LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/1 ts. 28-29
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dumedisa Folaga, go Tsenela Ditlhopho le Tirelo e e Seng ya Bosole
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Nne le Seabe mo Dipolotiking?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • “Ga ba Karolo ya Lefatshe”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Tsela e Thulaganyo ya Phuthego Eno E Ileng ya Bopega ka Yone
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/1 ts. 28-29

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Basupi ba ga Jehofa ba leba jang go bouta?

Go na le melaometheo e e tlhomameng e e mo Baebeleng e e thusang batlhanka ba Modimo gore ba nne le pono e e tshwanetseng ka kgang eno. Le fa go ntse jalo, go bonala go se na molaomotheo ope o o kgatlhanong le go bouta ka bogone. Ka sekai, ga go na lebaka lepe la gore setlhopha sa bakaedi se se ka sa bouta gore se dire ditshwetso tse di amanang le mokgatlho wa sone. Gantsi diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di dira ditshwetso tse di malebana le dinako tsa dipokano le tsela e meneelo ya phuthego e tshwanetseng go dirisiwa ka yone ka go bouta ba supa seo ka go tsholetsa diatla.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka go bouta mo ditlhophong tsa bopolotiki? Gone ke boammaaruri, mo dinageng dingwe tsa puso ya batho ka batho, baagi ba ba ka nnang diperesente di le 50 ga ba ye go bouta ka letsatsi la ditlhopho. Basupi ba ga Jehofa bone ga ba itshunye nko mo ditshwanelong tsa batho ba bangwe tsa go bouta; e bile ga ba bue kgatlhanong le ditlhopho tsa dipolotiki ka tsela epe. Ba tlotla le go dirisana sentle le babusi ba ba tlhophiwang ka tshwanelo mo ditlhophong tse di ntseng jalo. (Baroma 13:1-7) Malebana le gore a bone ka namana ba tla boutela mongwe yo o mo lenaaneng la ditlhopho, ke tshwetso e mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a tla itirelang yone a theile seo mo segakoloding sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele le kafa a tlhaloganyang boikarabelo jwa gagwe mo Modimong le mo Pusong ka gone. (Mathaio 22:21; 1 Petere 3:16) Fa Basupi ba dira tshwetso eno ya motho ka namana, ba akanyetsa mabaka a le mmalwa.

Sa ntlha, Jesu Keresete o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14) Basupi ba ga Jehofa ba tsaya molaomotheo ono ka tsela e e masisi. E re ka ba “se karolo ya lefatshe,” ga ba tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa bopolotiki tsa lefatshe.—Johane 18:36.

Sa bobedi, moaposetoloi Paulo o ne a ipitsa “moemedi” yo o emetseng Keresete mo bathong ba motlha wa gagwe. (Baefeso 6:20; 2 Bakorintha 5:20) Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Keresete Jesu ke Kgosi e e dutseng mo setulong sa Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo gone jaanong, mme bone, jaaka baemedi, ba tshwanetse go bolelela ditšhaba seno. (Mathaio 24:14; Tshenolo 11:15) Go lebeletswe gore baemedi e nne batho ba ba sa tseyeng letlhakore, e bile ba sa itshunye nko mo dikgannyeng tsa selegae tsa dinaga tse ba romelwang kwa go tsone. Jaaka baemedi ba Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa ba na le boikarabelo jo bo tshwanang jwa gore ba se ka ba itshunya nko mo dipolotiking tsa dinaga tse ba nnang mo go tsone.

Lebaka la boraro le le tshwanetseng go akanyediwa ke gore batho ba ba boutelang motho gore a nne le boemo bongwe ba ka nna ba tshwanela gore ba ikarabelele se a se dirang. (Bapisa 1 Timotheo 5:22, The New English Bible.) Bakeresete ba tshwanetse go ikakanya ka kelotlhoko gore a ba batla go rwala maikarabelo a a ntseng jalo.

Sa bonè, Basupi ba ga Jehofa ba anaanela kutlwano ya bone ya Bokeresete thata. (Bakolosa 3:14) Fa ditumelo di nna le seabe mo dipolotiking, gantsi go felela ka gore go nne le dikgaogano mo gare ga maloko a tsone. E re ka Basupi ba ga Jehofa ba etsa Jesu Keresete, ba tila go nna le seabe mo dipolotiking mme ka go dira jalo ba boloka kutlwano ya bone ya Bokeresete.—Mathaio 12:25; Johane 6:15; 18:36, 37.

Sa botlhano le sa bofelo, go sa nne le seabe ga Basupi ba ga Jehofa mo dipolotiking go dira gore ba nne le kgololesego ya gore ba bue le batho ba mekgatlho yotlhe ya bopolotiki ka molaetsa o o botlhokwa wa Bogosi.—Bahebera 10:35.

Ka ntlha ya melaometheo ya Dikwalo e e tlhalositsweng fa godimo, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le dintsi ba dira tshwetso ya motho ka namana ya gore ba se ka ba bouta mo ditlhophong tsa bopolotiki, mme kgololesego ya bone ya go dira tshwetso eo e tshegediwa ke molao wa naga. Go tweng he, fa e le gore go ya ka molao moagi o tshwanetse go bouta? Mo kgannyeng e e ntseng jalo, Mosupi mongwe le mongwe o na le boikarabelo jwa go dira tshwetso e a e akanyeditseng ka kelotlhoko, e e theilweng mo Baebeleng ya gore o tla lebana jang le boemo joo. Fa mongwe a swetsa go ya kwa go boutelwang gone, ke tshwetso ya gagwe. Gore o dira eng kwa lefelong la go bouta ke kgang ya gagwe le Mmopi wa gagwe.

Makasine wa November 15, 1950 wa Tora ya Tebelo, (ka Seesemane) mo ditsebeng 445 le 446 o ne wa bolela jaana: “Koo Kaesare a pateletsang baagi go bouta gone . . . [Basupi] ba ka nna ba ya kwa mafelong a go boutela mme ba tsena mo diphaposing tsa teng. Ke mo ba kopiwang gone gore ba tshwaye pampitshana ya go bouta kana ba kwale gore ba emela eng. Batho ba ba boutang ba dira se ba se ratang ka dipampitshana tsa bone tsa go bouta. Ka jalo, fano fa pele ga Modimo ke mo basupi ba gagwe ba tshwanetseng go dira tumalanong le ditaelo tsa gagwe le go ya ka tumelo ya bone. Ga se maikarabelo a rona gore re ba bolelele gore ba dire eng ka pampitshana ya go bouta.”

Go tweng fa monna yo o sa dumeleng wa mosadi wa Mokeresete a mo gatelela gore a ye go bouta? Gone ke boammaaruri, o mo taolong ya monna wa gagwe, fela jaaka Bakeresete ba le mo taolong ya babusi ba bagolo. (Baefeso 5:22; 1 Petere 2:13-17) Fa a utlwa monna wa gagwe a bo a ya kwa lefelong la go bouta, ke tshwetso ya gagwe ka namana. Ga go na ope yo o tshwanetseng go mo tshwaya phoso.—Bapisa Baroma 14:4.

Go tweng ka naga e mo go yone go bouta go sa laolweng ke molao mme le fa go ntse jalo, go na le letlhoo le legolo ka batho ba ba sa yeng kwa lefelong la go bouta—gongwe ba nna mo kotsing ya gore ba ka gobadiwa? Kana go tweng fa e le gore le fa batho ba sa patelediwe ke molao go bouta, ba otlhaiwa botlhoko ka tsela nngwe fa ba sa ye kwa lefelong la go bouta? Mo maemong ano le a a tshwanang nao, Mokeresete o tshwanetse go dira tshwetso ya gagwe ka namana. “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.”—Bagalatia 6:5.

Go ka nna ga nna le batho ba ba kgopisegang fa ba bona gore ka nako ya ditlhopho mo nageng ya bone, go na le Basupi bangwe ba ga Jehofa ba ba yang kwa lefelong la go bouta mme ba bangwe ba sa ye. Ba ka nna ba re, ‘Basupi ba ga Jehofa ga ba a tlhomama.’ Le fa go ntse jalo, batho ba tshwanetse go lemoga gore, mo dikgannyeng tse di amang segakolodi sa motho mongwe le mongwe tse di jaaka tseno, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a itirela tshwetso ya gagwe ka namana fa pele ga Jehofa Modimo.—Baroma 14:12.

Le fa e ka tswa e le ditshwetso dife tsa motho ka namana tse Basupi ba ga Jehofa ba di dirang mo maemong a a farologaneng, ba ela tlhoko gore ba boloke boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete le kgololesego ya bone ya go bua. Mo dilong tsotlhe, ba ikaega ka Jehofa Modimo gore a ba nonotshe, a ba neye botlhale le go ba thusa gore ba se ka ba latola tumelo ya bone ka tsela epe. Ka go dira jalo ba supa fa ba tshepa mafoko ano a mopesalema: “Wena o lefika la me, le kago ya me ya phemelo; ke gone ka ntlha ya leina la gago, o nkgoge, o bo o ntsamaise.”—Pesalema 31:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela