LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp17 no. 1 ts. 5-6
  • O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgaolo le Ditemana—Ke Mang Yo o Di Tsentseng mo Baebeleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Kakantsho ya go Ithuta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Go Bala Baebele Go ka Go Solegela Molemo Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
wp17 no. 1 ts. 5-6
Mosadi a bala Baebele a bo a dirisa dikgatiso tse di farologaneng tsa go ithuta Baebele

SETLHOGO SA KA FA NTLE | DITSELA TSA GO ITUMELELA GO BALA BAEBELE

O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?

Go bala Baebele go dira gore o ikutlwe jang? A go a go lapisa? Kgotsa a go a go lapolosa? Seno se ikaegile thata ka mekgwa e o e dirisang. A re bone se o ka dirang gore o itumelele go bala Baebele.

Dirisa Baebele e batho ba e tshepang e bile e dirisa puo e e tlwaelegileng. Fa o bala buka e e nang le mafoko a mantsi a bogologolo e bile o sa a tlhaloganye, ga o kitla o itumelela go e bala. Ka jalo, batla Baebele e e dirisang puo e go leng motlhofo go e tlhaloganya e bile e ama pelo. Mme gone, e tshwanetse ya bo e nepile e bile e ranotswe sentle.a

Dirisa thekenoloji. Gone jaanong Baebele e teng le mo didirisiweng tsa thekenoloji. Dibaebele dingwe di ka balwa mo Internet kgotsa tsa tsenngwa mo khomputareng kgotsa mo founong. Mo didirisiweng dingwe, o kgona go bona ka bonako gore ditemana tse dingwe di a reng ka kgang e o e balang kgotsa gore Dibaebele tse dingwe di ranotse temana eo jang. Fa o sa rate go bala, o ka reetsa Baebele e e rekotilweng. Batho ba le bantsi ba rata go reetsa sengwe fa ba le mo sepalangweng sa batho botlhe, ba tlhatswa diaparo kgotsa ba dira ditiro dingwe tse di ba letlang go reetsa sengwe fa ba bereka. Ke eng o sa leke mokgwa o o go siametseng?

Dirisa didirisiwa tsa go ithuta Baebele. Didirisiwa tseno di ka go thusa go solegelwa molemo thata ke se o se balang. Di na le dimmapa tsa mafatshe a go buiwang ka one mo Baebeleng a a ka go thusang go tlhaloganya ditiragalo tse o di balang. Ditlhogo tse di mo dimakasineng kgotsa tse di mo karolong e e reng, “Dithuto Tsa Baebele” mo website ya jw.org di ka go thusa go sekaseka bokao jwa dilo di le dintsi tse di mo Baebeleng.

Dirisa mekgwa e e farologaneng. Fa go bala Baebele go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong go go kgoba marapo, ke eng o sa leke go simolola go bala buka nngwe ya Baebele e e go kgatlhang thata? Fa o batla go itse batho ba go buiwang thata ka bone mo Baebeleng, leka go bala ka botho jwa bone. Sekai sa kafa re ka dirang seno ka gone se mo lebokosong le le reng, “Ithute Baebele ka go Itse Batho ba e Buang ka Bone.” Kgotsa gongwe o ka leka go bala Baebele go ya ka ditlhogo kgotsa go ya ka tatelano ya ditiragalo tsa yone. Leka go dirisa nngwe ya dikakantsho tseno.

a Batho ba le bantsi ba lemogile gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e nepile, e a ikanyega e bile e balega motlhofo. Baebele eno e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e teng ka dipuo di feta 130. O ka itseela yone mo website ya jw.org/tn kgotsa o ka itseela app ya JW Library. Mme fa o batla, Basupi ba ga Jehofa ba ka e tlisa kwa lelapeng la gago.

ITHUTE BAEBELE KA GO ITSE BATHO BA E BUANG KA BONE

Basadi bangwe ba ba neng ba ikanyega

Abigaile

1 Samuele kgaolo 25

Esethere

Esethere kgaolo 2-5, 7-9

Hana

1 Samuele kgaolo 1-2

Marea

(Mmaagwe Jesu) Mathaio kgaolo 1-2; Luke kgaolo 1-2; bona gape le Johane 2:1-12; Ditiro 1:12-14; 2:1-4

Rahabe

Joshua kgaolo 2, 6; bona gape le Bahebera 11:30, 31; Jakobe 2:24-26

Rebeka

Genesise kgaolo 24-27

Sara

Genesise kgaolo 17-18, 20-21, 23; bona gape le Bahebera 11:11; 1 Petere 3:1-6

Banna bangwe ba ba tlhomologileng

Aborahame

Genesise kgaolo 11-24; bona gape le 25:1-11

Dafide

1 Samuele kgaolo 16-30; 2 Samuele kgaolo 1-24; 1 Dikgosi kgaolo 1-2

Jesu

Efangele ya ga Mathaio, Mareko, Luke le Johane

Moshe

Ekesodo kgaolo 2-20, 24, 32-34; Dipalo kgaolo 11-17, 20, 21, 27, 31; Duteronome kgaolo 34

Noa

Genesise kgaolo 5-9

Paulo

Ditiro kgaolo 7-9, 13-28

Petere

Mathaio kgaolo 4, 10, 14, 16-17, 26; Ditiro kgaolo 1-5, 8-12

DIDIRISIWA TSA GO ITHUTA BAEBELE TSE DI GATISITSWENG KE BASUPI BA GA JEHOFA

  • JW.ORG—Website eno e na le didirisiwa di le dintsi tsa go ithuta Baebele tse di jaaka karolo e e reng, “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele.” Gape e na le kwa o ka itseelang gone app ya JW Library

  • ‘Bona Lefatshe le le Molemo’—Boroutšhara jono bo na le dimmapa le dinepe tsa mafelo a go buiwang ka one mo Baebeleng

  • Insight on the Scriptures—Buka ya dibolumo tse pedi e e nang le tshedimosetso ka batho, mafelo le mafoko a a mo Baebeleng

  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”—Buka eno e tlhalosa gore buka nngwe le nngwe ya Baebele e kwadilwe leng, kae le gore e kwaletswe bomang e bile e sobokanya buka nngwe le nngwe

  • Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?—Buka eno e nnye e e kwadilweng ka matsetseleko e sekaseka bosupi jwa gore Baebele ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo

  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?—Boroutšhara jwa ditsebe di le 32 jo bo tlhalosang setlhogo sa Baebele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela