Go Sekaseka Gape Tiro e e Potlakileng ya go Dira Barutwa
1 Pele Jesu a tswa mo lefatsheng, o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba “dire batho ba merafe yotlhe barutwa.” Seno se ne se tlhoka gore ba dire tiro e kgolo ya go rera le go ruta le go atolosetsa tiro ya bone kwa lefatsheng lotlhe le le nang le banni. (Math. 28:19, 20; Dit. 1:8) A ba ne ba tsaya thomo eno e le mokgweleo o o leng thata go ka o sikara? Moaposetoloi Johane ga a ka a bolela jalo. Fa a sena go nna dingwaga di le 65 a dira barutwa, o ne a kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaolo tsa one; mme lefa go ntse jalo ditaolo tsa one ga di imele.”—1 Joh. 5:3.
2 Pego ya Dikwalo ya tiro ya Bakeresete ba bogologolo e supa gore ba ne ba dira thomo ya bone ya go dira barutwa ba ga Jesu Keresete ka potlako. (2 Tim. 4:1, 2) Ba ne ba dira seno, e seng go diragatsa molao fela, mme ka gonne ba ne ba eletsa ka lorato go baka Modimo le go leretse ba bangwe tsholofelo ya poloko. (Dit. 13:47-49) E re ka botlhe ba ba neng ba nna barutwa moragonyana ba ne ba dira barutwa le bone, phuthego ya Bokeresete e ne ya gola ka bonako mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Dit. 5:14; 6:7; 16:5.
3 Tiro ya go Dira Barutwa e a Akofa: Tiro e kgolo go di feta tsotlhe ya go dira barutwa e dirwa mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga! Go tla go fitlha mo nakong eno, dimilione tsa batho di amogetse dikgang tse di molemo mme tsa tsaya kgato. (Luke 8:15) E re ka tsamaiso eno ya dilo ya gompieno e saletswe ke nako e khutshwane, “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o ile a re neela didirisiwa tse di dirang gore batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba kgone go ithuta boammaaruri ka bonako.—Math. 24:45.
4 Ka 1995 re ne ra amogela buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, mme ka 1996 e ne ya latelwa ke boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore Re Direng? Malebana le buka ya Kitso, makasine wa Tora ya Tebelo ya January 15, 1996, tsebe 14, o ne wa bolela jaana: “Buka eno e e nang le ditsebe di le 192 e ka ithutiwa mo nakong e khutshwane fela, mme batho ba ba ‘laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng’ ba tshwanetse gore fa ba e ithuta ba kgone go itse mo go lekaneng gore ba ka ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.”—Dit. 13:48.
5 Tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996 e e reng, “Tsela ya go Dira Barutwa ka Buka ya Kitso,” e ne ya re neela mokgele ono: “Go ikaegile ka maemo le tsela e moithuti a tshwarang dilo ka yone, go ka nna ga kgonega gore lo fetse bontsi jwa dikgaolo mo sebakeng sa ura kana go feta kwantle ga gore lo itlhaganele mo thutong ya lona. Baithuti ba tla gatela pele botoka fa motshwara thuto le moithuti ka bobedi ba boloka nako e ba e beileng ya thuto beke nngwe le nngwe.” Setlhogo seno se tswelela pele jaana: “Re tshwanetse go lebelela gore fa motho a tloga a fetsa thuto ya buka ya Kitso tlhoafalo le tsela e a batlang go direla Modimo thata ka yone, e tshwanetse ya bonala.” Lebokose la Dipotso le le mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996 le ne la tlhalosa jaana: “Go lebeletswe gore mo nakong e khutshwane fela, morutisi yo o molemo a kgone go thusa seithuti se se tlwaelegileng se se pelo e phepa go nna le kitso e e lekaneng go dira tshwetso e e botlhale ya go direla Jehofa.”
6 Buka ya Kitso e Nna le Matswela: Ka nako ya fa mosadi mongwe yo mmotlana a ne a kolobediwa, o ile a bolela kafa a neng a ikutlwa ka gone ka go ithuta buka ya Kitso. O ne a tsere nako e teletsana a ithuta buka ya Tshelela Ruri. Fa buka ya Kitso e sena go gololwa, kgaitsadi yo o neng a mo tshwaretse thuto o ne a fetogela kwa bukeng e ntšha eno. Go ise go ye kae, moithuti o ne a kgona go bona gore seno se tlile go tlhoka gore a tseye tshwetso, mme o ne a iketleeletsa go gatela pele ka bonako fa e sa le ka nako eo go ya pele. Mosadi yo mmotlana yono, yo jaanong e leng kgaitsadi wa rona, o bolela jaana: “Buka ya Tshelela Ruri e nthusitse go rata Jehofa, mme buka ya Kitso e nthusitse go tsaya tshwetso ya go mo direla.”
7 Bona kafa mosadi yo mongwe a neng a ithuta boammaaruri ka bonako ka gone. Fa a sena go ithuta lekgetlho la bobedi, o ne a nna gone kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi ka nako ya ketelo ya molebedi wa potologo. Mo go yone beke eo, e e neng e le lekgetlho la gagwe la boraro a ithuta, o ne a mmolelela gore o setse a ineetse mo go Jehofa mme o batla go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. O ne a kopana le bagolwane, ba ba neng ba mo amogela go nna mmoledi, mme beke e e latelang o ne a simolola go tswela tirelong ya tshimo. O ne a simolola go tshwarega thata mo thutong ya gagwe ya Baebele mo a neng a tsaya malatsi a boikhutso kwa tirong gore a ithute gabedi kana gararo ka beke le go dirisa nako e e oketsegileng mo bodireding. Ka dinako tse dingwe, ba ne ba fetsa dikgaolo di le pedi kana di le tharo mo thutong e le nngwe fela. O ne a simolola go dirisa se a neng a se ithuta mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe, a fetsa buka ya Kitso mo dibekeng tse nnè fela, mme a gatela pele go isa kolobetsong!
8 Monna wa kgaitsadi mongwe o itlhalosa e ne e le “molekane yo o sa dumeleng yo o tshwanang le ba bangwe.” Ka letsatsi lengwe, mokaulengwe mongwe o ne a mo kopa gore a ithute le ene Baebele mo bukeng ya Kitso ka tumalano ya gore monna yono o ne a ka tlogela go bala fa a sena go ithuta lekgetlho la ntlha kana nako nngwe le nngwe fela morago ga moo. Monna yono o ne a dumela go leka, le fa a ne a sa ithuta sentle fa a ne a sa ntse a le mosha e bile a ise a ke a bale dibuka tsa bodumedi tsa mofuta ope fela ka dingwaga tse di fetang 20. O ne a ikutlwa jang fa a ne a ithuta buka ya Kitso? O ne a bolela jaana: “Go ne go itumedisa tota go bona gore sedirisiwa seno sa go ithuta Baebele se kwadilwe ka tsela e e motlhofo jaana. Tshedimosetso e ne e neetswe ka tsela e e phepafetseng le e e utlwalang mo e neng ya re go ise go ye kae, ke bo ke setse ke batla e kete re ka bala thuto e e latelang. Morutisi wa me ka botswerere o ne a latela ditsela tsa go dira barutwa tse di tlhalositsweng ke Mokgatlho, mme ka go thusiwa ke moya wa ga Jehofa, ke ne ka kolobediwa dikgwedi di le nnè moragonyana. Tota nka bolela ka re fa re tlhagolela lorato lwa go dira barutwa, re tswelela pele re batla ba ba dipelo tse di siameng mo bodireding jwa tshimo, re dirisa buka ya Kitso ka botlalo le didirisiwa tse dingwe tsa go ithuta Baebele jaaka re di neetswe ke Mokgatlho mme, selo sa botlhokwa thata, re rapela gore Jehofa a re kaele, re ka nna le tshiamelo eno e e kgethegileng ya go thusa go dira barutwa.” Ruri maitemogelo a a fa godimo ke a a tlhomologileng. Bontsi jwa baithuti ba rona ga ba tsene mo boammaaruring ka bonako jaana.
9 Baithuti ga ba Gatele Pele ka go Tshwana: Go tshwanetse ga lemogiwa gore bokgoni jwa barutisi mmogo le jwa baithuti ba Lefoko la Modimo bo ka farologana fela thata. Go gola mo semoyeng go ka nna bonya kana ga nna bofefo. Baithuti ba bangwe ba gatela pele mo dikgweding di sekae fela fa ba bangwe go ka ba tsaya nako e teletsana. Tsela e motho a golang ka yone mo semoyeng e amiwa ke thutego ya gagwe, tsela e a anaanelang dilo tsa semoya ka yone le selekanyo se a ineetseng mo go Jehofa ka sone. Ga se mongwe le mongwe yo re ithutang le ene yo o nang le “phisego e kgolo thata ya mogopolo” ya go ithuta Dikwalo ka malatsi otlhe, jaaka Baberea ba ba neng ba fetoga badumedi ba ne ba dira.—Dit. 17:11, 12.
10 Ke gone ka moo tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1998 e e reng, “Go Batlega Dithuto Tsa Baebele Tse di Oketsegileng,” e re neelang kaelo eno e e molemo: “Gone mme, ga se baithuti botlhe ba Baebele ba ba gatelang pele ka tsela e e tshwanang. Ba bangwe ga ba rate dilo tsa semoya go le kalo jaaka ba bangwe e bile ga ba kgone go tlhaloganya dilo tse di rutiwang ka bonako jaaka ba bangwe. Ba bangwe ba tshwaregile thata ka ditiro tsa bone tsa botshelo mme ba ka se kgone go dirisa nako e e tlhokegang go ithuta kgaolo yotlhe beke nngwe le nngwe. Ka jalo, mo mabakeng a mangwe go ka tlhokega gore dikgaolo dingwe lo di ithute makgetlho a a fetang le le lengwe gore lo di fetse mme go tsaya dikgwedi tse dintsinyana go fetsa buka yotlhe.”
11 Ba ba Dirang Barutwa ba Nna le Pono e e Lekalekaneng: Go botlhokwa gore o akanyetse lobelo lo thuto e tshwanetseng go tsamaya ka lone o ikaegile ka maemo le tsela e moithuti a tshwarang dilo ka yone. E re ka re kgothalediwa go simolola dithuto mo boroutšhareng jwa Re Direng, go ka nna ga tsaya dikgwedi di le pedi kana di le tharo go e fetsa pele re tsena mo bukeng ya Kitso. Fa re dirisa dikakantsho tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, go ka nna ga tlhoka dikgwedi tse dingwe tse thataro kana tse robonngwe go fetsa buka ya Kitso. Bangwe ba ba sa tswang go simolola go ithuta ka buka ya Kitso ba ile ba fetela mo boroutšhareng jwa Re Direng e le go thusa moithuti go ithuta boammaaruri jwa Baebele jwa motheo ka bonako. Morago ga moo ba bo ba tsweledisa thuto mo bukeng ya Kitso. Fa thuto e simolotswe mo bukeng ya Kitso e bile e tswela pele sentle, go ka nna molemo gore lo ithute boroutšhara jwa Re Direng fa lo sena go fetsa buka eno, ka go dira jalo, lo tla bo lo boeletsa ka bonako boammaaruri jwa motheo jwa Lefoko la Modimo. Le fa e le eng se lo se dirang, ga re batle go dira gore moithuti a se kgone go tlhaloganya dilo sentle ka gonne re lwela fela go fetsa ka bonako. Moithuti mongwe le mongwe o tlhoka motheo o o nonofileng wa tumelo ya gagwe e ntšha mo Lefokong la Modimo.
12 Ka go itse gore re mo nakong efe, go potlakile go feta le e leng pele gore re thuse ba bangwe go ithuta boammaaruri. Mo godimo ga go rapela ka metlha gore re simolole dithuto tse disha tsa Baebele, a re rapeleleng ba re setseng re ithuta le bone. Fa re dira jalo re tla itumelela go nna re kolobetsa barutwa ba ba oketsegileng ka “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Math. 28:20.