A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela?
1 “Ga ke bone kafa nka itumelelang tiro epe e sele ka teng. Ga ke dumele gore go na le tiro epe e nka e ratang jaana.” Ke mafoko a ga mang ao? Ke mafoko a mongwe wa dikete di le makgolokgolo tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba dirileng bodiredi jwa nako e e tletseng tiro ya bone ya botshelo jotlhe. A ka thapelo o kile wa itshekatsheka go bona fa o ka kgona go nna mmulatsela? Ruri re tshwanetse go itshekatsheka go bona fa re ka se ka ra leka go nna le seabe se segolwane mo tirong ya go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka gonne re ile ra ineela ka bogotlhe ga rona mo go Jehofa. Ka jalo, tsweetswee akanyetsa dipotso tseno tse batho ba le bantsi ba di botsang malebana le bobulatsela.
POTSO YA 1: “Bangwe ba re ga se mongwe le mongwe yo e ka nnang mmulatsela. Nka itse jang gore le nna nka kgona?”
2 Karabo e ikaegile ka maemo a gago le maikarabelo a gago a Dikwalo. Go na le batho ba le bantsi ba botsogo jwa bone kana maemo a bone a gone jaanong a botshelo a sa ba letleng gore ba ka dirisa diura tse 90 ka kgwedi mo bodireding. Ka sekai akanya ka bontsi jwa bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang ba e leng basadi ba ba nyetsweng le bommabana ba Bakeresete. Ba nna le seabe mo bodireding gantsi kafa maemo a bone a ba letlang ka teng. Fa tshono e tlhaga, ngwaga le ngwaga ba dirisa kgwedi e le nngwe kana go feta e le babulatsela ba ba thusang mme ba bo ba bona maduo a go oketsa seabe sa bone mo tirelong. (Bagal. 6:9) Le mororo gone jaanong maemo a bone a sa ba letle go nna babulatsela ba ka metlha, ba rotloetsa moya wa bobulatsela e bile ke batho ba ba botlhokwa thata mo phuthegong ka ntlha ya go nna baboledi ba ba tlhagafetseng ba dikgang tse di molemo.
3 Kafa letlhakoreng le lengwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba se nang maikarabelo a mantsi ba ile ba tsenela bobulatsela ka go fetola dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa. Go tweng ka wena? A o mosha yo o sa tswang go wetsa dithuto tsa gago tsa sekolo? A o mosadi yo monna wa gagwe a kgonang go tlamela lelapa ka tsela e e lekaneng? A o nyetswe mme ga o na bana ba o ba tlhokomelang? A o mo pensheneng? Kgang ya gore a o nne mmulatsela kana nnyaa ke tshwetso e motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go itirela yone. Potso ke gore, Ke eng fa o sa akanyetse go nna mmulatsela?
4 Satane o dirisa tsamaiso ya gagwe ya dilo go tlatsa matshelo a rona ka dikgoreletsi di le dintsi le go re dira gore re batle go tshela ka tsela ya bogagapa. Fa re ka ititaya sehuba gore ga re batle go nna karolo ya lefatshe leno, Jehofa o tla re thusa go baya dilo tsa Bogosi kwa pele mo matshelong a rona le go kgaratlhela ditshiamelo tsotlhe tsa tirelo ya puso ya Modimo tse di re bulegetseng. Fa e le gore o ka kgona go baakanya maemo a gago gore o tsenele bobulatsela, ke eng fa o sa dire jalo?
POTSO YA 2: “Nka tlhomamisa jang gore ke tla kgona go itlhokomela ka tsa madi mo tirelong ya nako e e tletseng?”
5 Ke boammaaruri gore mo dinageng di le dintsi diura tse batho ba tshwanelwang ke go di bereka go bona dilo tsa botlhokwa tsa botshelo di ile tsa oketsega fa dingwaga di ntse di ya. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba le bantsi ba ba nang le masomesome a dingwaga e le babulatsela mme Jehofa o tswelela pele a ba tlamela. Gore motho a atlege mo tirong ya bobulatsela o tshwanetse go nna le tumelo le moya wa go intsha setlhabelo. (Math. 17:20) Pesalema 34:10 e re tlhomamisetsa gore “ba ba batlang Jehofa bone, ga ba ketla ba tlhoka sepe se se molemo.” Motho mongwe le mongwe yo o tsenelang bobulatsela o tshwanetse go dira jalo a na le tsholofelo e e feletseng ya gore Jehofa o tla mo tlamela. O dira jalo ka bontsi jwa babulatsela ba ba ikanyegang mo mafelong otlhe! (Pes. 37:25) Ke boammaaruri gore, tumalanong le melaometheo ya 2 Bathesalonika 3:8, 10 le 1 Timotheo 5:8, babulatsela ga ba a ikaega ka batho ba bangwe gore ba ba tlamele ka tsa madi.
6 Mongwe le mongwe yo o akanyetsang go tsenela bobulatsela o tshwanetse go dira jaaka Jesu a boletse: ‘Nna fa fatshe pele o bale ditshenyegelo.’ (Luke 14:28) Go dira jalo go supa botlhale. Buisana le batho ba ba nang le dingwaga tse dintsi e le babulatsela ba ba atlegileng. Ba botse gore Jehofa o ile a ba tlamela jang. Molebedi wa lona wa potologo ke mmulatsela yo o nang le maitemogelo yo o ka itumelelang go go neela dikakantsho malebana le kafa o ka atlegang ka teng mo bodireding jwa nako e e tletseng.
7 Motho a ka kgona go iponela ka matlho boammaaruri jwa tsholofetso ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:33 fa fela a ka itsenya mo seatleng sa ga Jehofa. Mmulatsela mongwe yo o ikanyegang o ile a re: “Fa nna le yo ke neng ke bulatsela le ene re ne re goroga mo kabelong e ntšha re ne re na le merogonyana e sekae fela, majarininyana mme re se na madi. Re ile ra fetsa dijo tsotlhe tsa rona mo maitseboeng ao re bo re re, ‘Jaanong ga re a salelwa ke sepe se re ka se jang kamoso.’ Re ile ra rapela ka gone, mme ra ya go robala. Mo mosong wa letsatsi le le latelang Mosupi wa lefelo leo o ne a re etela mme a fitlha a re ikitsise a bo a re, ‘Ke ile ka rapela Jehofa gore a re romelele babulatsela. Jaanong nka kgona go dira le lona letsatsi lotlhe, le fa go ntse jalo, e re ka ke nna kwa motseng o o kwa thoko wa magae ke tla tshwanelwa ke go aga ke ja dijo tsa motshegare le lona, ka jalo ke tlile ka dijo tseno gore re je rotlhe.’ E ne e le nama e ntsi ya kgomo le merogo.” Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a re tlhomamisetsa gore re ka ‘tlogela go tlhobaelela meya ya rona’! O ile a oketsa ka gore: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?”—Math. 6:25, 27.
8 Lefatshe le nnela go rata dikhumo go ya pele. Le re gatelela thata gore le rona re latele tsela e e ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, go anaanela bodiredi jwa rona jwa nako e e tletseng go re dira gore re nne batho ba ba kgotsofalelang bonnyane jo re nang le jone. (1 Tim. 6:8) Babulatsela ba ba tshelang botshelo jo bo sa raraanang le jo bo rulaganeng ba na le nako e ntsi go e dirisa mo tirelong e bile ba nna le boipelo jo bogolo le nonofo ya semoya ka ntlha ya go thusa ba bangwe go itse boammaaruri. Le mororo ba sa tshele botshelo jwa go itima dilo, tsela ya bone ya go leba maemo a bone a tsa madi ka tekatekano e ba thusitse go itumelela masego a go nna babulatsela.
9 Fa e le gore ruri o tsaya tsia gore re tshela mo malatsing a bofelo le gore nako ya lefatshe leno le le boikepo e a khutsafala, o tla tlhotlheletsega semoyeng go intsha setlhabelo go rera dikgang tse di molemo nako le nako fa tshono e tlhaga. Ka go nna fa fatshe o sekaseka maemo a gago a tsa madi sesha le go tlogela kgang eno mo diatleng tsa ga Jehofa, o ka nna wa lemoga gore go a kgonega gore o ka mo direla ka nako e e tletseng. Tota le fa go ka tlhokega gore o itime dilo dingwe tse o di batlang gore o tsenele bobulatsela, Jehofa o tla go segofatsa fela thata.—Pes. 145:16.
POTSO YA 3: “Ke eng fa ke tshwanetse go akanyetsa go dira bobulatsela tiro ya me ya botshelo jotlhe ke santse ke le mosha?”
10 Go itlela fela gore fa o le mo dingwageng tsa gago tsa bofelo tsa sekolo o akanye ka isagwe. O batla go nna le isagwe e e sireletsegileng, e e itumedisang le e e kgotsofatsang. Bagakolodi ba sekolo ba ka nna ba go tlhotlheletsa gore o ithutele tiro ya botshelo jotlhe e e tla go tlhokang dingwaga di le dintsi o le kwa yunibesithing. Segakolodi sa gago se se thapisitsweng sentle sa Bokeresete se go bolelela gore o tshwanetse go ipaakanyetsa go direla Jehofa ka botlalo kafa o ka kgonang ka teng. (Mor. 12:1) Gape o ka nna wa akanya ka gore kgabagare o tla batla go nyalana le mongwe mme o nne le lelapa. O tla dira eng?
11 Tshwetso e o tla e dirang mo nakong eno ya botshelo jwa gago e tla ama isagwe yotlhe ya gago. Fa e le gore o setse o le Mosupi yo o ineetseng yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, o setse o ineetse ka moya otlhe mo go Jehofa. (Baheb. 10:7) Dirisa tshono ya ntlhantlha fela e o nnang le yone go nna mmulatsela yo o thusang ka kgwedi e le nngwe kana go feta. Seno se tla go utlwisa boipelo le maikarabelo a bobulatsela jwa ka metlha bo nang le one, mme ga go na pelaelo gore o tla lemoga sentle gore ke eng se o tshwanetseng go se dira ka botshelo jwa gago. Go tswa foo, go na le gore o kabe phatlha e e bulegileng fa o sena go fetsa mo sekolong ka mmereko wa nako e e tletseng, ke eng fa o sa simolole bobulatsela jwa ka metlha? Batho bangwe ba ba ileng ba leta nako e telele ba sa tsenele bobulatsela ba ikwatlhaela go bo ba ile ba se ka ba bo simolola go sa le gale.
12 E re ka o santse o le mosha, dirisa ditshono tse di tlhagang go gagamalela go nna o sa nyala le melemo e go ka go neelang yone mo tirong ya go rera ka nako e e tletseng. Fa e le gore o eletsa gore letsatsi lengwe o nyale, ga go na motheo o o molemo wa lenyalo o o gaisang go simolola pele ka tiro ya bobulatsela jwa ka metlha. Fa o ntse o gola sentle mo tlhaloganyong le mo semoyeng o ka nna wa tlhopha molekane wa lenyalo yo o nang le maikaelelo a a tshwanang le a gago a go dira bobulatsela tiro ya botshelo jotlhe. Banyalani bangwe ba ba ileng ba bulatsela mmogo ba ile ba tsenela tiro ya potologo kana ya borongwa. Ga go na botshelo jo bo kgotsofatsang go feta joo!
13 Le fa o ka tswelela pele o bulatsela ka nako e kae, o tla nonotsha thutego ya gago le go bona thapiso e e molemo thata e go se nang tiro epe ya lefatshe e e ka go nayang yone. Bobulatsela bo ruta motho go itaya, go nna motho yo o manontlhotlho, go itse go dirisana le batho, go ikaega ka Jehofa le go nna pelotelele le pelonomi—dinonofo tse di ka go thusang go rwala maikarabelo a magolwane.
14 Ga go ise go ko go nne le dilo tse dintsi jaana tse di tlhobaetsang batho mo botshelong. Kwantle ga dilo tse Jehofa a di solofeditseng, bontsi jwa dilo ga di nnele ruri. E re ka o bulegetswe ke tshono e ntle jaana ya isagwe, ke nako efe e e botoka ya go akanya thata ka tsela e o ka dirisang botshelo jwa gago ka yone mo dingwageng tse di tlang go feta gone jaanong? Akanyetsa tshiamelo ya tiro ya bobulatsela ka kelotlhoko. Ga o kitla o ikwatlhaela go bo o tlhophile bobulatsela go nna tiro ya gago ya botshelo jotlhe.
POTSO YA 4: “A go bereka diura tse di batlegang ga go bokete thata? Go tweng fa ke sa di fitlhelele?”
15 Fa o tlatsa foromo ya bobulatsela jwa ka metlha o tshwanetse go araba potso e e reng: “A o rulagantse dilo tsa gago sentle gore o kgone go fitlhelela diura tse 1000 tse di batlegang?” Gore o di fitlhelele o tshwanetse go bereka palogare ya diura tse tharo ka letsatsi mo tirelong. Ga go pelaelo gore seno se tlhoka gore o nne le thulaganyo e e molemo le gore o e gagamalele. Babulatsela ba le bantsi morago ga dikgwedi di sekae fela ba setse ba kgona go itirela thulaganyo ya ka metlha e e molemo le e e berekang.
16 Le fa go ntse jalo, Moreri 9:11 e bua sentle fa e re, ‘Motlha le bowelo di diragalela botlhe.’ Bolwetse jo bo masisi kana maemo mangwe a a sa lebelelwang a ka dira gore mmulatsela a salele kwa morago. Fa bothata e se jo bo tsayang nako e telele e bile bo direga go sa le gale mo ngwageng wa tirelo, go ka tlhokega fela gore o dire thulaganyo e e ka go thusang go kaba phatlha ya diura tse di tlhaelang. Mme go tweng fa e le gore mmulatsela o nna le mathata a a masisi mo dikgweding di sekae tsa bofelo tsa ngwaga wa tirelo mo e leng gore ga a kgone go fitlhelela diura tse di tlhaelang?
17 Fa e le gore o ile wa fetsa dikgwedi di sekae o lwala kana fa ka ntlha ya lebaka lengwe la tshoganetso le o sa kgoneng go le thibela o sa kgone go fitlhelela diura tse di batlegang, o ka buisana le mongwe wa ba ba mo Komiting ya Tirelo ya Phuthego mme o mo tlhalosetse bothata joo. Fa bagolwane bano ba akanya gore go ka nna molemo gore ba go letle go tswelela o le mmulatsela kwantle ga go tshwenyega ka gore o leke go kaba phatlha ya diura tse di tlhaelang, ba ka dira tshwetso eo. Mokwaledi a ka tshwaya karata ya Congregation’s Publisher Record go supa gore ga o patelesege go fitlhelela diura tse di tlhaelang. Ka seno ga se gore o newa malatsi a go ikhutsa go na le moo, ke tsela fela e e kgethegileng ya go akanyetsa seemo se o leng mo go sone.—Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1986 serapa 18.
18 Babulatsela ba ba nang le maitemogelo ba ikgobokanyetsa diura tse dintsi fa ngwaga wa tirelo o santse o simologa. Tiro ya bone ya bobulatsela e tla pele ga dilo tse dingwe, ka jalo ka dinako tse dingwe ba bona go tlhokega gore ba fokotse ditiro tse dingwe tse di seng botlhokwa. Fa mmulatsela a salela kwa morago ka diura ka ntlha ya go tlhoka thulaganyo e e molemo kana ka ntlha ya go palelwa ke go gagamalela thulaganyo eo, o tshwanetse a go tsaya e le boikarabelo jwa gagwe gore a fitlhelele diura tse di tlhaelang mme e seng go lebelela gore seemo sa gagwe se akanyediwe ka tsela nngwe e e kgethegileng.
19 Ka dinako dingwe go ka direga gore maemo a mmulatsela a fetoge ka tsela e e ka se kang ya tilwa. A ka nna a fitlhela gore o fetsa lobaka lo loleele a sa fitlhelele diura tse di batlegang ka ntlha ya go lwala a sa fole kana maikarabelo a lelapa a a oketsegileng jalo le jalo. Mo maemong a a ntseng jalo, go ka nna botoka gore a boe a nne mmoledi gape mme fa tshono nngwe le nngwe e tlhaga a e dirise go nna mmulatsela yo o thusang. Ga go na thulaganyo ya ka metlha ya go letlelela motho go tswelela e le mmulatsela fa maemo a gagwe a sa tlhole a mo letla go fitlhelela diura tse di batlegang.
20 Re solofela gore thulaganyo eno ya go akanyetsa maemo a ba ba tshwanelegang e tla kgothatsa batho ba le bantsi go tsenela tiro ya bobulatsela kwantle ga go nna le poifo go sa tlhokege. Gape e tshwanetse go kgothatsa ba ba setseng ba le mo tirelong ya nako e e tletseng go tswelela pele ka tiro ya bobulatsela. Re batla gore babulatsela ba atlege mo tirelong ya bone ya nako e e tletseng.
POTSO YA 5: “Ke batla go atlega le go itumelela selo fa ke se dira. A ke tla itumelela tiro ya bobulatsela?”
21 Motho a ka nna le boitumelo jwa mmatota fa fela a na le botsala jo bogolo le Jehofa e bile a tlhatswegile pelo gore o mo direla ka boikanyegi. Jesu o ile a itshokela thupa ya tlhokofatso ka ntlha ya “boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe.” (Baheb. 12:2) Boipelo jwa gagwe bo ne bo bakwa ke go dira thato ya Modimo. (Pes. 40:8) Mo tsamaisong ya gompieno ya dilo, re ka nna le boitumelo jwa mmatota fa ditiro tse dintsi tse re di dirang mo botshelong jwa rona di amana le kobamelo ya rona go Jehofa. Go dira dilo tsa semoya go re dira gore re ikutlwe re dirile sengwe se se botlhokwa ka gonne re itse gore re dira se se siameng. Boitumelo bo bonwa ka go abela ba bangwe, mme ga go na tsela ya go intshetsa ba bangwe setlhabelo e e gaisang go ba thusa go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo.—Dit. 20:35.
22 Mmulatsela yo o nopotsweng mo serapeng sa ntlha o ile a tlhalosa seno jaana: “A go na le sengwe se se ka itumedisang motho thata go gaisa go bona motho yo a ithutang le ene a fetoga mmaki yo o tlhagafetseng wa ga Jehofa? Go a kgatlha e bile go nonotsha tumelo go bona kafa Lefoko la Modimo le nang le maatla a go tlhotlheletsa batho ka teng le go ba dira gore ba fetole matshelo a bone e le gore ba itumedise Jehofa.” (Bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1997, ditsebe 18-23.) Ka jalo, ke eng se se ka dirang gore o itumele? Fa e le gore o rata ditiro tse di nnelang ruri le tse di botlhokwa, go na le go ijesa menate fela ya nakwana ya lefatshe leno, bobulatsela bo tla go dira gore o ikutlwe o dira tiro e e mosola thata e e tla go dirang gore o nne le boitumelo jwa mmatota.
POTSO YA 6: “Fa e le gore nka kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng le fa ke se mmulatsela, a ga se tshwetso e e amang nna gore a ke a bo tsenela kana nnyaa?”
23 Ke boammaaruri, gore ke wena yo o tshwanetseng go itirela tshwetso ya go nna mmulatsela. Ke Jehofa fela yo a ka go atlholang go ya ka maemo a gago ka namana a botshelo. (Bar. 14:4) O na le tshwanelo ya go batla gore o mo direle ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka tlhaloganyo yotlhe le ka nonofo yotlhe ya gago. (Mar. 12:30; Bagal. 6:4, 5) O rata motho yo o abang ka bopelotshweu le yo o mo direlang ka boipelo e seng ka go ngongorega kana a patelediwa. (2 Bakor. 9:7; Bakol. 3:23) Lebaka la go bo o direla Jehofa ka nako e e tletseng e tshwanetse go nna ka go bo o mo rata le ka go bo o rata batho mo tshimong. (Math. 9:36-38; Mar. 12:30, 31) Fa e le gore ke kafa o ikutlwang ka teng, he o tshwanelwa ke go akanyetsa go nna mmulatsela.
24 Re solofela gore dintlha tse di tlotlilweng fano di tla go thusa gore o akanyetse bobulatsela. A o ka fetola maemo a gago gore o kgone go tsenela bobulatsela jwa ka metlha? Fa tlase fano go gatisitswe khalentara e setlhogo sa yone e leng, “Thulaganyo Ya me Ya Beke le Beke ya Bobulatsela.” E sekaseke o bone gore a o ka se kgone go tlatsa thulaganyo e e go tshwanelang e e tla go thusang go bereka palogare ya diura tse 23 beke le beke mo bodireding. Go tswa foo, o ikanye Jehofa ka botlalo. Ka thuso ya gagwe o ka kgona! O solofeditse jaana: ‘Ke [tla] lo goromeletsa masego a go se ketlang go nna le bonno jo bo lekaneng go a baya.’—Mal. 3:10.
25 Ka jalo re a go botsa, “A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela?” Fa e le gore o ka araba ka “Ee,” itlhomele letlha le o tla simololang bobulatsela jwa ka metlha ka lone ka bonako mme o tlhomamisege gore Jehofa o tla go segofatsa ka botshelo jo bo itumetseng!
[Chart on page 6]
(For fully formatted text, see publication)
Thulaganyo Ya me Ya Beke le Beke ya Bobulatsela
MANTAGA Tshimo mo mosongmo
LABOBEDI Tshimo mo mosongmo
LABORARO Tshimo mo mosongmo
LABONE Tshimo mo mosongmo
LABOTLHANO Tshimo mo mosongmo
MATLHATSO Tshimo mo mosongmo
SONTAGA Tshimo mo mosongmo
MANTAGA Tshimo ya thapama
LABOBEDI Tshimo ya thapama
LABORARO Tshimo ya thapama
LABONE Tshimo ya thapama
LABOTLHANO Tshimo ya thapama
MATLHATSO Tshimo ya thapama
SONTAGA Tshimo ya thapama
MANTAGA Tshimo maitseboa
LABOBEDI Tshimo maitseboa
LABORARO Tshimo maitseboa
LABONE Tshimo maitseboa
LABOTLHANO Tshimo maitseboa
MATLHATSO Tshimo maitseboa
SONTAGA Tshimo maitseboa
Dirisa phensele go kwala thulaganyo ya gago ya letsatsi lengwe le lengwe mo bekeng.
Rulaganyetsa go bereka diura di ka nna 23 beke le beke mo tshimong.
Diura tse ke tla di berekang ka beke _________________