Letlole la Dipotso
◼ Dithuto tsa Buka tsa Phuthego di tshwanetse go tshwarwa leng?
Gantsi go molemo thata e bile go siamela batho fa go na le ditlhopha tse di farologaneng tsa thuto ya buka tse di kopanelang mo mafelong a a katoganeng mo tshimong ya phuthego go na le gore mongwe le mongwe a kopanele mo Holong ya Bogosi. Dithuto tseno di tshwanetse go tshwarwa ka dinako tse di siametseng bontsi jwa batho ba ba tlang mo go tsone. Gantsi di tshwarwa maitseboa fa gare ga beke ka nako ya fa go sena dipokano tse dingwe kana ditiro dipe tse di rulaganyeditsweng tsa tirelo. Lefa go ntse jalo, go ka nna ga tswa go le molemo bogolo gore thuto ya buka e tshwarwe motshegare gore batsofe le batho ba ba tshabang go tsamaya bosigo le batho ba ba berekang bosigo ba kgone go nna teng. Ka dinako tse dingwe tlase ga maemo a a rileng, go ka nna molemo fa thuto e tshwarwa motshegare ka mafelo a beke.
Bagolwane ba ka nna ba dira dipatlisiso tse di tshwanetseng gore ba tle ba itse gore ke dinako dife tse di tla “siamelang baboledi ba bantsi” mmogo le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang. (om-TN ts. 62) Dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo ga di a tshwanela go kgorelediwa kana go kgaosediwa ke letsatsi kana ura e e beilweng.