LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 5/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa Modimo a Letleletse Boikepo le Pogo?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letlelela Bosula le Pogo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
    Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?
  • Ke Eng fa Batho ba Boga Thata Jaana?
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 5/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Tota ke mang yo o busang lefatshe leno?

Ditiragalo tsa ntwa, bokebekwa, thubakanyo le masetlapelo

Fa e le gore Modimo e ne e le ene a busang lefatshe leno, a go ka bo go na le pogo e e kana kana?

Batho ba le bantsi ba dumela gore Modimo wa boammaaruri ke ene a busang lefatshe leno. Mme fa e le gore seo e ne le boammaaruri, a lefatshe le ka bo le tletse ka pogo jaana? (Duteronome 32:4, 5) Go ya ka Baebele, lefatshe le laolwa ke mongwe yo o bosula.—Bala 1 Johane 5:19.

Go tlile jang gore mongwe yo o bosula a laole batho? Kwa tshimologong ya batho, moengele mongwe o ne a tsuologela Modimo a bo a kgothaletsa banyalani ba ntlha gore le bone ba tsuologe. (Genesise 3:1-6) Banyalani bao ba ne ba itlhophela go ikobela moengele yoo wa motsuolodi, e bong Satane, ka go dira jalo, ba mo dira mmusi wa bone. Modimo Mothatayotlhe ke ene fela Mmusi yo o siameng, mme o batla gore batho ba tlhophe bobusi jwa gagwe ka gonne ba mo rata. (Duteronome 6:6; 30:16, 19) Se se utlwisang botlhoko ke gore, bontsi jwa batho le bone ba ile ba tsiediwa mme ba dirile tshwetso eo e e sa siamang fela jaaka banyalani bao ba ntlha.—Bala Tshenolo 12:9.

Ke mang yo o tla rarabololang mathata a batho?

A Modimo o tla letla Satane gore a tswelele ka puso ya gagwe e e boikepo? Nnyaa! Modimo o tla dirisa Jesu gore a dirolole boikepo jo bo bakilweng ke Satane. —Bala 1 Johane 3:8.

Modimo o tla naya Jesu maatla a go fedisa Satane. (Baroma 16:20) Go tswa foo, Modimo o tla busa batho a bo a dira gore ba nne le botshelo jo bo itumetseng gape bo na le kagiso e a neng a ikaeletse gore ba nne le yone.​—Bala Tshenolo 21:3-5.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3 ya buka eno, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e teng mo go www.pr2711.com/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela