Sekolo Se se Re Thusang go Dira Ditiro Tsa Botlhokwa mo Botshelong
1 Batho ba tsena sekolo gore ba bone thuto e e tla ba thusang go fitlhelela mekgele mengwe mo botshelong. Mme gone, ke mokgele ofe o o ka nnang botlhokwa go feta wa go galaletsa ene yo e leng Monei wa botshelo le wa go ruta batho ba bangwe ka maikaelelo a gagwe le ditsela tsa gagwe? Ga o yo. Boikaelelo jwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ke go re thusa go kgona go ruta batho ba bangwe se re se dumelang. Ka gone, fa re nna gone mo sekolong beke nngwe le nngwe, re kgona go nna le bokgoni jo bo re thusang go dira ditiro tse di botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong.
2 Tirelo ya Rona ya Bogosi ya kgwedi e e fetileng e ne e na le “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2003.” Thulaganyo eno e na le dintlha tse di malebana le tsela e sekolo se tlileng go tshwarwa ka yone. Go ka nna molemo fa o ka boloka thulaganyo eno mo bukeng ya gago ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e o tshwanetseng go tla ka yone beke nngwe le nngwe kwa Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Akanya ka dikarolo dingwe tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2003.
3 Bokgoni Jwa go Bua: Go tloga ka January, sekolo se tla simolola ka puo ya metsotso e metlhano e e kaga bokgoni jwa go bua kana karolo nngwe e e amanang le go bala, go ithuta kana go ruta. Molebedi wa sekolo o tla neela puo eno e e simololang kana a ka abela mogolwane yo mongwe yo o tshwanelegang gore a neele puo eno. Sebui se ka tlhalosa bokao le botlhokwa jwa karolo nngwe le nngwe ya bokgoni jwa go bua. Go tswa foo o tshwanetse go atolosa tshedimosetso eo ka go tlotla ka dikai tsa Dikwalo le go bontsha kafa bokgoni joo jwa go bua bo ka dirisiwang ka teng, a tlhomile mogopolo thata mo go tlhaloseng gore go dira jalo go ka tokafatsa jang bodiredi jwa rona jwa tshimo.
4 Puo No. 1: Bakaulengwe ba ba abelwang puo ya tao ba sa ntse ba gakololwa gore ba e neele ka tsela ya go “supa kafa tshedimosetso e go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone.” Seno se bolela gore ba bontshe phuthego kafa e ka dirisang tshedimosetso eo ka teng. Fa o abetswe puo eno, leba tsebe 48-9 ya buka ya Sekolo sa Bodiredi go bona dikakantsho tse di malebana le go e baakanyetsa, mme o bale le ditshupiso tse di kwadilweng mo karolong ya Index ya buka eno kafa tlase ga setlhogo sa “Go bontsha kafa dintlha di ka dirisiwang ka teng.”
5 Thulaganyo ya Mmalo wa Baebele: Fa e le gore mo nakong e e fetileng, o ne o ntse o sa kgomarele thulaganyo ya beke le beke ya mmalo wa Baebele, ke eng fa o sa dire tshwetso ya gore o tla kgomarela thulaganyo eno mo ngwageng o o tlang? Fa o ka dira jalo o tla kgona go wetsa go bala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika fa ngwaga o fela. Melemo ya go simolola mmalo wa Baebele ka Dikwalo Tsa Segerika e tlhalosiwa mo go tsebe 10, serapa 4, mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi.
6 Dintlhakgolo Tsa Mmalo wa Baebele: Nako ya puo eno e okeditswe go nna metsotso e le lesome e le gore bareetsi ba ka akgela ka mmalo wa beke. Bakaulengwe ba ba abelwang puo eno ba tshwanetse go kgomarela nako e e beilweng. Puo eno e tla neelwa beke nngwe le nngwe, go akaretsa le ka beke ya tlhatlhobo e e sa kwalweng. Fa o ntse o bala dikgaolo tse di abetsweng beke e e rileng, senka dintlha tse di ka lo solegelang molemo mo thutong ya lona ya lelapa, mo bodireding, kana mo botshelong. Ke dinonofo dife tsa ga Jehofa tse di ileng tsa bonala mo tseleng e a ileng a dirisana le batho le ditšhaba ka yone? Ke eng se o ithutileng sone se se neng sa nonotsha tumelo ya gago le go godisa kanaanelo ya gago ka Jehofa? Ipaakanyetse go akgela ka ntlha nngwe le nngwe fela mo dikgaolong tse di abetsweng go balwa, tota le e leng ka ditemana tse di tlileng go balwa ka nako ya Puo No. 2, e re ka mokaulengwe yo o tlileng go bala mmalo oo a se kitla a akgela ka ditemana tseo.
7 Puo No. 2: Puo ya ntlha ya baithuti beke le beke e tla nna ya go bala phatlalatsa. Mmalo otlhe wa beke le beke mo kgweding nngwe le nngwe o tla tsewa go tswa mo Baebeleng kwantle ga mmalo wa beke ya bofelo ya kgwedi. Mmalo wa beke ya bofelo ya kgwedi o tla tsewa go tswa go Tora ya Tebelo. Moithuti o tshwanetse go bala karolo e a e abetsweng kwantle ga go dira matseno kana konelo. Seno se tla mo thusa go tlhoma mogopolo mo bokgoning jwa gagwe jwa go bala.—1 Tim. 4:13.
8 Puo No. 3 le No. 4: Dingwe tsa dipuo tseno di na le tshedimosetso e ntsi go tswa mo bukeng ya Go Fetolana go feta tse dingwe; tse dingwe tsone di na le setlhogo fela. Batho ba ba abetsweng dipuo tse di nang le tshedimosetso e nnye kana tse di nang le setlhogo fela, ba tla nna le tshono ya go aga dipuo tsa bone ka go itirela dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona tsa Bokeresete. Seno se ka thusa bokgaitsadi go neela dipuo tsa bone ka tsela e e tla tshwanelang bathusi ba bone.
9 Diseting: Jaaka fa go bontshitswe mo go tsebe 45 ya buka ya Sekolo sa Bodiredi, molebedi wa sekolo a ka nna a abela bokgaitsadi diseting. Fa a sa ba abela tsone, ba ka itlhophela seting nngwe mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 82. Fa kgaitsadi a neela puo e le nngwe morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse pedi, diseting tse 30 tse di mo bukeng di lekane go ka mo tsaya dingwaga tse tlhano fa a dirisa tse di sa tshwaneng nako le nako. Bokgaitsadi ba ba tlhophang ya No. 30, e leng, “Seting e nngwe e e tshwanelang lefelo la lona,” ba tshwanetse go kwala seting eo mo karolong e e kwa tlase ya setlankana sa kabelo (S-89). Molebedi wa sekolo o tla kwala letlha la puo ya moithuti mo tsebeng ya 82 ya buka ya moithuti go bapa le seting e a e tlhophileng. A ka dira jalo ka nako e a tshwayang pampitshana ya moithuti ya kgakololo ka yone.
10 Pampitshana ya Kgakololo: Pampitshana ya gago ya kgakololo e mo bukeng ya gago. E tlhaga mo go tsebe 79-81. Ka gone, o tla tshwanelwa ke go naya molebedi wa sekolo buka ya gago nako le nako fa o sena go neela puo. Molebedi wa sekolo o tla tshwanelwa ke go boloka rekoto ya dintlha tsa kgakololo tse moithuti a direlang mo go tsone.
11 Tlhatlhobo: Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e tla bo e le e e sa kwalweng. E tla tshwarwa gangwe morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse pedi mme e tla tsaya metsotso e le 30. Dipotso tse di tla sekasekwang ka nako ya tlhatlhobo di tla tswelela di tlhaga mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Fa beke e tlhatlhobo e tshwanetseng go tshwarwa ka yone e thulana le beke ya kopano ya potologo kana ya loeto lwa molebedi wa potologo, dipuo tsa beke e e latelang eo di tla neelwa ka beke eo mme tlhatlhobo e tla tshwarwa ka beke e e latelang eo.
12 Dikolo Tse Dingwe: Mo diphuthegong tse di nang le baithuti ba palo ya bone e fetang 50, bagolwane ba ka akanyetsa go tlhoma dikolo tse dingwe. “Mo dikolong tseno go ka neelwa dipuo tsotlhe tsa baithuti kgotsa tse pedi fela tsa bofelo.” (Sekolo sa Bodiredi, ts. 285) Kakantsho eno ya gore go ka neelwa fela dipuo tse pedi tsa bofelo e dirwa go thusa diphuthego tse di nang le bokgaitsadi ba bantsi mme di se na bakaulengwe ba ba lekaneng go ka neela dipuo tsa go bala. Bagolwane ba tshwanetse go tlhopha bakaulengwe ba ba tshwanelegang sentle go tshwara dikolo tseno.
13 Mogakolodi yo o Thusang: Jaaka fa go boletswe mo thulaganyong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go tlhopha mogakolodi yo o thusang e le gore a gakolole bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba neelang puo ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele le puo ya tao. Mogolwane yo o abelwang go dira tiro eno o tshwanetse a bo a na le maitemogelo, e le yo bagolwane ba bangwe ba ka tlotlang kgakololo ya gagwe. Kgakololo ya gagwe e tshwanetse ya nna e e molemo, a akgole dibui fa di neetse dipuo sentle le fa di dirisitse mekgwa e e molemo ya go ruta mme a di neye dikakantsho di se kae tse di ka thusang go tokafatsa dipuo tsa tsone. Ga go tlhokege gore mokaulengwe yo o abetsweng tiro eno a neele bakaulengwe kgakololo nako le nako fa ba sena go neela puo, segolobogolo ba ba neelang dipuo gangwe le gape. Mme gone, o tshwanetse go nna le temogo e bile a se lebale gore tota le bakaulengwe ba ba neelang dipuo tsa phatlhalatsa ba tshwanetse go thusiwa go gatela pele.—1 Tim. 4:15.
14 Dilo Tse A ka Di Reetsang: Ke eng se se ka thusang mogakolodi go sekaseka puo sentle? Lebokoso la boraro la bontsi jwa dikgaolo tse 53 tsa buka ya Sekolo sa Bodiredi le na le tshobokanyo e khutshwane ya dilo tse mogakolodi a ka di reetsang. Gape molebedi wa sekolo o tshwanetse go ela tlhoko dikgakololo tse dingwe kana dikakantsho tse di mo bukeng tse di ka mo thusang go sekaseka gore a dintlha tsa puo di neelwa ka tsela e e molemo le ka botswerere. Ka sekai, ela tlhoko dipotso tse di tlhomaganeng tse di fa godimo mo tsebeng ya 55 le ditlhaloso tse di mo serapeng sa bofelo sa tsebe ya 163.
15 Tlatsa Diphatlha Tse di Lolea: Mo godimo ga diphatlha tse di mo matlhakoreng a ditsebe tsa buka, buka ya Sekolo sa Bodiredi e na le diphatlha tse dintsi tse di lolea tse di diretsweng gore o kwale dintlha mo go tsone fa o ithuta ka namana le fa o le kwa Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. (Bona tsebe ya 77, 92, 165, 243, 246, le 250.) Tlhomamisa gore o tla ka buka ya gago beke nngwe le nngwe. Tsamaisana le sebui fa se neela puo e e simololang. Boloka buka ya gago e butswe le ka nako ya dipuo tse di latelang tsa sekolo. Reetsa dikakantsho tsa molebedi wa sekolo. Ela tlhoko mekgwa ya go ruta e e dirisiwang, dipotso, dikai, dipapiso, ditshwantsho le ditsela tse dingwe tse di dirisiwang ke dibui. Fa o kwala dintlha tse di molemo tse o di ithutang mo sekolong, o tla kgona go di gopola le go di dirisa.
16 Jesu Keresete o ne a itse gore go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ke tshiamelo e kgolo go gaisa tsotlhe tse re ka nnang le tsone. E ne e le yone tiro ya gagwe ya konokono. (Mar. 1:38) O ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) E re ka re le batho ba ba ileng ba amogela taletso ya gore re nne balatedi ba gagwe, le rona re tshwaregile thata ka tiro ya go rera dikgang tse di molemo, mme ka metlha re leka ka bojotlhe go tokafatsa boleng jwa ‘setlhabelo sa rona sa pako.’ (Baheb. 13:15) Gore re kgone go dira jalo, a re ititeyeng sehuba go nna le seabe ka metlha mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, sekolo se se tla re thusang go dira tiro e e botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong.