Lebaka La go Bo Dipampitshana di le Botlhokwa Thata Jaana mo Bodiheding Jwa Rona Gompieno
1 Mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya January 1, 1991, tsebe 30, go ne go na le maitemogelo a setlhogwana se se reng “O Ne A Bona Pampitshana mo Seporong.” E ne e bolela ka motlhokomedi mongwe wa batho ba ba neng ba baakanya seporo sa terena yo o neng a bona nngwe ya dipampitshana tsa rona e sotlhometse kafa tlase ga seporo. O ne a bala pampitshana eno ka yone nako eo mme go tswa foo a bo a bolelela mogwe wa gagwe jaana: “Gompieno ke bone boammaaruri!” Banna bano ka bobedi ba ne ba otora dibuka tse di oketsegileng mme ba di ithuta. Jaanong, ditlogolwana tsa bone tse di fetang lekgolo ba tlhagafetse mo boammaaruring. Seno se re bontsha fela ka matswela a a ka nnang teng fa motho a ka bala pampitshana e le nngwe fela.
2 Go Sola Sebaka Molemo: Gongwe le gongwe bakaulengwe ba sola sebaka molemo ka go tsamaisa dipampitshana. Mosha mongwe wa Mosupi o ne a lemoga gore morutabana wa gagwe o ne a hutsafetse ka ntlha ya go swelwa ke mmatsalaagwe. Kgaitsadi yono yo mosha o ne a kwalela morutabana wa gagwe lekwalo le le gomotsang a bo a mo tsenyetsa pampitshana e e reng Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? Morutabana yono o ne a mo kwalela lekwalonyana fela la go mo leboga mme morago ga moo a bo a buisana le kgaitsadi wa rona yo mmotlana. Jaanong jaana morutabana yono o ikamogelela dimakasine mo go ene ka metlha.
3 Baboledi bangwe ba ba neng ba neela bosupi mo mmileng o o neng o ela ntlheng ya mabitla ba ne ba bona batho ba ntse ba penta diphuphu. Baboledi bano ba ne ba dirisa sebaka seno go ba neela dipampitshana. Letsatsi le le latelang e ne e le la boikhutso le batho ba neng ba ya mabitleng ka lone, ka jalo baboledi bano ba ne ba akanya ka gore ba eme fa kgorong ya mabitla mme ba tsamaise dipampitshana. Ba ne ba tsamaisa dipampitshana tse di fetang makgolo a matlhano, mme ba le bararo ke bone fela ba ba neng ba di gana. Mo ngwageng e e latelang, baboledi ba ne ba boela gape mme ba ne ba tsamaisa dipampitshana tse di fetang sekete, mme ba le barataro ke bone fela ba ba neng ba di gana. Batho ba le bantsi ba ne ba bontsha kanaanelo thata. Monna mongwe fa a ne a tsamaya o ne a e tla a bala pampitshana eno, mme go ise go ye kae a bo a boela kwa morago go ya go buisana le kgaitsadi yo o neng a e mo neela. O ne a bolela jaana: “Go na le mongwe yo ke ratang gore a bale molaetsa ono. A o ka mpha e nngwe?”
4 Dipampitshana tseno di dipotlana thata ebile re ka kgona go di tshwara gongwe le gongwe kwa re yang teng. Fa re nna le dipuisano tse eseng tsa ka tlwaelo le ba bangwe, e ka tswa e le ba re sa ba itseng kana ba re ba tlwaetseng, re tshwanetse go gagamalela go buisana le bone ka bokhutshwane mo go tla gogelang ka gore re tlotle ka nngwe ya dipampitshana tse di robangbobedi tse jaanong re nang le tsone. Seno re ka se dira fa re ntse re buisana le baagisani, fa re le kwa mabenkeleng kana fa re emetse go thusiwa, fa re etetse balosika, kana mo maemong a mangwe a mantsi.
5 Lebaka la Go Bo Di Atlega: Dipampitshana tseno di na le mebala e mentle e e gogelang tota. Di bolela ka bokhutshwane. Beng ba matlo le bao re kopanang le bone mo bosuping jo e seng jwa ka tlwaelo ga ba patelesege go bala thata, le go ikutlwa ba tlamega go dira jalo. Lefa go ntse jalo, molaetsa o a tlhaloganyesega ebile o a ruta. Mmadi o bona kgopolo e e tletseng ya Dikwalo ya kgang e go buiwang ka yone mo pampitshaneng eo. Monna mongwe yo mosha o ne a gakgamala jaana, fa a sena go amogela pampitshana e e reng Botshelo Mo Lefatsheng le Lesha Le le Nang le Kagiso mme ba sena go e bala le ene: “Le ka motlha ga ke ise ke ko ke utlwe tshedimosetso e e kgothatsang thata jaana mabapi le seemo sa lefatshe!”
6 Re batla go dirisa dipampitshana tseno mo sebakeng sengwe le sengwe se se tshwanetseng. Baboledi ba le bantsi ba ile ba fitlhela gore di ba thusa go simolola dipuisano mo tirong ya ntlo le ntlo. Dithuto di le dintsi tse jaanong di tshwarwang di ne tsa simololwa ka pampitshana. Mo tsebeng ya 4 ya tokololo eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, go na le dikakantsho tse di mosola tsa kafa re ka dirisang dipampitshana ka katlego ka teng. Ee, dipampitshana di dipotlana mme lefa go ntse jalo ke didirisiwa tse di botlhokwa mo bodiheding jwa rona.