LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/01 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo Tse di Diragatsang Boikaelelo Jwa Tsone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Temana ya Letsatsi ga e Tlhole e Sekasekiwa mo Pokanong ya Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Karolo 3—Lefelo la Bodihedi Jwa Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 9/01 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ Go tshwanetse ga buiwa ka eng mo dipokanong tsa tirelo ya tshimo?

Pokano ya tirelo ya tshimo e tshwarelwa go re thusa gore re tlhome mogopolo mo tirong e re lebanang le yone morago ga moo—e leng bodiredi. Ka jalo, motshwari wa pokano eno o tshwanetse gore a bo a ipaakanyeditse sentle e bile a iketleeditse go bua sengwe se se kgothatsang, se se tlhamaletseng le se se mosola. Fa temana ya letsatsi e bua ka tlhamalalo ka tiro ya go rera, e ka nna ya balwa le go sekasekiwa ka bokhutshwane. Le fa go ntse jalo, pokano eno e tshwanetse go bua thata ka bodiredi, e thuse botlhe ba ba yang kwa tirong ya go rera gore ba ipaakanyetse go wetsa bodiredi jwa bone sentle mo letsatsing leo.—2 Tim. 4:5.

Go ka nna ga sekasekiwa dintlha tse di tshwanelang go tswa mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi go dira gore botlhe ba ele tlhoko gore go tsamaisiwa kgatiso efe ka nako eo le gore ba ka e buelela jang. Ka Letsatsi la Dimakasine go ka nna ga dirwa pontsho ka tshedimosetso e e mo setlhogong se se reng “Se re Ka se Buang ka Dimakasine.” Fa go tsamaisiwa dikgatiso tse dingwe, go ka nna ga gatelelwa tsela e le nngwe kana di le pedi tsa go dira matseno a a tshwanelang mo tshimong ya lona go tswa mo bukeng ya Go Fetolana. Go ka nna ga tlotlwa ka karolo nngwe ya bodiredi kana ga dirwa pontsho ka yone, jaaka go re bontsha kafa re ka dirisang Baebele ka gone fa re le kwa matlong a batho, kafa re ka arabang batho ba ba ka nnang ba kgoreletsa puisano ka gone, kafa re ka nayang motho thuto ya Baebele ka gone, kana kafa re ka boelang kwa mothong yo o kgatlhegang ka gone.

Dipokano tsa tirelo ga di a tshwanela go feta metsotso e le 10 go ya go e le 15, e e akaretsang go rulaganya setlhopha, go se abela tshimo le thapelo. Fa go phatlalalwa, botlhe ba ba leng gone ba tshwanetse gore ba bo ba itse gore ba tsamaya le bomang le gore ba ya go bereka tshimo efe, mme ba tshwanetse go ya kwa go yone ka bonako. Ka ntlha ya gore pokano eno e khutshwane, go botlhokwa gore botlhe ba fitlhe ka nako. Fa pokano ya tirelo e tla morago ga pokano nngwe ya phuthego, jaaka Thuto ya Tora ya Tebelo, e tshwanetse go nna khutshwane thata. Ga go tlhokege gore go sekasekiwe temana ya letsatsi, ka gonne go sa tswa go ipelelwa motlotlo o o molemo o o tswang mo Dikwalong. Le fa go ntse jalo, go tla bo go sa tshwanela go dira gore pokano ya tirelo ya tshimo e se ka ya tshwarwa gotlhelele kana gore e kopanngwe le Thuto ya Tora ya Tebelo.

Bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba ba kolobeditsweng ba tshwanetse go abelwa go sa le gale gore ba tshware pokano nngwe le nngwe ya tirelo. Fa go se bape ba ba leng teng gore ba etelele pele ka letsatsi le le rileng, bagolwane ba tshwanetse go bona gore ke bokgaitsadi bafe ba ba kolobeditsweng ba ba ka dirang jalo fa go tlhokega. Kgaitsadi a ka nna a simolola motlotlo wa setlhopha wa temana ya letsatsi kana wa dintlha dingwe tse di amanang le tirelo ya tshimo, a bua ka bokhutshwane, a ntse fa fatshe. O tla tshwanelwa ke go rwala sengwe mo tlhogong.

Dipokano tsa tirelo ya tshimo ke dinako tse di molemo thata mo go rona gore re kgothadiwe le go tlhomelelwa go nna le seabe mo bodireding. Fa motshwari wa pokano eno a baakanyeditse sentle, botlhe ba tla solegelwa molemo thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela