Maeto a go Boela a re Thusa go Simolola Dithuto Tsa Baebele
1. Ke eng fa go dira maeto a go boela go le botlhokwa thata jaana?
1 Jesu o ne a roma balatedi ba gagwe e seng fela gore ba rere mme gape le gore ba ‘dire . . . barutwa, . . . le go ba ruta.’ (Math. 28:19, 20) Moreri o a bolela mme morutisi o dira se se fetang seo. Morutisi o a ruta, o a tlhalosa e bile o ntsha bosupi. Tsela e nngwe e re rutang ba bangwe ka yone ke ka go dira maeto a go boela mo bathong ba ba bontshitseng kgatlhego ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa Baebele le bone.
2. Ke bomang ba re tshwanetseng go dira maeto a go boela mo go bone?
2 Ke bomang ba o tshwanetseng go dira maeto a go boela mo go bone? Tlhomamisa gore o boela kwa go botlhe ba ba amogelang dibuka kana ba ba bontshang le e leng kgatlhego e nnye fela mo dikgannyeng tse di molemo. Fa o kopana le motho yo o kgatlhegang fa o rera mo lefelong la botlhe, leka go tsaya diaterese tsa gagwe kana nomore ya mogala e le gore kgatlhego ya gagwe e ka tsweledisetswa pele. Nna o ntse o na le tsholofelo ya gore o ka kgona go simolola dithuto tsa Baebele le batho. Tswelela pele o ntse o batla ba ba ka dumelang go ithuta Baebele, mme go tla direga gore o kopane le bone.—Math. 10:11.
3, 4. Re tshwanetse go dirang gore re kgone go dira maeto a go boela a a nang le matswela?
3 Bontsha Gore o Kgatlhegela Batho: Go baakanyetsa loeto lwa go boela lo lo nang le matswela go simologa fela mo loetong la ntlha. Bareri ba ba atlegang ba ela tlhoko se mong wa ntlo a se kgatlhegelang, mme ba bo ba se dirisa go nna motheo wa metlotlo e e tla latelang. Bangwe ba go fitlhela go thusa go botsa potso fa ba konela motlotlo mo loetong lwa bone e le gore ba dire gore mong wa ntlo a kgatlhegele loeto lo lo latelang. Fa re kgatlhegela batho ka tsela ya mmatota seo se tla dira gore re nne re akantse ka bone le fa re setse re tsamaile, mme seno se tla re tlhotlheletsa gore re ba etele gape kwantle ga go diega. Fa go kgonega, leka go dira loeto lwa go boela a ise a felelwe ke kgatlhego—gongwe e bile le eleng morago ga letsatsi kana a mabedi.
4 Fa o dira loeto lwa go boela, leka go thaya motlotlo wa gago mo go se lo tlotlileng ka sone mo nakong e e fetileng. Go dire mokgele wa gago gore nako le nako o mmolelele ntlha e le nngwe ya Dikwalo e e kgothatsang, mme o nne o iketleeditse go mo reetsa. Leka go itse mong wa ntlo botoka. Morago ga moo, mo maetong a a latelang, tlotla le ene ka boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimo jo bo buang ka tlhamalalo ka dilo tse a amegileng ka tsone.
5. Ke mokgwa ofe o o bonolo o o ka dirisiwang go simolola dithuto tsa Baebele?
5 Nna o Etse Tlhoko Ditshono Tsa go Simolola Thuto ya Baebele: Dira maeto a go boela ka boikaelelo jwa go simolola thuto ya Baebele. Seno se ka dirwa jang? Mmolelele gore o ka rata go mmolelela ntlha nngwe e e kgatlhang, mme o bule buka ya Kitso kana boroutšhara jwa Re Direng mo serapeng se o akanyang gore se tla kgatlha motho yono. Bala serapa seno, o botse potso ya sone o bo o tlotla ka lekwalo le le lengwe kana a mabedi a a umakilweng. Seno se ka dirwa gone fela fa kgorong ka metsotso e le metlhano go ya go e le lesome. Feleletsa ka go botsa potso e e latelang o bo o dira dithulaganyo tsa go tsweledisetsa motlotlo pele mo nakong e e tlang.
6. Re ka bontsha jang gore re tlhaloganya botlhokwa jwa go dira maeto a go boela?
6 Go dira gore botlhe ba ba bontshitseng kgatlhego ba nne ba ntse ba kgatlhega jalo ke karolo e e botlhokwa thata ya bodiredi jwa rona. Ka gone, ipeele nako kwa thoko mo thulaganyong ya gago ya beke le beke go dira maeto a go boela. Go dira jalo go tla dira gore bodiredi jwa gago bo nne le matswela e bile go tla go itumedisa tota.