Thuto ya Buka ya Phuthego E Rotloetsa Ditiro Tsa go Ruta
1 Thuto ya Buka ya Phuthego e na le seabe se segolo mo thulaganyong ya thuto ya phuthego ya ga Jehofa. Ditlhopha tsa thuto ya buka di gasame le tshimo yotlhe, mo botlhe ba kgonang go ya kwa go tsone. Batho ba ba kgatlhegang ba ka tla bonolo fa ba lalediwa gonne dithuto tseno di tshwarelwa gaufi le magae a bone.
2 Go lekwa thata gore ditlhopha tseno di nne di le dinnye. Seno se thusa motshwari wa yone gore a kgone go thusa mongwe le mongwe sentle. Lobelo lo re ithutang ka lone ga lo lekane. Fa mongwe a sa tlhaloganye ntlha le e leng le fa a ne a setse a ithutile pele ga nako, motshwari a ka tlotla ka yone gape morago ga thuto. Mo godimo ga moo, fa setlhopha se le sennye, botlhe ba kgona go akgela le go bala dikwalo gantsinyana. A o nna le seabe mo metlotlong ka go akgela ka metlha? A o leka go araba ka mafoko a gago? Go iketleetsa ga gago go nna le seabe go ka go thusa ga bo ga thusa le ba bangwe. Fa o ntse o ipaakanyetsa, dirisa nonofo ya gago ya go akanya go bona kafa o ka dirisang dintlha dingwe tsa thuto ka teng ka namana.—Baheb. 5:14.
3 O ka ithuta go tshwara dithuto tsa Bibela tsa legae ka tsela e e kgatlhang le e e rutang ka go ela tlhoko mekgwa e e dirisiwang ke motshwari wa thuto ya buka. Fa mokaulengwe yo o tshwanelang a sena go bala dirapa, go tlotliwa ka dipotso. Motshwari wa thuto o kgothaletsa botlhe go bua. Fa nako e letla, o leka go batla dikakgelo ka dikwalo tse di umakilweng fela go re thusa go tlhaloganya gore di amana jang le thuto. (Bapisa Nehemia 8:8.) Ka dinako tse dingwe a ka nna a oketsa ka dikakgelo dingwe tse dikhutshwane kana a botsa dipotso dingwe tse di thusang go tlhomolola ntlha nngwe ya botlhokwa. Sekai kana setshwantsho se ka re thusa go bona kafa tshedimosetso eno e amang matshelo a rona ka gone.
4 Palo ya ba ba tlang kwa Dithutong dingwe tsa Buka ya Phuthego e kwa tlase thata. A o nna teng ka metlha? Fa go sa nna jalo, o ntse o fetiwa ke sengwe sa botlhokwa. Thulaganyo ya thuto ya buka ke nngwe ya ditsela tse Jehofa a re bontshang ka tsone gore o amega ka rona tota. (1 Pet. 5:7) O batla gore re nne le kitso le botlhale gore re kgone go nonofa semoyeng. Kafa letlhakoreng le lengwe, Satane o tla rata go fokotsa lobelo lo re golang semoyeng ka lone le go re koafatsa gore re se ka ra kgona go dirisiwa ke Jehofa le phuthego ya Gagwe. Se letle seno go diragala! A mowa o o bothito le wa lorato o o leng teng mo setlhopheng se se atamalaneng seno o ame pelo ya gago o bo o go tlhotlheletse gore o tswelele o baka Jehofa.—Bapisa Pesalema 111:1.
5 Go rulaganngwa dipokano tsa tirelo gaufi le baboledi mo mafelong a mantsi a dithuto tsa buka. E ka nna tsa fa gare ga beke, tsa mafelobeke, kana tsa go neela bosupi maitseboa. Motshwari wa thuto ya buka o tlhomamisa gore go na le tshimo e e lekaneng le gore go tla nna le mongwe yo o tla etelelang pele mo tshimong. Dipokano tsa tirelo ya tshimo ga di a tshwanela go feta metsotso e le 10-15. Motshwari a ka nna a sekaseka temana ya letsatsi ka bokhutshwane fa e amana le tiro ya go rera mme a bolela kakantsho e le nngwe kana di le pedi tse di lebaneng thata le tirelo ya tshimo kana a dira pontsho e khutshwane ka se se tsamaisiwang ka nako eo.
6 Motshwari o leka go dira le mongwe le mongwe mo setlhopheng fa nako e ntse e tsamaya, a kgothatsa le go katisa fa go tlhokegang teng.—Bapisa Mareko 3:14; Luke 8:1.