LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/03 ts. 1
  • Go Tshelela Boineelo Jwa Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshelela Boineelo Jwa Rona
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna O Ntse O Direla Jehofa Ka Pelo E E Nitameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A o Tshelela Boineelo Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Diragatsa Boineelo Jwa Rona “Ka Malatsi Otlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ineela mo go Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 1/03 ts. 1

Go Tshelela Boineelo Jwa Rona

1 Le fa o ka tswa o kolobeditswe bosheng jaana kana masomesome a dingwaga a a fetileng, go ka direga gore o sa ntse o gakologelwa tiragalo eo ya botlhokwa mo botshelong jwa gago. Go kolobediwa ga rona ga se bokhutlo, mme go na le moo, ke tshimologo ya tirelo ya botshelo jotlhe, o ineetse, e le tirelo e e ka nnelang ruri. (1 Joh. 2:17) Go tshelela boineelo jwa rona go akaretsa eng?

2 Latela Sekao sa ga Keresete: Morago ga go kolobediwa, Jesu o ne a “simolola tiro ya gagwe,” a bolela “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 3:23; 4:43) Ka tsela e e tshwanang, le rona morago ga gore re bontshe boineelo jwa rona mo go Jehofa ka go kolobediwa, re ne ra nna badiredi ba ba tlhomilweng ba dikgang tse di molemo. Le fa gone re ka nna ra tlhoka nako e ntsi le maiteko gore re kgone go bona dilo tse di bonalang tse re di tlhokang mo botshelong, tiro ya rona ya konokono ke bodiredi jwa rona jwa Bokeresete. (Math. 6:33) Go na le go leka ka natla go huma kana go nna le maemo, batho ba ba ineetseng mo Modimong ba batla go ‘galaletsa bodiredi jwa bone’ fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira. (Bar. 11:13) A o anaanela tshiamelo e o nang le yone ya go direla Jehofa le go e dirisa ka botlalo?

3 Fela jaaka Jesu a ne a dira, re tshwanetse go ‘ganetsa Diabolo.’ (Jak. 4:7) Satane o ne a raela Jesu morago fela ga gore Jesu a kolobediwe, mme o tlhasela batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ka tsela e e tshwanang gompieno. (Luke 4:1-13) E re ka re dikologilwe ke lefatshe la ga Satane, re tshwanetse go ikgalema, re tlogele sengwe le sengwe se se ka kgotlelang megopolo ya rona kana sa senya dipelo tsa rona. (Dia. 4:23; Math. 5:29, 30) Bakeresete ba gakololwa gore ga ba ‘ka ke ba ja mo “tafoleng ya ga Jehofa” le mo tafoleng ya madimona.’ (1 Bakor. 10:21) Seno se raya gore re tshwanetse go itisa kgatlhanong le boitlosobodutu jo bo sa siamang, ditsala tse di bosula le dikotsi tsa Internet. Seno se raya gape gore re kgaogane le dikgatiso tsa batlhanogi. Fa re nna re iketse tlhoko mo dilong tseno le mo ditseleng tse dingwe tse Satane a di dirisang, seno se tla re thusa gore re tshelele boineelo jwa rona.

4 Dirisa Dilo Tse Modimo a re Fileng Tsone: E le gore a re thuse go tshelela boineelo jwa rona, Jehofa o re file Lefoko la gagwe le phuthego ya Bokeresete. Dira gore go bala Baebele le go rapela Jehofa e nne karolo ya thulaganyo ya gago ya letsatsi le letsatsi. (Josh. 1:8; 1 Bathes. 5:17) Natefelelwa ke dipokano tsa phuthego. (Pes. 122:1) Itsalanye le batho ba ba boifang Jehofa o bo o boloke ditaolo tsa gagwe.—Pes. 119:63.

5 Ka thuso ya Modimo, o ka kgona go tshelela boineelo jwa gago go Jehofa le go itumelela go mo direla ka bosakhutleng.—Pes. 22:26, 27; Bafil. 4:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela