LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 7/1 ts. 8
  • Mofuta o o Molemolemo wa Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mofuta o o Molemolemo wa Lorato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Latela “Tsela E e Di Gaisang Tsotlhe” ya Lorato?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • ‘Se Segolo mo go Tseno Ke Lorato’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Se Lorato (Agape) E Seng Sone le Se Lo Leng Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Mo Godimo ga Dilo Tsotlhe, Ratanang ka Lorato lo Logolo”
    Nnang Lo Disitse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 7/1 ts. 8

Mofuta o o Molemolemo wa Lorato

MO MAKGETLHONG a mantsi mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, kgotsa mo Tesetamenteng e Ntšha, lefoko “lorato” ke thanolo ya lefoko la Segerika a·gaʹpe.

Buka ya Insight on the Scripturesa e bolela jaana fa e tlhalosa se lefoko leo le se kayang: “[A·gaʹpe] ga se go tseega maikutlo ka ntlha ya go kgatlhegela motho fela, jaaka batho ba bantsi ba akanya, mme ke lorato lo lo theilweng mo melaometheong kgotsa [mofuta wa lorato] lo motho a dirang tshwetso ya go nna le lone a laolwa ke melaometheo, go ikutlwa a na le boikarabelo le go batla go dira se se tshwanetseng, a leka ka bopeloephepa go direla ba bangwe molemo. A·gaʹpe (lorato) e fenya letlhoo, e dira gore le ka motlha letlhoo le se ka la tlogedisa motho melaometheo e e tshwanetseng, a bo a ipusolosetsa.”

Gape a·gaʹpe e ka akaretsa maikutlo a a boteng. Moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa jaana: “Ratanang ka lorato [a·gaʹpe] lo logolo.” (1 Petere 4:8) Ka jalo, go ka twe a·gaʹpe e ama pelo mmogo le tlhaloganyo. Ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke ditemana dingwe tse di bontshang kafa lorato lono lo lo molemolemo lo leng maatla ka teng le se lo se akaretsang? Ditemana tse di latelang di ka nna tsa go thusa: Mathaio 5:43-47; Johane 15:12, 13; Baroma 13:8-10; Baefeso 5:2, 25, 28; 1 Johane 3:15-18; 4:16-21.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela