“Go Jala Peo Ya Bogosi” Ka Ditselana Tsa Dimakasine
1 Pina 133 e e mo bukeng ya Opelelang Jehofa Dipako e na le setlhogo se se reng “Go Jala Peo ya Bogosi.” E theilwe mo setshwantshong sa ga Jesu se se tshwantshang tiro ya go dira barutwa le go jala peo. (Math. 13:4-8, 19-23) Mafoko a pina eno a balega jaana: “Go ikaegile ka wena gore a peo/E wela mo mmung o montle.” Re ka dira jang gore bodiredi jwa rona bo nne le matswela thata? Tsela e nngwe ke go simolola tselana ya dimakasine le go e kgomarela.
2 Go ka fitlhelelwa maikaelelo a mantsi ka tselana ya dimakasine. (1) Go dira maeto ka metlha mo dibekeng dingwe le dingwe tse pedi go ka go thusa gore o nne tsala le motho yono yo o kgatlhegang. (2) Ka metlha o mo neela tshedimosetso e e bolokang botshelo e e tswang mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo leTsogang! (3) Fa o ntse o buisana le motho yono o ka mo thusa gore a tlhologelelwe boammaaruri jwa Dikwalo, mme go felele ka gore a ithute Baebele.—1 Pet. 2:2.
3 Tsela ya go Simolola Tselana ya Dimakasine: Nako le nako fa mongwe a kgatlhegela dimakasine, mo tlhalosetse gore ditlhogo tseno tse di tlhomologileng di tswa mo tokololong nngwe le nngwe mme o ka itumelela go mo tlisetsa tsone mo dibekeng dingwe le dingwe tse pedi. Fa o sena go tswa, kwala leina le aterese tsa motho yono, letlha le o mo etetseng ka lone, matlha a dimakasine tse o mo tsamaiseditseng tsone, setlhogo se o se bueletseng mmogo le ditlhogo tse di ileng tsa kgatlha motho yono thata.
4 O ka nna wa simolola tselana eno ka batho ba sekaenyana fela. Go tswa foo leka go e oketsa ka go tsenya batho ba bangwe ba o ba tsamaiseditseng dimakasine. Fa tselana ya gago e ntse o oketsega, o ka e rulaganya go ya ka tshimo e le gore go nne motlhofo go e fitlhelela. Kwala gore ke dimakasine dife tse o di tsamaisitseng mo loetong longwe le longwe le gore o di tsamaisitse leng. Kwala dintlha dingwe tse lo buisaneng ka tsone le kafa o ka tswelelang o dira ka gone gore motho yono a kgatlhegele boammaaruri mo loetong lo lo latelang.
5 Akaretsa Borakgwebo le Batho ba ba Rutegileng: Maitemogelo a bontshitse gore boramabenkele le batho ba bangwe ba ba rutegileng ba ka nna ba tsaya dimakasine tsa rona ka metlha. Mogolwane mongwe o ne a na le ratoropo wa motse wa gabone mo tselaneng ya gagwe ya dimakasine. Mmoledi mongwe o ile a simolola thuto le mong wa khampani e e rekisang dilo tsa go aga yo o neng a na le dingwaga di le 80, morago ga gore a nne a mo tsamaisetse dikamasine ka dingwaga di le lesome ka go latelana ga tsone!
6 Mmulatsela mongwe o ne a tsena mo lebenkeleng mme a buisana le banyalani bangwe ba ba neng ba se botsalano mo go ene. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba tsaya dimakasine, o ne a akanya gore a tsenye banyalani bano mo tselaneng ya gagwe ya dimakasine. Fa nako e ntse e ya, kgaitsadi yono o ne a batla go tlogela go ba etela ka gonne ba ne ba se botsalano le e seng e bile ba ne ba sa bue thata le ene, tota le fa a ne a boditse potso e e ba fatang maikutlo. Mme kgaitsadi yono o ne a rapela ka kgang eno mme kgabagare o ne a tsamaisetsa banyalani bano buka ya Tshelela Ruri. Fa mosadi yono a sena go e bala o ne a bua jaana: “Kgabagare ke bone boammaaruri!” O ne a simolola thuto ya Baebele le bone, mme kgabagare banyalani bano ba ne ba kolobediwa. Go itshoka ga mmulatsela yono ruri go ne ga ungwa maungo a a molemo.
7 Go Dira Maeto a go Boela: Fa o amogela makasine o mosha, bala setlhogo sengwe le sengwe. Leba dintlha tse di ka kgatlhegelwang ke mongwe le mongwe yo o mo tselaneng ya gago ya dimakasine. Go tswa foo fa o boela, o ka bolela jaana: “Fa ke ne ke bala setlhogo seno, ke ne ke akantse ka wena le gore o tlile go se kgatlhegela.” Baboledi ba dingwaga tsotlhe ba ka itumelela go nna le tselana ya dimakasine. Tota le ngwana yo monnye a ka bolela jaana: “Ke itumelela go go bona gape. Dikhopi tsa gago tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di gorogile. Ke akanya gore o tla rata setlhogo seno se se reng . . .”
8 Dira gore a kgatlhegele ditlhogo tse di latelang ka go mmontsha lebokose le le reng “Mo Makasineng o o Tlang.” Fa ditlhogo di tla di tsamaisana, mo tlhalosetse seno mme o kgothaletse mmadi gore a se ka a tlolwa ke sepe sa tsone. O se ka wa lebala gore nako le nako fa o isa dimakasine tsa motho yo o mo tselaneng ya gago ya dimakasine, o kwala seo e le loeto lwa go boela. Mme mo godimo ga moo, gakologelwa gore mokgele wa rona ke go dira gore maeto ano e fetoge dithuto tsa magae tsa Baebele.
9 Etela Batho Ba ba Mo Tselaneng ya Gago ya Dimakasine ka Metlha: O ka etela batho ba ba mo tselaneng ya gago ya dimakasine nako nngwe le nngwe e e go siametseng—mo gare ga beke mo mosong, mo motshegareng wa maitseboa, ka lotlatlana, kana mo mafelobekeng fa o tswa kwa tirong ya ntlo le ntlo. Fa e le gore ga o kgone go etela ba ba mo tselaneng ya gago ya dimakasine ka gonne o lwala kana o ile boikhutsong, kopa mmoledi yo mongwe mo lelapeng la gaeno kana mo phuthegong gore a go isetse dimakasine kwa go bone. Ka tsela eno, batho ba ba mo tselaneng ya gago ya dimakasine ba ka se palelwe ke go bona dimakasine tsa bone ka nako.
10 Tsela e nngwe ya go jala peo ya Bogosi ke go isetsa botlhe ba ba mo tselaneng ya gago ya dimakasine Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o ntse o ba ruta boammaaruri jwa Dikwalo, ba ka nna ba tlhaloganya lefoko la Bogosi mme kgabagare ba ungwe maungo a Bogosi mmogo le wena.—Math. 13:8, 23.