LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/98 ts. 1
  • Aganang ka go Akgela Kwa Dipokanong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aganang ka go Akgela Kwa Dipokanong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baka Jehofa mo Phuthegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Kgothatsa ba Bangwe Fa o Le Kwa Dipokanong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Bakang Jehofa “mo Gare ga Phuthego”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 11/98 ts. 1

Aganang ka go Akgela Kwa Dipokanong

1 Mo go Bahebera 10:24 re kgothalediwa gore re ‘tlhotlheletsane loratong le ditirong tse di molemomogolo.’ Seno se akaretsa go agana ka go dira dikakgelo tse di utlwalang kwa dipokanong tsa phuthego. Ke ka ntlha yang re tshwanetse go akgela? Re ka dira seno jang? Ke mang yo o solegelwang molemo?

2 Akanya fela gore o solegelwa molemo gantsi jang fa o utlwa ba bangwe ba ntsha ditlhaloso tse di motlhofo, tse di utlwalang tse di go thusang go tlhaloganya dilo botoka le go go nonotsha semoyeng. Le wena o na le tshiamelo ya go ba direla se se tshwanang. Fa o nna le seabe, o bontsha gore o eletsa go ‘ntsha mpho nngwe ya semoya’ gore o kgothatse botlhe ba ba leng teng.—Bar. 1:11, 12.

3 Kafa o ka Neelang Dikakgelo Tse di Molemo ka Teng: O se ke wa bua selo se seleele, o akaretsa ntlha nngwe le nngwe e e mo serapeng. Dikakgelo tse ditelele gantsi ga di bontshe sentle gore karabo ke efe mme di ka nna tsa kgoba ba bangwe marapo gore ba se ke ba akgela. Kakgelo ya ntlha mo serapeng e tshwanetse ya nna e khutshwane, e e opang kgomo lonaka e e arabang potso e e boditsweng ya serapa. Go tswa foo ba bangwe ba ba neelang dikakgelo tse di oketsegileng ba ka nna ba tlhalosa kafa tshedimosetso eo e dirang ka teng kana ba bontsha kafa dikwalo di dirang ka teng. Bona Buka ya Kaelo ya Sekolo, ditsebe 90-2.

4 Fa e le gore o tshaba go akgela, baakanya kakgelo e khutshwane go sa le gale, mme o kope motshwari wa thuto gore a botse wena mo serapeng seo. Fa o sena go dira jalo kwa dipokanong di le mmalwa, go tla nna motlhofo go nna le seabe. Gakologelwa gore Moshe le Jeremia ba ne ba bolela gore ga ba kgone go bua sentle phatlalatsa. (Ekes. 4:10; Jer. 1:6, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Mme Jehofa o ne a ba thusa gore ba bue mo boemong jwa gagwe, mme le wena o tla go thusa.

5 Ke Mang yo o Tla Solegelwang Molemo ke Dikakgelo Tsa Gago? Wena ka bowena o solegelwa molemo ka gonne dikakgelo tsa gago di nwetsa boammaaruri mo tlhaloganyong le mo pelong ya gago, di dira gore go nne motlhofo go gakologelwa tshedimosetso eo moragonyana. Gape, ba bangwe le bone ba solegelwa molemo ke go utlwa ditlhaloso tsa gago tse di agang. Re kgothadiwa ke fa botlhe, e ka tswa e le ba ba nang le maitemogelo, ba ba botlana, ba ba ditlhong kana ba basha, ba tsaya matsapa a go tlhalosa tumelo ya bone kwa dipokanong tsa phuthego.

6 Ruri re tla bona gore ‘mafoko a a buiwang mo lobakeng lo e leng lone, a molemo jang’ fa a dirisiwa go aga ba bangwe kwa dipokanong!—Dia. 15:23.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela