Ke Eng fa o Boloka Rekoto ya Matlo A a Se Nang Batho?
1 Banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba le mo tirelong ya tshimo mo mosong. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, ba ne ba boela gape kwa matlong a ba fitlhetseng a se na batho mo tshimong eo. Monna mongwe o ne a ba amogela mme a ba reetsa ka tlhoafalo. O ne a tsaya buka ya Tshelela Ruri mme a botsa Basupi gore a ba tla boa gape. O ne a ise a ko a tlotle le Basupi ba ga Jehofa e bile o ne a na le dipotso di le dintsi tse a batlang dikarabo tsa tsone; mme ga simololwa thuto ya Baebele. Banyalani bano ba ne ba itumeletse go bona motho yono wa sekanku. A o ka rata go nna le maitemogelo a a jaaka ano le wena? Go boloka rekoto ya matlo a a se nang batho le go boela kwa go one ka bonako go ka dira gore le wena o kgone go dira seno.
2 Ga re bolo go rotloediwa go boloka rekoto e e siameng ya matlo a a se nang batho le gore re boele gape kwa go one ka bonako. Jaaka maitemogelo a a boletsweng fa godimo a bontshitse, go a etela gape mo go lone letsatsi leo go ka lere matswela a a itumedisang. Le mororo re ka tswa re ikaeletse go fetsa tshimo e re e abetsweng, gongwe ga re itshwenye go le kalo ka go boloka rekoto ya batho ba ba seyong mo gae. Bangwe ba re: ‘Re dira tshimo ya rona mo dibekeng dingwe le dingwe di le pedi kana di le tharo; ga go tlhokege gore ke boloke rekoto e e ntseng jalo ka gonne go ise go e kae, re tla bo re boile.’ Le fa go ntse jalo, seo ke sone se se dirang gore go nne botlhokwa le e leng go feta gore re boloke rekoto eo. Mo mafelong a tshimo ya teng e dirwang gangwe le gape, go latelela matlo a a se nang batho go re thusa go senka sentle ba ba tshwanelegang. Jang?
3 Mo dikarolong di le dintsi, diperesente di le 50 kana go feta tsa baagi ga ba yo mo gae motshegare. Ka jalo, re a bo, re dira gore re nne le tshimo e ntsi fa re tlhoma mogopolo mo matlong a a se nang batho. Le e leng le fa tshimo e tsamaiwa sewelo fela, re ka tokafatsa matswela a yone fa re dira maiteko a go fitlhelela mongwe le mongwe pele ga re bolela gore tshimo eo e berekilwe.
4 Go boela kwa matlong a a neng a se na batho gantsi go ka dirwa letsatsi le lengwe, segolobogolo pele ga beke e fela. Ba le bantsi ba fitlhela go le botoka go boela ka letsatsi le nako e e farologaneng le ya ketelo ya ntlha. O ka nna wa tlhopha go dirisa nako nngwe ka Matlhatso kana ka Sontaga go bona matlo a go neng go se na batho mo go one mo gare ga beke. Bontsi jwa diphuthego bo fitlhetse gape gore go na le matswela fa ba boela kwa bathong mo diureng tsa maitseboa. Ba fitlhela gore bontsi jwa batho bo teng mo magaeng.
5 O tshwanetse go kwala gore ke maeto a go boela mo direkotong tsa gago. Fa o sa kgona go boela kwa matlong a a neng a se na batho, o tshwanetse go neela mokaulengwe yo o tshwarang setlhopha rekoto ya matlo a a neng a se na batho gore setlhopha se se latelang se e dirise mo tshimong eo.
6 Go tlhoma mogopolo thata mo karolong eno ya bodiredi jwa rona go ka oketsa matswela le boitumelo jwa rona. Go ka re kgotsofatsa thata go itse gore re senka le go tlhokomela batho ba sekadinku ka tlhoafalo.—Esek. 34:11-14.