A re Bolokeng Lefelo la Rona la Kobamelo Le le Mo Boemong jo Bontle
1. Holo ya Bogosi e dirisediwa eng?
1 Go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di fetang 94 000 mo lefatsheng lotlhe. Diphuthego di le dintsi di kopanela mo Holong ya Bogosi, e leng lefelo la kobamelo e e itshekileng la mo lefelong la gaeno, go tla go ithuta Baebele le go tsalana le Bakeresete ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le diphuthego dingwe tse di kopanelang mo mafelong a di a hirileng, jaaka mo dikolong le mo mafelong mangwe a nakwana.
2. Keng fa go le botlhokwa go boloka Holo ya Bogosi e le phepa e bile e lebega sentle?
2 Thulaganyo Ya go E Phepafatsa ka Metlha: Tiro ya go tlhokomela Holo ya Bogosi ke karolo e e botlhokwa ya tirelo ya rona e e boitshepo. Buka ya Bodihedi jwa Rona e tlhalosa jaana mo ditsebeng 61-2: “Bakaulengwe ba tshwanetse go go tsaya e le tshiamelo e seng fela go tshegetsa Holo ya Bogosi ka madi mme gape le go ithaopela go e boloka e le phepa, e lebega sentle e bile e baakantswe sentle. Mo teng le ka kwantle ga yone ka go tshwana, Holo ya Bogosi e tshwanetse ya emela phuthego ya ga Jehofa ka mo go tshwanetseng.” E re ka Holo ya Bogosi e dirisiwa makgetlho a le mmalwa mo bekeng, e tshwanetse go phepafadiwa ka metlha le go tlhokomelwa. Gantsi tiro eno e dirwa ke baithaopi ba ba tswang mo phuthegong kgotsa mo diphuthegong tse di dirisang Holo ya Bogosi. Jaaka go ne go dirwa mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, le gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go tlhagafalela “go mamatlela . . . le go . . . baakanya” lefelo la rona la kobamelo.—2 Ditir. 34:10.
3. Tiro ya go phepafatsa Holo ya Bogosi e rulaganngwa jang, mme ke bomang ba ba ka nnang le seabe mo go yone?
3 Thulaganyo ya go phepafadiwa ga Holo ya Bogosi beke le beke e tshwanetse ya bewa mo lomating lwa dikitsiso. Ditlhopha tsotlhe tsa thuto ya buka di tshwanetse go refosana ka go phepafatsa holo beke nngwe le nngwe, di dirisa lenaane la dilo tse di tshwanetseng go dirwa fa e phepafadiwa. Botlhe ba ba kgonang, ba tshwanetse go nna le seabe mo tshiamelong ya go boloka Holo ya Bogosi e le phepa e bile e lebega sentle beke nngwe le nngwe. Bana le bone ba ka nna le seabe mo tshiamelong eno ba tlhokometswe ke batsadi ba ba tla ba rutang go anaanela tshiamelo eno. Go botlhokwa gore go dirisanwe mmogo ka tsela e e molemo segolobogolo fa Holo ya Bogosi e dirisiwa ke phuthego e e fetang e le nngwe, gore go tlhokomela karolo e e botlhokwa eno ya kobamelo ya rona go se ka ga dirwa ke ba le mmalwa fela. Seno se tshwanetse sa dirwa le mo diphuthegong tse di dirisang mafelo a di a hirileng kgotsa mafelo a nakwana.
4. Go tshwanetse ga dirwang gore phuthego e tle e itse se e tshwanetseng go se dira fa e tla go phepafatsa Holo ya Bogosi?
4 Lenaane la dilo tse di tshwanetseng go dirwa fa go phepafadiwa holo le ka nna la bewa golo gongwe, segolobogolo fa go beilweng didirisiwa tsa go phepafatsa gone. Mo go lone, go tshwanetse ga kwalwa dilo tse di tshwanetseng go dirwa beke le beke, go akaretsa le go phepafatsa ka motšhini, go tlhatswa difensetere, go phimola lerole mo godimo ga dikhaontara, go ntsha dibini tsa matlakala, go koropa le go phepafatsa diipone. Ditiro dingwe di ka nna tsa se ka tsa tlhoka go dirwa ka metlha go le kalo, tse di jaaka go tshasa difanitšhara dingwe tsa logong politšhi le go tlhatswiwa ga ditulo, digaretene le dipone. Dikhemikale tsotlhe tse di dirisediwang go phepafatsa di tshwanetse gore di se ka tsa bewa fa bana ba ka di fitlhelelang gone mme di tshwanetse go tshwaiwa sentle. Mo lenaaneng leno, go tshwanetswe gore gape go kwalwe ka bokhutshwane gore khemikale nngwe le nngwe e dirisiwe jang.
5. Go tila dikotsi go botlhokwa go le kana kang, mme ke dilo dife tse di tshwanetseng go tlhatlhobiwa ka metlha? (Bona lebokoso le le mo tsebeng 4.)
5 Go botlhokwa thata go ela tlhoko gore ga go na sepe se se ka tlhagisetsang ope kotsi mo Holong ya Bogosi. (Dute. 22:8) Lebokoso le le tlotlang ka kgang eno le le mo tsebeng 4, le na le lenaane la dilo tse di tshwanetseng go tlhatlhobiwa ka metlha, fa e le gore di teng mo lefelong le lo kopanelang mo go lone, gore go tilwe dikotsi.
6. Tiro ya go tlhokomela Holo ya Bogosi e rulaganngwa jang?
6 Go Tlhokomela Holo ya Bogosi: Setlhopha sa bagolwane se na le boikarabelo jwa go bona gore Holo ya Bogosi e tlhokomelwa sentle. Gantsi go tlhophiwa mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi gore a okamele tiro eno. O ela tlhoko gore dilo di dirwa sentle mo Holong ya Bogosi, a tlhokomela gore e bolokwa e le phepa e bile e le mo boemong jo bontle le gore go na le dilo tse di lekaneng tse di dirisediwang go e phepafatsa. Go botlhokwa gore go se ka ga nna le sepe se se ka tlhagisetsang ope kotsi mo teng le ka fa ntle ga holo. Fa holo e dirisiwa ke diphuthego di le pedi kgotsa go feta, setlhopha sa bagolwane se tlhopha komiti e e tlhokomelang holo gore e dire dithulaganyo tsa go tlhokomelwa ga yone. Komiti eno e dira kafa tlase ga kaelo ya ditlhopha tsa bagolwane.
7. (a) Go dirwang ngwaga le ngwaga go tlhomamisa gore Holo ya Bogosi e bolokwa e le mo boemong jo bontle? (b) Ke dilo dife tse di tlhokang go tlhatlhobiwa ka metlha? (Bona lebokoso mo tsebeng ya 5.)
7 Holo ya Bogosi e tshwanetse go tlhatlhobiwa ka mo go tseneletseng ngwaga le ngwaga. Morago ga moo, bagolwane ba dira dithulaganyo tsa go baakanya ka botlalo dilo tsotlhe tse di tlhokang go baakanngwa. Baboledi ba ka lalediwa gore ba tle go thusa mo go direng tiro ya go baakanya holo le go e tlhokomela. Botlhe ba tshwanetse go tlhagafalela go baakanya ka bonako dilo tse di tlhokang go baakanngwa mo go yone. Lefelo la nakwana le go kopanelwang mo go lone, le lone le tshwanetse go tlhokomelwa sentle.
8. Ke leng bagolwane ba ka ikgolaganyang le Komiti ya Kago ya Kgaolo gore e ba thuse go baakanya dilo dingwe mo holong?
8 Fa bagolwane ba tlhoka dikgakololo dingwe kgotsa thuso malebana le go baakanya Holo ya Bogosi, ba ka nna ba ikgolaganya le Komiti ya Kago ya Kgaolo. Seno se ka nna sa akaretsa dilo tse di tshwanang le go tlhokomela khapete le go kaba mafelo a a dutlang.
9. Ke mokgwa ofe o o tshwanetseng go latelwa fa go tlhokega gore go hiriwe konteraka nngwe?
9 Go Dirisa Madi a Phuthego Sentle: Bontsi jwa tiro e e dirwang mo Holong ya Bogosi le mo mabaleng a yone e dirwa ke baithaopi. Maiteko a bone a go intsha setlhabelo ke tsela e e molemo ya go bontsha lorato e bile e thusa thata mo go fokotseng ditshenyegelo. Fa go tlhokega gore go hiriwe konteraka gore e tle go dira tiro nngwe, jaaka go bolaya ditshedinyana tse di senyang kgotsa go baakanya dilo dingwe tsa motlakase, bagolwane ba leka go batla khampani e e ka kgonang go dira tiro eo ka madi a a kwa tlase. Ba simolola pele ka go kwala lenaane la tiro yotlhe e e tshwanetseng go dirwa gongwe le dilo dipe fela tse di tshwanetseng go rekwa. Morago ga moo, ba naya dikhampani di le mmalwa lenaane leno gore nngwe le nngwe ya tsone e bolele gore e tla kopa bokae. Fa ba sena go bona karabo go tswa kwa go nngwe le nngwe ya tsone, bagolwane ba ka nna ba tlhopha e ba ka ratang go e dirisa. Go tshwanetse ga latelwa mokgwa ono tota le fa mokaulengwe mongwe a ithaopela gore o tla dira tiro eo le go rekisetsa phuthego dilo tse di tlhokang go rekwa ka tlhwatlhwa e e rileng.
10. Go tshwanetse ga dirwang go tlhokomela gore madi a phuthego a dirisiwa ka tshwanelo?
10 Gape, bagolwane ba tsaya dikgato tse di tshwanetseng tsa go kopa tetla ya gore phuthego e se ka ya duedisiwa lekgetho, fa e le gore go na le thulaganyo e e ntseng jalo mo nageng ya gaeno. Fa e le gore Holo ya Bogosi e dirisiwa ke diphuthego tse di fetang e le nngwe, komiti e e tlhokomelang holo e dira gore phuthego nngwe le nngwe e nne le akhaonto ya yone ya banka mme e tshwanetse go naya setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane pego e e kwadilweng ya tsa madi, gore bagolwane botlhe ba tle ba itse gore madi a ntse a dirisiwa jang. Bagolwane ba na le boikarabelo jwa go tlhokomela gore madi a phuthego a dirisiwa ka tshwanelo.
11. Go Tshwanetse ga dirwang fa go tlhokega gore go dirwe tiro e kgolo ya go baakanya le go tlhabolola holo?
11 Fa go Tshwanetse ga Dirwa Tiro e Kgolo ya go Baakanya le go Tlhabolola Holo: Fa maloko a komiti e e tlhokomelang holo a swetsa ka gore go dirwe tiro nngwe e kgolo ya go baakanya Holo ya Bogosi, komiti e tlotla kgang eno le ditlhopha tsa bagolwane go utlwa gore bone ba tla reng. Fa go lemogiwa gore go tshwanetse ga dirwa tiro e kgolo ya go baakanya holo le go e tlhabolola kgotsa gore go tla tlhokega baithaopi ba ba tswang kwa diphuthegong tse dingwe tse di sa kopaneleng mo Holong eo ya Bogosi, bagolwane ba tla ikgolaganya le Komiti ya Kago ya Kgaolo. Bakaulengwe bano ba ba tshwanelegang sentle ba ba nang le maitemogelo, ba kgona go ntsha dikakantsho tse di mosola le go okamela tiro sentle. Fa e le gore tiro eno e tla tlhoka madi a le mantsi thata, go tla tshwanelwa gore go sekasekwe ka kelotlhoko gore e tlile go nna madi a a kana kang go bo go kwalwa maitlamo a a tla fetisediwang mo phuthegong.—Bona Letlole la Dipotso mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 1984.
12. Re ka bontsha jang gore re anaanela tshiamelo e re nang le yone ya go kopanela mo Holong ya Bogosi?
12 A bo re anaanela thata jang ne tshiamelo e re nang le yone ya go kopanela mo Holong ya Bogosi! Le ka motlha ga re batle go tlogela go kopana mmogo kwa dipokanong kgotsa go di tsaya motlhofo. Botlhe ba ka kgothatsana ka go tsaya karolo mo go direng gore tiro eno e atlege ka go nna le seabe ka botlalo mo go tlhokomeleng Holo ya Bogosi. Seno se tlotlomatsa kobamelo e e itshekileng le go tlisetsa leina la ga Jehofa tlotlo. A re ititeyeng sehuba gore re tla boloka lefelo la rona la kobamelo le le mo boemong jo bontle.
[Box on page 4]
Dilo Tse di Tshwanetseng go Tlhatlhobiwa Go Tila Dikotsi
◻ Ditimamolelo, fa e le gore lo na le tsone, di tshwanetse go bewa mo di ka fitlhelelwang motlhofo gone mme di tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe ka ngwaga.
◻ Go tshwanetse ga tshwaiwa ka mokwalo o o bonalang sentle gore dikgoro tse go duwang ka tsone le ditepisi di fa kae, go nne le lesedi le le lekaneng mo go tsone, go se ka ga nna le dikgopi dipe mo tseleng e e yang kwa go tsone le maitshegeletso a ditepisi e nne a a sa reketleng.
◻ Diphaposi tsa go baya dilwana le matlwana di tshwanetse go bolokwa di le phepa, di rulagantswe sentle e bile di se na dilo tse di ka tshwarang molelo gape ope a se ka a baya dilo tsa gagwe mo go tsone e bile di tshwanetse go nna di se na matlakala.
◻ Borurelo le dipeipe tse metsi a pula a fologang ka tsone di tshwanetse go tlhatlhobiwa le go phepafadiwa ka metlha.
◻ Boalo jwa ditena le mafelo a go emisiwang dikoloi mo go one di tshwanetse go nna le lesedi le le lekaneng bosigo e bile di se na sepe se se ka reledisang ope kgotsa sa mo diga.
◻ Dilo tsa motlakase, tse di thuthafatsang le tse di tsidifatsang mo teng ga holo di tshwanetse go tlhatlhobiwa le go tlhokomelwa gore di se ka tsa nna le mathata.
◻ Mafelo ape fela a a dutlang a tshwanetse go kabiwa ka bonako gore metsi a se ka a baka tshenyo e e oketsegileng.
◻ Holo e tshwanetse go nna e lotletswe fa go se na ope mo go yone.
[Box on page 5]
Go Tlhokomela Kago Yotlhe
◻ Kwa ntle: A borulelo, dipota, pente, difensetere le mokwalo o o reng Holo ya Bogosi, di mo boemong jo bontle?
◻ Mabala: A mabala a tlhokometswe sentle? A boalo jwa ditena, jarata le lefelo le go emisiwang dikoloi mo go lone di mo boemong jo bontle?
◻ Mo teng ga holo: A khapete, digaretene, ditulo, dipota le mafelo a go bewang dibuka mo go one di a bogega? A diphaepe tsotlhe tsa metsi le tsa motlakase di mo boemong jo bo siameng?
◻ Didirisiwa tse dingwe: A dipone, motšhini wa dibuelagodimo, didirisiwa tsa go thutafatsa holo le go e tsidifatsa di bereka sentle?
◻ Matlwana: A matlwana a phepa e bile a bereka sentle? A ditoulo di tlhatswiwa ka metlha?
◻ Makwalo a semolao a phuthego: A dipampiri tse di bontshang gore holo e kwadisitswe ka phuthego efe di tladitswe sentle? Fa e le gore go a tlhokega mo lefelong la lona, a ngwaga le ngwaga lo tlatsa dipampiri tsa go kopa gore phuthego e se ka ya duedisiwa lekgetho?