Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
1 “Nnang Batho ba ba Rutwang ke Jehofa” ke setlhogo sa thulaganyo e ntšha ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e e tla simololang ka September. (Joh. 6:45) Thuto ya bomodimo e e tswang kwa go Jehofa ruri e re thusa gore re tshele matshelo a a kgotsofatsang. E dira gore re anaanele thata boswa jwa semoya jo re nang le jone. Maiteko a rona a go thusa ba bangwe gore ba utlwe mafoko a a molemo a re dira gore re nne batho ba ba mosola mo setšhabeng. Kopano eno e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e tla tlhomolola masego a a itumelelwang ke batho ba ba rutwang ke Jehofa.
2 Thulaganyo eno e tla dira gore go bonale pharologanyo fa gare ga melemo ya thuto ya bomodimo le dikotsi tsa thuto ya lefatshe. Re tla bona ka phepafalo ka moo Jehofa a re fang thuto ya boleng jo bo kwa godimo ka gone—thuto e e theilweng mo Lefokong la gagwe, Baebele. Go tla gatelelwa dikarolo tse tharo tsa kobamelo tseo ka tsone re itumelelang go rutwa ke Modimo. Mo godimo ga moo, basha ba tla kgothalediwa go etsa dikao tse di tlhomologileng tse di mo Baebeleng tse di jaaka Dafite le Timotheo le go aga matshelo a bone go dikologa dilo tsa moya. Tumelo ya rona e tla nonotshiwa jaaka fa boikanyego jwa ba ba godileng le jone bo tlhomololwa. Ba ba sa tswang go ineela ba ba tshwanelegang ba tla kolobediwa. Ba tshwanetse go itsise molebedi yo o okamelang gore ba rata jalo go santse go na le nako pele ga letsatsi la kopano.
3 Puo ya phatlalatsa ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e na le setlhogo se se reng “Go Rutwa ke Jehofa go Dira Thato ya Gagwe.” E tla gatelela mabaka a go bo rotlhe re tlhoka go tswelela re ithuta, re nitamisiwa mo tumelong, le go tswelela re dira kgatelopele. Re tla rotloediwa go etsa Jehofa ka go ruta ba bangwe boammaaruri jo bo isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Go tla akarediwa le maitemogelo a a agang go bontsha ka moo dikgatiso tsa Mokgatlho di thusitseng ba bantsi ka gone go rutwa ke Jehofa. Go tla tlhomololwa dilo tse di molemo tse di fitlheletsweng ke thulaganyo ya ga Jehofa ya go ruta mo lefatsheng lotlhe.
4 Dira dithulaganyo tse di tlhomameng gore o nne gone. Kgothaletsa botlhe ba ba kgatlhegang go nna gone. Lebelela pele go ya go rutwa dilo tse dintsi tse di molemo ke Mokaedi wa rona yo Mogolo.—Isa. 30:20.