A Kgwedi ya April e Tla Bo e le Kgwedi e e Kgethegileng mo go Wena?
1 Gantsi re leba kgwedi ya March le ya April jaaka setlha sa Segopotso. Ereka gantsi moletlo wa Segopotso o nna gone mo nakong eno ya ngwaga, batho ba ga Jehofa ba tlhotlheletsega gore ba oketse go nna le seabe ga bone mo bodiheding jwa tshimo.
2 Bangwe bao ba neng ba ikwadisitse jaaka babulatsela ba ba thusang mo kgweding ya March ba tla tswelela pele ba ntse ba dira jaaka babulatsela mme ba bangwe ba tla kopanela le bone mo bodiheding jono jo bo atologileng mo kgweding ya April. Fa e le gore o ka kgona go nna le seabe mo go jone, o tshwanetse wa tlisa kopo ya gago ka bonako.
3 Le eleng bao ba sa kgoneng go nna babulatsela ba ka kgona go dira gore kgwedi ya April e nne kgwedi e e kgethegileng mo go bone ka go oketsa bodihedi jwa bone jwa tshimo. Ga go na pelaelo epe gore go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng ya dirwa. Gongwe baboledi ba phuthego le babulatsela ba ka laletsa baboledi ba ba sa kolobediwang gore ba bereke le bone mo tshimong. Go tshwanetse ga dirwa boiteko jo bo oketsegileng jwa go laletsa batho botlhe ba ba kgatlhegang gore ba nne gone kwa Segopotsong ka April 17.
4 O ka nna wa kgona go simolola thuto e nngwe gape ya Bibela ka go nna podimatseba gore o amogele batho ba basha bao ba tlang kwa Segopotsong. Ka go bo Jehofa a tla bo a segofatsa maiteko a gago a a oketsegileng, bodihedi jwa gago bo tla nna le matswela mme kgwedi ya April e tla itshupa e le kgwedi e e kgethegileng mo go wena.—Pes. 34:8; Dia. 10:22.