LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 8/1 ts. 16-17
  • Jesu O ne A Nna Kgosi Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu O ne A Nna Kgosi Leng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa Baebele
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo—Ke Jwa Maemo a a Kwa Godimo ka Ditsela Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tatelano ya Ditiragalo Tsa Baebele e Bontsha Eng ka Ngwaga wa 1914?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Bogosi Jwa Modimo Bo A Busa
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 8/1 ts. 16-17

Ithute mo Lefokong la Modimo

Jesu O ne A Nna Kgosi Leng?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Jesu o ne a solofediwa bogosi bofe?

Modimo o ne a solofetsa gore setlogolwana sa ga Kgosi Dafide se ne se tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng. Setlogolwana seo ke Jesu e bile gone jaanong ke Kgosi ya Bogosi jwa Modimo.—Bala Pesalema 89:4; Luke 1:32, 33.

Fa Dafide a ne a sa le mosimanyana, Jehofa o ne a mo tlhopha gore a nne kgosi ya batho ba gagwe e bong Baiseraele. Fa Dafide a swa, Solomone yo o neng a tlhophilwe ke Jehofa o ne a nna mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa.” (1 Ditiragalo 28:4, 5; 29:23) Fa Solomone a sena go swa, go na le dikgosi tse dintsi tse di neng tsa busa kwa Jerusalema mme bontsi jwa tsone di ne di sa ikanyege. Labofelo Jehofa o ne a letla masole a Babelona go tlhasela Jerusalema le go tlosa kgosi ya yone e e neng e busa. Seo se ne sa direga ka 607 B.C.E. Fa e sale ka nako eo, ga go na kgosi epe ya losika lwa ga Dafide e e neng ya busa kwa motseng wa Jerusalema.—Bala Esekiele 21:27.

2. Go ne ga feta lobaka lo lo kae go se na kgosi epe e e emelang bogosi jwa Modimo mo lefatsheng?

Ka bonako fela morago ga go senngwa ga Jerusalema, Jehofa o ne a bolelela moporofeti wa gagwe e bong Daniele gore o ne a tla tlhopha kgosi e e neng e tla busa e le kwa legodimong. Kgosi eo e ne e tla simolola go busa leng?—Bala Daniele 7:13, 14.

Daniele o ne a tlhalosa bokao jwa toro e mo go yone Modimo a neng a laela gore setlhare se segolo se rengwe, fela jaaka Modimo a ne a laela gore bogosi jwa kwa Jerusalema bo senngwe. Le fa go ntse jalo, modi wa setlhare o ne o tla tlogelwa mo mmung gore o gole gape morago ga “metlha e supa.” Baebele e bontsha gore “metlha” e meraro le sephatlo e lekana le malatsi a le 1 260, ka jalo “metlha e supa” e lekana le malatsi a le 2 520. (Tshenolo 12:6, 14) Go ya ka boporofeti jwa Baebele, gantsi malatsi a emela dingwaga. (Dipalo 14:34) Ka jalo, go ne go tla feta dingwaga di le 2 520 go se na kgosi epe e e emelang Bogosi jwa Modimo.—Bala Daniele 4:10-17.

3. Jesu o ne a nna Kgosi leng?

Modimo o ne a tlhoma Jesu go nna Kgosi kwa legodimong ka 1914 dingwaga di le 2 520 morago ga go senngwa ga Jerusalema. Selo sa ntlha se Jesu a neng a se dira e le Kgosi e ne e le go leleka Satane le madimona a gagwe kwa legodimong. (Tshenolo 12:7-10) Le fa batho ba sa bona tiragalo eno, e ne ya bakela batho mathata a a seng kana ka sepe. (Tshenolo 12:12) Ditiragalo tse di diregileng go tloga ka 1914 di tlhomamisa gore Jesu o ne a nna Kgosi ka one ngwaga oo.—Bala Mathaio 24:14; Luke 21:10, 11, 31.

4. Bogosi jwa ga Jesu bo kaya eng mo go wena?

Go diragadiwa ga dipolelelopele tse di kaga bogosi jwa ga Jesu go bontsha gore o ka ikanya Lefoko la Modimo. Go ise go ye kae, Jesu o tla dirisa maatla a gagwe a go busa go golola batho mo pogong yotlhe.—Bala Pesalema 72:8, 12, 13; Daniele 2:44.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona tsebe 215-218 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? eno e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Tšhate mo go tsebe 16, 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

October October

607 B.C.E. 1914 C.E.

← 2,520 dingwaga →

1000 B.C.E. 1 B.C.E. 1 C.E. 1000 C.E. 2000 C.E.

← 606.25 dingwaga →← 1,913.75 dingwaga →

Bogosi jwa kwa Dirisa calculator: Modimo o tlhoma

Jerusalema bo 606.25 Jesu go nna Kgosi

a senngwa + 1,913.75 mo ditšhabeng

= 2,520

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela