Nnang Babadi ba ba Itumetseng ba Buka ya Tshenolo
“Go itumela yo o balelang kwa godimo le ba ba utlwang mafoko a boporofeti jono, le ba ba bolokang dilo tse di kwadilweng mo go jone.”—TSHENOLO 1:3.
1. Ke maemo afe a moaposetoloi Johane a neng a le mo go one fa a kwala Tshenolo, mme o ne a kwala diponatshegelo tseno ka boikaelelo bofe?
“NNA Johane . . . ka bo ke le mo setlhaketlhakeng se se bidiwang Patamose ka ntlha ya go bua ka Modimo le go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 1:9) Ao ke maemo a moaposetoloi Johane a neng a le mo go one fa a kwala buka ya Apokalipisi, kana Tshenolo. Go akanngwa gore o ile a isiwa botshwarwa kwa Patamose ka nako ya puso ya ga Mmusimogolo wa Moroma e bong Domitian (81-96 C.E.), yo o neng a pateletsa batho go obamela mmusimogolo mme ya nna mmogisi wa Bakeresete. Fa Johane a le kwa Patamose, o ne a bona metseletsele ya diponatshegelo tse a ileng a di kwala. O ile a di tlhalosa e seng ka boikaelelo jwa go tshosa Bakeresete ba pele, go na le moo ka boikaelelo jwa go ba nonotsha, go ba gomotsa le go ba kgothatsa ka ntlha ya diteko tse ba neng ba lebana le tsone le tse ba neng ba tlile go lebana le tsone.—Ditiro 28:22; Tshenolo 1:4; 2:3, 9, 10, 13.
2. Ke eng fa Bakeresete ba gompieno ba boammaaruri ba kgatlhegela maemo a Johane le Bakeresetekaene ba neng ba le mo go one?
2 Maemo a buka eno ya Baebele e neng ya kwalwa mo go one a na le bokao jo bogolo mo Bakereseteng ba gompieno. Johane o ne a bogisiwa ka gonne e ne e le mosupi wa ga Jehofa le wa ga Morwawe, Keresete Jesu. Ene le Bakeresetekaene ba ne ba ilwa ke batho ka gonne, le mororo ba ne ba leka go nna baagi ba ba molemo, ba ne ba ka se obamele mmusimogolo. (Luke 4:8) Mo dinageng dingwe, Bakeresete ba boammaaruri ba mo maemong a a tshwanang, moo Puso e ipayang mo maemong a go tlhoma gore ke eng “se se siameng mo go tsa bodumedi.” Ka gone, a bo mafoko a a simololang a buka ya Tshenolo a gomotsa jang ne: “Go itumela yo o balelang kwa godimo le ba ba utlwang mafoko a boporofeti jono, le ba ba bolokang dilo tse di kwadilweng mo go jone; gonne nako e e tlhomilweng e gaufi.” (Tshenolo 1:3) Ee, babadi ba ba sekegang tsebe le ba ba boikobo ba Tshenolo ba ka bona boitumelo jwa mmatota le masego a magolo.
3. Ke mang yo e leng Motswedi wa Tshenolo e e neilweng Johane?
3 Motswedi wa konokono wa Tshenolo ke mang, mme go ilwe ga dirisiwa tsela efe go e neela? Temana e e simololang e re bolelela jaana: “Tshenolo ka Jesu Keresete, e Modimo o neng wa e mo naya, gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tshwanetseng go akofa di diragala. Mme a romela moengele wa gagwe mme ka ene a e neela motlhanka wa gagwe Johane ka ditshupo.” (Tshenolo 1:1) Fa re e baya ka tsela e e motlhofo, Motswedi wa mmatota wa Tshenolo ke Jehofa Modimo, yo o neng a e neela Jesu, mme Jesu a e fetisetsa kwa go Johane a dirisa moengele. Fa re kanoka dilo go ya pele re lemoga gore Jesu o ile a dirisa le moya o o boitshepo go romelela diphuthego melaetsa le go neela Johane diponatshegelo.—Tshenolo 2:7, 11, 17, 29; 3:6, 13, 22; 4:2; 17:3; 21:10; bapisa Ditiro 2:33.
4. Ke tsela efe e Jehofa a sa ntseng a e dirisa go etelela batho ba gagwe pele mo lefatsheng gompieno?
4 Jehofa o sa ntse a dirisa Morwawe, yo e leng “tlhogo ya phuthego,” go ruta batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng. (Baefeso 5:23; Isaia 54:13; Johane 6:45) Jehofa o dirisa le moya wa gagwe go ruta batho ba gagwe. (Johane 15:26; 1 Bakorintha 2:10) Mme fela jaaka Jesu a ile a dirisa “motlhanka wa gagwe Johane” go fepa diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga ka dijo tsa semoya tse di otlang, le gompieno o dirisa “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” yo o dirilweng ka ‘barwarraagwe’ ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng, go abela ba ntlo ya gagwe le ditsala tsa bone “dijo tsa [semoya] ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:45-47; 25:40) Go itumela batho ba ba tsayang tsia Motswedi wa ‘dimpho tse di molemo’ tsa dijo tsa semoya le tsela e A e dirisang go re di abela ka yone.—Jakobe 1:17.
Diphuthego Tse di Kaelwang ke Keresete
5. (a) Diphuthego tsa Bokeresete le balebedi ba tsone di tshwantshiwa le eng? (b) Le fa re sa itekanela, ke eng se se ka dirang gore re nne re itumetse?
5 Mo dikgaolong tse di simololang tsa Tshenolo, diphuthego tsa Bokeresete di tshwantshiwa le ditlhomo tsa lobone. Balebedi ba tsone ba tshwantshiwa le baengele (barongwa) le dinaledi. (Tshenolo 1:20)a Fa Keresete a bua ka ene ka boene, o ile a laela Johane go kwala jaana: “Tseno ke dilo tse a di buang yo o tshotseng dinaledi tse supa mo seatleng sa gagwe sa moja, yo o tsamayang mo gare ga ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa.” (Tshenolo 2:1) Melaetsa e supa e e neng ya romelwa kwa diphuthegong tse supa tsa Asia e bontsha gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go ne go na le dilo tse diphuthego le bagolwane ba tsone ba neng ba dira sentle mo go tsone le tse ba neng ba na le bokoa mo go tsone. Go ntse jalo le gompieno. Ka gone, re tla nna le boitumelo jo bogolwane fa le ka motlha re sa lebale kgang ya gore Keresete, Tlhogo ya rona, o mo gare ga diphuthego. O itse sentle se se diregang mo go tsone. Ka tsela ya tshwantshetso balebedi ba “mo seatleng sa gagwe sa moja,” ke gore, ke ene yo o ba laolang le go ba kaela e bile ba a ikarabelela mo go ene go ya kafa ba disang diphuthego ka teng.—Ditiro 20:28; Bahebera 13:17.
6. Ke eng se se bontshang gore ga se balebedi fela ba ba ikarabelang mo go Keresete?
6 Le fa go ntse jalo, re tla bo re itsietsa fa re ka akanya gore ke balebedi fela ba ba ikarabelang mo go Keresete go ya ka ditiro tsa bone. Keresete o ile a bua jaana mo go mongwe wa melaetsa ya gagwe: “Diphuthego tsotlhe di tla itse gore ke nna yo o hukutsang diphilo le dipelo, mme ke tla naya mongwe le mongwe wa lona go ya ka ditiro tsa lona.” (Tshenolo 2:23) Seno ke tlhagiso e bile ke kgothatso—ke tlhagiso ya gore Keresete o itse maitlhomo a rona a a fitlhegileng, mme ke kgothatso ka gonne go re tlhomamisetsa gore Keresete o etse tlhoko maiteko a re a dirang e bile o tla re segofatsa fa re dira se re ka se kgonang.—Mareko 14:6-9; Luke 21:3, 4.
7. Bakeresete ba Filadelefia ba ile ‘ba boloka lefoko kaga boitshoko jwa ga Jesu’ jang?
7 Molaetsa wa ga Keresete o o yang kwa phuthegong ya Filadelefia ya kgaolo ya Lidia ga o na kgalemo epe, mme gone, o neela tsholofetso e re tshwanetseng go e kgatlhegela thata. “Ka gonne o ne wa boloka lefoko kaga boitshoko jwa me, le nna ke tla go boloka mo nakong ya teko, e e tla tlelang lefatshe lotlhe le le nang le banni, go leka ba ba nnang mo lefatsheng.” (Tshenolo 3:10) Mafoko a Segerika a a reng “wa boloka lefoko kaga boitshoko jwa me” gape a ka kaya gore “o bolokile se ke se boletseng malebana le boitshoko.” Temana ya 8 e naya kgopolo ya gore Bakeresete ba kwa Filadelefia ga ba a ikobela ditaelo tsa ga Keresete fela mme gape ba ile ba reetsa kgakololo ya gore bone ka bobone ba itshoke ka boikanyegi.—Mathaio 10:22; Luke 21:19.
8. (a) Jesu o ne a solofetsa Bakeresete ba Filadelefia eng? (b) Ke bomang ba gompieno ba amiwang ke ‘nako ya teko’?
8 Jesu o ile a oketsa ka gore o tla ba boloka “mo nakong ya teko.” Tota ga re itse gore seo se ne se kaya eng mo Bakereseteng bao ka nako eo. Le fa pogiso e ile ya kgaotsa go sekae fa Domitian a sena go swa ka 96 C.E., go ile ga tsoga pogiso e nngwe gape fa go busa Trajan (98-117 C.E.), e kwantle ga pelaelo e neng ya baka diteko tse dingwe. Mme gone, ‘nako ya teko’ e kgolo e nna mo “letsatsing la Morena” ka nako ya “motlha wa bokhutlo” o gone jaanong re leng mo go one. (Tshenolo 1:10; Daniele 12:4) Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ile ba feta mo nakong ya diteko tse dikgolo ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I le moragonyana fela ga yone. Le fa go ntse jalo, ‘nako ya teko’ e sa ntse e tsweletse. E ama “lefatshe lotlhe le le nang le banni,” go akaretsa le dimilione tsa batho ba boidiidi jo bogolo ba ba solofetseng go falola pitlagano e kgolo. (Tshenolo 3:10; 7:9, 14) Re tla itumela tota fa re ka ‘boloka se Jesu a se buileng kaga boitshoko,’ e leng gore: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mathaio 24:13.
Go Ikobela Bolaodi Jwa ga Jehofa ka Boitumelo
9, 10. (a) Ponatshegelo ya setulo sa ga Jehofa sa bogosi e tshwanetse go re ama jang? (b) Go bala ga rona Tshenolo go ka oketsa boitumelo jwa rona ka tsela efe?
9 Ponatshegelo ya ga Jehofa e e mo go kgaolo ya 4 le ya 5 ya Tshenolo a le mo setulong sa bogosi le mo kgotlatshekelong ya gagwe ya selegodimo e tshwanetse go re jesa kgakge. Re tshwanetse go kgatlhiwa ke mafoko a pako e e tswang pelong a a builweng ke dibopiwa tsa selegodimo tse di nonofileng fa di ntse di ikobela bolaodi jwa tshiamo jwa ga Jehofa ka boitumelo. (Tshenolo 4:8-11) Re tshwanetse go kopanya mantswe a rona le ba ba reng: “Kwa go Yo o ntseng mo setulong sa bogosi le kwa go Kwana go nne pako le tlotlo le kgalalelo le thata ka bosaengkae le go ya go ile.”—Tshenolo 5:13.
10 Tota seno se kaya gore re itumelele go ikobela go dira thato ya ga Jehofa mo dilong tsotlhe. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Lefa e le eng se lo se dirang ka lefoko kgotsa ka tiro, dirang sengwe le sengwe ka leina la Morena Jesu, lo leboga Modimo Rara ka ene.” (Bakolosa 3:17) Mmalo wa rona wa Tshenolo o tla re itumedisa tota fa e le gore go tswa kwa tengteng ga dipelo le megopolo ya rona re tsaya tsia bolaodi jwa ga Jehofa e bile re dira thato ya gagwe mo go sengwe le sengwe se re se dirang mo botshelong.
11, 12. (a) Tsamaiso ya lefatshe ya ga Satane e tla reketlisiwa jang e bo e senngwa? (b) Go ya ka Tshenolo kgaolo ya 7, ke bomang ba ba tla kgonang “go ema” ka nako eo?
11 Go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa ka boitumelo ke gone go ka dirang gore batho le lobopo lotlhe lo bone boitumelo. Go ise go ye kae thoromo e kgolo ya lefatshe ya tshwantshetso e tla tloga e reketlisa tsamaiso ya lefatshe ya ga Satane go fitlha kwa metheong ya yone e bo e e senya. Batho ba ba ganang go ikobela puso ya selegodimo ya Bogosi jwa ga Keresete, e e emelang bolaodi jo bo tshwanetseng jwa Modimo, ga ba kitla ba nna le lefelo la botshabelo. Boporofeti bo bolela jaana: “Dikgosi tsa lefatshe le ba maemo a a kwa godimo le balaodi ba sesole le ba ba humileng le ba ba nonofileng le motlhanka mongwe le mongwe le motho mongwe le mongwe yo o gololesegileng ba iphitlha mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba. Mme ba nna ba raya dithaba le mafika ba re: ‘Re weleng godimo lo bo lo re fitlhele sefatlhego sa Yo o ntseng mo setulong sa bogosi le tšhakgalo ya Kwana, ka gonne letsatsi le legolo la tšhakgalo ya bone le tlile, mme ke mang yo o kgonang go ema?’”—Tshenolo 6:12, 15-17.
12 Malebana le potso eo, mo kgaolong e e latelang moaposetoloi Johane o tlhalosa ba ba dirang boidiidi jo bogolo, ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, a re ba “eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.” (Tshenolo 7:9, 14, 15) Go ema ga bone fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo go bontsha gore ba tsaya setulo seo sa bogosi tsia e bile ba ikobela bolaodi jwa ga Jehofa ka botlalo. Ka gone o a ba amogela.
13. (a) Bontsi jwa baagi ba lefatshe ba obamela eng, mme go tshwaiwa ga bone mo phatleng kana mo seatleng go tshwantshetsa eng? (b) Ka jalo, ke eng fa re tshwanetse go nna le boitshoko?
13 Ka fa letlhakoreng le lengwe, kgaolo ya 13 e tlhalosa baagi ba lefatshe lotlhe ba obamela tsamaiso ya dipolotiki ya ga Satane, e e tshwantshediwang ke sebatana. Ba tshwaiwa mo “phatleng” kana mo “seatleng,” e leng se se bontshang gore ba ema tsamaiso eo nokeng ka mogopolo le ka tsela ya mmatota. (Tshenolo 13:1-8, 16, 17) Go tswa foo, kgaolo ya 14 e oketsa jaana: “Fa mongwe a obamela phologolo ya naga le setshwantsho sa yone, mme a amogela letshwao mo phatleng ya gagwe kgotsa mo seatleng sa gagwe, le ene o tla nwa ga beine ya bogale jwa Modimo e e tshetsweng e sa timolwa mo senwelong sa tšhakgalo ya one . . . Fano ke gone fa go kayang boitshoko jwa baitshepi, ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo le tumelo ya ga Jesu.” (Tshenolo 14:9, 10, 12) Fa nako e ntse e ya, potso e tla nna e ntse e le: O ema mang nokeng? Jehofa le bolaodi jwa gagwe kana tsamaiso e e boikepo ya dipolotiki e e tshwantshediwang ke sebatana? Go tla itumela ba ba tilang go tshwaiwa letshwao la sebatana ba ikobela bolaodi jwa ga Jehofa ka go itshoka ka boikanyegi.
14, 15. Ke molaetsa ofe o o tsenang mafoko a Tshenolo a a tlhalosang Haramagedona gare, mme seo se kaya eng mo go rona?
14 Babusi ba “lefatshe lotlhe le le nang le banni” ba mo tseleng ya go thulana le Jehofa malebana le kgangkgolo ya bolaodi. Makgaolakgang e tla nna Haramagedona, “[ntwa] ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14, 16) Mafoko a a tlhalosang tiragalo ya go kgobokanngwa ga babusi ba lefatshe go ya go lwa le Jehofa a tsenwa gare ke molaetsa o o kgatlhang. Jesu ka boene o tsena ponatshegelo eno gare ka go bua jaana: “Bona! Ke tla jaaka legodu. Go itumela yo o nnang a tsogile mme a boloka diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle, gore a se ka a tsamaya a sa ikatega mme batho ba leba botlhabisaditlhong jwa gagwe.” (Tshenolo 16:15) Seno se ka tswa se lebisitse go badisa ba tempele ba Balefi ba ba neng ba tle ba apolwe diaparo le go tlhabisiwa ditlhong phatlalatsa fa ba ne ba ka fitlhelwa ba robetse ka nako ya tiro eo ya go disa.
15 Molaetsa o tlhamaletse: Fa re batla go falola Haramagedona, re tshwanetse go nna re tsogile semoyeng le go nna re apere diaparo tsa rona tsa tshwantshetso tse di re tlhalosang fa re le Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa Modimo. Re tla nna re itumetse fa re ka tila go otsela semoyeng le go tswelela pele re sa lape mo tirong ya go anamisa “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” tsa Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng.—Tshenolo 14:6.
‘Go Itumela ba ba Bolokang Mafoko Ano’
16. Ke eng fa dikgaolo tse di konelang tsa Tshenolo di re naya lebaka la go itumela thata?
16 Babadi ba ba itumetseng ba buka ya Tshenolo ba kgana ka boipelo jo bogolo fa ba bala dikgaolo tse di konelang tsa yone tse di tlhalosang tsholofelo ya rona e e molemolemo—magodimo a masha le lefatshe le lesha, ke gore, puso ya tshiamo ya Bogosi jwa selegodimo e e tla busang setšhaba se sesha, se se phepafaditsweng sa batho, e le gore go bakwe “Jehofa Modimo Mothatayotlhe.” (Tshenolo 21:22) Fa metseletsele eno e e molemo ya diponatshegelo e fela, morongwa wa moengele o ile a raya Johane a re: “Mafoko ano a boikanngo e bile a boammaaruri; ee, Jehofa Modimo wa dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng tsa baporofeti o ne a romela moengele wa gagwe go bontsha batlhanka ba gagwe dilo tse di tshwanetseng go akofa di diragala. Mme, bona! ke tla ka bofefo. Go itumela lefa e le mang yo o bolokang mafoko a boporofeti jwa lokwalomomeno lono.”—Tshenolo 22:6, 7.
17. (a) Tshenolo 22:6 e re tlhomamisetsa eng? (b) Re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng go tila eng?
17 Babadi ba ba itumetseng ba Tshenolo ba tla gopola gore mafoko a a tshwanang le ano a tlhaga mo tshimologong ya “lokwalomomeno lono.” (Tshenolo 1:1, 3) Mafoko ano a re tlhomamisetsa gore “dilo” tsotlhe tse di porofetilweng mo bukeng eno ya bofelo ya Baebele di tla “akofa di diragala.” Re tshela mo malatsing a bofelofelo a nako eno ya bokhutlo a ditiragalo tse di maleba tse di boleletsweng pele mo bukeng ya Tshenolo di tlogang di diragala mo go one ka go latelana ga tsone ka bonako. Ka gone, go ritibala gope fela go go bonalang go le gone mo tsamaisong ya ga Satane ga go a tshwanela ga re dira gore re otsele. Mmadi yo o ntshitseng matlho dinameng o tla gopola ditlhagiso tse di ileng tsa neelwa mo melaetseng e e neng ya romelwa kwa diphuthegong tse supa tsa Asia mme o tla tila serai sa go rata dikhumo, kobamelo ya disetwa, boitsholo jo bo maswe, go nna motlha, le makoko a batlhanogi.
18, 19. (a) Ke eng fa Jesu a sa ntse a tshwanelwa ke go tla, mme re na le tsholofelo efe e e neng ya bolelwa ke Johane? (b) Jehofa o sa ntse a tshwanelwa ke go “tla” go dira eng?
18 Mo bukeng ya Tshenolo, Jesu o itsise jaana makgetlho a le mmalwa: “Ke tla ka bofefo.” (Tshenolo 2:16; 3:11; 22:7, 20a) O sa ntse a tshwanelwa ke go tla go diragatsa katlholo mo go Babelona o Mogolo, tsamaiso ya dipolotiki ya ga Satane, le mo bathong botlhe ba ba ganang go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa jo gone jaanong bo emetsweng ke Bogosi jwa ga Mesia. Re kopanya mantswe a rona le la ga moaposetoloi Johane yo o neng a tlhaeletsa jaana: “Amen! Tla, Morena Jesu.”—Tshenolo 22:20b.
19 Jehofa o bua jaana ka boene: “Bona! Ke tla ka bofefo, e bile ke tshotse maduo a ke a nayang, go lefetsa mongwe le mongwe jaaka tiro ya gagwe e ntse.” (Tshenolo 22:12) Fa re ntse re letile tuelo e e molemolemo ya botshelo jo bo nnetseng ruri e ka ne re le bontlhanngwe jwa “legodimo le lesha” le le solofeditsweng kana “lefatshe le lesha,” a re tsenyeng letsogo ka tlhoafalo mo go laletseng batho botlhe ba ba dipelo di ikanyegang jaana: “‘Tla!’ Mme lefa e le mang yo o nyorwang a a tle; lefa e le mang yo o eletsang a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshenolo 22:17) E kete le bone ba ka nna babadi ba ba itumetseng ba buka e e tlhotlheleditsweng le e e tlhotlheletsang ya Tshenolo!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, ditsebe 28-9, 136 (mokwalo o o kwa tlase).
Dintlha Tsa Poeletso
◻ Ke tsela efe e Jehofa a ileng a e dirisa go neela Tshenolo, mme seno se re ruta eng?
◻ Ke eng fa re tshwanetse go itumelela go bala melaetsa e e neng ya romelelwa diphuthego tse supa tsa Asia?
◻ Re ka bolokwa re sireletsegile jang “mo nakong ya teko”?
◻ Re tla nna le boitumelo bofe fa re boloka mafoko a momeno wa Tshenolo?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go itumela ba ba tsayang tsia Motswedi wa dikgang tse di molemo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go itumela ba ba nnang ba tsogile