Thulaganyo e Ntšha ya Letsatsi la Kopano e e Kgethegileng
1 Go ithuta buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela go ile ga dira gore re anaanele Jesu Keresete thata. Ka tshwanelo, thulaganyo ya letsatsi la kopano e e kgethegileng e e simololang ka September e tla nna le setlhogo se se reng “Go Gata mo Dikgatong tsa Motlhomasekao wa Rona Yo Mogolo,” se se tla re thusang go tlhaloganya ka botlalo se se bolelwang ke go mo latela.
2 Go sa kgathalesege gore motho o godile go le kana kang kana o na le dingwaga di le kae mo boammaaruring, botlhe ba ba tla nnang gone mo kopanong eno ba tla kgothadiwa go nna jaaka Keresete. Karolo e nngwe ya thulaganyo e tla neela kgakololo segolobogolo mo basheng. E tla ba thusa go ipaakanyetsa go emelana le maemo a a gwetlhang a a malebana le thuto, boitlosobodutu, le dilo tse di bonalang. Go tla bo go na le dipuo, maitemogelo, le dipontsho tse di tla tlhomololang kafa re ka ganang tlhotlheletso ya lefatshe leno ka teng mme re latele sekao sa ga Keresete.—1 Pet. 2:21.
3 Batho ba ba sa tswang go ineela ba tla nna le sebaka sa go ipolela phatlalatsa ka go kolobediwa go nna balatedi ba ga Keresete. Puisano ya Dikwalo e e tsosang maikutlo mo setlhogong seo e tla nna gone pele ga tirelo ya kolobetso. Ba ba eletsang go kolobediwa mo letsatsing la kopano e e kgethegileng ba tshwanetse ba itsise molebedi wa bone yo o okamelang nako e sa ntse e le teng gore a tle a rulaganye le bagolwane ba bangwe gore ba tlhatlhobe le bone dipotso tse di akantshitsweng tsa bayakolobetsong.
4 Sebui se se etileng se tla neela puo ya konokono, e e nang le setlhogo se se reng “Melemo ya go Latela Motlhomasekao wa Rona Yo Mogolo ke Efe?” Tlhomamisa gore o laletsa batho botlhe ba ba kgatlhegang go tla mo thulaganyong eno e e kgothatsang le e e nonotshang tumelo. Ga go na tsela epe e kgolwane kana e e duelang go gaisa go latela Motlhomasekao Yo Mogolo wa rona ebong Jesu Keresete.—Math. 19:27-29.