Go Bontsha go sa Tlhaole Batho mo Bodiheding jwa Rona
1 ‘Modimo ga se motlhaodi wa batho,’ Petere o ne a bolela jalo, mme lefa go ntse jalo “eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” (Dit. 10:34, 35) Gompieno re tsweletse pele le bodihedi jwa rona re ntse re lemoga ka botlalo boammaaruri joo jo bo boletsweng ka phepafalo. Ka gone, go botlhokwa gore re leke ka bojotlhe go fenya sekgoreletsi sepe se se ka re thibelang go fitlhelela mongwe le mongwe ka mafoko a a molemo.
2 Bosheng jaana, batho ba merafe e e farologaneng ba ka tswa ba fudugetse mo tshimong ya phuthego ya lona. Go tlwaelegile gore o fitlhele batho ba ba buang puo ya mono e le nngwe kana go feta, segolobogolo mo metsesetoropong. Mo nakong e e fetileng, mo ditshimong tse dingwe bontsi jwa batho bo ne bo bua Seesemane. Lefa go ntse jalo, ga go tlhole go le jalo mo mafelong a le mantsi. Tota le mo tshimong e go neng go buiwa Sezulu thata mo go yone, bakaulengwe jaanong ba fitlhela batho ba ba buang Setsonga, Sepotokisi, Sevenda, kana puo e nngwe. Ke eng se se ka dirwang go thusa batho bano go nna le kitso ya boammaaruri?
3 Sa ntlha, re tshwanetse go ikutlwa re na le boikarabelo mo mothong mongwe le mongwe yo o kgatlhegang yo re kopanang le ene mo tshimong go sa kgathalesege lotso lwa motho yoo kana puo ya gagwe. Bagolwane, segolobogolo molebedi wa tirelo, ba tla batla go tlhomamisa gore ditlhopha tsa dipuo tsotlhe di tlhokomelwa ka tshwanelo mo tshimong mmogo le kwa dipokanong tsa phuthego.
4 Phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse ya tlhomamisa gore go na le dibuka tse di lekaneng ka dipuo tsotlhe tse di leng gone mo tshimong ya yone. Baboledi le babulatsela ba tshwanetse go tsamaya ba tshotse dibuka tseno di le mokawana fa ba le mo bodiheding. Mo makgetlong a le mantsi, bobotlana motho a ka nna a bo a bua Seesemane kana nngwe ya dipuo tse di buiwang thata mo tshimong ya lona. Mo nakong e e fetileng, re ne re le bofefo go romela maina a bone le diaterese kwa Mokgatlhong, re kopa gore mongwe yo o buang puo ya bone a ba etele. Fa e le gore ga go na phuthego kana setlhopha gaufi le lona tse di ka neelang bosupi ka puo e e tlhokegang, go ka nna ga nna le mmoledi mongwe mo go nngwe ya diphuthego tse di leng mo lefelong la lona yo o itseng puo eo mme o ka etela motho yoo. Fa seno le sone se sa kgonege, ke ka ntlha yang fa wena ka bowena o sa leke go tlhagolela kgatlhego eo? Baboledi ba bangwe ba ile ba ithuta puo e nngwe, tota le puo ya diatla, gore ba thuse motho yo o kgatlhegang go ithuta Bibela. Fa o sa kgone go buisana le motho yo o ntseng jalo, buisana le molebedi wa tirelo yo ene go tswa foo a tla ikopanyang le molebedi wa motsemogolo. Fa e le gore ga go na motho yo o buang puo eo tota le morago ga go ikopanya le molebedi wa motsemogolo, bakaulengwe ba phuthego ya lona ba tshwanetse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go bona gore bosupi bo a neelwa. Boroutšhara ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! e ile ya itshupa e le mosola thata tlase ga maemo a a ntseng jalo.
5 Mo diphuthegong di le dintsi mo tshimong ya rona, go buiwa dipuo di le mmalwa. Seno se ka bakela bagolwane kgwetlho tota. Fa e le gore ba ba nnang gone kwa dipokanong tsa rona ba ka kgona go akgela ka nngwe ya dipuo tse di buiwang thata, ba tshwanetse go kgothalediwa gore ba dire jalo. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba kgona fela go akgela ka puo ya bone. Bagolwane ba ka batla go rulaganya gore go nne le thuto ya buka e e tshwarwang ka puo eo kwa thoko kana tota le yone Thuto ya Tora ya Tebelo, fa go kgonega e bile ba bona go le mosola. Fa e le gore mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Modimo ga ba kgone go neela dipuo ka nngwe ya dipuo tse di buiwang thata mo phuthegong, molebedi wa sekolo o ka ba rulaganyetsa gore ba neele dipuo mo sekolong sa bobedi kana sa boraro, gongwe a rulaganya gore sekolo sotlhe sa bobedi se tshwarwe ka puo eo mo maitsiboeng ao. Seno se ile sa gogela mo go tlhomeng diphuthego tse di buang puo ya seeng mo lefelong. Gape re akantsha gore mo botong e e supang dinako tsa dipokano tsa phuthego ya lona lo bontshe gore batho botlhe ba amogelwa kwa dipokanong tsa rona, lo sa dire jalo fela ka puo e e buiwang thata mo phuthegong eo mme gape ka e le nngwe fela kana go feta ya dipuo tse dingwe tse di buiwang mo tshimong ya lona.
6 Fa lo leka ka tlhoafalo go fitlhelela batho botlhe ka mafoko a a molemo go sa kgathalesege puo ya bone, re tla bo re etsa lorato lwa Modimo wa rona, Jehofa, “o o ratañ gore batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.”—1 Tim. 2:4.