Lo Eme lo Feletse Le ka Go Tlhatswega Pelo mo go Nitameng Thanolo ya Lefatshe le Lesha—E Anaanelwa ke Dimilione mo Lefatsheng Lotlhe
E NNILE tiro e boima ya dingwaga di le 12 le dikgwedi di le 3 le malatsi a le 11. Le fa go ntse jalo, ka March 13, 1960, go ile ga wediwa karolo ya bofelo ya thanolo ya Baebele e ntšha. E ne ya bidiwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo.
Ngwaga morago ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gatisa thanolo eno e le bolumo e le nngwe. Ka 1961 go ile ga gatisiwa dikhopi di le milione tsa kgatiso eo. Gompieno, palo ya dikhopi tse di gatisitsweng e fetile tlhora ya dimilione di le lekgolo, e leng se se dirang gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e nne nngwe ya Dibaebele tse di anamisiwang thata. Gone mme, ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa Basupi go simolola thanolo eno?
Ke Eng Fa go Ne go Tlhokega Thanolo e Ntšha ya Baebele?
Gore Basupi ba ga Jehofa ba tle ba tlhaloganye le go bolela molaetsa wa Dikwalo Tse di Boitshepo, go ralala dingwaga ba ile ba dirisa dithanolo tse dintsi tse di farologaneng tsa Baebele tsa Seesemane. Le mororo dithanolo tseno di ile tsa nna mosola ka tsela nngwe, gantsi di ne di na le tlhotlheletso ya dingwao tsa bodumedi le ditumelo tsa Labokeresete. (Mathaio 15:6) Ka gone Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lemoga gore go tlhokega thanolo ya Baebele e e tla tlhalosang se se mo dikwalong tsa ntlhantlha tse di tlhotlheleditsweng ka tsela e e ikanyegang.
Kgato ya ntlha ya go dira seno e ne ya tsewa ka October 1946 fa Nathan H. Knorr, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, a ne a akantsha gore go gatisiwe thanolo e ntšha ya Baebele. Ka December 2 1947, Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e ne ya simolola go baakanyetsa thanolo e e neng e tla latela mokwalo wa ntlhantlha fela jaaka o ntse, e e neng e tla akaretsa ditshupiso tsa bosheng tsa bakanoki tse di fitlhetsweng mo mekwalong ya seatla ya Baebele e e neng e sa tswa go ribololwa e bile e le e e tla dirisang puo e e tlhaloganngwang ke babadi ba motlha wa rona.
Fa karolo ya ntlha ya yone e gatisiwa—Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika—ka 1950, go ne ga bonala gore baranodi ba ne ba fitlheletse mekgele ya bone. Ditemana tsa Baebele tse pele di neng di sa tlhaloganngwe sentle di ne tsa tlhaloganyesega ka tsela e e utlwalang sentle. Ka sekai, akanya ka temana e e tlhakanyang tlhogo e e mo go Mathaio 5:3 e e bolelang jaana: “Go sego ba ba humanegileng mo moyeng.” (King James Version) E ne ya ranolwa jaana: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” Kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e ranotsweng ka “le se nne kelotlhoko mo go sepe” (King James Version) e ne ya ranolwa jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe.” (Bafilipi 4:6) Le mo moaposetoloi Johane a neng a bua ka “thato ya nama” (Douay Version) e balega ka gore “keletso ya nama.” (1 Johane 2:16) Kwantle ga pelaelo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ile ya dira gore go nne le tsela e ntšha ya go tlhaloganya dilo.
E ne ya kgatlha bakanoki ba ba farologaneng. Ka sekai, mokanoki wa Baebele wa kwa Boritane e bong Alexander Thomson o ne a bolela gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e tlhomologile mo go ranoleng paka jaanong ya Segerika ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai: Baefeso 5:25 e balega ka gore “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona” go na le gore e re fela “Banna, ratang basadi ba lona.” (King James Version) Thomson o ne a bolela jaana ka Thanolo ya Lefatshe le Lesha: “Ga go na thanolo epe e nngwe e e bonalang e ile ya ntsha karolo e ntle eno ka botlalo le ka makgetlo a mantsi jaana.”
Karolo e nngwe e e tlhomologileng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ke tsela e e dirisang leina la Modimo Jehofa ka teng, mo Dikwalong tsa Sehebera le mo go tsa Segerika. E re ka leina la Modimo la Sehebera le tlhaga ka makgetlho a a ka nnang 7 000 mo go se go tweng ke Tesetamente e Kgologolo fela, ga go na pelaelo gore Mmopi wa rona o batla gore baobamedi ba gagwe ba dirise leina la gagwe le go mo itse jaaka motho. (Ekesodo 34:6, 7) Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ile ya thusa batho ba le dimilione go dira jalo.
Thanolo ya Lefatshe le Lesha e Nna Gone ka Dipuo Tse Dintsi
Fa e sa le Thanolo ya Lefatshe le Lesha e tlhaga ka Seesemane, Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe ba ne ba eletsa go nna le yone ka dipuo tsa bone—mme e le ka ntlha ya mabaka a a utlwalang. Mo dinageng dingwe, go ne go le thata go bona dithanolo tsa dipuo tse di buiwang koo ka gonne baemedi ba Mekgatlho ya Baebele ba ba e anamisang ba ne ba sa itumelela go bona Dibaebele tseo di felela di dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Mo godimo ga moo, gantsi Dibaebele tsa dipuo tseo di ne di fitlha dithuto tse di botlhokwa. Sekai se se tshwanelang ke sa thanolo ya puo nngwe kwa borwa jwa Yuropa e e fitlhang karolo e e botlhokwa e e buang ka leina la Modimo ka go emisetsa mafoko a ga Jesu a a reng “A leina la gago le itshepisiwe” ka a a reng “A batho ba go tlotle.”—Mathaio 6:9.
Ka 1961, baranodi ba ne ba setse ba simolotse go ranolela mokwalo wa Seesemane wa Thanolo ya Lefatshe le Lesha mo dipuong tse dingwe. Dingwaga di le pedi fela morago ga moo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e ne ya wediwa ka dipuo tse dingwe tse thataro. Ka nako eo, Basupi ba le 3 mo go ba le 4 mo lefatsheng lotlhe ba ne ba ka kgona go bala Baebele eno ka puo ya bone. Le fa go ntse jalo, go ne go tlhokega tiro e ntsi gore Basupi ba ga Jehofa ba tle ba kgone go dira gore dimilionemilione tsa batho di kgone go nna le Baebele eno.
Ka 1989 mokgele oo o ne wa bonala o le gaufi thata fa go tlhomiwa lephata la Ditirelo Tsa Thanolo kwa ntlokgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa. Lephata leo le ile la simolola mokgwa wa go ranola o mo go one go kopanngwang dipatlisiso ka mafoko a Baebele le boranyane jwa dikhomputara. Go dirisa thulaganyo eno go ile ga dira gore go kgonege gore go ranolelwe Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika mo dipuong tse dingwe ka ngwaga e le nngwe le Dikwalo Tsa Sehebera ka dingwaga di le pedi—nakonyana e nnye thata go na le e gantsi e dirisediwang tiro ya go ranola Baebele. Fa e sa le mokgwa ono o simololwa, go ranotswe dikgatiso di le 29 tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha go tswa mo Seesemaneng mme tsa gololwa mo dipuong tse di buiwang ke batho ba ba ka fetang dimilione di le dikete tse pedi. Tiro e ntse e tswelela pele mo dipuong tse dingwe di le 12. Gone jaanong, Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane e setse e ranotswe, e feletse kana bontlhanngwe jwa yone, ka dipuo di le 41.
Go setse go fetile dingwaga di le 50 jaanong fa e sa le karolo ya ntlha ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e golotswe ka August 3, 1950 kwa Kopanong ya Basupi ba ga Jehofa ya Go Oketsega ga Puso ya Modimo kwa New York City. Ka nako eo, Nathan H. Knorr o ne a kgothaletsa batlakopanong jaana: “Tsayang thanolo eno. E baleng ka botlalo, lo tla go itumelela. E ithuteng, ka gonne e tla lo thusa go tlhaloganya Lefoko la Modimo botoka. E abeleng batho ba bangwe.” Re lo kgothaletsa gore lo bale Baebele letsatsi le letsatsi, ka gonne molaetsa wa yone o ka lo thusa gore “lo eme lo feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.”—Bakolosa 4:12.
[Kerafa/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
“Go Gololwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha”
Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e golotsweng la ntlha ka Seesemane, gone jaanong e teng ka dipuo tse dingwe di le 41, e feletse kana bontlhanngwe jwa yone
Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika Baebele e e Feletseng
1950 1
1960-69 6 5
1970-79 4 2
1980-89 2 2
1990-Go fitlha jaanong 29 19