le mongwe le lotso le teme le batho.” (Tshenolo 14:6) Mo lefatsheng leno le le inaakantseng le dilo tse di seng botlhokwa, gantsi tsela e e molemo thata ya go dira gore batho ba kgatlhegele Bogosi jwa Modimo le go ba thusa go atamelana le Jehofa ke ka go ba bolelela ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Le fa seno se utlwala, batho ba ba kopanelang le batho ba Modimo e le fela ka gonne ba batla go tsena mo Paradaiseng, ga ba a tsepama mo tseleng eno e tshesane e e isang botshelong.—Mathaio 7:13, 14.

4. Go ya ka Jesu le go ya ka moengele yo o fofang fa gare ga legodimo, ke lebaka lefe le le dirang gore re dire tiro ya rona ya go rera?

4 Jesu o ile a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Moengele yo o fofang fa gare ga legodimo o bolela “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” e bile o bolelela ba ba nnang mo lefatsheng a re: “Boifang Modimo lo bo lo o neye kgalalelo, ka gonne nako ya one ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang One o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” (Tshenolo 14:7) Ka gone, lebaka le legolo la go bo re rera dikgang tse di molemo ke go thusa batho go atamelana le Jehofa ka Jesu Keresete.

Seabe sa Rona mo Tirong ya ga Jehofa

5. Ke mafoko afe a ga Paulo le Jesu a a bontshang gore re dira tiro ya ga Jehofa, e seng ya rona?

5 Fa moaposetoloi Paulo a kwalela Bakeresetekaene ba ba tloditsweng, o bua ka “bodiredi jwa tetlanyo” a bo a re Modimo o letlanya batho le ene mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Paulo a re go ntse “jaaka e kete Modimo o ne o rapela ka rona” le gore “jaaka baemedi ba ga Keresete re a lopa: ‘Letlanang le Modimo.’” A kgopolo e e nametsang pelo ruri! E ka ne re “baemedi ba ga Keresete” ba ba tloditsweng kana re barongwa ba ba nang le tsholofelo ya mo lefatsheng, le ka motlha re se ka ra lebala gore tiro eno ke ya ga Jehofa, ga se ya rona. (2 Bakorintha 5:18-20) Tota ke Modimo yo o ngokang batho le go ruta ba ba tlang kwa go Keresete. Jesu o ile a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge; mme ruri ke tla mo tsosa mo losong mo letsatsing la bofelo. Go kwadilwe mo Baporofeting ga twe, ‘Mme botlhe ba tla rutwa ke Jehofa.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara e bile a ithutile o tla mo go nna.”—Johane 6:44, 45.

6. Jehofa o reketlisa ditšhaba jang e le tshimologo fela, mme kafa letlhakoreng le lengwe, ke bomang ba ba tshabelang mo ‘ntlong’ ya gagwe ya kobamelo?

6 Mo malatsing ano a bofelo, Jehofa o ngokela batho jang kwa go ene le go ba bulela “kgoro ya tumelo”? (Ditiro 14:27, mokwalo o o kwa tlase mo NW; 2 Timotheo 3:1) Tsela ya konokono ke ka go dira gore Basupi ba gagwe ba bolele molaetsa wa gagwe wa poloko le wa katlholo kgatlhanong le tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Isaia 43:12; 61:1, 2) Tiro eno ya go bolela mo lefatsheng lotlhe e reketlisa ditšhaba—e leng se e leng tshimologo fela ya thoromo e kgolo ya katlholo e e tla tlogang e direga. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ntse go bidiwa batho ba ba “botlhokwa” mo matlhong a Modimo go tswa mo tsamaisong eno mme ba bona tshireletsego mo ‘ntlong’ ya gagwe ya kobamelo ya boammaaruri. Ka gone, Jehofa o diragatsa mafoko ano a gagwe a boporofeti a a kwadilweng ke Hagai: “Ke tlaa reketlisa merafe yotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe di tlaa tla, mme ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo.”—Hagai 2:6, 7, mokwalo o o kwa tlase mo NW; Tshenolo 7:9, 15.

7. Jehofa o bula dipelo tsa batho jang le go ba ngokela kwa go ene le kwa go Morwawe?

7 Jehofa o bula dipelo tsa batho bano ba ba boifang Modimo—“dilo tse di gaisang tsotlhe mo ditšhabeng”—gore di tle di “tlhwaele tsebe dilo tse di buiwang” ke Basupi ba gagwe. (Hagai 2:7, Jewish Publication Society; Ditiro 16:14) Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ka dinako tse dingwe Jehofa o dirisa baengele ba gagwe go kaela Basupi ba gagwe kwa bathong ba ba kgatlhegang ba ba ileng ba goela kwa go ene ba kopa thuso. (Ditiro 8:26-31) Fa batho ba ntse ba ithuta ka dithulaganyo tse di molemo tse Modimo a ba diretseng tsone ka Morwawe Jesu Keresete, ba atamalana thata le Jehofa ka ntlha ya lorato lwa gagwe. (1 Johane 4:9, 10) Ee, Modimo o ngokela batho kwa go ene le kwa go Morwawe ka ‘bopelonomi jwa Gagwe jwa lorato,’ kana “lorato lo lo ikanyegang.”—Jeremia 31:3, mokwalo o o kwa tlase mo NW.

Jehofa o Ngoka Bomang?

8. Jehofa o ngoka batho ba ba ntseng jang?

8 Jehofa o ngokela batho ba ba mo senkang kwa go Ene le kwa go Morwawe. (Ditiro 17:27) Bano ba akaretsa batho ba ba “fegelwang, le ba ba sonelelang dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang” mo go Labokeresete le mo lefatsheng lotlhe. (Esekiele 9:4) Ba ‘utlwa go tlhoka ga bone ga semoya.’ (Mathaio 5:3) Ee ruri, ke batho ba ba “bonolo [“boikokobetso,” mokwalo o o kwa tlase mo NW] ba lefatshe,” ba ba tla tshelang ka bosakhutleng mo paradaiseng mo lefatsheng.—Sefania 2:3, NW.

9. Jehofa o kgona go bona jang gore a motho o ‘sekametse sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng,’ mme o ngoka batho bano jang?

9 Jehofa o kgona go bona se se mo pelong ya motho. Kgosi Dafide o ile a raya morwawe Solomone a re: “Jehofa o kheleisa dipelo tsotlhe, o tlhaloganya dikakanyo tsotlhe tsa megopolo; fa o mmatla, o tlaa bonwa ke wena.” (1 Ditirafalo 28:9) Jehofa o kgona go lemoga gore a motho o tla amogela thulaganyo ya gagwe ya go itshwarela batho maleo le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong ya Modimo ya tshiamo, go ikaegile ka gore pelo ya motho yoo kana maikutlo a gagwe a ntse jang. (2 Petere 3:13) Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe, le le rerwang le go rutwa ke Basupi ba gagwe, go ngokela kwa go ene le kwa go Morwawe ‘botlhe ba ba sekametseng sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng,’ mme “ba nna badumedi.”—Ditiro 13:48.

10. Ke eng se se bontshang gore kgang ya go bo Jehofa a ngoka batho bangwe mme a sa ngoke ba bangwe ga e akaretse taolelogale?

10 A ka tsela nngwe kgang ya go bo Jehofa a ngokela batho bangwe kwa go ene mme a sa ngoke ba bangwe e akaretsa taolelogale? Legoka! Modimo o ngoka batho go ikaegile ka keletso ya bone. O tlotla tshwanelo ya bone ya go itlhophela. Gompieno Jehofa o beela baagi ba lefatshe tlhopho e e tshwanang le e a ileng a e beela Baiseraele dingwaga tse di fetang 3 000 tse di fetileng, fa Moshe a ne a re: “Ke beile fa pele ga gago gompieno botshelo le molemo, le loso le bosula. . . . Ke lo biletsa legodimo le lefatshe gompieno go supa ka ga lona, fa ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le losika lwa gago; gore o rate Jehofa Modimo wa gago, go ineela go utlwa lentswe la gagwe, le go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago, le boleele jwa malatsi a gago.”—Duteronome 30:15-20.

11. Baiseraele ba ne ba ka tlhopha botshelo jang?

11 Ela tlhoko gore Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tlhopha botshelo ka go ‘rata Jehofa, go ineela go utlwa lentswe la gagwe, le go mo ngaparela.’ Ka nako ya fa mafoko ano a ne a buiwa, batho ba Iseraele ba ne ba ise ba gape Naga e e Solofeditsweng. Ba ne ba emisitswe fa Dipoeng tsa Moabe, ba ipaakanyetsa go kgabaganya Noka ya Joredane le go tsena mo Kanana. Le mororo e ne e le ga tlholego gore ba akanye thata ka lefatshe leo “le le molemo, le le atlhameng” le “le le elang maši le dinotshe” le ba neng ba tloga ba le newa, go bona tsholofelo eo ya bone e diragadiwa go ne go ikaegile ka go rata ga bone Jehofa, go reetsa ga bone lentswe la gagwe le go mo kgomarela. (Ekesodo 3:8) Moshe o ile a tlhalosa kgang eno sentle, a re: “Fa o ka reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, tse ke di go laolelang gompieno, gore o rate Jehofa Modimo wa gago, o tsamaye mo ditseleng tsa gagwe o bo o boloke ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi, foo o tla nna o ntse o tshela le go ntsifala, mme Jehofa Modimo wa gago o tla go segofatsa mo lefatsheng le o yang kwa go lone go ya go le rua.”—Duteronome 30:16, NW.

12. Sekai sa Baiseraele se tshwanetse go re ruta eng malebana le tiro ya rona ya go rera le go ruta?

12 A mafoko ano ga a tshwanela go re ruta sengwe malebana le tiro ya rona ya go rera le go ruta mo motlheng ono wa bokhutlo? Re akanya ka lefatshe la Paradaise le le tlang e bile re bua ka lone mo bodireding jwa rona. Mme gone, rona le batho ba re ba dirang barutwa re ka se bone tsholofetso eo e diragadiwa fa e le gore rona kana bone re direla Modimo fela ka ntlha ya mabaka a bopelotshetlha. Jaaka Baiseraele, rona le batho ba re ba rutang, re tshwanetse go ithuta go ‘rata Jehofa, go reetsa lentswe la gagwe le go mo kgomarela.’ Fa re nna re gopola seno fa re le mo bodireding jwa rona, totatota re tla bo re dirisana mmogo le Modimo mo go ngokeleng batho kwa go ene.

Badirimmogo le Modimo

13, 14. (a) Go ya ka 1 Bakorintha 3:5-9, re nna badirimmogo le Modimo jang? (b) Re tshwanetse go tlotlomatsa mang ka ntlha ya koketsego epe e e nnang gone, mme ka ntlha yang?

13 Paulo o ile a dira setshwantsho se se bontshang go dirisana mmogo le Modimo ka go bua ka go lengwa ga tshimo. O ile a kwala jaana: “Apolose ke eng, he? Ee, Paulo ke eng? Ke badiredi ba lo neng lwa nna badumedi ka bone, le eleng jaaka Morena a ne a naya mongwe le mongwe. Ke ne ka jala, Apolose a nosetsa, mme Modimo o ne wa nna wa godisa; mo e leng gore yo o jalang ga se sepe lefa e le yo o nosetsang, fa e se Modimo o o godisang. Jaanong yo o jalang le yo o nosetsang, ba mongwe, mme motho mongwe le mongwe o tla amogela maduo a gagwe go ya ka tiro ya gagwe ya bonatla. Gonne re badirimmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo e e lengwang.”—1 Bakorintha 3:5-9.

14 E re ka re le badirimmogo le Modimo, re tshwanetse go jala “lefoko la bogosi” ka boikanyegi mo dipelong tsa batho, go tswa foo re bo re nosetsa kgatlhego epe fela e ba e bontshang ka go dira maeto a go boela le dithuto tsa Baebele tse di baakanyeditsweng sentle. Fa mmu, o e leng pelo, o le molemo, Jehofa o tla dira seabe sa gagwe ka go dira gore peo ya boammaaruri jwa Baebele e gole go nna sejalo se se ungwang. (Mathaio 13:19, 23) O tla ngokela motho yoo kwa go ene le kwa go Morwawe. Jalo he, koketsego epe fela ya baboledi ba Bogosi e nna gone ka ntlha ya tiro e Jehofa a e dirang mo dipelong tsa batho, a dira gore peo ya boammaaruri e gole le go ngokela batho bao kwa go ene le kwa go Morwawe.

Tiro ya go Aga e e Tla Salang

15. Paulo o ile a dirisa setshwantsho sefe go bontsha kafa re ka thusang batho ba bangwe ka teng go nna le tumelo?

15 Le fa re itumelela koketsego eno, re tlhoafaletse go bona batho bano ba tswelela pele ba rata Jehofa, ba reetsa lentswe la gagwe le go mo kgomarela. Re utlwa botlhoko thata fa re bona bangwe ba tsidifala le go wa. A re ka dira sengwe go thibela seno? Mo setshwantshong se sengwe Paulo o bontsha kafa re ka thusang batho ba bangwe ka teng go nna le tumelo. A re: “Ga go na motho ope yo o ka thayang motheo ope o mongwe go na le o o thailweng, o e leng Jesu Keresete. Jaanong fa mongwe a agela mo motheong gouta, selefera, maje a a botlhokwatlhokwa, dilwana tsa logong, bojang, serite, tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatshega, gonne letsatsi le tla e bonatsa, ka gonne e tla senolwa ka molelo; mme molelo ka boone o tla bontsha tiro ya mongwe le mongwe ka go e leka gore ke ya mofuta ofe.”—1 Bakorintha 3:11-13.

16. (a) Ditshwantsho tse pedi tse Paulo a di dirisitseng di farologana jang ka thuto ya tsone? (b) Tiro ya rona ya go aga e ka nna jang e e sa kgotsofatseng le e e sa kgoneng go emelana le molelo?

16 Mo setshwantshong sa ga Paulo sa tshimo, go gola ga dijalo go ikaegile ka go jala ka kelotlhoko, go nosetsa ka metlha le masego a Modimo. Setshwantsho seno sa moaposetoloi se gatelela maikarabelo a modiredi wa Mokeresete a nang le one malebana le se tiro ya gagwe ya go aga e tla nnang sone. A o agile mo motheong o o tlhomameng a dirisa dilo tsa go aga tse di nonofileng? Paulo o tlhagisa jaana: “A mongwe le mongwe a nne a tlhokometse kafa a [agang] ka gone.” (1 Bakorintha 3:10) Morago ga go dira gore motho a kgatlhege ka go mmolelela ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng, a re lebisa tsela ya rona ya go ruta fela mo dithutong tsa motheo tsa kitso ya Dikwalo mme go tswa foo re bo re gatelela thata dilo tse motho a tshwanetseng go di dira gore a bone botshelo jo bo sa khutleng? A e ka tswa e le gore tsela ya rona ya go ruta e gatelela fela gore: ‘Fa e le gore o batla go tshelela ruri mo Paradaiseng, o tshwanetse go ithuta, go nna gone kwa dipokanong, le go nna le seabe mo tirong ya go rera’? Fa e le gore go ntse jalo, ga re agele tumelo ya motho yoo mo motheong o o tlhomameng, mme se re agang ka sone se ka nna sa se ka sa emelana le molelo wa diteko kana sa kgona go itshoka lobaka lo loleele. Go leka go ngokela batho kwa go Jehofa ka go ba bolelela fela ka tsholofelo ya botshelo mo Paradaiseng jo motho a bo bonang fela ka go fetsa dingwaganyana di sekae a mo direla, go tshwana le go aga ka “dilwana tsa logong, bojang, serite.”

Go ba Thusa go Rata Jehofa le Keresete

17, 18. (a) Ke eng se se leng botlhokwa mo go direng gore tumelo ya motho e nnele ruri? (b) Re ka thusa motho jang gore a dire gore Keresete a age mo pelong ya gagwe?

17 Gore tumelo ya motho e nnele ruri, e tshwanetse go ikaega ka kamano ya botsala le Jehofa Modimo ka Jesu Keresete. E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, re ka nna le kamano eo ya kagiso le Modimo fela ka Morwawe. (Baroma 5:10) Se lebale gore Jesu o ile a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” Go thusa batho ba bangwe go nna le tumelo, “ga go na motho ope yo o ka thayang motheo ope o mongwe go na le o o thailweng, o e leng Jesu Keresete.” Seno se akaretsa eng?—Johane 14:6; 1 Bakorintha 3:11.

18 Go aga mo motheong o e leng Keresete go kaya go ruta ka tsela e e tla dirang gore seithuti sa Baebele se rate Jesu thata ka ntlha ya go itse seabe sa Gagwe sa go nna Morekolodi, Tlhogo ya phuthego, Moperesiti yo Mogolo yo o lorato le Kgosi e e busang. (Daniele 7:13, 14; Mathaio 20:28; Bakolosa 1:18-20; Bahebera 4:14-16) Go bolela gore re dire gore ba tseye Jesu e le motho wa mmatota thata jaana mo e leng gore go ka twe o nna mo dipelong tsa bone. Fa re ba rapelela, re tshwanetse go dira jalo fela jaaka Paulo a ile a kopela Bakeresete ba Efeso. O ile a re: “Ke obela Rara mangole, . . . e le gore a tle a lo neye . . . gore Keresete a nne mo dipelong tsa lona ka tumelo ya lona ka lorato; gore lo tle lo name medi lo bo lo tlhomiwe mo motheong.”—Baefeso 3:14-17.

19. Matswela a go thusa diithuti tsa rona tsa Baebele go nna le lorato ka Keresete mo dipelong tsa bone e tshwanetse go nna afe, mme gone ke eng se ba tshwanetseng go se rutwa?

19 Fa re aga ka tsela e e dirang gore go rata Keresete go gole mo dipelong tsa diithuti tsa rona, ga go pelaelo gore seno se tla felela ka gore ba rate Jehofa Modimo. Lorato, maikutlo le kutlwelobotlhoko tsa ga Jesu di bontsha ka boikanyegi dinonofo tsa ga Jehofa. (Mathaio 11:28-30; Mareko 6:30-34; Johane 15:13, 14; Bakolosa 1:15; Bahebera 1:3) Ka jalo, fa batho ba nna ba itse Jesu le go mo rata, ba tla itse Jehofa le go mo rata.a (1 Johane 4:14, 16, 19) Re tshwanetse go ruta diithuti tsa rona tsa Baebele gore Jehofa ke ene yo o thusitseng Keresete go dira dilo tsotlhe tse a di diretseng batho le gore seo se tshwanetse go dira gore re Mo leboge, re mmake le go mo obamela e re ka e le “Modimo o e leng poloka ya rona.”—Pesalema 68:19, 20; Isaia 12:2-5; Johane 3:16; 5:19.

20. (a) Re ka thusa batho jang go atamelana le Modimo le Morwawe? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 E re ka re le badirimmogo le Modimo, a re thuseng batho go atamelana le ene le Morwawe, re ba thusa go nna le lorato le tumelo mo dipelong tsa bone. Ka gone Jehofa o tla nna motho wa mmatota mo go bone. (Johane 7:28) Ka Keresete, ba tla kgona go nna le kamano ya botsala le Modimo mme ba tla mo rata le go mo kgomarela. Ga ba ne ba kgaotsa go tlhola ba mo direla ka lorato, ba tla bontsha fa ba dumela gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tse di molemo ka nako ya gagwe e e tlhomilweng. (Dikhutsafalo 3:24-26; Bahebera 11:6) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re thusa batho ba bangwe go nna le tumelo, tsholofelo le lorato, re tshwanetse go aga tumelo ya rona ka namana gore e nne jaaka sekepe se se tlhomameng se se kgonang go emelana le difefo tse di boitshegang. Kgang eno e tla tlotlwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Selo se se molemo se se ka go thusang go itse Jesu botoka mme ka ene o itse Rraagwe, Jehofa, ke buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

Go Boeletsa

◻ Gantsi re dirisa eng gore batho ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi, mme go na le kotsi efe?

◻ Jehofa o ngokela batho ba ba ntseng jang kwa go ene le kwa go Morwawe?

◻ Go tsena ga Baiseraele kwa Nageng e e Solofeditsweng go ne go ikaegile ka eng, mme re ka ithuta eng ka seno?

◻ Re na le seabe sefe mo go thuseng batho go atamelana le Jehofa le Morwawe?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Le fa re itsise batho ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng, maikaelelo a rona a magolo ke go ba atamalanya le Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Maeto a rona a go boela a ka nna le matswela fa re ipaakanyetsa sentle

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela