Dirisang Buka ya Go Fetolana ka Nako ya Fa lo Dira Maeto a go Boela
1 “Nna ka yala, Apolose a nosa.” Go ne ga bolela jalo moaposetoloi Paulo. (1 Bakor. 3:6) Mafoko a marataro ano a re naya dintlha tse di motlhoswana tsa dikgato tse pedi tsa ntlha tseo re tshwanetseng ra di tsaya ka nako ya fa re dira barutwa. Tiro ya go dira loeto lwa go boela e ntse gantsi e lejwa jaaka tiro ya “go nosetsa.” Tiro eno ke segokaganyi se se botlhokwa thata fa gare ga go kopana le motho lekgetlo la ntlha le go fetoga ga motho yono go nna morutwa yo o kolobeditsweng. Tiro ya go dira loeto lwa go boela e re thusa gore re kgone go ‘gasa kitso’ gore re nosetse kgatlhegonyana e e bontshitsweng go fitlhelela e gola mme re bo re simolola thuto ya Bibela.—Dia. 15:7.
2 Bangwe ba ka nna ba itsemeletsa go boela gape koo go bontshitsweng kgatlhego gone ka ntlha ya go bo ba sa tlhomamisege kaga seo ba tla se buang. Buka eo re tsamayang re e tshotse ka metlha ya ditshupiso ya Go Fetolana ka Dikwalo e itshupile e le mosola fela thata mo go direng tiro eno ya go nosetsa. Gantsi mong wa ntlo o tshwanetse gore a nne a etelwe ka bokhutshwanyane fela gangwe le gape pele ga fa a ka dumela go amogela thuto ya Bibela eo go rulagantsweng gore e tshwarwe ka metlha. Buka ya Go Fetolana e re naya dintlha tsa ditlhogo tsa Dikwalo tseo re ka nnang ra tlotla le beng ba matlo ka tsone. Baakanyetsa loeto lwa go boela sentle, gongwe o dirisa e le nngwe kana tse di oketsegileng tsa dikakantsho tseno tse di latelang.
3 Fa e le gore o tsamaisitse kopi ya “Tora ya Tebelo” ya April 15, 1992 e e nang le setlhogo se se buang ka thapelo, o ka nna wa botsa potso eno ka nako ya fa o boela:
◼ “Ke eng seo se ka dirang gore Modimo o se ka wa amogela dithapelo tsa motho?” Morago ga fa o sena go naya mong wa ntlo nako ya gore a arabe potso eno, ntsha buka ya gago ya Go Fetolana o bo o bula mo go tsebe 368. Tlotla le ene ka dingwe tsa dikwalo tseo di leng kafa tlase ga setlhogo seo, o mo kgothaletsa gore a bale ka tlhamalalo go tswa mo bukeng. Akantsha gore a dire peeletso, kana gore a tseye dimakasine di le pedi fa e le gore ga a batle go dira peeletso.
4 Mo loetong lo longwe lwa go boela, morago ga fa o sena go botsa mong wa ntlo gore o tlhaloganya Bogosi jwa Modimo e le eng, jaaka fa bo umakiwa mo Thapelong ya Morena, bula mo go ditsebe 83-91. Tlhalosa dikwalo tseo di leng kafa tlase ga setlhogo se se reng “A Bogosi jwa Modimo Ke Goromente wa Mmatota?” le se se reng “Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela eng?” o dire jalo go ya ka moo nako e letlang ka gone. Dira gore a tlhaloganye gore mogopolo oo ba le bantsi ba nang nao wa gore Bogosi bo mo pelong ya motho ga o boammaaruri. Bogosi jono ke goromente wa Mmatota! Go na le gore o akaretse dintlha tseno tsotlhe ka nako e le nngwe fela, mmotse dipotso dingwe tseo o tla tlotlang le ene ka tsone moragonyana.
5 Mo loetong lo longwe lwa go boela, mong wa ntlo a ka nna a itseela Tsogang! ya May 8, 1992 e e nang le setlhogo se se reng “A go Na le Seo Re Se Tshelelang?”
O ka nna wa botsa jaana:
◼ “A go na le bosupi bope jo bo bontshang gore mmele wa motho o ne o diretswe gore o tshelele ruri mo lefatsheng?” Kana jaana, “A o akanya gore baswi ba itse seo batshedi ba se dirang?” Dipotso tseno di ka nna tsa tsosa kgatlhego nngwe mo go mong wa ntlo ka go bo di mo ama ka namana. Dira dithulaganyo tsa gore o boe o tle go araba dipotso tseno, jaaka fa tse dingwe tsa tsone di fitlhelwa mo bukeng ya Go Fetolana mo go tsebe 132 tse dingwe tsa tsone mo go tsebe 244.
6 Fa e le gore motlotlo wa lona wa ntlha o ne o le kaga isagwe ya lefatshe leno, o ka nna wa botsa jaana:
◼ “A Modimo o tla letla batho gore ba senye lefatshe ka tsela nngwe?” Morago ga moo bula mo go ditsebe 184-5 tsa buka ya Go Fetolana o bo o tlotla le ene ka karabo e e tswang mo Dikwalong. Kana mong wa ntlo a ka nna a botsa jaana: “Fa e le gore dibilione di tla tsosiwa mo baswing, ba tla nna kae botlhe?” Karabo ya potso eno e ka bonwa mo bukeng ya Go Fetolana mo go tsebe 434.
7 O se ka wa leka go kgobelela mong wa ntlo boammaaruri jotlhe ka nako e le nngwe fela. Tlogela dipotso dingwe tseo o tla tshwanelwang ke gore o di arabe mo maetong ao o tlileng go a dira mo isagweng. Jaaka badiri mmogo le Modimo, re batla go dira tiro eno ya go jala le go nosetsa ka botswerere ka go dirisa buka ya Go Fetolana ka tsela e e nang le matswela. Re ka tlhomamisega gore Modimo o tla ungwisa.