LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/03 ts. 8
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 12/03 ts. 8

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo Dec. 15

“Ka nako eno ya ngwaga, batho ba le bantsi ba akanya ka go tsalwa ga ga Jesu. A o kile wa ipotsa gore Jesu o goletse mo lelapeng le le ntseng jang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bale Luke 2:51, 52.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa dilo tse di mosola tse re ka di ithutang mo pegong ya Baebele ya kafa Jesu a godisitsweng ka teng.”

Tora ya Tebelo Jan. 1

“Batho ba le bantsi ba eletsa gore go nne le kagiso mo lefatsheng. A o akanya gore re tla tsamaya re bona mafoko ao a diragala? [Bala Pesalema 46:9. Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa kafa seno se tla diragadiwang ka teng le gore ke ka ntlha yang fa re ka ikanya tsholofetso ya Modimo ya gore ntwa e tla fela mo lefatsheng.”

Tsogang! Jan. 8

“Rotlhe re eletsa go bona bana ba rona ba tshela ba itumetse e bile ba atlega. O akanya gore ke eng se bana ba se tlhokang thata gore ba itshoke mo lefatsheng la gompieno le le tletseng matshwenyego? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bale Diane 22:6.] Makasine ono wa Tsogang! o tlhalosa dilo tse bana ba di tlhokang le kafa batsadi ba ka di ba nayang ka teng.”

“Mo lefatsheng lotlhe, batho ba le dimilionemilione ba tshwenngwa ke malwetse a go fetofetoga maikutlo, a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. Mmopi wa rona o amega thata ka batho ba ba ntseng jalo. [Bala Pesalema 34:18.] Makasine ono o tlhalosa kafa batho ba ba lwalang malwetse ano ba ka thusiwang ka teng. Gape o bontsha tsholofetso e e mo Baebeleng ya gore go ise go ye kae malwetse otlhe a tla fedisiwa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela