Nnang lo Itekanetse Sentle mo Mogopolong fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela
1 Gangwe le gape Lefoko la Modimo le tlhalosa fa letsatsi la ga Jehofa le tla “jaaka legodu”—ke gore, ka tshoganetso, ka bonako le ka tidimalo. (1 Bathes. 5:2; Math. 24:43; 2 Pet. 3:10; Tshen. 3:3; 16:15) Jesu o ne a re: “Ka lebaka leno le lona itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Math. 24:44) Re ka dira jang gore re nne re iketleeditse semoyeng fa bokhutlo bo ntse bo atamela? Karabo e fitlhelwa mo kgakololong eno e e tlhotlheleditsweng: “Nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong.”—1 Pet. 4:7.
2 Go itekanela sentle mo mogopolong go akaretsa go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. (Baef. 5:17) Go re thusa gore re itseye re le “baeng le baagi ba nakwana” mo tsamaisong eno ya dilo. (1 Pet. 2:11) Go re thusa go lemoga se tota se leng botlhokwa, go itse dilo tse di tlang pele le go dira ditshwetso tse di siameng.—Bafil. 1:10.
3 Ipeele Mekgele ya Semoya: Go ipeela mekgele ya semoya le go e fitlhelela go re thusa gore re itekanele sentle mo mogopolong. A o na le mekgele mengwe ya semoya e gone jaanong o ntseng o leka go e latelela? A o leka go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go nna teng mo dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete, go bala kgatiso nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le Tsogang!, kgotsa go oketsa seabe sa gago mo bodireding? Fa o ipeela mekgele e e go siametseng, o tswelela pele go e latelela, o bo o kopa Jehofa gore a segofatse maiteko a gago, o ka gakgamadiwa ke ditlamorago tsa gone.
4 Mogolwane mongwe o ne a botsa banyalani bangwe ba basha ka mekgele ya bone ya semoya. Potso eo e ne ya ba lemotsha gore fa ba ne ba ka dira gore botshelo jwa bone bo se ka jwa raraana mme ba fedisa dikoloto tsa bone tse di neng di ba imela, ba ne ba ka kgona go bula tsela. Ba ne ba dira tshwetso ya gore seo e nne one mokgele wa bone. Ba ne ba tlhoafalela go fetsa dikoloto tsa bone mme ba bona ditsela tsa go fokotsa ditiro tse di sa tlhokegeng tse di neng di ba jela nako le maatla. Mo lobakeng lwa ngwaga fela, ke fa ba setse ba fitlheletse mokgele wa bone. Go ne ga felela jang? Monna a re: “Fa re ka bo re se na mekgele re ka bo re se fa re leng teng gone jaanong. Re itumetse tota jaanong. Re tshela botshelo jo bo ritibetseng, jo bo botoka. Re itse se tota re se tshelelang.”
5 Fa re ntse re emetse letsatsi la ga Jehofa, e kete re ka nna re thantse semoyeng ka go tshela re itekanetse sentle mo mogopolong, re tlhomile mogopolo mo go direng thato ya Modimo.—Tito 2:11-13.