LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/15 ts. 25-28
  • Go Solegelwa Molemo ke “Dijo Tsa Ditlhaka Tsa Legodimo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Solegelwa Molemo ke “Dijo Tsa Ditlhaka Tsa Legodimo”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto e Baiseraele ba e Boneng e Solegela Bakeresete Molemo
  • Nonotsha Kanaanelo ya Gago ka Dilo Tse Modimo A re Di Nayang
  • “Mana” a a Nayang Botshelo Jo bo Sa Khutleng
  • Bokao Jwa “Mana a a Fitlhilweng”
  • Mofuta o Mosha wa Dijo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A o Kile wa ja Senkgwe sa Botshelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Dipotso Tse di Tswang kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/15 ts. 25-28

Go Solegelwa Molemo ke “Dijo Tsa Ditlhaka Tsa Legodimo”

KA BONAKO fa Baiseraele ba sena go gololwa ka kgakgamatso kwa Egepeto, ba ne ba tlhaela tumelo ka tsela e e masisi mo Mogoloding wa bone e bong Jehofa. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a dira gore ba kgarakgatshege mo nageng ya Sinai ka dingwaga di le 40. Ka nako eo yotlhe, Baiseraele le “bontsi jwa batho jo bo tlhakanyeng” jwa batswagosele ba ba ileng ba ikopanya le bone ba ne ba ja ba bo ba nwa gore ba “kgotsofale.” (Ekesodo 12:37, 38) Pesalema 78:23-25, (NW) e re bolelela gore seno se ne sa kgonega jang: “[Jehofa] a laola magodimo a a maru kwa godimo, a bula mabati a legodimo. Mme a nna a ba nesetsa mana gore ba je, a ba naya dijo tsa ditlhaka tsa legodimo. Batho ba a ja senkgwe sa ba ba maatla; A ba romelela mefago gore ba kgotsofale.”

E re ka Moshe e ne e le mongwe wa ba ba neng ba ja mana, o tlhalosa dijo tse di tlhomologileng tseno. O ne a re mo mosong fa “monyo o sena go tlhotlhorega, sefatlhogo sa naga sa bo se bonala selonyana se se dikgolokwanyane tse dinnyennyane jaaka kgogotshwane fa fatshe. E rile bana ba Iseraele ba se bona ba raana ba re: ‘Ke eng?’” kana fa go tsewa fela jaaka Sehebera se ntse, “man huʼ?” Go ka direga gore lefoko “mana” le simolotse gone foo, leina le Baiseraele ba neng ba bitsa dijo tseo ka lone. Moshe o ne a re: “Se ne se le seswaanyana ka mmala, moutlwalo wa sone mo ganong o ntse jaaka dipapetlanyana tsa boupi tse di dubilweng ka dinotshe.”—Ekesodo 16:13-15, 31, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.

Mana e ne e se dijo tsa tlholego fela, jaaka bangwe ba bolela. Go ne go na le maatla mangwe a e seng a tlholego a a neng a dira gore a nne teng. Ka sekai, a ne a sa tswe fela mo lefelong le le rileng kana ka paka e e rileng. Fa a ne a ka ladisiwa, a ne a nna le diboko mme a bo a simolola go nkga sebodu; le fa go ntse jalo, karolo e e menaganeng sebedi e lelapa lengwe le lengwe le neng le tshwanetse go e tsaya letsatsi pele ga Sabata e ne e sa senyege fa e letse, ka jalo e ne e ka jewa ka Sabata—letsatsi le go neng go sa tlhage mana ka lone. Kwantle ga pelaelo, mana e ne e le dijo tse ba neng ba di fiwa ka kgakgamatso.—Ekesodo 16:19-30.

Fa go umakiwa “ba ba maatla,” kana “baengele,” mo go Pesalema 78 seno se supa gore Jehofa a ka tswa a ile a dirisa baengele go ba naya mana. (Pesalema 78:25, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Le fa go ka tswa go diragetse eng, batho ba ne ba na le mabaka a mantsi a go lebogela Modimo bopelonomi jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba ne ba na le boikutlo jwa go sa leboge Ene yo o ba golotseng mo bokgobeng jwa Egepeto. Le rona re ka nna ra itlhokomolosa dilo tse Jehofa a re di direlang kana tota le e leng go sa leboge fa re palelwa ke go tlhatlhanya ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato. Ka jalo re ka leboga Jehofa go bo a ile a akaretsa pego ya go gololwa ga Baiseraele le ditiragalo tse di neng tsa direga go “re laya.”—Baroma 15:4.

Thuto e Baiseraele ba e Boneng e Solegela Bakeresete Molemo

Fa Jehofa a ne a ba naya mana, o ne a akantse ka sengwe se se fetang fela go kgotsofatsa Baiseraele ba ba ka nnang dimilione di le tharo ka dilo tsa nama tse ba di tlhokang. O ne a batla ‘go ba kokobetsa le go ba leka’ gore a ba itshekise le go ba tlhamalatsa gore bone ka bobone ba solegelwe molemo. (Duteronome 8:16, NW; Isaia 48:17) Fa ba ne ba ka tsibogela go itshekisiwa le go tlhamaladiwa goo, Jehofa o ne a tla itumelela go ‘ba direla molemo mo malatsing a bone a morago’ ka go ba naya kagiso, katlego le boitumelo mo Nageng e e Solofeditsweng.

Selo se le sengwe se se botlhokwa se ba neng ba tshwanetse go se ithuta e ne e le gore “motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi mme o tshela ka lefoko lengwe le lengwe la molomo wa ga Jehofa.” (Duteronome 8:3) Fa Modimo a ka bo a sa naya batho mana, ba ka bo ba ile ba bolawa ke tlala—e leng selo se tota ba neng ba se itse sentle. (Ekesodo 16:3, 4) Baiseraele ba ba neng ba na le kanaanelo ba ne ba gakololwa letsatsi le letsatsi gore ba ikaegile gotlhelele ka Jehofa mme ka ntlha ya seo ba ne ba kokobediwa. Fa ba setse ba fitlhile kwa Nageng e e Solofeditsweng e e nang le dilo tse dintsi tse di bonalang, go ne go se kitla go direga gore ba lebale Jehofa le gore ba ikaegile ka ene.

Jaaka Baiseraele, Bakeresete ba tshwanetse go nna ba gakologelwa gore ba ikaegile ka Modimo gore ba bone dilo tse ba di tlhokang mo botshelong—tsa nama le tsa semoya. (Mathaio 5:3; 6:31-33) Fa Jesu Keresete a ne a arabela nngwe ya dithaelo tsa ga Diabolo o ne a nopola mafoko a ga Moshe a a mo go Duteronome 8:3 a bolela jaana: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.’” (Mathaio 4:4) Ee, baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ba otliwa ka go bala mafoko a ga Jehofa a a mo Lefokong la gagwe. Mo godimo ga moo, tumelo ya bone e nonotshiwa ke fa ba bona kafa molemo wa mafoko ano o amang matshelo a bone fa ba ntse ba tsamaya le Modimo le go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele.

Batho ba ba sa itekanelang ba ka tlogela go tlhola ba anaanela dilo tse di diregang ka metlha mo botshelong—tota le fa dilo tseno di supa gore Jehofa ka lorato o amega ka bone. Ka sekai, mo tshimologong, thulaganyo e e seng ya tlholego ya mana e ne ya gakgamatsa le go itumedisa Baiseraele, mme fa nako e ntse e ya ba le bantsi ba bone ba ne ba ngongorega. Ba ne ba ngongorega ka tsela e e lonyatso ba re “moya wa rona o ila senkgwe se se nyatsegang”—e le bosupi jwa gore ba ne ba simolola go “katogela kgakala le Modimo o o tshelang.” (Dipalo 11:6; 21:5; Bahebera 3:12) Ka jalo, sekao sa bone ke “tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go bone.”—1 Bakorintha 10:11.

Re ka tsaya sekao seno sa tlhagiso tsia jang? Tsela e nngwe ke gore le ka motlha re se ka ra leba dithuto tsa Baebele kana dilo tse re di amogelang ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela e le dilo tse di tlwaelegileng fela, kana tse re di bonang ka metlha. (Mathaio 24:45) Fa fela re ka simolola go tlhokomologa dimpho tsa ga Jehofa kana di sa tlhole di re kgatlha, kamano ya rona le ene e simolola go tsidifala.

Ka mabaka a a utlwalang, Jehofa ga a re kgobelele dilo tse disha tse di kgatlhisang tse dintsintsi. Go na le moo, o phatsimisa lesedi le le oketsegileng mo Lefokong la gagwe ka bonya, kgato ka kgato. (Diane 4:18) Seno se naya batho ba gagwe nako ya gore ba monye le go dirisa dilo tse ba di ithutang. Jesu o ne a latela sekao sa ga Rraagwe fa a ne a ruta barutwa ba gagwe ba bogologolo. O ne a ba tlhalosetsa Lefoko la Modimo “go ya kafa ba neng ba kgona go reetsa ka gone,” kana go “tlhaloganya,” jaaka dithanolo tse dingwe di tlhalosa.—Mareko 4:33; bapisa Johane 16:12.

Nonotsha Kanaanelo ya Gago ka Dilo Tse Modimo A re Di Nayang

Jesu o ne a dirisa gape le mokgwa wa go boaboeletsa dilo. Gone ke boammaaruri, mogopolo o ka kgona go tlhaloganya ntlha e e rileng ka bonako—ka sekai, molaomotheo wa Baebele—mme go e tsenya mo pelong le go dira gore e nne karolo ya “botho jo bosha” jwa Bokeresete go ka nna ga tsaya nakonyana, segologolo fa mekgwa le maikutlo a lefatshe a tseneletse kwa teng. (Baefeso 4:22-24) Ga go na pelaelo gore ke se se diragetseng ka barutwa ba ga Jesu fa go ne go tla mo kgannyeng ya go fenya boikgogomoso le go tlhagolela boikokobetso. Jesu o ne a tshwanela gore a ba rute ka boikokobetso ka makgetlo a le mantsinyana, lekgetlo lengwe le lengwe a tlhalosa yone ntlha eo ya konokono ka tsela e e farologaneng gore e tle e nwelelele kwa teng, mme kgabagare e ne ya nwelela kwa teng.—Mathaio 18:1-4; 23:11, 12; Luke 14:7-11; Johane 13:5, 12-17.

Mo motlheng wa segompieno, dipokano tsa Bokeresete le dikgatiso tsa Watch Tower di latela sekao sa ga Jesu ka go boeletsa dintlha ka tsela e e akanyeditsweng sentle. Ka jalo, a re amogeleng dilo tseno jaaka tse di tswang go Modimo yo o lorato yo o amegang ka rona mme le ka motlha re se ka ra lapisiwa ke dilo tse re di amogelang, jaaka Baiseraele ba ne ba lapisiwa ke mana. Ee, fa ka bopelotelele re ntse re dira ka natla go dirisa dikgakololo tse Jehofa a re di neelang ka metlha, re tla bona maungo a a molemo mo matshelong a rona. (2 Petere 3:1) Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go bontsha kanaanelo tota go supa gore re “tshwara kgopolo” ya Lefoko la Modimo mo dipelong tsa rona le mo megopolong ya rona. (Mathaio 13:15, 19, 23) Malebana le seno, re na le sekao se se molemo sa mopesalema Dafide, yo le mororo a ne a se na dijo tse di farologaneng tsa semoya tse rona re di bonang gompieno, a ileng a tlhalosa melao ya ga Jehofa e le “botshe bogolo go dinotshe, le bogolo go lomepa lwa dinotshe”!—Pesalema 19:10.

“Mana” a a Nayang Botshelo Jo bo Sa Khutleng

“Ke nna senkgwe sa botshelo,” Jesu a raya Bajuda jalo. “Borraalonamogologolwane ba ne ba ja mana kwa gare ga naga mme lefa go ntse jalo ba ne ba swa. . . . Ke nna senkgwe se se tshelang se se neng sa fologa kwa legodimong; fa mongwe a ka ja senkgwe seno o tla tshela ka bosaengkae . . . Senkgwe se ke tla se nayang ke nama ya me mo boemong jwa botshelo jwa lefatshe.” (Johane 6:48-51) Senkgwe sa mmatota kana mana ga se a ka sa naya botshelo jo bo sa khutleng, e bile ga se ka ke sa naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme ba ba dumelang mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu kgabagare ba tla bona masego a botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 20:28.

Bontsi jwa batho ba ba solegelwang molemo ke thekololo ya ga Jesu ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. “Boidiidi jo bogolo” jwa batho bano—ba ba tshwantshediwang ke “bontsi jwa batho jo bo tlhakanyeng” jwa batswagosele ba ba ileng ba ya le Baiseraele mo Khudugong ya bone go tswa kwa Egepeto—ba tla falola “sepitla se segolo” se se tla fedisang boikepo jotlhe mo lefatsheng. (Tshenolo 7:9, 10, 14; Ekesodo 12:38) Batho ba ba neng ba tshwantshediwa ke Baiseraele ka bobone ba na le tuelo e kgolwane le go feta. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa batho bano, ba palo ya bone e leng 144 000 e le ba ba bopang Iseraele wa Modimo wa semoya. Fa ba swa tuelo ya bone ke go tsosediwa go tshela kwa legodimong. (Bagalatia 6:16; Bahebera 3:1; Tshenolo 14:1) Koo Jesu o tla ba naya mana wa mofuta o o kgethegileng.

Bokao Jwa “Mana a a Fitlhilweng”

Jesu yo o tsositsweng o ne a raya Iseraele wa semoya jaana: “Yo o fenyang ke tla mo naya mangwe a mana a a fitlhilweng.” (Tshenolo 2:17) Mana a a fitlhilweng ano a tshwantshetso a re gopotsa mana a Modimo a ileng a laela Moshe gore a a tsenye mo teng ga nkgwana ya gauta mo teng ga letlole le le boitshepo la kgolagano. Letlole le ne le beilwe mo phaposaneng ya Boitshepo jwa Maitshepo ya motlaagana. Le ne le nna moo le sa bonwe ke ope, go ntse jaaka e kete le fitlhilwe. E re ka mana ano a ne a bolokilwe go nna segopotso, ga a ka a bola fa a ntse a le mo Letloleng, ka jalo ke tshwantshetso e e tshwanelang ya dijo tse di sa boleng. (Ekesodo 16:32; Bahebera 9:3, 4, 23, 24) Ka go naya ba ba 144 000 mana a a fitlhilweng, Jesu o tlhomamisa gore ba amogela bosasweng le bosaboleng jaaka barwa ba semoya ba Modimo.—Johane 6:51; 1 Bakorintha 15:54.

Mopesalema o ne a bolela jaana: “Motswedi wa botshelo o ntse nao [Jehofa].” (Pesalema 36:9) A bo mana—a mmatota le a tshwantshetso—a gatelela boammaaruri joo sentle jang ne! Mana a Modimo a ileng a a naya Baiseraele ba bogologolo, le mana a tshwantshetso a a ileng a re a naya e le nama ya ga Jesu e e ntshediwang rona, le mana a tshwantshetso a a fitlhilweng a a a neelang ba ba 144 000 ka Jesu a re gopotsa rotlhe ka moo botshelo jwa rona bo ikaegileng gotlhelele ka gone mo Modimong. (Pesalema 39:5, 7) E kete re ka dumela seno ka boikokobetso, ka boingotlo e bile re dira jalo ka metlha. Fa re dira jalo, Jehofa o tla ‘re direla molemo mo malatsing a morago.’—Duteronome 8:16, NW.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Go bona botshelo jo bo sa khutleng, batho botlhe ba ikaegile ka “senkgwe se se tshelang se se neng sa fologa kwa legodimong”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go nna gone kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete go supa kafa re anaanelang dikgakololo tsa ga Jehofa ka teng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela