Thulaganyo ya go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi e Gatela Pele
1 Ka 1983 kwa Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Kutlwano ya Bogosi” kwa United States, go ne ga itsisiwe gore go tla nna le letlole le le kgethegileng la go ema nokeng go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi le go baakanngwa ga tsone kwa United States yotlhe le Canada. Ka nako eo re ne re sa itse gore thulaganyo eno e e simolotseng ka selekanyo se sebotlana e ne e tla re tlisetsa masego afe. Re ne ra simolola go bona sentle se Pesalema 92:4 e se buang fa e re: “Gonne o dirile gore ke ipele, wena Jehofa, ka ntlha ya tiro ya gago; ke goa ka boipelo ka ntlha ya ditiro tsa diatla tsa gago.”
2 Gone jaanong re itumela thata ka se se setseng se dirilwe. Gompieno thulaganyo ya go akofisa go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi e e dirwang lefatshe ka bophara e ntse e tsweletse pele. Rotlhe re na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong eno ka tsela nngwe. Re dira seno ka go ntsha meneelo e megolo kgotsa e mennye ya madi go thusa gore go agiwe mafelo a mantsi a kobamelo lefatshe ka bophara. Bakaulengwe ba bantsi gape ba ithaopa go dirisa dilo tsa bone, nako ya bone, le bokgoni jwa bone fa go agiwa. Thulaganyo yotlhe e atlega ka ntlha ya go bo Jehofa a re kaela e bile a segofatsa thata maiteko a rona a magolo.—Pes. 127:1.
3 Makala a mantsi a ile a latela thulaganyo e e neng e simolotse e direlwa fela diphuthego tsa United States. Kwa Diholong Tsa Bogosi mo dinageng tse dintsi, go na le lebokose le baboledi ba tsenyang meneelo ya bone ya Letlole la Diholo Tsa Bogosi mo go lone. Kwa United States, Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1997 e ne ya itsise ka phetogo mo thulaganyong eno. E ne ya re: “Fa e sa le Letlole la Mokgatlho la Diholo Tsa Bogosi le tlhongwa ka 1983, bakaulengwe ba ne ba ntsha meneelo e mentsi, mme seno se ne sa dira gore diphuthego di kgone go adimiwa madi go aga Diholo Tsa Bogosi. Gone jaanong diphuthego di ka nna 2 700 mo nageng eno di setse di solegetswe molemo ke thulaganyo eno. Fa go ne go sa nna jalo, diphuthego tse dintsi di ne di ka se kgone go aga Diholo Tsa Bogosi tse disha kgotsa go ntšhafatsa tse di tlhokang go baakanngwa. Gone jaanong go tlhokega thata gore mangwe a madi ao a adimiwe diphuthego tse di mo dinageng tse di humanegileng. Mokgatlho le diphuthego tse di thusiwang ke meneelo ya lona di anaanela thata fa lo tswelela lo ema thulaganyo eno nokeng.”
4 Kitsiso eo e ne e laletsa batho go nna le seabe mo thulaganyong ya go akofisa go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi. Letlole la Diholo Tsa Bogosi le tla atolosiwa gore le thuse bakaulengwe ba rona mo dinageng tse dingwe, mme gape le ntse le adima diphuthego kwa United States madi go aga Diholo Tsa Bogosi. Setlhogo sengwe se se neng sa latela mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1997 kwa United States se ne sa re: “Go nna go tlhokega gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi lefatshe ka bophara. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, go tlhomilwe diphuthego tse disha di le 3 288. Bontsi jwa diphuthego tseno di kwa Afrika, Asia, Amerika Bogare le Amerika Borwa le Yuropa Botlhaba.”
5 Matswela e nnile eng fa e sa le go simolola ka nako eo? 2001 Yearbook e begile jaana: “Ka ntlha ya thulaganyo eno, go weditswe Diholo Tsa Bogosi di le 453 mo dinageng di le 30 mme tse dingwe tse 727 di sa ntse di agiwa. Go dirilwe maiteko a magolo a go dira gore naga nngwe le nngwe e nne le dipolane tsa yone tsa go aga Diholo Tsa Bogosi, go dirisiwa didirisiwa le mekgwa ya go aga ya naga eo. Kwa Kenya go dirisiwa maje; kwa Togo go tlwaetswe go dirisa ditena; kwa Cameroon go tlwaetswe go dirisa ditena tsa konkereiti tse moragonyana di polasetariwang. Ka tsela eno, bakaulengwe ba mo mafelong ao ba kgona go nna le bokgoni jo ba bo tlhokang gore ba sikare maikarabelo a botlhokwa mo thulaganyong ya go agiwa ga diholo ya naga eo.”
6 Go na le bosupi jwa gore Jehofa o segofatsa thulaganyo eno mo kontinenteng e kgolo ya Afrika. Fa o leba ditshwantsho tsa dingwe tsa Diholo Tsa Bogosi tse di setseng di agilwe, akanya fela kafa go agiwa ga tsone go nnileng le matswela a a molemo ka teng mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa! Go e thusitse ka ditsela tse tharo tse di tlhomologileng—kutlwano ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe, go tlhotlheleditse batho ba ba nnang mo mafelong ao, e bile go okeditse palo ya batho ba ba nnang teng kwa dipokanong tsa phuthego. Tsenyeletso eno e bua ka Diholo Tsa Bogosi tse di agilweng mo Afrika, mme dikgatiso tse di latelang tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi di tla bua kafa thulaganyo ya go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi e tsweletseng pele ka teng mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.
[Pictures on page 3]
CENTRAL AFRICAN REPUBLIC
Bimbo, Bangui
Begoua, Bangui
[Pictures on page 4]
Ukonga, Tanzania
[Picture on page 4]
Accra, Ghana
[Picture on page 4]
Salala, Liberia
[Picture on page 4]
Karoi, Zimbabwe
[Picture on page 4, 5]
Allada, Benin—Holo ya Bogosi ya pele
Allada, Benin—Holo ya Bogosi e ntšha
[Picture on page 5]
Kpeme, Togo
[Picture on page 5]
Sokodé, Togo
[Picture on page 4, 5]
Fidjrosse, Benin
[Picture on page 6]
Lyenga, Zambia—Holo ya Bogosi ya pele
[Picture on page 6]
Lyenga, Zambia—Holo ya Bogosi e ntšha
[Picture on page 6]
Kinshasa, Congo
[Picture on page 6]
Musambira, Rwanda