LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/04 ts. 3-5
  • Nna o Bolele ka Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Bolele ka Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa ga Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Naya Bosupi ka Botlalo Jwa Dikgang Tse di Molemo’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • “Rera Lefoko la Modimo ka Botlalo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Bolela Dinonofo Tse di Molemolemo Tsa ga Jehofa Gongwe le Gongwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000—A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang Ka March? April? May?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 2/04 ts. 3-5

Nna o Bolele ka Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa ga Jehofa

1. Dingwe tsa ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang tse o di anaanelang thata ke dife?

1 Ga go na ope yo o ka tshwanang le Jehofa, Modimo wa rona yo mogolo! Dafide o ne a kwala jaana: “O dirile dilo di le dintsi, Wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona; ga go na ope yo o ka tshwantshiwang le wena.” (Pes. 40:5) Dingwe tsa dilo tse di gakgamatsang tse Jehofa a di dirileng ke lobopo, Bogosi jwa ga Mesia, dilo tse a di direlang batho ka bopelonomi jwa lorato, le tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. (Pes. 17:7, 8; 139:14; Dan. 2:44; Math. 24:14) Go rata Jehofa le go anaanela sotlhe se a se re diretseng go re tlhotlheletsa gore re bolelele ba bangwe ka ga gagwe. (Pes. 145:5-7) Ka March, April le May re tla nna le sebaka sa go dira jalo ka botlalo le go feta pele. Mo dingwageng di se kae tse di ntseng di feta, batho ba le bantsi ba ile ba tsaya bobulatsela jo bo thusang ka March le ka April ka gonne mo dikgweding tseo letsatsi le diega go phirima, bogolo jang ka March. Monongwaga, May e na le mafelobeke a le matlhano, mme seo se tla thusa ba ba dirang tshimo thata mo mafelobekeng.

2. Go tsaya bobulatsela jo bo thusang go re solegela molemo jang motho ka namana?

2 Ka go Nna Mmulatsela yo o Thusang: A o ka kgona go itirela thulaganyo ya gore mo dikgweding tseno tsa tirelo e e kgethegileng o dirise diura di le 50 mo bodireding kgwedi e le nngwe kgotsa go feta? Ruri go ka nna mosola gore o dire diphetogo le fa e le dife mo thulaganyong ya gago. (Baef. 5:16) Ba le bantsi ba fitlhetse gore bobulatsela jo bo thusang bo ba thusa go tokafatsa bodiredi jwa bone. Ba gololesega go rera mo matlong e bile ba kgona go dirisa Baebele thata. Ba kgona go tswelela ba thusa batho bape ba ba kgatlhegang ba ba kopanang le bone ka gonne ba dirisa nako e e oketsegileng mo tshimong, mme bangwe ba ba neng ba ise ba ke ba tshware thuto ya Baebele mo nakong e e fetileng ba ile ba simolola go dira jalo fa ba tsere bobulatsela jo bo thusang. Bobulatsela jo bo thusang ke tiro e e itumedisang ka gonne bo tlhoka gore re dire maiteko a go thusa ba bangwe.—Dit. 20:35.

3. Bangwe ba ile ba kgona jang go tsaya bobulatsela jo bo thusang le fa ba le mo maemong a a thata?

3 O se ka wa itlhaganelela go konela ka gore maemo a gago ga a go letle gore o bule tsela. Mogolwane mongwe yo o neng a tsaya bobulatsela jo bo thusang ngogola o na le bana ba le babedi e bile o bereka tiro ya nako e e tletseng. Mokaulengwe yono yo o ditiro dintsi o kgonne jang? E re ka a bereka mo gare ga beke, o ne a rulaganya gore a dire diura tse dintsi mo tshimong ka mafelobeke, a simolola ka go rera mo mmileng ka 7:00 a.m. ka Bomatlhatso. Ba le bantsi mo phuthegong ba ba neng ba na le maemo a a tshwanang le a gagwe le bone ba ne ba bula tsela, mme ba ne ba tshegetsana e bile ba kgothatsana. Mo phuthegong e nngwe, kgaitsadi wa dingwaga tse 99 o ne a swetsa ka gore a bule tsela ka May fa morwadie a sena go mo laletsa gore a bule tsela le ene. Ba bangwe mo phuthegong ba ne ba thusa kgaitsadi yono yo o godileng ka go mo kgarametsa ka setulo sa gagwe sa maotwana gore a rere ka ntlo le ntlo a bo a tshware dithuto tsa Baebele. Gape o ne a rera ka thelefouno, mo mebileng le ka go kwala makwalo. O dumela gore o ne a sa dire seno ka maatla a gagwe mme ka thuso ya ga Jehofa fela.—Isa. 40:29-31.

4. Re ka ela dilo dife tlhoko fa re dira thulaganyo ya bobulatsela jo bo thusang?

4 Leka go kwala thulaganyo e e tshwanelang seemo sa gago sentle. Dithulaganyo tse di mo kgatisong eno di ka nna tsa go thusa. A o bereka letsatsi lotlhe kgotsa o tsena sekolo? O ka nna wa siamelwa ke thulaganyo e e dirang gore o bereke thata ka mafelobeke. Fa e le gore o na le mathata a botsogo mme ga o na maatla a a lekaneng gore o ka dirisa diura di le dintsi mo bodireding, o ka siamelwa ke thulaganyo e e sa tlhokeng gore o dire diura tse dintsi ka letsatsi mo tshimong. Buisana le ba bangwe ka keletso ya gago ya go bula tsela. Gongwe le bone ba tla ipeela mokgele oo.

5. Basha ba ka ipeela mekgele efe ka March, April le May?

5 Ditsela Tse Basha ba ka Nnang le Seabe ka Tsone: Jehofa o a itumela fa basha ba bolelela ba bangwe ka ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang. (Pes. 71:17; Math. 21:16) Fa o le mosha e bile o kolobeditswe, gongwe o ka bula tsela ka kgwedi e dikolo di tla bong di tswetswe ka yone. Fa e le gore ga o kgone go tsaya bobulatsela jo bo thusang, a o ka ipeela mekgele e e tlhomameng gore o oketse seabe sa gago le go tokafatsa bodiredi jwa gago mo dikgweding tseno? Fa e le gore o ntse o ya tshimong le batsadi ba gago mme o ise o nne mmoledi yo o sa kolobediwang, jaanong ke nako ya gore o leke go tshwanelega. Se ipolelele gore o tshwanetse wa bo o le setswerere sa go araba dipotso tsa Baebele kgotsa o na le kitso e e lekanang le ya bagolo ba ba kolobeditsweng gore o tshwanelege. A o tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele? A o latela ditaelo tse di mo Baebeleng tsa boitshwaro? A o batla go itsewe o le Mosupi wa ga Jehofa? Fa go ntse jalo, bua le batsadi ba gago ka kgang eno. Ba ka rulaganya gore ba buisane le bagolwane ba na le wena go bona gore a o dira dilo tse di tlhokegang.—Bona buka ya Bodiredi jwa Rona, tsebe 98-9.

6. Re ka thusa baithuti ba Baebele jang gore e nne baboledi ba dikgang tse di molemo?

6 Go Thusa ba Bangwe go Rera: Baithuti ba Baebele ba ba gatelang pele ba ka tshwanelega go nna baboledi le rona mo dikgweding tse di tlang tsa tirelo e e kgethegileng. Fa e le gore o na le moithuti yo o gatelang pele sentle wa Baebele, kopa thuso mo molebeding wa thuto ya lona ya buka kgotsa mo molebeding wa tirelo. Mongwe wa bone a ka tsamaya le wena mo thutong eo go bona gore moithuti yono o gatela pele go le kana kang. Fa moithuti a tshwanelega mme a eletsa go nna mmoledi, molebedi yo o okamelang a ka rulaganya gore bagolwane ba le babedi ba kopane le wena le moithuti yono. (Bona Tora ya Tebelo, November 15, 1988, tsebe 17.) Fa moithuti a amogetswe, simolola go mo thapisa mo bodireding gone fela foo.

7. Baboledi ba ba sa tsweng ka metlha le ba ba tsidifetseng ba ka thusiwa jang?

7 Balebedi ba thuto ya buka ba tshwanetse go ela tlhoko thata bape ba ba tsidifetseng kgotsa ba ba sa tsweng ka metlha ba ba mo setlhopheng sa bone. Ba laletse gore ba dire le wena mo tshimong. Fa e le gore ba na le lobaka lo loleele ba sa tswe ka metlha, go molemo gore bagolwane ba le babedi ba buisane le bone pele go bona gore a ba a tshwanelega. (Bona Lebokose la Dipotso la Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2000.) Tlhoafalo ya phuthego mo dikgweding tseno tsa tirelo e e kgethegileng e ka nna ya ba kgothatsa gore ba nne teng ka metlha gape mo bodireding.

8, 9. Bagolwane ba ka dirang go rotloetsa phuthego mo tirelong e e kgethegileng?

8 Simolola Gone Jaanong go Ipaakanyetsa Tirelo e e Oketsegileng: Bagolwane, simololang gone jaanong go rotloeletsa phuthego go tsaya bobulatsela jo bo thusang. Lo ka thusa thata ka dikakgelo tsa lona tse di kgothatsang le ka go tlhoma sekao se se molemo. (1 Pet. 5:3) Tlhora e e fetileng ya babulatsela ba ba thusang mo phuthegong e ne e le bokae? A re ka e pota ka kwa monongwaga? Balebedi ba thuto ya buka le bathusi ba bone ba tshwanetse ba senka ditsela tsa go kgothatsa botlhe ba ba mo setlhopheng sa bone go oketsa tirelo ya bone. Balebedi ba tirelo ba ka rulaganya gore go nne le dipokano tse dingwe tsa tirelo ya tshimo. Itsiseng phuthego go sa le gale gore go rulagantswe eng. Tlhomamisang gore baboledi ba ba nang le bokgoni ba abetswe go etelela pele le gore dipokano tsa tirelo di simololwe di bo di konelwe ka nako. (Bona Lebokoso la Dipotso la Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2001.) Gape molebedi wa tirelo o tshwanetse a rulaganya gore go nne le tshimo, dimakasine le dibuka tse di lekaneng.

9 Ngogola bagolwane ba phuthego nngwe ba ne ba simolola ka matlhagatlhaga go sa le gale go kgothaletsa baboledi bobulatsela jo bo thusang, mme ba ba tlhomela sekao ka go re ba le bantsi ba bone ba tsenye dikopo tsa bobulatsela. Ba ne ba rulaganya gore go nne le dipokano tse dingwe gape tsa tirelo ya tshimo—e nngwe ka 5:30 a.m. ya go ya go neela bosupi kwa mmileng, e nngwe ka 3:00 p.m. e e neng e direlwa ba ba tswang sekolong, mme ya boraro e le ka 6:00 p.m. e diretswe ba ba tšhaisang kwa tirong. Mo godimo ga moo, go ne ga rulaganngwa dipokano tse tharo tsa tirelo ya tshimo ka Bomatlhatso. Phuthego e ne ya arabela ka gore go ikwadise babulatsela ba ba thusang ba le 66 ka April!

10. Malapa a ka ipaakanyetsa jang go oketsa tirelo ya one?

10 Ke ka ntlha yang fa lo sa beele nako kwa thoko mo thutong ya lona e e latelang ya lelapa gore lo itlhomele mekgele e lo ka kgonang go e fitlhelela mo dikgweding tse di tlang? Fa lo dirisana sentle mo lelapeng e bile lo rulaganya dilo tsa lona sentle, bangwe mo lelapeng kgotsa botlhe ba ka kgona go nna babulatsela ba ba thusang. Fa seo se sa kgonege, ipeeleng mekgele ya go oketsa nako e lo tlholang lo e dirisa mo tirelong kgotsa go oketsa makgetlho a lo yang tshimong ka one. Rapelang ka kgang eno mmogo lo le lelapa. Lo ka tlhomamisega gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a lona.—1 Joh. 3:22.

11. (a) Setlhabelo sa ga Keresete se ne sa diragatsa dilo dife tse di gakgamatsang? (b) Segopotso se ketekwa nako mang le gone kae mo lefelong la lona?

11 Tiro ya Modimo e e Gakgamatsang Thata: Pontsho e kgolo go gaisa tsotlhe ya lorato lwa ga Jehofa ke fa a ne a re ntshetsa Morwawe e le thekololo. (1 Joh. 4:9, 10) Setlhabelo sa thekololo ke motheo o o kafa molaong wa go golola batho mo boleong le mo losong. (Bar. 3:23, 24) Madi a ga Jesu a a tsholotsweng a ne a dira gore kgolagano e ntšha e dire, gore batho ba ba sa itekanelang ba kgone go amogelwa e le barwa ba Modimo ba ba nang le tsholofelo ya go ya go busa mo Bogosing jwa legodimo. (Jer. 31:31-34; Mar. 14:24) Sa botlhokwa le go feta, go nna kutlo ga ga Jesu ka tsela e e feletseng go ne ga galaletsa leina la ga Jehofa. (Dute. 32:4; Dia. 27:11) Ka Sontaga, April 4, fa letsatsi le sena go phirima, Segopotso sa loso lwa ga Keresete se tla ketekwa mo lefatsheng lotlhe.

12. Batho ba ba kgatlhegang ba ka solegelwa molemo jang ke go nna teng kwa moketeng wa Sejo sa Morena sa Maitseboa?

12 Go ketekwa ga Sejo sa Morena sa Maitseboa go tlotlomatsa ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang. Puo ya teng e re thusa go tlhaloganya le go anaanela se Jehofa a se dirileng ka go rulaganya gore go nne le thekololo. Batho ba ba kgatlhegang ba ba tla bong ba le teng ba tla kgona go bona ditiro tse dingwe tse di gakgamatsang tsa Modimo. Ba tla kgona go bona kutlwano le lorato tse Jehofa a rutileng batho ba gagwe gore ba di bontshe. (Baef. 4:16, 22-24; Jak. 3:17, 18) Go nna teng mo tiragalong eno ya botlhokwa go ka ama thata tsela e motho a akanyang ka yone, ka jalo re batla gore go tle batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng.—2 Bakor. 5:14, 15.

13, 14. Re tshwanetse go laletsa bomang kwa Segopotsong, mme re ka dira seo jang?

13 Go Laletsa ba Bangwe Gore ba Nne Teng: Simolola go ipaakanya gone jaanong ka go dira lenaane la batho ba o tla ba laletsang. Lenaane leno le tshwanetse la akaretsa ba lelapa la gago ba ba sa dumeleng, baagelani, batho ba o berekang le bone kgotsa ba o tsenang sekolo le bone, ba o ithutang Baebele le bone, le ba o kileng wa ithuta le bone le botlhe ba o dirang maeto a go boela mo go bone. Balebedi ba thuto ya buka ba tshwanetse ba akaretsa baboledi bape ba ba sa tsweng ka metlha mo lenaaneng la bone.

14 Dirisa ditaletso tse di gatisitsweng tsa Segopotso mme o kwale mo go tsone ka motšhine o o tlanyang kana o kwale sentle ka seatla nako le lefelo le Segopotso se tla tshwarwang kwa go lone. Kgotsa o ka rata go dirisa taletso e e mo tsebeng ya bofelo ya Tora ya Tebelo ya March 15, 2004, kgotsa Tsogang! ya April 8, 2004. Fa April 4 e ntse e atamela, gopotsa batho ba ba mo lenaaneng la gago, e ka tswa e le ka go ya kwa go bone ka tlhamalalo kgotsa ka go ba founela.

15. Re ka bontsha go amogela baeng jang mo maitseboeng a Segopotso?

15 Kwa Segopotsong: Leka go goroga go sa le gale mo maitseboeng a Segopotso. Bontsha go amogela baeng ka go dumedisa ba basha ka lorato. (Bar. 12:13) O tshwanetse go tlhokomela segolobogolo batho ba o ba laleditseng. Dira gore ba ikutlwe ba amogelesegile, mme o ba itsise ba bangwe mo phuthegong. Gongwe o ka ba thusa gore ba bone manno go bapa le wena. Mme fa bangwe ba bone ba se na Baebele kgotsa buka ya dipina, rulaganya gore ba lebe le wena kgotsa le mongwe o sele. Morago ga Segopotso, iketleeletse go araba dipotso dipe tse ba ka nnang le tsone. Fa bangwe e le la ntlha ba tla, ba botse gore a ba ka rata go itse mo go oketsegileng ka Lefoko la Modimo le boikaelelo jwa gagwe. Ithaope go ba tshwarela thuto ya legae ya Baebele.

16. Go ka dirwang go thusa ba ba neng ba le teng gore ba gatele pele semoyeng?

16 Nna o Thuse ba ba Neng ba le Teng: Mo dibekeng tsa morago ga Segopotso, ba ba neng ba tlile ba ka nna ba tlhoka go thusiwa go ya pele. Bano ba akaretsa ba ba kileng ba bo ba tla dipokanong ka metlha mme jaanong ba sa kopanele ka metlha le phuthego. Bagolwane ba tla tlhomamisa gore ba ba ntseng jalo ga ba tlodisiwe matlho, ba leka go bona gore ke ka ntlha yang fa ba boetse morago semoyeng. Ba bontshe kafa dinako di potlakileng ka teng. (1 Pet. 4:7) Thusa botlhe go bona melemo ya go utlwa kgakololo ya Dikwalo ya gore re kopane mmogo ka metlha le batho ba Modimo.—Baheb. 10:24, 25.

17. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re bua ka ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang?

17 Ditiro tsa ga Jehofa di gakgamatsa thata gore re ka di tlhaloganya ka botlalo tota le fa re ka tshelela ruri. (Jobe 42:2, 3; Mor. 3:11) Ka jalo, re ka se tsoge re feletswe ke dilo tse re ka mmakang ka ntlha ya tsone. Mo pakeng ya Segopotso monongwaga re ka bontsha gore re anaanela ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang ka go leka ka natla gore re oketse bodiredi jwa rona.

[Chart on page 5]

A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang O Dirisa Nngwe ya Dithulaganyo Tseno?

March Su M* Tu* W* Th F Sa Palogotlhe

ya Kgwedi

Letsatsi le Letsatsi 2 1 1 1 1 1 5 51

Malatsi a Mabedi 0 5 0 5 0 0 0 50

Mafelobeke Fela 5 0 0 0 0 0 8 52

Mafelobeke le Malatsi

a Mangwe a Mabedi 2 0 0 2 0 2 6 50

April Su M Tu W Th* F* Sa Palogotlhe

ya Kgwedi

Letsatsi le Letsatsi 2 1 1 1 1 1 5 50

Malatsi a Mabedi 0 0 0 0 5 5 0 50

Mafelobeke Fela 5 0 0 0 0 0 8 52

Mafelobeke le Malatsi

a Mangwe a Mabedi 2 0 0 2 0 2 6 50

May Su* M* Tu W Th F Sa* Palogotlhe

ya Kgwedi

Letsatsi le Letsatsi 2 1 1 1 1 1 4 51

Malatsi a Mabedi 0 5 0 0 0 0 5 50

Mafelobeke Fela 3 0 0 0 0 0 7 50

Mafelobeke le Malatsi

a Mangwe a Mabedi 2 0 0 2 0 2 5 51

* Malatsi ano a matlhano mo kgweding

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela