Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
1 A bo go itumedisa jang ne go itse boammaaruri le go nna mo gare ga bao ba bolelang mafoko a a molemo ka tlhagafalo! Batho ba ba kwa ntle ga phuthego ya Modimo ba tlhoka go utlwa mafoko a a molemo a Bogosi ka tlhoafalo. Boammaaruri ka ga Bogosi bo tlhalosiwa ka tsela e e bonolo thata mo diboroutšhareng tsa Itumelele Botshelo Mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Di tlhalosa botshelo mo lefatsheng ka fa tlase ga Bogosi jwa Modimo ka phepafalo, mme di kaela mmadi kwa dilong tse eleng tsa mmatota tsa Bogosi tse di tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo. Ke boammaaruri gore go tsamaisetsa motho yo o kgatlhegang boroutšhara ke tshimologo fela ya tiro ya rona. (1 Bakor. 9:23) A re boeleng ka bonako kwa re di tsamaisitseng gone, ka boikaelelo jwa go buelela thuto mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Re ka dira seno jang ka August?
2 Boroutšhara ya “Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!” e ka tsamaisiwa fela ka go dira puisano e khutshwane thata. Jaaka fa o bontsha tsebe ya yone e e ka fa ntle, o ka nna wa re:
◼ “Ke rata go go bontsha sengwe se se tshwereng molaetsa o o molemo.” Bula boroutšhara ya Itumelele Botshelo, mme o bale serapa sa ntlha sa ketapele. Mme o bo o tswelela jaana: “Gape e araba potso eno [bula mo setlhogong se se fa godimo ga setshwantsho sa bo 8]: ‘Ke go reng motho aa swa?’ O tla go fitlhela go kgatlha go ithuta ditshwantsho o bo o bala dikwalo tse di mo boroutšhareng eno. Fa o batla go dira jalo, o ka nna wa itseela khopi eno ka moneelo wa R1,00.”
3 O tla reng fa o boela kwa o tsamaisitseng boroutšhara ya “Itumelele Botshelo” gone? O ka nna wa leka katamelo eno:
◼ Bontsha setshwantsho sa 49 mo boroutšhareng ya Itumelele Botshelo mme o bo o botsa jaana, “A seno ga se setshwantsho se se ntle? [Letela karabo.] Se mo boroutšhareng e ke go tlogeletseng yone fa ke ne ke tlile mo nakong e e fetileng. Ke tla rata go go botsa potso e e mo tsebeng e e latelang.” Bula setshwantsho sa bo 50 o bo o bala potso: “‘A o batla go tshela ka bosakhutleng mo paradaiseng e ntle eo?’ [Letela karabo.] Fa e le gore o eletsa jalo, tlhokomela gore e re ke eng se o tshwanetseng go se dira: ‘Mme he ithute kaga seo Modimo o se buang.’ [Bala Johane 17:3.] Nka itumelela go ithuta Baebele le wena mahala. A o ka rata seo?” Dira thulaganyo ya gore o tla boela leng.
4 Fa o tsamaisa boroutšhara ya “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” o ka simolola ka go bontsha setshwantsho sotlhe se se mo tsebeng e e ka fa ntle o bo o botsa:
◼ “O akanya gore go tla tlhokega eng go dira gore lefatshe lotlhe le lebege jaana?” Letela karabo. Tlhalosa dintlha dingwe tsa botlhokwa tsa setshwantsho, tse go buiwang ka tsone mo tsebeng ya 3. O bo o re: “Batho ba bantsi ba akanya gore ga go kgonege go dira lefatshe gore le lebege jaana. Mme ga se selo se se sa kgonegeng gore Modimo a se diragatse. [Bua ka dintlha tse di mo serapeng sa 43; o bo o bala Isaia 9:6, 7.] Modimo o solofeditse go tlisa lefatshe le lesha leo mo go lone batho ba merafe yotlhe ba tla itumelelang paradaise e ntle. Ke tla rata gore o bale boroutšhara eno. E tla go bontsha gore wena le lelapa la gago lo ka itumelela jang isagwe e ntle e e dirilweng ke Modimo.”
5 Fa o dira loeto lwa go boela, o ka nna wa dirisa boroutšhara ya “Bōnañ,” go tlhalosa gore ke eng fa go tlhokega go ithuta go le gontsi ka Baebele. Gongwe o ka bontsha gape tsebe ya ka fa ntle o bo o re:
◼ “Fa ke ne ke simolola go go bontsha setshwantsho seno, re ne ra dumela gore re ka rata go tshela mo lefatsheng le le ntle jaana. Go dira gore seno se kgonege, go na le sengwe se rotlhe re tlhokang go se dira.” Bula boroutšhara ya “Bōnañ,” mo serapeng sa 52; bala serapa le lekwalo la Johane 17:3. Tshwantsha tshedimosetso le setshwantsho se se mo serapeng sa 53 se se buang ka thuto e e tshwanetseng ya Baebele, mme o bo o tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba neelana ka thuto e e ntseng jalo mahala mo magaeng. Bontsha mokgwa wa rona wa go ithuta, o dirisa buka ya Kitso.
6 Fa o tsamaisa boroutšhara ya “Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise,” o ka nna wa leka go bua seno:
◼ “Ke utlwile batho ba bantsi ba re ba ka rata go tshela ka fa tlase ga puso e tota e ka kgonang go rarabolola mathata a magolo a re lebaneng le one gompieno. [Bua ka mathata a lefelo la lona a a jaaka go tlhoka tiro, go oketsega ga tlolomolao, kana go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.] Dilo tseno di dira gore re ikutlwe re sa sireletsega ka ga isagwe ya rona le ya ba re ba ratang. A o akanya gore go tla tsamaya go nna le puso e e tla rarabololang mathata ano? [Letela karabo.] Gongwe o kile wa rapela Thapelo ya Morena. Fa go ntse jalo, a o ne o itse gore tota o rapelela puso ya tshiamo?” Bula tsebe 3 mo boroutšhareng ya Puso, mme o bale dirapa tse pedi tsa ntlha. Tsamaisa boroutšhara ka moneelo wa R1,00.
7 Fa o tsamaisitse boroutšhara ya “Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise” o ka nna wa simolola motlotlo ka go bua jaana fa o dira loeto lwa go boela:
◼ “Mo nakong e e fetileng re ne ra tlotla ka gore go tlhokega puso ya tshiamo e e tla fedisang mathata a batho. Boroutšhara e ke go tlogeletseng yone e bontsha gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya rona. Batho bangwe ba ipotsa gore puso eo e tla dirang go tokafatsa maemo a rona mo botshelong. Baebele e bontsha gore Keresete o setse a itshupile gore o tla atlega fa baeteledipele ba batho ba paletsweng gone.” Bula boroutšhara ya Puso mo tsebeng ya 29, mme o bale dirapa tse nnè tsa bofelo. O bo o re: “A eo ga se isagwe e e molemo? A o ka rata go e bona?” Letela karabo. Bala Johane 17:3. Kgothaletsa go ithuta mo go oketsegileng ka thuto ya legae ya Baebele.
8 Fa o dirisa diboroutšhara tse dingwe, o ka nna wa ipaakanyetsa dipuisano tsa gago, o dirisa tseo di akantshitsweng fa godimo jaaka dikai. Boloka pego e e nepagetseng ya botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego mme o tlhomamise gore o boela ka bonako jo bo kgonegang. Baakanyetsa sentle mme o batle masego a ga Jehofa jaaka fa o ntse o bolela mafoko a a molemo a Bogosi.