“Re Berekile Tshimo ya Rona Gantsi!”
1 A o kile wa nna le boikutlo jwa gore tshimo ya lona e berekiwa gantsintsi mo e leng gore ga e tlhole e na le batho ba sekadinku? Gongwe o kile wa akanya jaana: ‘Ke a itse gore batho ba tlile go araba jang. Ke eng fa ke nnela go boela kwa bathong ba ba sa kgatlhegeng?’ Ke boammaaruri gore ditshimo di le dintsi di berekiwa gantsintsi. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng ka ga seno. Ka ntlha yang? Ela tlhoko mabaka a manè a a kwadilweng fa tlase.
2 Dithapelo Tsa Rona di Arabetswe: Jesu o ne a re: “Thobo e kgolo, eleruri, mme badiri ba mmalwa. Jalo kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Luke 10:2) Ga re bolo go kopa Jehofa ka thapelo ka masomesome a dingwaga gore a re neye thuso e e oketsegileng. Mo mafelong a le mantsi, re setse re na le badiri ba ba oketsegileng ba ba neng ba tlhokega, mme re wetsa tshimo ya rona gangwe le gape. A ga re a tshwanela go itumela ka gonne Jehofa a arabile dithapelo tsa rona?
3 Go Nna Pelotelele go Ungwisa Maungo a a Molemo: Tota le mo ditshimong tse di berekiwang gantsintsi, batho ba tsibogela molaetsa wa Bogosi mme ba simolola go itse boammaaruri. Ka jalo, re tshwanetse go boaboela ka tsholofelo ya gore re tla bona ba bangwe ba ba dipelo di ikanyegang. (Isa. 6:8-11) Fela jaaka barutwa ba ga Jesu ba bogologolo ba ne ba dira, “yang lo sa kgaotse” kwa bathong ba ba leng mo tshimong ya lona, lo leke go dira gore ba kgatlhegele Bogosi jwa Modimo.—Math. 10:6, 7.
4 Kwa Portugal diphuthego di le dintsi di wetsa tshimo ya tsone beke nngwe le nngwe, le fa go ntse jalo, ba sa ntse ba fitlhela batho ba sekadinku. Kgaitsadi mongwe o na le boikutlo jo bo siameng tota. O bolela jaana: “Moso mongwe le mongwe pele ke ya kwa tirelong, ke rapela Jehofa gore a nthuse gore ke bue le mongwe yo o ka ratang go ithuta Baebele.” Ka letsatsi lengwe o ne a rulaganya go tshwara thuto le badiri ba mo lefelong lengwe le go baakanngwang moriri mo go lone. Le fa go ntse jalo, moragonyana go ne ga tla motho a le mongwe fela mo thutong eo. Motho yoo o ne a re: “Ba bangwe ga ba kgatlhege, mme nna ke a kgatlhega.” Mo lobakeng lwa kgwedi e le nngwe o ne a setse a tshwara dithuto tse pedi tsa Baebele. Ka bonako fela morago ga moo, o ne a kolobediwa, mme moragonyana a tsenela tirelo ya bobulatsela!
5 Tiro e Ntse e Dirwa: Dikgang tse di molemo di ntse di rerwa, fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele gore di tla rerwa. (Math. 24:14) Le e leng kwa mafelong a batho ba sa ‘batleng go re reetsa’ kwa go one, ba ntse ba newa tlhagiso ka ntlha ya tiro e re e dirang ya go rera. Re a itse gore ba bangwe ga ba kitla ba amogela boammaaruri gongwe e bile ba tla bo ganetsa. Le fa go ntse jalo, batho bano ba tshwanetse go tlhagisiwa go sa le gale ka katlholo ya ga Jehofa e e tlang.—Esek. 2:4, 5; 3:7, 8, 19.
6 Ga re Ise re Fetse: Ga se rona ba re ka swetsang gore tiro eno ya go rera e emisiwe leng. Jehofa o itse sentle gore e tshwanetse go fela leng. O a itse gore a go na le batho mo tshimong ya rona ba ba sa ntseng ba ka nna ba amogela dikgang tse di molemo. Gompieno, batho bangwe ba bolela gore ga ba kgatlhege, mme dilo dingwe tse di ka fetolang matshelo a bone thata—go senyegelwa ke tiro, go lwala thata, loso lwa motho yo ba mo ratang—di ka nna tsa dira gore ba reetse ka nako e e latelang. Batho ba le bantsi ga ba ise ba ko ba utlwe molaetsa o re o rerang, e le ka ntlha ya gore ba re tlhoile kana e le fela ka ntlha ya gore ba tshwaregile thata. Fa re nna re ba etela ka botsalano ka metlha, seno se ka nna sa dira gore ba re tseye tsia le go re reetsa.
7 Batho ba ba ntseng ba gola mo dingwageng tsa bosheng jaana mme jaanong ba na le malapa a bone ba tsaya botshelo ka tsela e e masisi go feta pele mme ba ipotsa dipotso tse Lefoko la Modimo e leng lone fela le ka kgonang go di araba. Mmè mongwe yo mosha o ne a laletsa Basupi bangwe ba babedi kwa ntlong ya gagwe a bo a re: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mosetsanyana, ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mmè a ne a tlhola a koba Basupi a ba bolelela gore ga a kgatlhege, mme bone ba batla fela go bua le ene ka Baebele. Ke ne ka swetsa ka yone nako eo gore fa ke se na go gola, ke nyalwa, ke bo ke nna le ntlo ya me, ke tla laletsa Basupi ba ga Jehofa gore ba tle go ntlhalosetsa Baebele.” O ne a dira fela jalo, mme seno se ne sa itumedisa Basupi ba ba neng ba mo etela.
8 A o Ka Dira ka Tsela e e Nang le Matswela Thata? Ga se gore ka dinako tsotlhe batho ba re ba etelang ke bone ba dirang gore go lebege go le thata go bereka tshimo gangwe le gape. Ka dinako tse dingwe ke rona ba re ithatafaletsang dilo. A re simolola tiro ya rona re na le dikgopolo tse di sa siamang? Seno se ka ama boikutlo jwa rona gongwe le lentswe la rona le tsela e re lebegang ka yone mo sefatlhegong. Bontsha boikutlo jo bo siameng le sefatlhego se se itumetseng. Leka ditsela tse disha tsa go bua le batho. Fetofetola kgang e o tlang ka yone, mme o lwele go e tokafatsa. Gongwe o ka fetola potso e o tlholang o simolola motlotlo ka yone kana wa dirisa temana e e farologaneng mo motlotlong wa gago. Botsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe gore ke tsela efe e ba boneng e atlega thata fa ba bereka tshimo eno. Dira le baboledi le babulatsela ba ba farologaneng mo tirelong, mme o ele tlhoko gore ke eng se se dirang gore bodiredi jwa bone bo nne le matswela.
9 Jehofa o amogela tiro ya go rera ka Bogosi e bile o a e segofatsa, mme fa re nna le seabe mo go yone go supa gore re a mo rata e bile re rata le baagelani ba rona. (Math. 22:37-39) Ka jalo a re direng tiro ya rona re bo re e wetse, re sa lapisiwe ke go bereka tshimo ya rona gangwe le gape.