A ke Tshwanetse Go e Tla ke Fetoga?
Tokololo nngwe le nngwe ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e na le dipuisano tse di farologaneng tse di mo Dikwalong tse re ka di dirisang fa re neela bosupi. Baboledi ba bantsi ba ba leng tlhaga ba rata go bona dikakantsho tse disha le go dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go bua. Tirelo ya Rona ya Bogosi e ba thusa ka go ba neela dikakantsho di le mmalwa kgwedi nngwe le nngwe.
Lefa go ntse jalo, gongwe wena ga o bone go tlhokega gore o nne o fetole tsela e o e dirisang. Gongwe o ka tswa o na le diura di sekae fela mo kgweding tse o ka di dirisang tirong ya ntlo le ntlo. Go ka tswa go na le dipuisano tse di rileng tse o ileng wa di dirisa nako le nako tse o ikutlwang gore o a di kgona, mme e le tse o nnang le matswela a mantle fa o di dirisa. O ka ne o ikaegile ka ditemana tse di rileng tse di dirisiwang thata, go akaretsa Pesalema 37:9-11, 2 Petere 3:13, Tshenolō 21:4, le tse dingwe. Fa go ntse jalo, ga go tlhokege gore o ikutlwe o patelesega go fetogela go se sengwe kgapetsakgapetsa. Mokgele wa rona o mogolo ke gore re bolelele ba bangwe ka tsholofelo ya Bogosi le go ba thusa gore ba ithute gore ba tshwanetse go dira eng gore ba tle ba bone masego a ga Jehofa. Fa e le gore go na le dipuisano dingwe tse di tshwanetseng tse di tsosang kgatlhego mo bukeng ya Go Fetolana tse o ratang go di dirisa mme go na le matswela a a molemo fa o di dirisa, o se ka wa etsaetsega go di dirisa.