Dirisa Dipampitshana go Buelela Dibuka Tse Dingwe
1 Mo godimo ga dimakasine tsotlhe tse di gatisiwang gompieno, ke Tora ya Tebelo le Tsogang! fela tse di ka kgonang go thusa babadi ba ba peloephepa go bona tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Fa jaaka lo tla bo lo buisana le batho ka April le ka May, ba bangwe ba tla kgatlhegela molaetsa wa Bogosi ka botlalo, mme lo ka nna lwa ba bontsha ka tlhamalalo se se mo dimakasineng tsa bosheng lo bo lo ba tsamaisetsa peeletso. Ba bangwe kwa tshimologong ba ka nna ba se ka ba bontsha kgatlhego e e kalo. Mo maemong a a tshwanang le ao, la ntlha lo ka nna lwa tlotla ka ntlha e le nngwe fela kana di le pedi go tswa mo pampitshaneng; go tswa foo fa e le gore mong wa ntlo o bontsha kgatlhego e e oketsegileng, dirisa pampitshana go buelela makasine kana boroutšhara jo bo tsamaisiwang.
2 O ka nna wa re:
◼ “Batho ba le bantsi ba ka dumelana gore mo lefatsheng la gompieno, go na le mathata a le mantsi go feta ditharabololo tsa one. A o ne o itse gore Bibela e ne ya bolelela pele ka bontsi jwa mathata a a masisi a re lebaneng le one?” Go tswa foo o ka nna wa bula mo tsebeng 4 le 5 ya pampitshana ya A Lefatshe Leno Le Tla Falola? lo bo lo tlotla ka mathata mangwe mo go yone.
3 Fa o tsamaisa Tora ya Tebelo ya April 1 mme e le gore mong wa ntlo o kgatlhegela se o se badileng mo pampitshaneng eo, o ka mmontsha setlhogo se se reng “Latela Lesedi la Lefatshe” o bo o tlhalosa kafa Jesu Keresete e tla reng kgabagare a rarabolole mathata otlhe a setho ka gone. Go tswa foo o bo o mo tsamaisetsa peeletso. Fa a sa e amogela, tlogelela mong wa ntlo pampitshana eo le dimakasine tse pedi mme o bo o mo itsise gore o tla mmoela gape ka nako e e mo siametseng gore lo tle lo tsweledise motlotlo wa lona.
4 Fa e le gore o buelela “Tsogang!” ya April 8, o ka dirisa ketapele e e bontshitsweng mo serapeng sa 2 sa setlhogo seno mme go tswa foo o bo o oketsa jaana:
◼ “Batho ba le bantsi ga ba dumele gore bodumedi le dipolotiki di ka kgona go rarabolola mathata a re leng mo go one, mme lefa go ntse jalo ba ipotsa gore a saense yone e na le tharabololo.” Go tswa foo o bo o bala ka ntlha e e tshwanetseng mo setlhogong se se reng “A Saense E Ka Lepalepana le Dikgwetlho tsa Lekgolo la Bo21 la Dingwaga?” Go bonala sentle gore setlhogo seno se tla ratiwa ke batho ba basha ba le bantsi, segolobogolo ke baithuti ba sekolo.
5 Fa o tsamaisa boroutšhara ya “Bonañ,” o ka nna wa dirisa mokgwa o o farologaneng:
◼ “Batho ba le bantsi ba ipotsa gore re diragalelwa ke eng fa re swa. Ba bangwe ba bolela gore fa re sa ye legodimong re ya kwa diheleng; ba bangwe ga ba itse. Karabo ya Bibela ke e e gakgamatsang ebile e re neela tsholofelo.” Go tswa foo o ka mmontsha dikarolo tsa pampitshana e e reng Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? lo bo lo tlotla ka tsone. Morago ga moo o ka mmontsha ditsebe 16 le 17 mo boroutšhareng fa e le gore mong wa ntlo o kgatlhegela pampitshana eno.
6 Re tlile go kopana le batho ba le bantsi ba ba amegileng thata ka maemo a lefatshe a a ntseng a nnela maswe kwa pele. Ke ka ntlha yang o sa ba bontshe setshwantsho se se mo pampitshaneng e e reng Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso? O ka balela mong wa ntlo dipotso tse tharo tse di mo serapeng sa ntlha sa pampitshana eno. Fa a sena go araba, mmontshe serapa sa ntlha se se kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Botshelo mo Lefatsheng le Lesha la Modimo” se se mo tsebeng ya 3. Seno se bolela gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo tla tlisang lefatshe le lesha le le nang le kagiso. Fa mong wa ntlo a ntse a bontsha kgatlhego go ya pele, dirisa Tora ya Tebelo ya April 1 ka tsela e e tshwanang le e e akantshitsweng mo serapeng sa 3 sa setlhogo seno.
7 Fa o le mmoledi yo mosha, kwantle ga pelaelo o ka itumelela go dirisa mokgwa o o motlhofo. Ke ka ntlha yang o sa ikamogelele dipampitshana tsa A Lefatshe Leno Le Tla Falola? o bo o latela dikakantsho tse di bontshitsweng fa godimo mo serapeng sa 2?
8 Ke tlotlo mo go rona go isa molaetsa wa poloko mo magaeng a batho. Fa re ntse re batla ‘batho ba ba tshwanelang,’ a re diriseng dipampitshana tsa rona ka botlalo re di dirise go buelela dibuka tse dingwe fa e le gore mongwe o bontshitse kgatlhego.—Math. 10:13.